Malatsi a Kobamelo ya ga Satane a Badilwe
JEHOFA MODIMO o ne a bopa Atame le Efa a ba baya mo tshimong ya paradaise, mme a ba laela gore ba ntsifale ba tlatse lefatshe ka bana ba ba ratang tshiamo. Ba ne ba tshwanetse go tlhokomela tshimo, ba e tlhagole le go e baakanya e bile ba ne ba tshwanetse go tshelela ruri, ba beetswe molao o le mongwe fela: ‘Lo se ka lwa ja setlhare sengwe se se fa gare ga tshimo. Fa lo ka se ja, ruri lo tla swa.’—Genesise 1:27, 28; 2:8, 9, 15-17; Isaia 45:18.
Moengele mongwe yo o maatla o ne a tsuologela Modimo mme a nna Satane, ke gore, “Moganetsi,” ka gonne o ne a batla gore e nne ene yo o laolang dilo. O ne a batla batho ba obamela ene. O ne a rotloetsa Efa go ja loungo lo ba lo ileditsweng, a bolela gore lo ne lo le molemo go jewa le gore o ne a se kitla a swa, go na le moo, o ne a tla tshwana le Modimo, a kgona go itirela ditshwetso tsa gore se se siameng le se se sa siamang ke sefe. O ne a dira tshwetso e e sa siamang; o ne a bona go le molemo gore a je loungo lo lo ileditsweng. Efa o ne a ja, a kumela Atame le ene a ja, mme kgabagare botlhe ba swa. Ka jalo, Atame o ne a fetisetsa boleo le loso mo baneng ba gagwe, ba ba sa leng ba swa go tloga ka nako eo. (Genesise 3:1-6; Baroma 5:12) Banyalani bao ba ntlha ba ne ba tlhopha go utlwa Satane mme ya nna baobamedi ba ntlha ba ga Satane. Fa e sa le go tloga ka nako eo, dimilione tsa batho di ile tsa tlhopha bodumedi jono jwa batsadi ba bone ba ntlha. “Yo lo mo ineelang jaaka batlhanka go mo utlwa, lo . . . batlhanka ba gagwe, yo lo mo utlwang.”—Baroma 6:16; Johane 17:15, 16; 1 Johane 5:19.
Jehofa o ne a itsise gore o tla nyeletsa Satane, lefa go ntse jalo o ne a mo letla gore a tshele ka lobakanyana. Seno se ne sa naya Satane sebaka sa gore a supe fa e le gore o ne a bua boammaaruri fa a ne a gwetlha Modimo gore ga go na motho ope mo lefatsheng yo o tla ikanyegang mo go Ene fa a lekwa—kgwetlho e e mo dikgaolong tsa ntlha tse pedi tsa buka ya Baebele ya Jobe e e neng ya arabiwa ke mongwe yo o neng a ema le Jehofa mo kgangkgolong eno. Lefa Satane a ne a tlhasela Jobe botlhoko le ka bosetlhogo, o ne a tlhopha go nna a thokgame mo Modimong, ka jalo a supa fa Satane a le maaka. (Genesise 3:15; Ekesodo 9:16; Jobe 42:7) Bahebere kgaolo 11 le yone e na lenaane le le telele la Basupi ba ba neng ba ema kafa letlhakoreng la ga Jehofa mo kgannyeng eno ya bolaodi jwa lobopo lotlhe.
Keresete Jesu ke sekao se se gaisang tsotlhe sa motho yo ka metlha a neng a ema kafa letlhakoreng la ga Jehofa mo kgangkgolong eno ya bolaodi jwa lobopo le ya go ikanyega ga motho mo Modimong. Seno se ne sa swabisa Satane thata. Jesu o ne a swabisa Satane fa a ne a mo solofetsa puso ya lefatshe lotlhe fa a ne a ka obamela Satane go sekae fela. Jesu gape o ne a itshokela pogiso e e boitshegang fa a ne a bolaelwa mo koteng ya pogisetso. O ne a fenya Satane a bo a fenya le lefatshe la ga Satane, ka jalo a re tlhomela sekao se se molemo gore re se latele.—Mathaio 4:8-10; 27:50; Johane 16:33; Bahebere 5:7-10; 1 Petere 2:21.
Ka ntlha ya maemo a a bosula a re tshelang mo go one, go ka nna ga lebega e kete Satane o nonofa go gaisa pele le gore kobamelo ya ga Satane e a anama. Lefa go ntse jalo, buka ya Baebele ya Tshenolo e tlhalosa dilo ka tsela e sele mo go kgaolo 12, ditemana 7-9, 12:
“Ga nna ntwa mo legodimong; Mikaele [Keresete Jesu] le baengele ba gagwe ba bololela kgogela, ba ya go tlhabana nayo. Kgogela ya tlhabana e na le baengele ba yone; mme ba se ka ba fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba nna le bonno mo legodimong. Mme kgogela e kgolo, noga ya bogologolo ya piriganngwa, yone e e bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe lotlhe; ya piriganyediwa koo kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase nayo. Ke gone a lo ke lo itumeleng, lona magodimo, le lona ba lo agileng mo go one. A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.”
