LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 5/8 ts. 9-11
  • Motlha o o Monate O Gaufi!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motlha o o Monate O Gaufi!
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MASEGO MO PUSONG YA MODIMO
  • SE O TLHOKANG GO SE DIRA
  • Lefatshe la Paradaise
    Meya ya Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A E A Tshela?
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Isagwe e re Tsholetse Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 5/8 ts. 9-11

Motlha o o Monate O Gaufi!

GO YA ka Baebele, Modimo o ne o ikaeletse gore batho ba tshelele ruri mo paradaiseng ya lefatshe lotlhe. (Genesise 1:28; 2:8, 9) Kwa ntle ga pelaelo, re tshela ka tsela e e farologaneng thata le boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong. Go ne ga direga eng?

Banyalani ba ntlha ba ne ba se ka ba utlwa Modimo mo go neng ga dira gore bone le bana ba bone ba se ka ba tlhola ba itekanela e bile ba swa. (Genesise 2:16, 17; 3:6, 7, 17-19; Baroma 6:23) Baebele e tlhalosa jaana: “Boleo bo tsene mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, mme boleo jwa gagwe jwa lere loso. Ka ntlha ya seno, loso lwa fetela mo bathong botlhe ka gonne mongwe le mongwe a leofile.”—Baroma 5:12, Today’s English Version.

Lefa go ntse jalo, maikaelelo a Modimo ga a fetoga. “Lefoko la me le ntse jaaka kapoko le pula tse di tswang kwa marung go nosetsa lefatshe. Di dira gore dijalo di gole le gore go nne le peo ya dijalo tse di tla nnang dijo tse di jewang. Lefoko la me le ke le buang le lone le tla nna jalo . . . Le tla dira sengwe le sengwe se ke batlang le se dira.” (Isaia 55:10, 11, TEV) Modimo o re solofetsa go re direla eng?

MASEGO MO PUSONG YA MODIMO

Botshelo Jo bo Sa Khutleng

“Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

“Ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko.”—Tshenolo 21:4.

Polokesego

“E tlaa re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gone. Ee, o tlaa sekaseka felo ga gagwe ka tlhoafalo, mme ene o tlaa ba a seyo.”—Pesalema 37:10.

Tiro e e Kgotsofatsang

“Batho ba tla aga matlo mme ba bo ba nna mo go one—ga a kitla a nniwa ke batho ba sele. Ba tla jala masimo a mofine mme ba nwa beine ya one—ga e kitla e nowa ke batho ba sele. Jaaka ditlhare, batho ba me ba tla tshela botshelo jo boleele fela jalo. Ba tla itumelela letsapa la ditiro tsa bone ka botlalo.”—Isaia 65:21, 22, TEV.

Boitekanelo

“Monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola,’ batho ba ba agang gona ba tlaa itshwarelwa boikepo jwa bone.”—Isaia 33:24.

Go Sena Digole

‘Matlho a difofu a tlaa foufololwa, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwa. E dira gone setlhotsa se tlaa tlolang jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela.’—Isaia 35:5, 6.

Dijo Tse di Motlele

“Go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, mo ditlhoeng tsa dithaba; loungo lwa one lo tlaa ebelega.”—Pesalema 72:16.

Kagiso

“Tlang, lo bone ditiro tsa ga Jehofa, e bong ditšhwafatso tse o di dirileng mo lefatsheng. O khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe.”—Pesalema 46:8, 9.

SE O TLHOKANG GO SE DIRA

Ke eng se o tshwanetseng go se dira gore o tle o itumelele masego ano a Modimo o a solofetsang? Baebele e araba jaana mo go Johane 17:3: “Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” Ee, ka go ithuta kaga Modimo—leina la gagwe, maikaelelo a gagwe le melao ya gagwe—re kgona go itse gore re lebile kae. Mo godimo ga moo, fa re ithuta kaga Jesu—botshelo jwa gagwe fa a le mo lefatsheng, setlhabelo sa gagwe sa thekololo se se ntsheditsweng maleo a rona, maemo a gagwe jaaka Mmusi wa Bogosi jwa Modimo—re ka tshepa gore maikaelelo a Modimo a tla diragala.

Tsela e Modimo a ileng a letlelela boikepo ka yone e supa kwantle ga pelaelo epe gore, motho o tshwana le motsamai yo o mo lefelong le a sa le tlwaelang, ga a kgone go kaela dikgato tsa gagwe. (Jeremia 10:23) Ruri motho o ile a lekeletsa ditsela tse dintsintsi tsa go busa—go tloga ka dipuso tsa babusaesi go ya go tsa temokerasi. Lefa go ntse jalo, fa e le gore o ile a atlega, gone mme ga a atlega go le kalo.

A bo re ka leboga thata jang ne ka gonne Bogosi jwa Modimo bo tla araba thapelo e e ileng ya rapelwa ke dimilionemilione tsa batho e e reng: “Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Batho ba tla itumelela masego a Bogosi jwa Modimo morago fela ga gore bo tseye marapo mo dipusong tsa batho. Baebele e solofetsa gore: “E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.

A bo nako eo e tla nna e e itumedisang jang ne! Eleruri kitso ya Baebele e ka re dira gore re nne le tsholofelo. Ee, metlha eno ke ya mathata—mme e bile a ntse a gakala thata. Lefa go ntse jalo, seo se supa fela gore re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno e e boikepo. Go ise go ye kae metlha eno e e maswe e tloga e tseelwa sebaka ke metlha e e monate mo Bogosing jwa Modimo!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela