LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 9/8 ts. 10-13
  • Dintlha Tsa Botlhokwa Kaga go Anyisa Lebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dintlha Tsa Botlhokwa Kaga go Anyisa Lebele
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pele Ngwana a Goroga
  • Malatsi a Ntlha
  • Nako ya go Mo Kgwisa
  • Ditiro tsa Mmopi Yo O Lorato
  • Kafa Bana ba Fetolang Lenyalo ka Gone
    Lelapa la Gago le ka Itumela
  • Se Bana ba se Batlang Le se Ba se Tlhokang
    Tsogang!—2004
  • Mashi a Mmê
    A di Dirilwe ke Mongwe?
  • Kafa go Nna le Bana go ka Amang Lenyalo ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 9/8 ts. 10-13

Dintlha Tsa Botlhokwa Kaga go Anyisa Lebele

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA NIGERIA

Fa e le gore, jaaka bommè ba le bantsi, o dirile tshwetso ya go anyisa ngwana wa gago lebele, o tlhophile go dirisa thulaganyo e Mmopi wa motho a mo e diretseng ka lorato. Mashi a mmele wa gago o a tlhagisang a na le dikotla tse ngwana wa gago a di tlhokang, a mo dira gore a gole le go nonofa sentle. Gape a sireletsa ngwana kgatlhanong le malwetsi a a tlwaelegileng. Ke ka lebaka le le utlwalang go bo WHO (World Health Organization) e bolela jaana: “[Mashi a lebele] ke dijo tse di molemo go gaisa tsotlhe tse ngwana a ka di newang. Dilonyana tse dingwe tse a ka di newang, go akaretsa mashi a kgomo, mashi a poere le disiriele, ga di molemo jaaka one.”

Go anyisa go go solegela molemo le wena. Ga go go tlhoke gore o tlhatswe ditami kana go di tsenya mo dibolayamegareng e bile ga go go tlhoke gore o tsoge masigo go ya kitšhing o ya go direla ngwana wa gago dijo. Go anyisa gape go ka solegela mmele wa gago molemo ka jaana go go dira gore bokete jwa mmele jo o neng wa nna le jone ka nako ya fa o imile bo fokotsege mme gape go tla thusa popelo ya gago go boela mo bogolong jwa yone jo bo tshwanetseng. Gape dipatlisiso di bolela gore basadi ba ba anyisang bana ba bone ga se gantsi ba tshwarwang ke kankere ya mabele.

“Mo e ka nnang mmè mongwe le mongwe a ka kgona go anyisa ngwana wa gagwe lebele,” go rurifatsa jalo United Nations Children’s Fund. Ka jalo, le wena o ka kgona. Lefa go ntse jalo, o ka nna wa fitlhela gore go anyisa lebele ga go motlhofo jaaka o ne o akanya, segolobogolo fa e le la ntlha o go leka. Seno ke ka gonne lefa go anyisa ka lebele e le selo sa tlholego, ga go itlele fela; ke tiro e o tshwanetseng go e ithuta. O ka nna wa fitlhela go go tsaya malatsi a sekae kana le eleng dibeke gore wena le ngwana wa gago lo tlwaela thulaganyo eno ya ka metlha e lo tla e ipelelang.

Pele Ngwana a Goroga

Fa e le gore ga o ise o ko o kgone go anyisa ngwana ka katlego, buisana le bommè ba ba kileng ba go dira. Ba ka nna ba go thusa go tila mathata kana go a fenya. Ba ka nna gape ba go thusa gore o itshepe gore o ka kgona go anyisa ngwana wa gago.

Go botlhokwa gore o ikhutse ka tshwanelo ka nako ya fa o imile le morago ga moo. Mo godimo ga moo, tlhomamisa gore o ja dijo tse di lekaneng. Kgatiso ya WHO e e bidiwang Breastfeeding, ya re: “Fa motho a sa je sentle pele a nna moimana kana ka nako ya fa a ntse jalo go ka dira gore ngwana a se ka a gola sentle mo popelong. Gape go ka dira gore mmè a se ke a kgona go ipolokela mafura a a lekaneng a moragonyana o tla a tlhokang go tlhagisa mashi a a lekaneng. Ka gone, mmè o tlhoka gore ka nako yotlhe fa a le moimana le ka nako ya fa a anyisa, a je dijo tse di nang le dikotla sentle e le tsa mefutafuta.”

Go tlhokomela mabele le gone go botlhokwa. Mo dikgweding tsa bofelo tsa fa o imile, tsokotsa mabele a gago ka nako ya fa o tlhapa, mme o sa dirise sesepa. Dikgeleswa tsa areola (karolo e ntsho e e dikologileng dithoba) di tsimola selogetsi se se bolokang dithoba di le bongola le go thibela go tshwaediwa ke malwetsi. Sesepa se ka nna sa omeletsa dithoba se bo se tlosa kana se koafatsa selogetsi seno. Fa mabele a gago a omelela kana a baba, o ka nna wa itshasa mafura a letlalo. Lefa go ntse jalo, o se ka wa a tshasa mo diareoleng kana mo dithobeng.

Dingaka di kile tsa bo di akantsha gore bommè ba “thatafatse” dithoba tsa bone ka nako ya fa ba imile ka go di forogotlha. Le mororo go ne go akanngwa gore seno se tla dira gore dithoba di se ka tsa nna botlhoko ka nako ya fa motho a anyisa, dipatlisiso di bontsha gore go dira jalo ga go thuse sepe. Gantsi motho o utlwa botlhoko ka gonne a anyisa ngwana a sa mo lebanya le lebele.

Bogolo le popego ya mabele ga se tsone tse di dirang gore motho a kgone go anyisa ngwana, lefa go ntse jalo, ngwana ga a kgone go anya sentle fa thoba e sokame kana e gonyetse. O ka itlhatlhoba ka go forogotlha thoba nngwe le nngwe ka monwana wa kgonotswe le monwana wa ntlha go ntshetsa dithoba kwa ntle. Fa di sa tswe, buisana le ngaka ya gago. E ka nna ya akantsha gore o dirise kgapetla ya mabele, sedirisiwa se o tsenyang mabele mo go sone ka nako ya fa o imile kana fa gare ga dipaka tsa go anyisa. Gantsi dikgapetla tseno di baakanya dithoba tse di gonyetseng kana tse di sokameng.

Malatsi a Ntlha

Go molemo gore o simolole go anyisa ngwana wa gago lebele mo ureng ya ntlha fela fa o sena go mo tshola. Batho ba bangwe ba ka nna ba akanya gore ka bonako fela morago ga tiro ya go tshola, mmè le ngwana ba tla bo ba lapile thata mo ba ka se keng ba amane ka gope. Lefa go ntse jalo, gantsi ka nako eo mmè o ikutlwa a lapologetswe, mme ngwana ene, morago ga go fetsa metsotso e sekae a itlwaetsa botshelo jwa kwa ntle ga popelo, o itumelela go kuruediwa ka lebele.

Bommè ba e leng gone ba tsholang ba ka anyisa maseanyana a bone seela se se setlhana kana se se swaana se se bidiwang kgatsele. Seela seno “se e keteng gauta e e metsi” se botlhokwa thata mo ngwaneng. Se nonofile go ka bolaya dibaketeria tse di kotsi. Gape se na le diporoteine tse dintsi mme se na le sukiri le mafura a mannye mo go dirang gore e nne sejo se se tshwanetseng tota mo malatsing a ntlha a botshelo jwa ngwana. Ngwana ga a kitla a tlhoka dijo kana dino dipe tse dingwe kwantle fela ga fa go na le mathata mangwe a tsa kalafi. Go anyisa ngwana tami go tla dira gore a se ka a anya lebele, ka gonne tami e sa tlhoke gore a gope thata.

Ka tlwaelo mashi a mmè a tla a se na kgatsele morago ga malatsi a le mabedi go ya go a le matlhano fa a se na go tshola. Ka nako eo, madi a a oketsegileng a a elelelang kwa mabeleng a ka dira gore mabele a gago a nne magolo le go nna botabutabu. Ga go molato ope. Go anyisa go tla fokotsa mathata. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe mabele a a rurugileng a ka dira gore dithoba di gonyele. E re ka seno se dira gore ngwana a se ka a anya sentle, o ka nna wa tshwanelwa ke go tamola mashi ka bowena. O ka dira jalo ka go dirisa diatla tsoopedi go gama lebele lengwe le lengwe, o simolola go tloga kwa tlase ga lone go fitlha kwa thobeng.

O ka se kgone go lekanya gore ngwana wa gago o anya mashi a le kana kang mo lebeleng, lefa go ntse jalo, o se ka wa tshwenyega—mmele wa gago o dirilwe gore o kgone go tlhagisa a a lekaneng ngwana, lefa e le mawelana! Fa o tlhoafalela go mo anyisa o tla tlhagisa mashi a mantsi sentle. Leno ke lengwe la mabaka a a dirang gore go se ka ga tlhokega gore o mo nose dino tse dingwe ka tami, tse di jaaka mashi a poere kana mashi a kgomo. Fa o ka dira jalo, ngwana wa gago ga a kitla a go anya sentle. Seno gape se tla dira gore o tlhagise mashi a mannye.

“Bana ba ba tshotsweng ka nako sentle ga se gore ga ba kgone go ithe sepe fa ba sena go tsholwa jaaka go kile ga bo go akanngwa, e bile ba ka batla dijo ka tsela e e ba siametseng e bile e siametse le mebele ya bommaabone fa fela batho ba bangwe ba ba letla go dira jalo,” go kwala jalo Gabrielle Palmer mo go The Politics of Breastfeeding. Selo sa botlhokwa se se ka go thusang ke gore o jese ngwana wa gago fa a batla go ja (gantsi a ka dira jalo ka go lela). Kwa tshimologong a ka dira jalo morago ga diura dingwe le dingwe tse pedi kana tse tharo. O letle ngwana wa gago go anya mabele oomabedi nako le nako fa a anya. Bana ba le bantsi ba tsaya metsotso e le 20 go ya go e 40 go fetsa go anya, lefa gone bana ba bangwe ba rata go anya ba tla ba kgaotsa. Bana ba ba anyang bonya bao ba ka tsaya metsotso e le 60 go fetsa go anya. Gantsi o ka lemoga gore ngwana wa gago o anya sentle fa bobotlana a anya garobedi mo diureng tse 24, fa o utlwa a metsa, le fa a itshela metsi garobedi kana go feta mo letsatsing fa a sena go nna malatsi a matlhano.

Selo sa botlhokwa se o tshwanetseng go nna setswerere mo go sone fa o anyisa ngwana lebele ke, tsela e e siameng ya go mo tshwara fa a anya. Fa ngwana wa gago a sa lebagana sentle le lone a ka nna a se ka a bona maši a a lekaneng. Bana ba bangwe bone ba ka gana le go anya.

Go sa lebagane sentle le lone gape go ka baka bothata jo bongwe jo bo tlwaelegileng: go phanyega dithoba kana di nna botlhoko. Breastfeeding Source Book ya re: “Dithoba tse di botlhoko di bakwa ke dilo di le mmalwa, lefa go ntse jalo se segolo go di feta ke kafa ngwana a ‘tlamparelang lebele’ ka teng mme seno le sone se ikaegile ka gore tlhogo ya gagwe e lebagane jang le lebele. Gore ngwana a lebagane sentle le lone, tlhogo ya gagwe e tshwanetse ya bo e le fela fa gare (e sa lebela kwa godimo, kwa tlase kana kwa thoko), e bile a lebagane sentle le thoba gore a se ka a e gogela kwa thoko.”

Ka tshwanelo, dipounama tsa ngwana di tshwanetse tsa kanela lebele bobotlana disentimetara di le tharo kafa morago ga dithoba. O ka lemoga gore ngwana o lebagane sentle fa mmele otlhe wa gagwe o sokologetse kwa go wena, fa a gopa lobaka lo loleele, fa a iketlile e bile a itumetse le fa o utlwa o sa utlwe botlhoko mo dithobeng.

Nako ya go Mo Kgwisa

Morago ga dibeke tsa ntlha di sekae wena le ngwana wa gago lo tla bo lo setse lo itsane e bile gongwe lo setse lo itiretse thulaganyo ya ka metlha e e monate le e e ipedisang. Mo dikgweding tse nnè go ya go tse thataro tse di tla latelang ga go ne go tlhokega gore o jese ngwana wa gago dijo kana go mo nosa sengwe kwantle ga go mo anyisa lebele. Morago ga nako eo o ka nna wa simolola go mo jesa dijo tse dingwe ka iketlo, tse di jaaka merogo e e ritilweng, disiriele kana maungo. Lefa go ntse jalo, ka nako eo, maši a gago e tshwanetse ya nna one dijo tsa konokono tse ngwana wa gago a di jang go fitlha a nna dikgwedi tse robongwe kana tse lesome; ka jalo go tla nna molemo gore ka metlha o mo anyise pele o mo jesa dijo tse di loileng.

O tshwanetse go mo anyisa lebele lobaka lo lo kae? WHO e akantsha gore o ka dira jalo lobaka lo loleele ka mo go ka kgonegang ka teng. Bommè ba le bantsi ba anyisa bana ba bone go fitlha ba nna dingwaga tse pedi, ba tshwenyegile thata ka bana ba bone e seng ka dingwaga tsa bone. Buka ya Mothering Your Nursing Toddler e bolela jaana: “Ga go thata go lemoga kafa bana ba rona ba batlang go tswelela pele ba anyisiwa ka teng—kafa ba itumelelang go anya ka teng le kafa ba hutsafalang ka teng fa ba go tingwa. Selo sa botlhokwa mme e le se se pateletsang gore o tswelele pele o anyisa ke gore, o kgotsofatse ngwana.”

Ditiro tsa Mmopi Yo O Lorato

A e ke e re o anyisa ngwana wa gago, gongwe go le bosigo lelapa lotlhe le robetse, thulaganyo eno e go dire gore o akanye ka Mmopi. Tota lefa o sa tlhaloganye matswakabele a tiragalo eno, tsela e go anyisa go gakgamatsang ka yone e tla dira gore o bone kafa Mmopi wa rona a leng lorato le botlhale ka teng.

A ko o akanye fela—ga go na dijo dipe tse di siametseng losea go gaisa mashi a mmangwana. A na le dijo le dino tsotlhe tse ngwana a di tlhokang mo dikgweding tsa ntlha tsa botshelo jwa gagwe. Go ntse go le jalo, ke molemo o o gakgamatsang o o sireletsang kgatlhanong le malwetsi. Ga o diphatsa, o phepa, ga o tlhoke matsapatsapa e bile ga o go tlhoke lefa e le sente. O fitlhelwa gongwe le gongwe, o tlhagisiwa ka bontsi fa ngwana a ntse a gola.

Akanya gape ka ntlha ya gore go anyisa ka lebele ke selo se se monate mo go mmè le mo ngwaneng. Go mo otla ka dijo, go bua le ene le go kgomana le ene, le bothito jwa go anyisa ka lebele, gotlhe go dira gore go nne le pofagano e e nonofileng ya lorato le botsalano fa gare ga mmè le ngwana.

Ruri Mmopi wa thulaganyo eno e e jesang kgakge o tshwanelwa ke go galalediwa thata. Kwantle ga pelaelo le wena o tla batla go godisa mafoko ano a mopesalema Dafide, yo o neng a kwala jaana: “Ke tla gu ntshetsa malebogō [Jehofa]; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ: dia gakgamatsa, ditihō tsa gago.”—Pesalema 139:14.

[Lebokoso mo go tsebe 12]

Banna, Ba Emeng Nokeng

• Dira gore mosadi wa gago a itse gore o itumelela go bo a anyisa ka lebele. Mo kgothatse o bo o mo eme nokeng ka lorato.

• Thusa mosadi wa gago go ja dijo tse di tshwanetseng ka nako ya fa a imile le ka nako ya fa a anyisa ngwana lebele.

• Tlhomamisa gore o ikhutsa sentle. Fa mosadi a lapile thata ga a kitla a kgona go tlhagisa mashi a a lekaneng. A o ka mo tlhofofaletsa dilo ka go mo thusa go tlhokomela bana ba bangwe kana go mo thusa ka ditiro tsa fa gae?

• Fa mosadi wa gago a ritibetse e bile a itumetse, mashi a gagwe a tla tswa sentle. Dira gore a nne a itumetse ka fa o ka kgonang ka teng. Reetsa mathata a gagwe, mme o mo thuse go a rarabolola.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

Lebele Kgatlhanong le Tami

“Mashi a lebele a na le dikotla tse dintsi, a phepa go gaisa, a sireletsa ngwana kgatlhanong le malwetsi a a tlwaelegileng, e bile a fokotsa bodipatsa jwa gore mmangwana a tshwarwe ke kankere ya mabele le ya popelo. Mo godimo ga gore tlhwatlhwa ya mashi a dipoere a bana e kwa godimo, gantsi a tlhaolosiwa ka metsi a a seng phepa le go newa bana ka ditami tse di sa phepafadiwang ka dibolayamegare. Mo bathong ba ba humanegileng, pharologano eno e kgolo thata mo e bileng go ka kgonegang gore matshelo a bana ba ba fopholediwang go milione o le 1 a ka namolwa ngwaga le ngwaga fa bommè ba ba mo lefatsheng ba ne ba ka boela gape mo go anyiseng bana lebele ba sa kgaotse mo dikgweding tsa ntlha tse nnè go ya go tse thataro.”—The State of the World’s Children 1993, kgatiso ya United Nations Children’s Fund.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela