Basha ba Botsa Jaana. . .
Bosodoma—A Tota bo Maswe Thata Jalo?
“Ke sale ke nna le dikeletso tsa bosodoma ke santse ke le ngwana. Ke ne ka se ka ka ithiba ka gore ke ne ke sa di tlhaloganye. Seno se ne sa nkgogela gore ke dire sengwe se se maswe thata le tsala ya me. Ke ne ke ikutlwa ke le molato fela thata e bile ke ne ke akanya gore Jehofa ga a kitla a intshwarela.”
“THELEBISHENE e Leka go Tlhotlheletsa Bana ba Rona go Nna Basodoma.” Seno e ne e le setlhogo sa kgang e e neng e kwadilwe ke setlhopha sengwe sa bakwadi ba dipampiri tsa dikgang. Mokwadi o ne a akgela jaana: “Batho ba ba lebang thelebishene ba leba dithulaganyo tse dintsi thata [ka mo go feteletseng] tse di supang gore bosodoma bo siame.” Lefa go ntse jalo, thelebishene ke nngwe ya dilo tse dintsi tse di dirisiwang go kgothaletsa basha bosodoma gompieno. Megopolo e e rotloetsang bosodoma gape e buelelwa ke barutabana, bankane, dibaesekopo, dibuka le dimakasine.
Ba tsa kalafi le bone ba dira se se tshwanang. Ka tlwaelo, dingaka di ne di tsaya gore bosodoma ke bolwetsi. Mme ka 1973, American Psychiatric Association e ne ya bolela gore bosodoma ga bo ne bo tlhola bo tsewa jaaka go sa direng sentle ga tlhaloganyo. E sale ka nako eo, ba bantsi mo go tsa kalafi ba dumelana le bosodoma. Ka sekai, ngaka e e alafang malwetsi a tlhaloganyo, Albert Ellis, o ne a bolela gore dikamano tsa bosodoma “di siame fela mme di dirwa ka mokgwa o o siameng fela wa batho wa tlhakanelodikobo. . . . O ka di ipelela fa o batla mme o se ka wa letla gore ope a go dire gore o akanye gore ‘ga di a siama’ kgotsa ‘di dirwa ke ba ba lwalang mo tlhaloganyong.’”
Megopolo e e ntseng jalo e maswe thata mo e leng gore makasine wa Newsweek o bega jaana: “Basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba dira bosodoma le go tlhakanela dikobo le banna le basadi fela ba phuthologile, ba rotloediwa ke se ba se utlwang mo dikgannyeng le moya o mosha wa go batla go amogelwa.” Lefa gone mo nakong e e fetileng basha ba dingwaga tsa bolesome ba ne ba sa dumalane fela thata le gore batho ba bong jo bo tshwanang ba ratane, ga go fetelediwe dilo fa go bolelwa gore dipalo tse di oketsegang tsa basha jaanong di go tsaya go le mo “fesheneng.” Le basha ba ba sa tseneleleng mo bosodomeng gantsi ba kgona go itshokela ba ba dirang jalo. “Ke akanya gore lefa tsala ya me e ne e ka mpolelela gore ke mosodoma, ke ne ke tla nna ke tswelela go nna tsala ya gagwe,” go bolela jalo mosha mongwe yo o bidiwang Darren. Moithuti mongwe wa sekolo se segolo o ne a bua a tshwenyegile thata gore go ka tswa go na le sengwe se se phoso ka ene ka gore ene o ne a “rata basetsana fela”!
Mokgwa o o tletseng thata gompieno wa gore sengwe le sengwe se siame o ka tlhakanya basha ba Bakeresete tlhogo—segolobogolo ba ka mabaka mangwe ba kgatlhegelang ba bong jo bo tshwanang le jwa bone.a Ba a itse gore bosodoma ga bo itumedise Modimo, mme ka jalo ba batla go bo tila tota. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, go lwa le go laola maikutlo a bone go ka lapisa thata mo e leng gore ba ka nna ba simolola go ipotsa gore a molao wa Baebele o siame kgotsa o lekalekane. Ba ka nna ba ipotsa gore, ‘A tota bosodoma bo maswe thata jalo?’
Se Lefoko la Modimo le se Bolelang
Go bona karabo, ipalele se moaposetoloi Paulo a se boletseng mo go 1 Bakorinthe 6:9, 10: “Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, [“diaka tsa banna,” New International Version; “banna ba ba itshwarang sesadi,” King James Version], go le basotoma, [“batho ba ba dirang dilo tse di maswe tsa bosodoma,” Today’s English Version], go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.” Tlhokomela gore Paulo o umakile ka tlhamalalo ba e leng gore go na le bosupi jwa gore ga ba tlhakanele dikobo ka selekanyo se segolo le ba ba dirang jalo ba le tlhaga e le “banna” ba dira boitsholo jo bo sa siamang. Ka jalo o ne a tlhalosa ka phepafalo gore Modimo ga a amogele ditiro tsotlhe tsa bosodoma.
Seno gape se supiwa ke mafoko a ga Paulo a a mo go Baroma 1:18-27: “Gonne bogale jwa Modimo jo bo tswang legodimong bo senoletswe boikepo jotlhe le tshiamololo ya ba ba beteletseng boammaaruri mo tshiamololong . . . ke gone ka moo, Modimo o ba leseleditseng ba ineela mo masweng, kafa dithatong tsa pelo tsa bone, ba bo ba tla ba tlotlololana mebele ya bone ka boatla . . . Ke gone ka moo Modimo o ba leseleditseng ba ineela mo dithatong tse di tlhabisang ditlhong; gonne mokgwa o e leng wa tlholego, basadi ba bone ba o fetola o e seng wa tlholego. Fela jalo banna le bone ba khutlela mosadi go tlhola ba dira ka ene jaaka mokgwa wa tlholego mme ba gakalelane mo dikgatlhegong tsa bone, banna ba dira le banna ba bangwe mo go tlhabisang ditlhong.” Fano Paulo o ne a kgala bosodoma jwa banna le jwa basadi ka tlhamalalo. O ne a kgala ditiro tsa bosodoma a re ga se tsa tlholego e bile di “tlhabisa ditlhong.”
A bo Diphatsa mo Boitekanelong Kgotsa bo Siame?
Batho ba bantsi ba ka nna ba arabela seno ka go bolela gore kgopolo e e mo Baebeleng ke ya bogologolo gape ga e tlhole e amogelwa. Mme fa o akanya ka seo, ke mang yo o itseng kafa re dirilweng ka teng mo tlhaloganyong, mo maikutlong le mo semoyeng botoka go gaisa Mmopi wa rona? Modimo o dirile monna le mosadi mme a dira gore ba kgatlhegelane thata. (Genesise 1:27, 28) Ga a ka a dira gore ba kgatlhegele go tlhakanela dikobo le mongwe wa bong jo bo tshwanang le jwa bone. Mo godimo ga moo, Modimo o laotse gore monna le mosadi ba tlhakanele dikobo fela mo thulaganyong ya lenyalo.—Bahebere 13:4.
Seno ga se re direle mathata. Mo go Isaia 48:17, Jehofa Modimo o bolela gore ke ene a “go rutang go itsholegela molemo.” Ee, o itse se se re thusang le se se re gobatsang. Lefa ba bangwe ba ka nna ba thatafalelwa ke go sala dithuto tsa Baebele morago, ke ‘dithuto tse di itekanetseng,’ ke gore tse di siametseng tlhaloganyo le mmele. (Tito 2:1) Kafa ntlheng e nngwe, bosodoma bo ka gobatsa mmele, maikutlo le semoya.
Bothata jwa AIDS ke sekai se se supang gore mokgwa wa bosodoma wa botshelo o diphatsa go le kana kang mo botsogong. Kwa Amerika Bokone banna ba basodoma ke bone ba go ka kgonegang thata gore ba tsenwe ke bolwetsi joo go gaisa ope o sele. Mme AIDS ke bongwe jwa malwetsi a mantsi—bolwetsi jwa sebete, go tshwaetsega ga sebete, rasephiphi, thosola le diparasaete tse di tshwaetsang mala—ke tsone di tshwenyang basodoma thata. Ke eng se se kgotletsang go anama gono ga bolwetsi? Dr. Joseph Nicolosi o tlhalosa jaana: “Bakwadi ba le bantsi ba ile ba kwala thata ka mekgwa ya botshelo jwa bosodoma ya go bo dira o sa akanye, le go tshwakgola ga jone.” Patlisiso nngwe e bontsha gore “28 lekgolong ya basodoma ba banna ba [setse ba] tlhakanetse dikobo le batho ba le sekete kgotsa go feta. . . . Mo e batlileng e nna sephatlo sa basodoma ba banna ba basweu . . . ba boletse gore ba setse ba kile ba tlhakanela dikobo bobotlana le batho ba le 500 ba ba farologaneng.”
Buka e e bidiwang Homosexual Behavior e tlhalosa gore basodoma ba bantsi “ba boifa go tsena mo dikgolaganong tse di tlhokang gore ba ikanyege, ba atamalane, kgotsa tse di ba rwesang boikarabelo . . . Go eletsa go tlhakanela dikobo le batho ba ba sa amegeng ka bone ka dinako tse dingwe ke gone mo go ba kgorometsang. Bangwe ba batho bano ba ka tswa ba tlhakanela dikobo ga lesome ka letsatsi kgotsa mo maitseboeng a le mangwe.” A boitsholo jo bo sa laolesegeng joo bo ka tswa bo siame? A go na le moo, ga bo diphatsa e bile a ga bo maswe thata? Ba ba tsenelelang mo boitsholong jo bo ntseng jalo jo bo botlhaswa, ka phepafalo ke “batlhanka ba sebodu.”—2 Petere 2:19.
Kwa ntle ga moo, mokgwa wa go tlhakanela dikobo wa basodoma o maswe thata, o setlhogo e bile o dirwa ka go utlwisa ba bangwe botlhoko thata. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Gonne dilo tse di dirwang ke bone mo sephiring di tlhabisa ditlhong le di bolelwa fela.” (Baefeso 5:12) Bosetlhogo joo bo supa botlhoko le bogale jo bo fitlhilweng ke “boitumelo” jo eseng jwa boammaaruri jwa mokgwa ono wa go tshela. Go boammaaruri gore basodoma ba bangwe ba bolela gore ga ba itshware botlhaswa. Mme basodoma “ba ba nnang le molekane a le mongwe” ga ba bantsi—e bile ga ba nne mmogo ka nako e telele. Lefa botsalano joo jwa batho ba bong jo bo tshwanang bo ka tshwarelela, e a bo e se gore ke ka ntlha ya lorato lo lo tlhalosiwang mo Baebeleng. Lorato lo lo ntseng jalo, “ga lo ko lo dira kafa go sa tshwanelang.”—1 Bakorinthe 13:4, 5.
Matswela a Teng
Paulo o bolela jaana mo go Baroma 1:27: “Banna ba ne ba dira dilo tse di tshosang tseno tse di tlhabisang ditlhong le banna ba bangwe, gone mme ba roba maungo a tlhakanelodikobo e e sa siamang mo bothong jwa bone.” (The New Testament in Modern English, e e kwadilweng ke J. B. Phillips) Ka ditsela dife? Buka ya Homosexual Behavior e bega jaana ka nngwe ya tsone: “Basodoma ba basadi ba sotliwa thata ke go dirisa dinotagi ka tsela e e feteletseng go gaisa basadi ba ba tlhakanelang dikobo le banna.” Babatlisisi ba bangwe gape ba bolela gore banna ba babotlana ba basodoma gantsi ba leka go ipolaya.
Mme matswela a teng a senya bomoya jwa motho thata. Basodoma ba iphitlhela ba “fifaditswe mo tlhaloganyong ya bone, ba le baeng ba sa itse botshelo jwa Modimo.” (Baefeso 4:18) Mme go tweng ka basha ba ba boifang Modimo, ba e reng lefa ba itse melao ya Baebele, ba bo ba iphitlhela ba kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone? Ka phepafalo, ba lebaganywe ke ntwa tota. Ee gone, go itse gore Modimo o leba jang bosodoma go ka thusa ba ba ntseng jalo gore ba ‘ile se se bosula.’ (Baroma 12:9) Gape go na le dikgato di le mmalwa tse ba ka di tsayang go tila go ineela mo dikeletsong tse di phoso. Seno se tla tlotliwa mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke ka Ntlha Yang ke Ikutlwa Jaana?” mo tokololong ya rona e e fa pele ga eno.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Mokgwa wa bosodoma wa botshelo o tletse ka boitsholo jo bo botlhaswa, go tshwenyega thata mo maikutlong le malwetsi