LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 4/8 ts. 18-20
  • Go Nna o Beela Selo Kgantele—Go Utswa Nako

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna o Beela Selo Kgantele—Go Utswa Nako
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A ke go Nna o Beela Dilo Kgantele?
  • Go Tshwara Legodu Leno
  • Akanya ka Ditlamorago
  • Nka Dira Eng?
  • Nka Tlogela Jang go Beela Dilo Nako e e Tlang?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Re ka Tila Jang go sa Dire Dilo ka Nako?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Ke Eng Se se Ka Nthusang go Dirisa Nako ya me Sentle?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ga o Kake wa Kgona go e Boloka, Ka Jalo e Dirise Sentle
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 4/8 ts. 18-20

Go Nna o Beela Selo Kgantele—Go Utswa Nako

“Go nna o beela selo kgantele go utswa nako.”—Edward Young, c. 1742.

EMA pele! Se tlogele go bala setlhogo seno! O a itse gore go ka nna ga direga eng. O ka nna wa tlogela go se bala o bo o re: “Ke setlhogo se se molemo tota, lefa go ntse jalo, gone jaanong ga ke na nako ya go se bala. Ke tla se bona kgantele.” Lefa go ntse jalo, kgantele a ka nna a se ka a tlhola a tla.

Se nnele gore ke tla bala setlhogo seno se se buang ka go nnela go beela dilo kgantele, kgantele! Leba gore go go tsaya nako e kana kang. Gongwe go bala setlhogo seno go tla go tsaya metsotso e le metlhano fela. Ka jalo o tla bo o feditse go bala 10 lekgolong ya makasine ono otlhe! Leba tshupanako ya gago mme o simolole go e bala gone jaanong. (O setse o feditse 5 lekgolong ya sone!)

A ke go Nna o Beela Dilo Kgantele?

Fa o seegela selo fa thoko, o a bo o nnela go se beela kgantele. Ka mafoko a mangwe, o beela selo se o tshwanelwang ke go se dira jaanong ka moso. Motho yo o nnang a ntse a beela dilo kgantele o diegisa selo se a tshwanelwang ke go se dira ka yone nako eo.

Mookamedi o kopa mohiriwa gore a mo neye pego ya tiro; batsadi ba kopa ngwana gore a phepafatse kamore ya gagwe; mosadi o kopa mogatse gore a baakanye phaepe. “Ke ne ke tshwaregile thata” kgotsa, “Ke lebetse” kgotsa, “Ga ke a bona nako” ke diipato tse di dirisiwang go ikgolola. Boammaaruri ke gore, batho ba le bantsi ga ba rate go dira dipego kgotsa go phepafatsa dikamore kgotsa go baakanya diphaepe fa go santse go na le sengwe se se itumedisang se ba se dirang. Ka jalo re go beela kgantele, re a go diegisa.

Lefa go ntse jalo, a o ne o itse gore ka dinako tse dingwe ga se gore tota re a bo re nnela go beela selo kgantele? Mosadi mongwe wa kgwebo fa a amogela kopo e a sa itseng gore a dire eng ka yone o e faela mo bokosong e e tshwailweng, “tse di beetsweng kwa thoko” mo desekeng ya gagwe. Morago ga dibeke di sekae o tlhatlhoba dilo tseno gape mme a bo a fitlhela gore halofo ya tsone ga di tlhoke gore a dire sepe ka tsone. Bothata bo itharabolotse ka bojone kana gore ga di tlhole di batliwa. Fa e le gore ga o tlhomamise gore a ke o lete go sekae kana o dire sengwe, leka go sekaseka gore go tla direga eng fa o sa dire selo se o se beetseng nako e e tlang. A go ka nna botoka go se dira kana a go tla senya dilo?

Fa e le gore re ka kgona go dira sengwe e bile re tshwanelwa ke go se dira gone jaanong le fa e le gore go se diegisa go tla baka mathata a magolo moragonyana, seo e a bo e le go nnela go beela selo kgantele. Ka sekai, fa o ka baya dijana lobaka lo loleele o sa di tlhatswe di tla omelela di bo di nna thata go tlhatswega. Fa o sa baakanye koloi ka nako e e tshwanetseng go tla baka gore o duele madi a mantsi a go e baakanya moragonyana. Fa o sa duele sekoloto ka nako e e tshwanetseng go ka nna ga dira gore o duele madi a mantsi thata kana gore o se ka wa tlhola o direlwa sengwe. E ne ya re fa mosadi mongwe a tlhakanya madi a go bo a ne a sa duelela faene ya gagwe ya pharakano ka nako e e tshwanetseng le madi a dibidio tse o neng a di adimile le a dibuka tsa laeborari, o ne a fitlhela otlhe a ja didolara di le 46 (diranta di le 167)! E ne e le a kgwedi e le nngwe fela!

Go Tshwara Legodu Leno

Leka go bona gore ke eng se se dirang gore o nnele go beela dilo kgantele. Sekaseka mabaka a a latelang mme o bone fa o se kitla o lemoga gore ke lefe la one le le tshwanelang tiro ya bosheng e o iseng o e simolole kana o e fetse:

Mokgwa:

Fa ke letela go e dira ka motsotso wa bofelo, ke gone ke nnang le matlhagatlhaga a go e fetsa.

Ke itumelela monate wa go e dira ka motsotso wa bofelo.

Ke letela monngwame a e nkgakolola makgetlho a sekae, ke gone jaanong ke tla itseng gore tota o batla gore ke e dire.

Ke na le dilo tse dintsi thata jaana tse ke tshwanelwang ke go di dira mo e leng gore ke gapiwa maikutlo fela ke tse di masisi go gaisa.

Maikutlo:

Ga ke na keletso le kgatlhego ya go dira tiro eno.

Ke dira dilo fela fa ke ikutlwa go di dira.

Ke batla go dira sengwe se sele.

Ga ke kgone go itaya.

Poifo:

Ga ke dumele gore a nka kgona go e dira.

Ga ke na nako ya go e dira.

Ke tiro e ntsi tota. Ke tlhoka mongwe go nthusa.

Go tweng fa ke sa atlege kgotsa ke sa e fetse?

Ke tshwanetse go batla pele dilo tse di ka nthusang go e fetsa.

Ke tshaba gore ke tla tshwaiwa diphoso kana e tla ntshwabisa.

Batho ba a farologana go ya ka tsela e ba nnelang go beela dilo kgantele ka yone. Bangwe ba nnela go beela tiro kgantele pele ba e simolola ka gonne ba tsaya gore e ntsi thata. Bangwe bone ba a e simolola mme ba bo ba sa tlhole ba e tlhoafalela, ba e tlogela fa ba le gaufi le go e fetsa. Mme ba bangwe bone fa ba le gaufi le go fetsa tiro nngwe ba simolola e nngwe mme ba tlogela ya ntlha e sa fela. (Mme kana, go fitlha jaanong wena o dira sentle thata. O mo bogareng jwa setlhogo seno.)

Dintlha tseno tsotlhe tse tharo e ka nna ya bo e le tsone tse di dirang gore o se ka wa kgona go simolola tiro kana go e fetsa. Mo bukeng ya The Now Habit, Neil Fiore o kwadile jaana: “Dilo tse tharo tse dikgolo tse di bakang gore motho a nnele go beela dilo kgantele ke: go ikutlwa e kete o lelata, go fekeediwa le go boifa gore o tla palelwa.” Lefa mabaka e ka tswa e le afe, o ka kgona go rarabolola bothata jono fa o ka kgona go lemoga dilo tse tota di go bakang.

Fa e le gore ga o itse sentle gore ke eng se se dirang gore o nnele go beela dilo kgantele, kwala dilo tse o tshwanetseng go di dira mo bekeng, o kgaoganye ditiro tseno ka halofo ya ura. Sekaseka kafa o dirisang nako ka teng. Go ka go thusa tota gore o lemoge gore o senya nako e kana kang o kgaosetsa ditiro tse di botlhokwatlhokwa ka go tla o dira tse di seng botlhokwa thata. Morago ga moo?

Akanya ka Ditlamorago

Fa o ka lebelela gore tiro nngwe e tla direga sentle kwantle ga go tsenya marapo dinameng go tla dira gore o e ile. Fa o ntse o atamela nako e o tshwanetseng wa bo o dirile tiro eo ka yone o tla simolola go ngamoga tlhogo le go tlhobaela. Fa maikutlo ano a ntse a gola, a dira gore o se ka wa tlhola o kgona go dira dilo ka botswerere. Go na le gore o sekaseke kana o akanyetse mekgwa e e ka go thusang go fitlhelela mokgele wa gago, o tla bo o dira dilo fela gore o fetse.

Ka sekai: O abetswe gore o ye go ema batho ka lefoko. Maitsiboa pele ga moo, o ntse ka pene le pampiri o kwalakwala dintlhanyana di sekae. Ga wa ka wa ipha nako e e lekaneng go dira dipatlisiso ka kgang e o tlileng go bua ka yone, ka jalo, o betsa dilo mabala a nkwe fela. Gongwe fa o ne o ka dira maiteko a mannye, o ne o ka kgona go akaretsa maitemogelo, tshedimosetso e e tshegetsang kgang, kana ditšhate go thusa bareetsi ba gago gore ba kgone go tlhaloganya kgang eo sentle.

Ditlamorago tse dingwe tsa go sa dire tiro nngwe ka nako e e tshwanetseng ke gore go dira gore o se ka wa ritibala ka nako ya fa o ikhuditse. Seno se dirwa ke gore o tshwenngwa ke maikutlo a (kana mongwe a nnela go go gakolola) gore o tlogetse tiro e sa fela.

Nka Dira Eng?

Dira lenaane. Dira jalo maitsiboa a pele ga foo. Kwala dilo tse o ikaeletseng go di dira letsatsi le le latelang mo pampiring. Seno se tla go thusa gore o se ka wa lebala sepe, e bile o tla kgona go bona gore o gatetse pele go le kana kang fa o sekaseka dilo tse o setseng o di feditse. Mo letlhakoreng la moja la tiro nngwe le nngwe, kwala gore o solofetse go tsaya nako e kana kang o dira tiro eo. Fa e le gore o dira lenaane la ‘Tse Ke Tlileng go Di Dira,’ mo letsatsing, e kgaoganye go ya ka metsotso. Fa e le gore o dira lenaane la tiro nngwe e kgolo, e kgaoganye go ya ka diura. Dira lenaane leo maitsiboa a letsatsi pele ga leo. Iphe metsotso e sekae o dira lenaane la ditiro tsa letsatsi le le latelang. Baya khalentara e e supang dikgwedi gaufi fa o ka e bonang sentle teng. Fa o abelwa tiro nngwe le go beelana mabaka le mongwe, a kwale.

Fa o sekaseka ditiro tse o tlileng go di dira letsatsi le le latelang, tshwaya mo khalentareng ya gago gore ke dife tse o batlang go di dira pele ga tse dingwe, o kwala A, B, C, fa thoko ga tiro nngwe le nngwe e o tlileng go e dira. Batho ba bangwe ba kgona go dira tiro sentle fa go le mo mosong, ba bangwe fa go le thapama kana go le maitsiboa. Rulaganya go dira ditiro tse dikgolo ka nako e o kgonang go bereka thata ka yone. Dira ditiro tse o sa di rateng thata pele ga tse o di ratang thata.

Bala nako. Fa e le gore o aga o le mo lebelong fela ka ntlha ya go nna thari, ithute go bala nako. Ke go re, ipeele nako e e tlhomameng ya gore o tlile go dira tiro nngwe lobaka lo lo kana kang. Beela metsotso e sekae kwa thoko ya fa go ka tlhaga “mathata.” O se lebale go ipha metsotso e sekae fa gare ga dinako tse o tla dirang ditiro dingwe ka tsone. O akaretse le nako ya mosepele. O ka se ka wa kwala gore pokano e tla fela ka 10:00 a.m. o bo o tswa gape o kwala gore o tla ya kwa go e e latelang ka 10:00 a.m. le mororo di ka tswa di tshwarelwa mo phaposing e e bapileng le eo, re sa re sepe fa e le gore e nngwe e tshwarelwa kwa lefelong le sele. Iphe nako e e lekaneng fa gare ga dinako tseo.

Naya ba bangwe go go thusa. Gantsi re rata go dira sengwe le sengwe ka borona go sa tlhokege. Re ka nna ra kopa motho mongwe go re tsamaela le phasele fa e le gore o ya kwa kantorong ya poso.

E kgaoganye. Ka dinako tse dingwe re palelwa ke go simolola tiro nngwe ka ntlha ya bogolo jwa yone. Ke eng fa o sa kgaoganye tiro e kgolo ka dikarolwana? Fa re ntse re wetsa dikarolwana tsa yone tse dinnye, re tla kgona go bona kafa re gatelang pele ka teng e bile go tla re kgothatsa gore re wetse karolo e e setseng.

Rulaganyetsa le dinako tse o tla kgaosediwang ka tsone. Ka metlha go na le dilo tseo di re kgaosetsang mo tirong ya rona—batho ba ba founang, ba ba re etelang, mathata le makwalo. Re batla gore re bereke dilo tsa rona ka thelelo mo go akaretsang gore re dirisane le batho ba bangwe bao le bone ba tshwanetseng go fetsa ditiro tsa bone ka nako e e rileng. Fa re amegile fela ka gore re dire ditiro tsa rona ka thelelo, re tla kgopisega fa ba bangwe ba re kgaosetsa mo ditirong tsa rona. Ka jalo, rulaganyetsa dinako tse o tla kgaosediwang ka tsone. Letsatsi le letsatsi ipeele nako ya dilo tse di tla tlhagang o sa di lebelela. Fa di tlhaga, o tla kgona go di dira sentle ka gonne o ile wa di rulaganyetsa nako ya tsone.

Iteboge. Fa o dira lenaane, o rulaganye gore o tla dira tiro nngwe o tlhomile mogopolo fela mo go yone metsotso e le 90. O se ka wa lebala go akaretsa le nako e o tla ipaakanyetsang tiro eo ka yone. Morago ga fa o sena go simolola tiro eo e bile o setse o e berekile ka ura le halofo, o ka nna wa tlhoka gore o ikhutse. Fa o bereka mo ofising, ikhutse, o itapolose le go akanya ka se o setseng o se dirile. Fa e le gore o bereka kwa ntle, itapolose ka dinotsididi. Iteboge.—Moreri 3:13.

A o ko o akanye fela, go go tsere metsotso e le metlhano fela go fetsa setlhogo seno. O ka nna wa bo o tsamaela go fenya bothata jono!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela