A o Reetsa ka go Supa Kamego?
AO KO o akanye o na le madi a go rekela mongwe le mongwe yo o mo itseng mpho ya madi a a kwa godimo. A bo ba ne ba tla itumela le go leboga jang ne! Tota mme, o ka kgona go naya ba bangwe mpho e e kgethegileng tota, sengwe se ba se tlhokang eleruri. Ga o kitla o ntsha lefa e le sente. Ke eng selo seo? Go ba sekegela tsebe. Batho ba bantsi ba batla mongwe yo o ka ba sekegelang tsebe e bile ba a itumela fa ba direlwa jalo. Lefa go ntse jalo o tshwanetse wa reetsa ka go supa kamego gore o kgone go sekega tsebe ka tsela e e molemo thata.
Fa e le gore o motsadi kana mohiri kana o dira tiro e batho ba tlang kwa go wena go kopa kgakololo le kaelo, o tshwanetse wa ba reetsa ka go supa kamego. Fa o sa dire jalo, batho ba tla go lemoga gore ga o amege ka gope ka bone mme ga ba kitla ba tlhola ba go leba sentle.
Lefa o sa kopiwe kgakololo kgapetsa, o santse o tlhoka go reetsa batho o supa kamego, jaaka fa tsala nngwe e tla kwa go wena gore o e gomotse. Jaaka seane sa Baebele se supa, go araba o ne o sa reetsa go ka go tlhabisa ditlhong. (Diane 18:13) Ka jalo he, ke ditsela dife tse dingwe tse o ka itshupang ka tsone gore o reetsa ka go supa kamego?
Tlhoma Mogopolo
Motho yo o reetsang ka go supa kamego ke motho yo o ntseng jang? Webster’s New Collegiate Dictionary e tlhalosa “go amega” jaana: “Ke nonofo ya go ikutlwa jaaka motho yoo kana go akanya jaaka ene.” Yone dikishinare eo e tlhalosa “go reetsa” jaana: “Go sekega tsebe o tlhomile mogopolo.” Ka jalo motho yo o reetsang ka go supa kamego o dira se se fetang fela go utlwa se motho a se bolelang. O sekega tsebe mme o akanya jaaka motho yoo le go ikutlwa jaaka ene.
Seno se batla gore o tlhome mogopolo mo go seo o se utlwang, o se ka wa letla tlhaloganyo ya gago go kaila. Le gone go nnela go akanya gore o tlile go araba jang go supa gore ga o reetse. Ka jalo itaye thata gore o tlhome mogopolo mo go se motho yoo a se buang.
Leba motho yo o buang mo matlhong. Fa matlho a gago a leba kwa le kwa, o tla lebega o sa mo kgatlhegele. Ela tlhoko tsela e a buang ka yone ka diatla le ka mmele. A o a nyenya kana o menne phatla? A matlho a gagwe a supa setshego, kutlobotlhoko, kana poifo? A o tlogela dilo dingwe tsa botlhokwa a sa di bolela? Se tshwenyege gore o tlile go araba jang; go tla itlela fela ka ntlha ya go bo o reeditse o tlhomile mogopolo.
Fa o ntse o reeditse, o tla nna o dumela ka tlhogo le go bolela dilo tse di supang fa o dumalana, jaaka ‘ke a bona’ le ‘ke a tlhaloganya.’ Seno se ka supa gore o reeditse. Lefa go ntse jalo, o se ka wa akanya gore go dumela ka tlhogo le go bua mafoko a a supang gore o a dumalana go tla dira gore batho ba akanye gore o reeditse fa tota wena o sa ba reetsa. Tota e bile, go nnela go dumela ka tlhogo go ka nna ga supa gore o fela pelo. Go tshwana fela le fa o re, ‘Buela ka bonako. Tswelela. Fetsa.’
Lefa go ntse jalo, ga o a tshwanela go tshwenyega thata ka gore o tshwanetse go reetsa ka tsela efe. Supa fela gore tota o reeditse, mme dikakgelo tsa gago di tla supa gore o peloephepa.
Go botsa dipotso tse di mosola le gone go supa gore o tlhomile mogopolo le gore o reeditse. Di supa gore o na le kgatlhego. Kopa gore go phepafadiwe dintlha dipe tse di sa umakiwang kana tse di sa phepafalang. Botsa dipotso tse di dirang gore motho yo mongwe a tlhalose le go bolela kafa a ikutlwang ka teng. O se ka wa tshaba gore o tla bo o mo tsena ganong gangwe le gape le gale o se ka wa go dira thata. Go batla go tlhaloganya dilo sentle le gone go supa gore o reeditse. Fa o sa mo tsene ganong thata, motho yono o tla lemoga gore ruri o eletsa go tlhaloganya dilo tsotlhe tse a di buang ka botlalo.
Supa Gore o a Tlhaloganya
Seno se bokete tota, le eleng lefa o utlwela motho yo o buang le ene botlhoko tota. Fa motho yo o ngomogileng pelo a tla kwa go wena, a o itlhaganelela go ntsha dikakgelo le ditharabololo? A o itlhaganelela go bolela gore maemo a gagwe ga a maswe fa a bapisiwa le tsela e mongwe a bogang ka yone? Seno se ka lebega se thusa, mme se ka nna le matswela a a seng monate.
Go na le mabaka a le mmalwa a go bo o ka nna wa tlogela go reetsa mme wa simolola go rarabolola bothata. O ka nna wa akanya gore motho yo o bogang yono o tla namediwa ke fa o ntsha dikakantsho o le tlhaga. Kana o ka nna wa ikutlwa gore o tshwanetse go “baakanya” sepe fela se se “phoso” le gore fa o sa dire jalo, ga o thuse ka sepe kana ga o “dire tiro ya gago.”
Lefa go ntse jalo, go ntsha tharabololo ka bonako, gantsi go ka dira gore motho a akanye gore dilo tse di kgobang marapo tse o di buang di kaya dilo tse di jaaka: ‘Ke lemoga gore bothata jwa gago bo motlhofo thata go na le jaaka wena o bolela.’ Kana, ‘Tota ke tshwenyegile thata ka gore ke rarabolola bothata jono jang e seng ka wena.’ Kana, gongwe, ‘Ga ke tlhaloganye—e bile ga ke batle go tlhaloganya.’ Go bapisa bothata jwa motho yo o bogang le jwa ba bangwe gantsi go kaya seno mo go ene, ‘O tshwanetse wa itlhabelwa ke ditlhong go bo o ikutlwa o tshwenyegile fa go na le batho bangwe ba ba bogang go go feta.’
Fa go ka diragala gore se o se buang se kae dilo tse di kgobang marapo tse di tshwanang le tseno wena o sa lemoge, tsala ya gago e tla ikutlwa gore ruri o ne o sa reetsa, gore ga o mo tseele tlhogong. A ka nna a swetsa gore o itsaya o le kwa godimo ga gagwe ka tsela nngwe. Mo lekgetlhong le le latelang o tla ya kwa go mongwe o sele gore a mo gomotse.—Bafilipi 2:3, 4.
Go tweng fa e le gore tota tsala ya gago e tshwenyegile go sa tlhokege? Ka sekai, a ka nna a ikutlwa a le molato mme mabaka a gone a sa utlwale. A o tshwanetse wa itlhaganelela go mo raya jalo gore a tle a itumele? Nnyaa, ka gonne fa o ne o sa mo reetsa, selo sepe fela se o tla se bolelang ga se kitla se mo gomotsa ka gope. Go na le gore a ikutlwe a gololesegile, o tla ikutlwa a sa ntse a imetswe thata, a santse a ikutlwa a le molato. Go ntse fela jaaka Henry David Thoreau, rafilisofi wa lekgolo la bo19 la dingwaga a ne a bua jaana ka seno, “boammaaruri bo buiwa ke batho ba babedi: yo mongwe o a bo bua fa yo mongwe a bo reetsa.”
A bo kaelo eno ya Baebele e tshwanela jang ne: “A motho mongwe le mongwe a nne bonako go utlwa, le bonya go bua.” (Jakobe 1:19) Gape go botlhokwa thata go reetsa o supa gore o a amega! Dira gore o ikutlwe jaaka motho yo o buang le wena a ikutlwa. Dumela gore bothata jono bo bokete, gore o ngomogile pelo tota. Se tlhofofatse bothata ka dipolelo tse di jaaka, ‘Ao, ke fela gore dilo ga di tsamaye sentle gompieno’ kana ‘Tota dilo ga di maswe jalo.’ Go na le gore a ikutlwe botoka, go tlhofofatsa dilo jalo go ka nna ga mo utlwisa botlhoko le go feta. O tla tlalelwa gonne ga o tseye se a se buang masisi. Ka jalo a dikarabo tsa gago di supe gore o utlwa se se buiwang le gore o dumela tota gore o ikutlwa jalo ka dilo jaanong.
Go reetsa ka go supa kamego ga go reye gore o tshwanetse go dumalana le motho yo o buang le wena. O ka nna wa ikutlwa gore tota motho yo ga a na mabaka a a utlwalang a go bua a re, “Ga ke rate tiro ya me!” Mme fa o ka araba o mo ganetsa (‘Ga o a tshwanela go ikutlwa ka tsela eo’) kana o sa dumele (‘Ga se gore go jalo’), o tla swetsa ka gore ga o mo tlhaloganye. Dikakgelo tsa gago di tshwanetse tsa supa gore o a tlhaloganya. O ka nna wa raya motho yo o ilang tiro ya gagwe wa re, ‘E tshwanetse ya bo e go ngomola pelo.’ Morago ga foo, kopa gore a tlhalose mabaka go phepafatsa kgang. Ka go dira jalo, ga se gore tota o dumalana le ene gore o tshwanetse go ila tiro ya gagwe mme go raya fela gore o dumela gore o ikutlwa ka tsela eo jaanong. Ka jalo o dira gore a kgotsofalele gore o mo utlwile, o kgonne go go bolelela kafa a ikutlwang ka teng. Gantsi, go bua ka bothata go ka nna ga bo tlhofofatsa.
Ka tsela e e tshwanang, motho yo o reng, “Mosadi wa me o tshwanetse go ya go tlhatlhobiwa gape gompieno,” a ka tswa a kaya gore, “ke tshwenyegile.” Supa gore o dumela seno fa o araba. Go supa gore o ne o reeditse se se kaiwang ke se a se buang, goo go gomotsang go na le fa o ne o itlhokomolositse se a se kayang, kana o sa se dumele, kana o leka go baakanya se a se buang ka go mmolelela gore a se ka a tshwenyega.—Baroma 12:15.
Bareetsi ba ba Molemo ba a Bua!
The Art of Conversation e bua ka batho ba ba reetsang mme ba bua go le gonnye fela, “ba akanya gore go a ba tlotlomatsa ka gore ga ba bue thata.” Seno se pateletsa motho yo mongwe go rwala mokgweleo wa go bua a le esi, goo e seng botho tota. Kafa letlhakoreng le lengwe, gape ga se botho, e bile go a lapisa fa motho yo o mo reeditseng a bua a sa fetse a sa go letle go ntsha maikutlo a gago. Ka jalo, lefa gone o tshwanetse go reetsa sentle, o ka nna wa batla go itsise motho yo mongwe yono gore le wena o batla go bua sengwe se se ka thusang.
O ka reng? Fa o sena go reetsa se se buiwang ke tsala ya gago ka tlotlo, a o tshwanetse go ntsha kgakololo? Gongwe o ka dira jalo fa e le gore o a tshwanela go e naya. Fa e le gore o itse kafa bothata jwa tsala ya gago bo ka rarabololwang ka teng, ruri o tshwanetse go mmolelela. Mafoko a gago a tla mo tlhotlheletsa, e re ka o ile wa ipha nako ya go mo reetsa. Fa e le gore ga o tshwanele go naya tsala ya gago mofuta wa kaelo kana thuso e a e tlhokang, leka go mo golaganya le motho mongwe yo a ka kgonang go e mo naya.
Lefa go ntse jalo, mo mabakeng a mangwe, gantsi ga go tlhokege gore o gakolole e bile ga o kopiwe go dira jalo. Ka jalo, ela tlhoko gore ga o senye molemo o o mo o diretseng ka go mo reetsa ka go bua mafoko a mantsintsi. Tsala ya gago e ka tswa fela e tshwanelwa ke go itshokela boemo bongwe jo bo sa kgoneng go laolwa kana go ipha nako go fenya tsela e e sa siamang e a ikutlwang ka yone. O ne a tlile go go bolelela bothata jwa gagwe. O ne wa reetsa. O ne wa tlhaloganya gore o ikutlwa ka tsela efe, wa mo tlhomamisetsa gore o amega ka ene le gore o tla nna o mo gopola le go mo rapelela. Mmolelele gore o gololesegile gore a ka tla gape kwa go wena le gore o ka se bolelele ope mathata a gagwe. A ka tswa a tlhoka go gomodiwa ka tsela eo go na le gore o leke go baakanya bothata jwa gagwe.—Diane 10:19; 17:17; 1 Bathesalonika 5:14.
Lefa o ka gakolola kana o sa gakolola ka gope fa o sena go reetsa, lo tlile go solegelwa molemo lotlhe. Yo o buang o kgotsofaletse go bo a reeditswe e bile a tlhalogantswe. O gomodiwa ke go itse gore go na le motho yo o amegang thata ka ene yo a neng a mo reetsa. Moreetsi le ene o tlile go bona molemo. Ba bangwe ba tla itumelela gore o a amega. Fa a gakolola, kgakololo ya gagwe e a utlwala gonne ga a ke a bua pele a tlhaloganya boemo jo a bolelelwang ka jone. Go boammaaruri gore go reetsa ka go supa kamego go tsaya nako. Mme a bo seo se le molemo jang ne go se dira! Eleruri, o a bo o naya batho mpho e e kgethegileng fa o ba sekegela tsebe o tlhomile mogopolo.