Kgopolo E E mo Bibeleng
A Modimo o Ntsha Dituelo?
EE, O a di ntsha. Ka gone, a go supa bogagapa fa o direla Modimo ka ntlha ya gore o tlile go go duela? Nnyaa, gonne ke ene a beetseng batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang dituelo. E bile tota, jaaka Modimo o o siameng le o o lorato, Jehofa ka boene o bona go tshwanela gore a duele ba ba mo direlang. Lefoko la gagwe le bolela jaana ka bontlhanngwe mo go Bahebera 11:6: “Motho yo o atamelang Modimo o mo atamela a dumela dilo tse pedi, sa ntlha gore Modimo o teng mme sa bobedi gore Modimo o duela ba ba mo senkang.”—Phillips.
O ka nna tsala ya Modimo fa o dumela mo go ene tota, mme botsala jwa gagwe bo tla dira gore a go duele. Modimo o segofatsa ba ba tlhoafaletseng go batla gore a ba amogele.
Go Ntsha Dituelo go Supa Lorato
Jehofa o batla gore re itse gore ke Modimo o o duelang ba ba mo ratang. Ka sekai, batsadi ba ba akanyetsang bana ba bone ba senka ditsela tsa go duela ngwana yo o dirang ditiro tsa mo gae ka pelo e e ratang gonne a rata batsadi ba gagwe. Batsadi ba ka mo naya dilo tse di fetang tse a di tlhokang gore a tshele, ba duela ngwana ka dimpho tse di kgethegileng. Ka dinako tse dingwe mpho eo e ka nna ya nna madi ao a ka a bayang mo bankeng a ngwana a tla a dirisang mo isagweng. Ka jalo, Modimo ga o tshwane le batho ba ba sa lebogeng kana ba ba sa reng sepe ka batho ba ba ba direlang dilo ka lorato kana ka gonne ba ikanyega. Jehofa o lorato e bile o atamela ditsala tsa gagwe. Fa o ka mo ngaparela, ga a ‘kitla a go latlha ka gope.’—Bahebera 13:5.
Modimo o a anaanela e bile o rata botlhe ba ba mo direlang le ditiro tse dinnye tota, a ba naya tshono ya go mo itse. Mafoko ano a ga Jesu a a mo go Mathaio 10:40-42 a supa ntlha eno jaana: “Yo o tsholang lona o tshola nna, le yo o tsholang nna, o tshola ene yo o nthomileng. Yo o tsholang moperofeti ka leina la moperofeti, o tlaa bona tuelo ya moperofeti; le yo o tsholang mosiami ka leina la mosiami, o tlaa bona tuelo ya mosiami. Lefa e le mang yo o tlaa nayang mongwe wa babotlana ba, le fa e ka bo e le metsi a a tsididi fela ka senwelo, ka leina la me, ammaaruri ke a lo raya, ga a ketla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe ka gope.”
Jesu o ne a rometswe ke Rraagwe, Jehofa. Ka gone, motho yo o amogelang barutwa ba ga Keresete—e ka tswa e le baperofeti, banna ba ba siameng, kana bape fela ba babotlana—o tla bo a amogela Keresete mmogo le Modimo, o o romileng Keresete. Motho yoo o tla segofadiwa eleruri; ga a kitla a tingwa tuelo. Letlotlo la gagwe la dilo tsa semoya le tla tlala le go feta. Ka ntlha yang? Gonne Jehofa o gakologelwa le ditiro tse dinnye thata tse di direlwang Bogosi mme tiro e e ntseng jalo ga e kitla e tlhoka go duelelwa.—Bahebera 6:10.
Se se kgatlhang ke gore Petere, morutwa wa ga Jesu, o ne a botsa Jesu jaana a tlhamaletse fela gore ene le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba tlile go duelwa ka eng: “Bona, rona re tlogetse gotlhe, mme re go setse morago; mme ka re, rona re a bo re tlaa bona eng?” (Mathaio 19:27) Jesu ga a ka re potso eo ga e a tshwanela mme o ne a mo araba a dumela a re: “Mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo, le fa e le bomorwa rraagwe, le fa e le bokgaitsadie, le fa e le rraagwe, le fa e le mmaagwe, (le fa e le mosadi,) le fa e le bana, le fa e le masimo, ka ntlha ya leina la me, o tlaa amogela galekgolo, mme o tlaa rua botshelo jo bo sa khutleng.”—Mathaio 19:29.
Tuelo ya Gompieno le ya mo Isagweng
Karabo ya ga Jesu e supa gore balatedi ba gagwe ba duelwa jaanong le mo nakong e e tlang. Nngwe ya dituelo tse ba di bonang jaanong ke go nna karolo ya lelapa le le golang la boditšhabatšhaba la bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya. Le mororo dikereke tsa Labokeresete di lela ka go ngotlega ga maloko a tsone le go sa engwe nokeng, diholo tse go kopanelwang mo go tsone tsa Basupi ba ga Jehofa di a penologa fa go buiwa ka tsela ya tshwantshetso. Go na le makgolokgolo a Basupi ba basha ba ba kolobediwang ngwaga le ngwaga.
Tuelo e nngwe gape ke go nna le mogopolo o o nang le kagiso le kgotsofalo le boitumelo jo bo bonwang ka go tsalana le Modimo le go mo itse. Ee, “poifomodimo e e nang le pelo e e ritibetseng” ke papadi e kgolo. (1 Timotheo 6:6) Mogopolo wa motho o bonala gore o itumetse eleruri fa a kgona go bolela jaaka moaposetoloi Paulo jaana: “Ke ithutile gore, le fa ke ka nna mo popegong e e ntseng jang, ke be ke itumele fela mo go yone,” ke gore, ke kgotsofale.—Bafilipi 4:11.
Paulo o ne a kwala pele fela fa a tla swa ka tuelo ya mo isagweng ya “letsomanyane” la balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng—tuelo ya go tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong, a re: “Go tloga fano ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo, sa Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se [nnayang] mo tsatsing leo; mme e seng nna ke le nosi, e leng le bone botlhe ba ba ratileng go bonatshega ga gagwe.”—Luke 12:32; 2 Timotheo 4:7, 8.
Dimilionemilione tsa balatedi ba ga Jesu ba e leng “dinku di sele” di solofetse go duelwa mo isagweng ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le fetotsweng paradaise. (Johane 10:16) E bile Jesu o ne a tlhomamisa gore balatedi ba gagwe ba ba swang ba ne ba tla “duelwa mo go tsogeng ga basiami.”—Luke 14:14.
Leka go Bona Tuelo eo ka Leitlho la Mogopolo
Go siame go leka go bona masego ao ka leitlho la mogopolo, le mororo go sena ope yo o itseng ka tlhomamo gore a tlile go nna jang. A o kgona go utlwa boitumelo jo bo tlhalosiwang mo go Isaia 25:8: “O komeditse loso ka bosakhutleng; Morena Modimo o tlaa phimola dikeledi mo matlhong otlhe”? Leka go bona mafoko ano a a mo go Isaia 32:17 ka leitlho la mogopolo: “Tiro ya tshiamo e tlaa nna kagiso; le se se tlaa tswang mo tshiamong e tlaa nna lodule le boikanyo ka bosakhutleng.” Ee, batho botlhe ba tla bo ba dira mmogo e le ditsala tsa boammaaruri. (Isaia 65:21-25) Tota le gompieno batho ba ba dirang ka natla ba nna le magae a mantle le dilwana tsa boleng jo bo kwa godimo. Morago ga foo, batho ba ba itekanetseng sentle mo mmeleng ba ba tla bong ba le mo maemong a a itekanetseng mo lefatsheng le lesha la Modimo ba tla kgona go dira sengwe le sengwe se ba se tlhokang go dira gore botshelo bo nne monate.—Pesalema 37:4.
Tuelo e Modimo o e nayang ga se ka ntlha ya gore re mo diretse sengwe se re tshwanetseng go tlotliwa ka ntlha ya sone mme ke mpho e a e re nayang gonne a re rata le mororo re ruile boleo. (Baroma 5:8-10) Lefa go ntse jalo, tuelo e re e lebeletseng e ama thata boitsholo jwa rona. Re tshwanetse go batla Jehofa re na le tumelo e e nonofileng re bo re itshoke tota. (Bahebere 10:35-39) Ka mafoko a mangwe, “le fa e ka bo e le eng se lo se dirang, lo se dire ka pelo yotlhe, jaaka e ka bo e le go direla Morena, e seng batho; lo ntse lo itse fa tuelo ya boswa lo tlaa e amogela mo Moreneng.” Ee, o a duela.—Bakolosa 3:23, 24.