Malatsi a Lefatshe la Paradaise a Tla Tlhoka Palo!
“Ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane,” Satane o anamisa ditiro tsa gagwe tsa bodiabolo mo ‘metlheng eno ya bofelo.’ (Jakobe 5:1-3) Lefa go ntse jalo, go na le sengwe se se molemo se re ka se solofelang morago ga motlha ono. Tshenolo 21:1, 3-5 e tlhalosa seo jaana: “Ka bona legodimo le leša le lefatshe le leša; gonne legodimo la ntlha le fetile, le lefatshe la pele; le lewatle ga le tlhole le le yo. Ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo setulong sa bogosi le re: ‘Bonang, boago jwa Modimo bo mo bathong, o tlaa aga nabo, ba tlaa nna batho ba one, le Modimo ka osi o tlaa nna nabo, o tlaa nna Modimo wa bone. O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.’ Mme gape a re: ‘Kwala! Gonne mafoko a, a boikanngo le boammaaruri.’”
Ka gone, Keresete Jesu o tla busa ka dingwaga di le sekete mme ka nako eo Jehofa o tla diragatsa maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong fa a ne a bopa lefatshe le go baya motho mo go lone. (Tshenolo 20:1, 2, 6) O tla gakologelwa gore kwa tshimologong batho ba ne ba tshwanetse go tlatsa lefatshe ka bana ba ba ratang tshiamo, go tlhokomela lefatshe, go tlhokomela dimela le diphologolo, ba tshela ka kagiso e bile ba ratana. Jehofa Modimo o ne a leta go sekae a sa dire boikaelelo jono jwa gagwe e le go naya Satane sebaka sa gore a supe fa e le gore a ka faposa batho botlhe gore ba se ka ba mo obamela. O dirile diketekete tsa dimilionemilione makgoba a gagwe, lefa go ntse jalo, o paletswe ke dimilione tse dingwe tsa batho ba ba bolokang bothokgami.—Baroma 6:16.
Ka nako ya fa go ntšhafadiwa dilo, Jehofa o tla supa bopelotlhomogi ka Keresete Jesu mme a tsose dimilione di le diketekete tsa batho ba ba neng ba swa mo dingwageng tse di diketekete tse di fetileng gore ba tle go tshela mo lefatsheng la paradaise: “Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tla tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.”—Johane 5:28, 29.
Motho ope fela yo o tla ganang go tshela ka tsela e e siameng mo lefatsheng leo le lesha ka nako eo ga a kitla a tlogelwa fela a le kgotlela kana a le senya, a bolaya dimela le diphologolo tsa lone, a senya kagiso ya batho kana kobamelo ya ga Jehofa Modimo ya boammaaruri. Pesalema 37:10, 11, 29 e tlhomamisa seno jaana: “Gonne e tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gone. Ee, o tlaa sekaseka felo ga gagwe ka tlhoafalo, mme ene o tlaa ba a seyo. Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso. Basiami ba tlaa rua lefatshe ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”
Mika 4:2-4 e solofetsa gore go tla nna le kagiso ya boammaaruri le polokesego: “Merafe e le mentsi e tla fitlha, e re: ‘Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa le kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; o tlaa re ruta ditsela tsa one, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa one; gonne molao o tlaa tswa mo Sione, le lefoko la ga Jehofa mo Jerusalema.’ O tlaa atlhola fa gare ga ditšhaba di le dintsi, o tlaa kgalemela merafe e e thata e e kwa kgakala; mme ba tlaa thula ditšhaka tsa bone megoma, le marumo a bone dithipa tse di segang mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe o mongwe tšhaka le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta ntwa gope. Mongwe le mongwe wa bone o tlaa dula fa tlase ga mofine wa gagwe, le fa tlase ga mofeige wa gagwe; ope ga a ketla a ba boifisa gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o se buile.”
Kagiso eno e tla nna teng fa gare ga bone le diphologolo jaaka Hosea 2:18 e re: “Ke [Jehofa] tlaa re mo motlheng oo ke ba direle kgolagano le diphologolo tsa naga, le dinonyane tsa loapi, le dilo tse di gagabang tsa lefatshe. Ke tlaa roba bora le tšhaka le tlhabano mo lefatsheng, mme ke tlaa ba robatsa ka polokego.” Esekiele 34:25 le yone e bua ka kgolagano e mo go yone go se kitlang go nna le “dibatana tse di bosula.”
Mo godimo ga moo, Isaia 11:6-9 e solofetsa gore go tla nna le kagiso fa gare ga diphologolo mo Paradaiseng: “Phiri e tlaa aga le kwanyana, nkwe e tlaa botha le potsane; le namane le tawana di tlaa fula mmogo; mme ngwanyana yo monye o tlaa di goga. Kgomo e namagadi e tlaa fula e na le bera; bana ba tsone ba tla botha mmogo; mme tau e tlaa ja motlhaka jaaka kgomo. Ngwanyana yo o anyang o tlaa tshameka fa mosimeng wa kake, ngwanyana yo o kgwisitsweng o tlaa baya seatla sa gagwe fa kutleng ya šaušawane. Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”
Bapelonomi ba tla rua lefatshe. Ba tla tlhokomela mowa, metsi le mmu. Metswedi le dinoka di tla kolobetsa lefatshe le le omeletseng. Dikgwa tse di ileng tsa nyelediwa ka ntlha ya bogagapa di tla bo di kgabisitse dithaba. Go tla bo go tletse ditlhare e bile mafelo a e kileng ya ne e le dikaka a tla bo a tletse dithunya. Difofu di tla bona, bosusu ba utlwa, digole di tsamaya le dimumu di tla bua. (Isaia 35:1-7) Batho ga ba kitla ba tlhola ba senya lefatshe ka gonne ba tla bo ba itumelela dithaba le mekgatšha e mentle ya ga Jehofa le dinoka le mabopo a a fa thoko ga mawatle. Go tla bo go le motlhofo gore mongwe le mongwe wa batho ba ba itekanetseng ba ba nang le maungo a mowa wa ga Jehofa a rate moagisani wa gagwe jaaka a ithata, mme se segolo go feta, ba tla bo ba rata Jehofa ka pelo yotlhe, mowa, tlhaloganyo le nonofo yotlhe. Ee, batho botlhe ba tla bo ba na le maungo ano a mowa, “lorato, le boitumelo, le kagiso, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, le boikanngo, le boingotlo, le boikgapo.”—Bagalatia 5:22, 23.
A Ruri Dilo Tseno Di Tla Direga?
Babadi bangwe ba ka nna ba re, ‘Ga ke dumele gore ruri dilo tseno tsotlhe di tla direga.’ Mme gone, maemo a gone jaanong a maswe thata gore a ka tlogelwa fela. Re tshela mo go se Baebele e se bitsang “metlha ya bofelo.” Leba fela dilo tse di diregang mme o tla bona gore go ntse jalo. Lefoko la Modimo la re: “Mo metlheng ya bofelo go tlaa tla dipaka tse di tlhokofatsang. Gonne batho e tla nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo; e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse; le bone bao o kgaogane nabo. Mme batho ba ba bosula le batsietsi ba tlaa nna ba sulafalela pele fela ba tsietsa, ba bile ba tsiediwa.”—2 Timotheo 3:1-5, 13.
Lefa gone re sa tswa go tlhalosa maemo a gompieno sentle jaana, ba le bantsi ba santse ba ka nna ba nyatsa. Seo ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Go sotla goo ga bone ke sengwe se le sone se supang gore re mo metlheng ya bofelo: “Mo metlheng ya bofelo basotli ba tlaa tla ka tshotlo, ba tsamaya ka fa dithatong tsa bone. Ba re: ‘Polelo ya tsholofetso ya go tla ga gagwe e kae? Gonne e sa le ka borara ba robala, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka di ntse, di ntse le mo tshimologong ya popo.’ Magodimo a gompieno a beetswe molelo le lefatshe, . . . ka a letisiwa letsatsi la tshekiso le la tshenyego ya baikepi. . . . Ka fa polelong ya one ya tsholofetso, re lebeletse magodimo a maša, le lefatshe le leša, a go tlaa agang tshiamo mo go one.”—2 Petere 3:3, 4, 7, 13.
Jehofa o solofetsa gore mo lefatsheng la gagwe la tshiamo, tsamaiso eno e kgologolo le e e boikepo ya lefatshe la ga Satane ga e kitla e tlhola e bo e gakologelwa: “Bonang, ke tlhola magodimo a maša, le lefatshe le leša; mme dilo tsa pele ga di ketla di gakologelwa, le fa e le go tla mo mogopolong. Lona lo ipele, lo itumele ka bosakhutleng mo go se ke se tlholang.” (Isaia 65:17, 18) Malatsi a kobamelo ya ga Satane a badilwe mme gape, ka nako e Modimo a e tlhomileng, Satane ka boene o tla nyelediwa ruri.—Tshenolo 20:1-3, 7-10.
Ruri dilo tseno tse di molemo tse di tshwanetseng go direga mo lefatsheng la Paradaise di tla tla; Jehofa ga a kitla a nna a letla dilo tse di maswe tse di diregang gone jaanong mo tsamaisong eno e kgologolo ya ga Satane a sa dire sepe ka tsone.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Ruri dilo tseno tse di molemo tse di tshwanetseng go direga mo lefatsheng la Paradaise di tla tla