LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 8/8 ts. 3
  • Fa go Tlhaga Kotsi ya Masetlapelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa go Tlhaga Kotsi ya Masetlapelo
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Masetlapelo a Tlholego—A Ke Molato wa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Baebele ya Reng ka Masetlapelo a Tlholego?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Masetlapelo a Tlholego—Sesupo sa Metlha ya Bofelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Dithoromo Tsa Lefatshe, Boporofeti Jwa Baebele le Wena
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 8/8 ts. 3

Fa go Tlhaga Kotsi ya Masetlapelo

GO ILE ga diragala dikotsi tse dikgolo tsa masetlapelo mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga mme bontsi jwa tsone e ne e le tse di bakilweng ke motho. Mme tse dingwe tsone ga se ene. Jesu Keresete o ne a bolela jaana fa a ne a bolelela pele kaga metlha ya rona: “Morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi; go tlaa nna meswele, le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong mangwe le mangwe.” (Mathaio 24:7) Ke boammaaruri gore motho o tshwanetse go pegwa molato wa dintwa le tlhaelo ya dijo, mme lefa go ntse jalo ga se ene yo o bakang dithoromo tsa lefatshe. Ka tsela e e tshwanang, lefa merwalela mengwe e e bakang masetlapelo e bakilwe ke ditiro tsa motho, ga se ene yo o bakang dithoromo tsa lefatshe. Motho ga a bake ditsuatsue kana makgwamolelo.

Lefa di ka tswa di bakilwe ke eng, dikotsi tsa masetlapelo di supa kafa motho a tlhaelang ka teng, di supa go palelwa ga gagwe fa a lebane le dikotsi tse di maswe tsa masetlapelo. Lefatshe leno, legae leno la rona, gantsi le utlwala le sireletsegile e bile le nonofile. Mme fa le tshikhinngwa ke thoromo ya lefatshe, le khurumediwa ke metsi a morwalela, kana le fokiwa ke diphefo tse di maatla a e keteng go thuntshe sengwe, boikutlo joo jwa tshireletsego bo a fela.

Dikotsi tsa masetlapelo tsa tlholego di ile tsa senya thata tsa bo tsa bolaya batho ba bantsi mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga. A seno se ka bo se ile sa tilwa? A go na le se se ka dirwang go fokotsa masetlapelo a tsone? Mongwe le mongwe wa rona a ka itshireletsa jang? A ga go na sepe se re ka se dirang fa dikotsi tseno tsa masetlapelo di diragala? A motho o tlile go tswelela a ntse a tlhaselwa ka tsela eno? Ditlhogo tse di latelang di tlile go araba dipotso tseno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela