LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 8/8 ts. 28-30
  • Leuba le le Boitshegang mo Borwa jwa Afrika

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leuba le le Boitshegang mo Borwa jwa Afrika
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse Dingwe Tse Di Bakang Mathata
  • Tharabololo ke Eng?
  • Go Dirwa Eng?
  • Ke Eng se se Bakang Mathata a Temothuo?
    Tsogang!—2003
  • Go Thusa ba ba Wetsweng ke Masetlapelo
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Mathata a Balemirui ba Lebanang le One
    Tsogang!—2003
  • Go Fokotsega ga Meamuso ya Lefatshe
    Tsogang!—2005
Tsogang!—1994
g94 8/8 ts. 28-30

Leuba le le Boitshegang mo Borwa jwa Afrika

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! MO AFRIKA

BATHO ba le bantsi ba ne ba re ke leuba le le maswe go a gaisa otlhe mo lekgolong leno la dingwaga. E bile bangwe ba ne ba re le gaisa otlhe a a kileng a nna gone mo borwa jwa Afrika. Leuba leno le le tsereng dingwaga tse pedi le tlogetse borwa jwa Afrika bo le mo masetlapelong. “Le nnile maswe thata go feta jaaka re ne re akantse. Maeto a bajanala ba neng ba a tsaya e ne e le fela go tla go bona masetlapelo a le a dirileng, go sotlega ga batho, le go bona dilo tse ba di tlhokang,” go ne ga bolela jalo moeteledipele wa Operation Hunger, setlhopha sa dithuso sa poraefete sa Afrika Borwa.

“Ga o kgone go lema sepesepe fela. Lefatshe le lekgere fela,” molemi wa motsana mongwe o ne a tlhalosa jalo a tlaletswe. Kwa metsaneng mengwe batho ba ne ba ja seretse le medi ya dimela tsa naga. Mekgatlho ya namolo e ne e fekeediwa ke tsela e dijo di neng di tlhokega ka teng. Go ya ka The Guardian Weekly, “dinaga tsa borwa jwa Afrika di latlhegetswe ke palo e e boitshegang ya dijalo go gaisa Ethiopia le Sudan ka nako ya leuba la teng le le setlhogo ka 1985.”

Leuba leno le dirile gore batho ba le dimilione tse 18 ba tlhoke dijo gotlhelele. Kwa Angola maemo a ne a le maswe go feta a a kileng a nna teng kwa nageng eo. Go fopholediwa gore go ne ga swa motlhape wa dikgomo di le milione, mme mo ngwageng o le mongwe fela mo e ka nnang 60 lekgolong ya dijalo di ne tsa swa. Go ne ga se ka ga kgonega gore batho ba e neng e le bone ba sotlegang thata ba thusiwe. Ka August 1992, kwa Zambia, go ne ga swa selekanyo sa peditharong sa dijalo mme go ne ga letelwa ditone di le milione tsa mmedi o o tswang kwa dinageng tse di kwa ntle. Mo e ka nnang batho ba le dimilione di le 1,7 ba ne ba bolawa ke tlala.

Kwa Zimbabwe, e e kileng ya ne e bidiwa gore ke motswedi wa dijo wa borwa jwa Afrika, batho ba le dimilione tse nnè ba ne ba tlhoka dijo—mo e batlileng e le halofo ya palo yotlhe ya baagi. Kwa kgaolong nngwe morutabana o ne a re: “Go na le metsinyana a sekae fela mme ga go na le fa e le tlhakanyana ya dijo tse di setseng. Ga go a sala lefa e le thupanyana e le nngwe ya tlhaga.”

Kwa metsaneng mengwe batho ba ne ba palama ditlhare ba kgetla matlhare a tsone ba a apaya go a ja. Puso e ne ya tshwanelwa ke go fokotsa selekanyo sa dijo se motho mongwe le mongwe a neng a thusiwa ka sone go tloga go dikilogerama di le 15 go ya go dikilogerama di le tlhano ka kgwedi. Letsha le legolo go a gaisa otlhe le le itiretsweng ke motho la Kariba, le ne le na le metsi a mannye ka tsela e go neng go ise go ko go direge ka yone, mo e bileng go ne go beilwe melao ya gore metsi a dirisiwe jang kwa Bulawayo.

Go ne ga tlhokega gore go hulwe diketekete tsa diphologolo kwa dipolasing tsa diphologolo tsa naga kwa Zimbabwe, ka jaana go ne go sena metsi a a lekaneng. Pampiri nngwe ya dikgang e ne ya bega jaana: “Dinonyane tse di suleng di ne di wa mo ditlhareng tse di swabileng, dikhudu, dinoga, magotlo le ditshenekegi tsotlhe di nyeletse.”

Mozambique e ne e le nngwe ya dinaga tse di ganyaotsweng ke leuba go gaisa tsotlhe. Naga eno e ne e abelwa thuso ya dijo ya 80 lekgolong ke dinaga tse di kwa ntle, mme go ne ga fopholediwa gore batho ba le dimilione tse 3,2 ba ne ba bolawa ke tlala. Batshabi ba gone ba ne ba ologela kwa Afrika Borwa, Malawi, Swaziland, le Zimbabwe. Legale, bosheng jaana batshabi ba le bantsi ba boetse gae ka gonne maemo a leuba a tokafetse.

Gantsi batho ba metsesetoropo ga ba lemoge tsela e e maswe e leuba le amang batho ba magae ka yone. Motlhankedi mongwe yo o berekanang le dilo tsa namolo o ne a akgela jaana: “Tsela e e maswe e leuba le anameng ka yone go bonala e le kgakala le batho ba dikgaolo tsa metsesetoropo tse di senang bothata jwa go tlhaela ga dijo le metsi.”

Le mororo dipula di ne tsa dira gore maemo kwa mafelong a le mantsi a a jaaka Afrika Borwa, dikarolo dingwe tsa Mozambique le Swaziland a nne botokanyana, go santse go tlhokega e e oketsegileng. Kwantle ga pelaelo ditlamorago tsa leuba leno di santse di tla lemotshega le mo dingwageng tse di tlang.

Mme kwa ntle ga pelaelo, sengwe sa dilo tse di bakang leuba ke go tlhokega ga pula. Lefa go ntse jalo ditlamorago tsa gone di gakadiwa ke dilo tse dingwe gape tse le tsone di tlhokang go elwa tlhoko.

Dilo Tse Dingwe Tse Di Bakang Mathata

Mo Afrika ditlamorago tsa leuba di gakadiwa thata ke go sa iketlang ga maemo a dipolotiki. Dinaga tse di nang le mathata a magolo a go tlhaela ga dijo ke tse di nang le maemo a a ntseng jalo a a sa iketlang. Dikai tsa gone ke Angola, Ethiopia, Mozambique, le Somalia. Dintwa di ile tsa kgoreletsa temothuo tsa bo tsa pateletsa borradipolasi ba le bantsi go tshaba ba tlogela dipolasi di sa lengwa.

Sengwe gape se se tsosang kgang se se bakang leuba le bangwe ba reng le nna teng ka ntlha ya mogote o o ntsifalang mo lefatsheng, ke kgotlelo e motho a e dirileng mo loaping. Selo se sengwe gape ke go ntsifala ga palo ya baagi. Palo ya baagi mo Afrika e oketsega ka palogare ya 3 lekgolong, e leng palo e kgolo go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Ka ntlha ya go leka go itepatepanya le koketsego ya batho ba ba tlhokang dijo, balemi ba jala dijalo mo masimong a a sa siamelang temo e bile ga ba neye mmu sebaka sa go ikhutsa.

Mo godimo ga moo, dikgwa di le dintsi di a senngwa, thatathata gore go nne le ditsha di le dintsi tse di lengwang. Go ya ka makasine wa African Insight, dingwaga di le 20 tse di fetileng, 20 lekgolong ya Ethiopia e ne e le sekgwa fela; gone jaanong ke 2 lekgolong fela e e ntseng jalo. Batlhankedi bangwe ba dipuso ba bolela gore mo mathateng otlhe a a tshosetsang lefatshe, go nyelela ga dikgwa ke gone go leng masisi go a feta otlhe. Go ama tsela e maemo a bosa a fetogang ka gone e bile go baka kgogolego ya mmu le go anama ga mafelo a e leng dikaka.

Dipuso dingwe tsa mo Afrika di dira gore ditlhwatlhwa tsa dijo le diruiwa di nne kwa tlase go ngoka bareki ba metsesetoropo. Seno se kgoba balemirui marapo ka gonne ba sa bone morokotso o o lekaneng mo temothuong ya bone. Puso ya Zimbabwe e ne ya tsibogela bothata jono ka go oketsa ditlhwatlhwa tsa mmedi ka 64 lekgolong go leka go kgothaletsa balemi go tlhagisa o o oketsegileng.

Tharabololo ke Eng?

Baitsi ba akantsha dilo di le dintsi. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ba ile ba akantsha dinaga tsa Afrika gore di dirise mekgwa ya temothuo ya kwa Bophirima e go itshupileng e sa tsamaelane le tikologo ya Afrika.

Go tlhokega tharabololo e e molemo ka bonako. Motlhankedimogolo mongwe wa mo Afrika wa Economic Commission ya United Nations mo Afrika o ne a re: “Ka ntlha ya maano otlhe a tsa ikonomi a a setseng a lekeleditswe go fitlha jaanong, e tla re ka ngwaga wa 2000 Afrika e bo e sa tlhole e le mo lengopeng le e leng mo go lone gone jaanong. E tla bo e le kwa tengteng ga molete o o lefifi.”

Selo se tota se tlhokegang ka bonako ke gore maemo a dipolotiki a ritibale mme thubakanyo le dintwa di fele. Go tlhokega gape le tirisanommogo le dinaga tsa boagisani.

Go ya ka Food and Agriculture Organization ya United Nations, gone jaanong Afrika e ka kgona go fepa palo ya baagi ba yone ba jaanong go menagane gararo. Lefa go ntse jalo, dijo tse e di tlhagisang di ntse di fokotsega thata mo masomeng a dingwaga, mme go ya kafa palo ya baagi e oketsegang ka teng gone jaanong, e tla re mo dingwageng tse 30 e bo e menagane gabedi.

Kwantle ga pelaelo thuso ya dijo go tswa kwa dinageng tse dingwe e namotse batho ba le bantsi mo go bolaweng ke tlala. Lefa go ntse jalo, go thusiwa jalo ka metlha ga go rarabolole mathata e bile go lere ditlamorago tse di sa itumediseng ka gonne go kgoba balemi ba selegae marapo gore ba se ka ba tlhagisa sepe. Ba ka nna ba se ka ba kgona go rekisa ditlhagiswa tsa bone ka tlhotlhwa e e bonalang, mme gape batho gantsi ba sekamela thata mo go rateng dilo tse di tswang kwa dinageng tse dingwe ba sa tlhole ba kgatlhegela dijo tsa selegae.

Go Dirwa Eng?

Batho ba bantsi ba ba lekang ka natla go thusa batho ba Afrika ba dira tiro e e molemo thata. Kwa dikarolong dingwe maiteko ao a tlhagisitse matswela a a molemo. Kwa Zimbabwe setlhopha sengwe sa boditšhabatšhaba sa dipatlisiso se dirile letsema la go jala ditlhare tse di tlhogang sentle le ka bofefo mo mafelong a a omeletseng. Maikaelelo a sone ke go jala ditlhare tseno ka bontsi go lwantsha bothata jwa go tlhaela ga dibeso, ka jaana 80 lekgolong ya batho ba gotsa dikgong go apaya ka tsone.

Kwa motsaneng wa Charinge kwa kgaolong e e ganyaotsweng ke leuba ya Masvingo kwa Zimbabwe, go ile ga kgothalediwa balemi go tshetlela mmu wa merogo le ditlhare tsa maungo ka matlapa. Seno se dira gore di nosediwe ka metsi a sekae fela mme e bile dijalo di gola ka bonako. Balemi ba ile ba bo ba kgona go rekisetsa ba bangwe ba ba neng ba tlhoka dijo.

Khampani nngwe e kgolo mo Afrika Borwa e ne ya fetola polante ya yone e e dirang lookwane ka magala gore mo e ka nnang metsi otlhe a a dirisitsweng a dirisiwe gape fa a sena a phepafadiwa sentle. Le mororo go phepafatsa metsi a a dirisitsweng mo madirelong go le tlhwatlhwa e e kwa godimo, Afrika Borwa e ikaeletse gore kgabagare e phepafatse mo e ka nnang 70 lekgolong ya metsi a a dirisitsweng mo madirelong.

Kwa Luanshya kwa Zambia, go ne ga simololwa ga dirisiwa dinawa tsa soya jaaka mofuta o mongwe wa dijo tse di nang le dikotla. Modiri mongwe wa tsa namolo o ne a re: “Bontsi jwa batho ba ba bolawang ke phepelotlase ba swa ka March le June nako e dijo tsa selegae di tlhaelang ka yone. Lefa go ntse jalo, soya yone e rojwa ka April mme e bile e bolokega botoka go gaisa dijo tse di jaaka mmedi le mabele.”

Lefa maiteko otlhe a motho o a dirileng a le mantle ebong, go leka go fenya mathata a leuba le go tlhaela ga dijo ka boranyane le kgatelopele e a e dirileng, a paletswe ke go fenya leuba le le mo Afrika. O Mongwe fela yo o tlhaloganyang bokao jwa dilo tseno tsotlhe mme ga a bolo go bolelela pele tharabololo ya tsone. Mo pusong ya Bogosi ya ga Jehofa Modimo ka Kgosi e a e tlhomileng Jesu Keresete, go ise go ye kae mafoko ano a ga moperofeti Isaia a tla diragadiwa ka mmatota mo lefatsheng lotlhe: “Metse a tla phunyèga mo nageñ, le dinokana mo sekakeñ. Meenene e tla cwa megobe ea metse, le mbu o o nyorilweñ metlhodi ea metse; mo bonnoñ yoa diphokoyè kwa di ne di rōbala gōna, go tla nna boyañ bo na le lotlhaka le mokhasi.”—Isaia 35:6, 7.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Baagi ba magae ba ne ba nwela diruiwa metsana a a neng a setse mo megobeng e e diretse

[Motswedi wa Setshwantsho]

The Star, Johannesburg, S.A.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela