Thusa Ngwana wa Gago go Itshokela Mathata a kwa Sekolong
MAEMO a lefatshe a a ntseng a nnela maswe go ya pele a re ama rotlhe, go akaretsa le bana ba rona. Lefoko la Modimo e bong Bibela, le ne la bolelela pele dilo sentle gore mo metlheng ya rona “[go ne] go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ” le gore “batho ba ba boshula le batsietsi [ba ne] ba tla nna ba shulahalèla pele hèla.” (2 Timotheo 3:1-5, 13) Ka gone, gompieno bana ba ba tsenang sekolo ba kopana le mathata a a seng kana ka sepe a batsadi ba iseng ba ko ba kopane le one. Ke eng se batsadi ba ka se dirang go thusa bana ba bone go a itshokela?
Kgatelelo ya Balekane
Ka dinako tse dingwe basha ba le bantsi ba gatelelwa ke balekane. Moithuti mongwe yo mmotlana wa Mofora o ne a ngongorega jaana: “Batsadi le setšhaba ba leka thata go re thusa, mme ga go a lekana. Basha ba diganana ba gatelela basha ba bangwe. . . . Batsadi ba ba sa laoleng bana ba bone ga se batsadi ba sepe.”
Batsadi ba ba diragatsang maikarabelo a bone ba thusa bana ba bone go nna le dinonofo tsa semoya tse di ba thusang go nna le nonofo ya kwa teng e e ka dirang gore ba lepalepane le kgatelelo ya balekane. Rre mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Re leka ka natla go thusa bana ba rona go itshepa, gore ba ke ba lemoge gore ga go tlhokege gore ba batle go kgatlha balekane ba bone. Fa ba bona gore ga go tlhokege gore ba batle go tshwana le bana ba bangwe, go nna bonolo gore ba gane fa go tlhokega gore ba dire jalo.” Motsadi yono o thusa bana ba gagwe gore ba ka lepalepana jang le mathata ka go dira gore lelapa la gagwe le nne le nako ya go etsa maemo a a gwetlhang a baithuti ba kopanang le one kwa sekolong le go ba bontsha kafa ba ka itepatepanyang le one. Nna motsadi yo o emang bana ba gagwe nokeng ka go thusa bana ba gago gore ba itshepe.
Puo e e Leswe
Fa maemo a boitsholo a ntse a nnela maswe go ya pele lefatshe ka bophara, puo e e leswe le yone e a tlalatlala. Mo mafatsheng a le mantsi o e utlwa gangwe le gape le mo nakong e e bidiwang gore ke nako e go lebelelwang thelebishene thata ka yone. Ka jalo, fa o le mo mabaleng a dikolo, mo diphasiting tsa matlwana le mo diphaposing o utlwa puo e e leswe fela.
Barutabana bangwe ba ntsha seipato sa gore ba dirisa matlhapa le morogano go thusa baithuti go nna le tsela ya bone ya go leba puo e e ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, mokgwa o o ntseng jalo o dira gore barutwana ba itlwaetse tsela e e maswe eo ya go bua ba tsaya gore ke tsela e e itshiametseng fela.
Motsadi yo o botlhale o tla tlhalosa ka tsela e e bonolo gore ke ka ntlhayang fa tsela e e ntseng jalo ya go bua e sa letlelelwa mo lelapeng. Gape a ka kganela puo eo e e maswe mo phaposing ya borutelo ka go tlhatlhoba dilo tse di rutiwang go bona gore ke dibuka dife tse ngwana wa gagwe o tla di ithutang. Fa buka nngwe ya tse di tlhophilweng e na le puo e e leswe kana e bua thata ka boitsholo jo bo maswe, gongwe a ka kopa morutabana wa ngwana wa gagwe gore a tlhophe buka nngwe e e botoka. Fa a buisana le ene a sa feteletse dilo go tla supa gore o motho yo o akanyetsang dilo sentle.—Bafilipi 4:5.
Boitsholo Jo Bo Sa Siamang le Diokobatsi
Dipatlisiso di senola gore batsadi ba le bantsi ba bolela fa ba “tlhabiwa ke ditlhong thata go bua ka kgang eno [ka thuto ya tsa tlhakanelodikobo] kwa gae.” Go na le moo, ba ikaega ka sekolo gore e nne sone se rutang bana ba bone dintlha tse di tseneletseng. Lefa go ntse jalo, The Sunday Times ya Lontone e bega gore go ya ka morutabana mongwe yo mogolo, bothata jo bogolo jwa bana ba ba ithwalang ba sa le basha bo “amana thata le maitsholo e seng le go sa itseng sepe ka tsa go thibela pelegi.” Batsadi ke bone ba ka kgonang thata go tlhomela bana ba bone tsela e ba batlang gore ba itshole ka yone.
Go ntse jalo le ka go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang. Batsadi ke bone ba gakatsang maemo ka go se ba kaele. Francoscopie 1993 e akgela jaana: “Fa ngwana a sa itumelele botshelo jwa lelapa o tla sekamela thata mo go senkeng sengwe se a ka kabang phatlha ka sone. Gantsi [go dirisa] diokobatsi ke sengwe sa dilo tseo.” Micheline Chaban-Delmas, yo e leng poresidente wa setheo sa Toxicomanie et Prévention Jeunesse (Tiriso ya Diokobatsi le Tshireletso ya Basha) o bolela gore, “Ga go bonolo go nna motsadi. O tshwanelwa ke gore ka metlha o nne o ntshitse matlho dinameng; gantsi diokobatsi ke sengwe se se kaelang batsadi gore go na le sengwe se se phoso. Fa mosha wa dingwaga tsa bolesome a ikutlwa gore rraagwe kana mmaagwe ga a mo tseye tsia, fa mongwe a mo naya diokobatsi go nna jaaka e kete ke sengwe se se mo rarabololelang mathata ka kgakgamatso.”
Motsadi mongwe wa kwa Canada o tlhalosa kafa ene le mosadi wa gagwe ba supang kafa ba kgatlhegelang dilo tsa sekolo tsa morwadiabone thata ka teng: “Re isa Nadine sekolong le go ya go mo tsaya ka koloi. Gangwe le gape fa re ile go mo tsaya, re simolola re tlotla le ene dilo tse di supang gore o tlhotse jang. Fa re lemoga sengwe se e keteng se masisinyana, re buisana le ene ka sone ka yone nako eo kana re beela kgang eo nako ya dijo tsa maitseboa kgotsa ka nako ya motlotlo wa lelapa.” Le wena o ka supa kafa o kgatlhegelang ngwana wa gago thata ka teng le kafa o mo ratang ka teng ka go dira gore lo nne le sebaka se se ntseng jalo sa go buisana.
Go Kgerisa le Thubakanyo
Go kgerisa “ke bongwe jwa mathata a a bofitlha a kwa sekolong,” go rialo Maureen O’Connor mo bukeng ya How to Help Your Child Through School. Gape o bolela gore “go sa kgathalesege gore go utlwisa ba ba kgerisiwang botlhoko go le kana kang, gantsi ga ba batle go bolelela bagolo ka gone, ka ntlha ya go boifa gore go tla twe ke ‘magatlapa.’”
Ka maswabi, barutabana bangwe ba leba go kgerisa e le selo se se itshiametseng fela. Lefa go ntse jalo, ba le bantsi ba dumalana le morutisi, Pete Stephenson, yo o dumelang gore go kgerisa ke “mokgwa o mongwe wa go sotla” e bile o gatelela gore “ga go a siamela mokgerisi gore a tswelele a ntse jalo.”
Mme gone, ke eng se o ka se dirang fa ngwana wa gago a kgerisiwa ke mongwe? O’Connor o ne a kwala jaana: “Selo se se molemolemo se o ka se dirang go mo sireletsa e tshwanetse ya nna mo bagolong ba [yo o kgerisiwang] a tshelang le bone.” Buisana le morutabana yo o pelotlhomogi ka kgang eo. Seno se tla tlhomamisetsa ngwana wa gago gore ka bobedi jwa lona ga lo utlwane le maitsholo a a ntseng jalo. Dikolo di le dintsi di itlhometse melao e e tlhamaletseng e e kgatlhanong le go kgerisa e e bileng barutabana ba e tlhalosetsang barutwana phatlalatsa.
Natalie o ne a kgerisiwa ka ntlha ya bodumedi jwa gagwe. A re: “Ke ne ke sotlakwa, ka dinako tse dingwe ke gagolelwa dilo, fela ka gonne ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” O ne a rarabolola bothata jono ka go buisana le batsadi ba gagwe, ba ba neng ba akantsha gore a bue le morutabana wa gagwe. O ne a dira jalo. O oketsa ka gore: “Ke ne ka ba ka tsaya kgato ya go founela batsadi ba batho bano ba ke tsenang le bone ba ba neng ba nkgerisa. Ka gonne ke ne ka kgona go ba tlhalosetsa bothata jono, gone jaanong dilo di botoka fela thata. Seno se ne sa dira gore barutabana le bontsi jwa ba ke tsenang le bone ba ntshepe.”
Ka dinako tse dingwe batsadi ba ka nna ba fitlhela gore ngwana wa bone ga a kgerisiwe, ke ene yo o kgerisang ba bangwe. Fa go ntse jalo, ba tshwanetse go ela tlhoko thata se se diregang mo gae. The Times ya Lontone e bega gore, “gantsi bana ba ba rumulanang thata ba tswa mo malapeng a kwa go one batsadi ba sa rarabololeng dikgotlhang sentle,” e oketsa ka gore: “Thubakanyo ke selo se ba se ithutileng.”
Kwa mafelong a mangwe thubakanyo e atile ka tsela e e tshosang. Bana ba ba tsayang boitlhaodi e le selo sa botlhokwa ba ile ka dinako dingwe ba bona go le botlhale go itulela kwa gae fa go bonala fa sekolo se se kitla se tsena sentle ka ntlha ya go sa iketlang ga maemo a dipolotiki. Mme fa go direga gore dikhuduego di simolole ba le kwa sekolong, ka botlhale ba ngwangwaelela gae go fitlha maemo a ya meriting.
Fa go sa Rutiwe Sentle
Mekgwa e e molemo ya puisano fa gare ga ngwana wa gago le barutabana ba gagwe e ka thusa thata fa e le gore bothata bo bakwa ke fa go sa rutiwe sentle. “Ka metlha re kgothaletsa morwadiarona go nna le pono e e siameng ka dithuto tsa gagwe,” go rialo banyalani bangwe. Lefa go ntse jalo, fa barutabana ba palelwa ke go dira gore bana ba rate serutwa sengwe, ba ka nna ba se ka ba tlhola ba se kgatlhegela. Fa e le gore go ntse jalo ka ngwana wa gago, ke eng fa o sa mo kgothaletse gore a buisane le morutabana wa gagwe kwa thoko?
Thusa ngwana wa gago gore a ipaakanyetse dipotso tse di ka dirang gore fa a bona karabo ya tsone, di mo thuse go tlhaloganya se se rutiwang bonolo le go mo ruta gore a ka dirisa jang se a se ithutileng. Seno ka bosone ga se bolele gore o tla nna le kgatlhego ya mmatota le e e nnelang ruri ka se a se ithutang. Bontsi jwa dilo bo ikaegile ka sekao se wena motsadi o mo tlhomelang sone. Bontsha gore o a amega ka go tlotla le ene ka ga se a se ithutileng, o bo o mo thuse go dira dipatlisiso tse morutabana a ba abetseng gore ba di dire.
Kwa sekolong, go na le bana ba ba tswang mo malapeng a a thubegileng, kana ba ba sotliwang e bile ba sa tlhokomelwe, ba gantsi ba sa itshepeng e bile ba sa itlotle. Ba kopana le bana ba ba ka nnang ba bo ba tshela botoka. Batsadi ba le bantsi ba a lemoga gore ba tshwanelwa ke go nna ba thusa bana ba bone go lepalepana le mathata a a tlhagang kwa sekolong. Mme go tweng kaga go dirisana mmogo ga batsadi la barutabana? Ke mofuta ofe wa tirisanommogo o ba tshwanetseng go nna le one, mme ba ka dira jang gore ba nne le one?
[Lebokoso mo go tsebe 7]
A Ngwana wa Gago o a Kgerisiwa?
BAITSE ba gakolola batsadi go ela tlhoko matshwao mangwe mo ngwaneng wa bone. A o tshaba sekolo, o tila go kopana le ba a tsenang sekolo le bone, o tla gae a ngapakakilwe kana a gagoletswe diaparo?
Kgothaletsa ngwana wa gago go go bolelela se tota se diragetseng. Seno se tla go thusa go bona fa e le gore tota o a kgerisiwa. Fa go ntse jalo, buisana le morutabana yo o pelotlhomogi ka gone.
Thusa ngwana wa gago gore a lepalepane le gone ka go mo akantsha gore a itsalanye thata le balekane ba a ka ba ikanyang le gore a tile mafelo le maemo a a ka kgerisediwang mo go one. Ngwana yo o kgonang go itshega fa go dirwa metlae ka ene le yo o kgonang go ikgolola mo seemong se se boima gantsi a ka kgona go tila bothata jono.
Tila go tlhobaela ka tsela e e feteletseng mme o se ka wa mo kgothaletsa gore a ipusulosetse.