LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 8/8 ts. 10-11
  • Boaka—Ke mo Itshwarele Kgotsa Ke se Mo Itshwarele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boaka—Ke mo Itshwarele Kgotsa Ke se Mo Itshwarele?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Tshwanetse go Itshwarela ka Metlha?
  • Go Itshwarela—Go Tweng ka Matswela?
  • Go Itshwarela le Tlhalo
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • A O Itshwarela Fela Jaaka Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • ‘Tswelelang lo Itshwarelana lo Gololesegile’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 8/8 ts. 10-11

Kgopolo E E mo Bibeleng

Boaka—Ke mo Itshwarele Kgotsa Ke se Mo Itshwarele?

“FA MONGWE a le molato le lona lo mo itshwarele; gore Rraeno yo o kwa legodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona.” (Mareko 11:25) Mafoko ao a ga Jesu a tsosa dipotso tse di gwetlhang fa motho yo o nyetseng a dirile boaka: A Mokeresete yo o seng molato o tshwanetse go itshwarela mogatse gore ba sireletse lenyalo la bone? Fa a ka swetsa gore o a tlhala, a seo se tla senya tsalano ya gagwe le Modimo? Mma re boneng kafa Baebele e re thusang go araba dipotso tseno ka teng.

A o Tshwanetse go Itshwarela ka Metlha?

A mafoko a ga Jesu a a reng, “fa mongwe a le molato le lona lo mo itshwarele,” a kaya gore Mokeresete o patelesega go itshwarela motho mo dilong tsotlhe—go akaretsa le fa mogatse a dirile boaka? Re tshwanetse go tlhaloganya mafoko ano a ga Jesu ka go a bapisa le dikakgelo tse dingwe tse a kileng a di bua malebana le go itshwarela.

Ka sekai, re ithuta molaomotheo o o botlhokwa thata kaga go itshwarela go tswa mo mafokong a ga Jesu a a kwadilweng mo go Luke 17:3, 4: “Fa wa gaeno a go leofela, o mo omanye; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele. Fa a go leofela gasupa ka letsatsi, mme a nna a boela mo go wena gasupa ka letsatsi a re: ‘Ke a ikwatlhaya,’ o mo itshwarele fela.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Kwa ntle ga pelaelo, fa motho a dirile boleo jo bo masisi, yo o leofetsweng o kgothalediwa go mo itshwarela fa a ikwatlhaya ka pelo yotlhe. Jehofa ka boene o leba dilo jalo; fa re batla gore re itshwarelwe ka tsela ya bomodimo, re tshwanetse go ikwatlhaya ka pelo yotlhe.—Luke 3:3; Ditiro 2:38; 8:22.

Lefa go ntse jalo, seno gape se supa gore fa yo o dirileng boaka a sa ikwatlhaye, a gana go dumela gore boleo jwa gagwe bo maswe, go a utlwala gore mogatse yo o seng molato a ka nna a se ka a mo itshwarela.—Bapisa 1 Johane 1:8, 9.

Go Itshwarela—Go Tweng ka Matswela?

Mme go tweng fa e le gore yo o dirileng boaka o a ikwatlhaya? Fa motho a ikwatlhaya, a ka itshwarelwa. A mme go itshwarela go kaya gore yo o molato ga a ne a lebanwa ke ditlamorago tsa tsela ya gagwe e e phoso? Akanyetsa dikai di sekae tsa tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone.

Fa Baiseraele ba ne ba reetsa kgakololo ya ditlhodi tse di lesome tse di neng di ba leretse pego e e bosula kaga lefatshe la Kanana ba bo ba tsuologa, Moshe o ne a ikuela jaana go Jehofa: “Ke a go rapela, o itshwarele tshiamololo ya tšhaba e.” Jehofa o ne a araba jaana: “Ke itshwaretse ka fa lefokong la gago.” A seno se kaya gore badiramolato bano ba ne ba se kitla ba lebana le ditlamorago tsa ditiro tsa bone? Jehofa o ne a tswelela jaana: ‘Lefa go ntse jalo, batho botlhe . . . ba ba se kang ba reetsa lentswe la me ruri ga ba ketla ba bona lefatshe le ke le ikanetseng borraabo.’ (Dipalo 14:19-23) Jehofa o ne a diragatsa mafoko ao a gagwe; batho bao ba ba neng ba godile, ba ne ba se ka ba bona Naga e e Solofeditsweng—kwantle fela ga Joshua le Kalebe.—Dipalo 26:64, 65.

Fa moperofeti Nathane a ne a kgalemelela Kgosi Dafite boleo jwa gagwe le Bethesheba, Dafite yo o neng a ikwatlhaya o ne a bolela jaana: “Ke leofetse Jehofa.” Morago ga moo Nathane o ne a raya Dafite a re: “Jehofa le ene o tlositse boleo jwa gago.” (2 Samuele 12:13) Lefa go ntse jalo, le mororo Jehofa a ile a itshwarela Dafite, Dafite o ne a lebana le matswela a boleo jwa gagwe mo botshelong jotlhe jwa gagwe.—2 Samuele 12:9-14; bona gape le 2 Samuele kgaolo 24.

Dikai tseno tse di supang tsela e Modimo a itshwarelang ka yone, di re ruta sengwe se se botlhokwa: Re ka se leofe mme re bo re sa go otlhaelwe. (Bagalatia 6:7, 8) Lefa motho yo o ikwatlhayang a ka itshwarelwa, ga go kaye gore a ka se lebane le matswela a tsela ya gagwe e e phoso. A seo se bolela gore yo o sa dirang molato a ka itshwarela yo o dirileng boaka—bobotlana ka tsela ya gore a se tlhole a mo galefetse—lefa go ntse jalo a bo a dira tshwetso ya go mo tlhala?

Go Itshwarela le Tlhalo

Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, Jesu o ne a bua ka tlhalo ka makgetlho a le mararo. (Mathaio 5:32; 19:3-9; Luke 16:18) Selo se re se lemogang ke gore, Jesu ga a ka a bua ka go itshwarela mo go ope wa metlotlo eno ya gagwe. Ka sekai, mo go Mathaio 19:9, o ne a re: “Le fa e le mang yo o tlaa tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, mme a nyala yo mongwe, o dira boaka.” Fa Jesu a re, “fa e se ka ntlha ya boaka,” o ne a lemotsha gore boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo bo ne bo tla naya yo o seng molato tetla, kana “lebaka,” (NW) la Dikwalo la go tlhala. Lefa go ntse jalo, Jesu ga a ka a re yo o seng molato o tshwanetse go tlhala. Mme gone, o ne a bolela ka phepafalo gore a ka nna a dira jalo.

Lenyalo ke kgole e e bofaganyang batho ba babedi. (Baroma 7:2) Mme fa mongwe wa bone a ka se ikanyege, kgole eo e ka nna ya kgaolwa. Mo maemong a a ntseng jalo, tota yo o seng molato o a bo a lebane le ditshwetso tse pedi. Ya ntlha, a ke a mo itshwarele? Jaaka fa re bone, selo sa botlhokwa mo ntlheng eno ke gore a yo o dirileng boaka o a ikwatlhaya kana ga a ikwatlhaye. Fa a ikwatlhaya, fa nako e ntse e ya, yo o seng molato a ka nna a mo itshwarela—bobotlana ka tsela ya gore a se tlhole a mo galefetse.

Tshwetso ya bobedi ke ya gore, a ke gore a tlhale? Ke eng fa go ka bodiwa potso eno fa e le gore o mo itshwaretse?a Mme gone, go tweng fa e le gore o na le mabaka a a utlwalang a go tlhobaela kaga tshireletsego ya gagwe le ya bana ba gagwe, segolobogolo fa e le gore mogatse o ne a ba sotla mo nakong e e fetileng? Kgotsa go tweng fa e le gore o boifa gore a ka nna a tsenwa ke malwetsi a a anamang ka tlhakanelodikobo? Kgotsa fa a ikutlwa gore, ka ntlha ya go se ikanyege jalo, tota ga a kitla a tlhola a mo tshepa ka tsela e monna le mosadi ba tshwanetseng go tshepana ka yone? Mo maemong a a ntseng jalo tota go a utlwala gore yo o seng molato a ka nna a itshwarela yo o dirileng phoso (ka tsela ya go se tlhole a mo galefetse) mme lefa go ntse jalo, a bo a nna a swetsa go mo tlhala ka gonne a sa tlhole a eletsa go nna le ene. Go tlogela go tlhola a galefile go tla mo thusa gore a tswelele pele ka botshelo jwa gagwe. Gape go tla mo thusa gore a dirisane le yo o dirileng boaka ka tsela e e molemo mo isagweng, fa go ka tlhokega.

Tshwetso ya go tlhala yo o sa ikanyegang ke e motho a tshwanetseng go e dira ka boene, ke selo se yo o seng molato a tshwanetseng go se dira a sena go sekaseka mabaka otlhe ka kelotlhoko le ka thapelo. (Pesalema 55:22) Batho ba bangwe ga ba a tshwanela go leka go direla yo o seng molato ditshwetso kana go mo gatelela gore a dire nngwe ya ditshwetso tseno. (Bapisa Bagalatia 6:5.) Gakologelwa, Jesu ga a ka a bolela gore yo o seng molato a dire eng. Go phepafetse he gore Jehofa ga a ne a kgotswela batho bao ka ntlha ya mabaka a Dikwalo ba dirang tshwetso ya go tlhala.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fa yo o seng molato a bowa a tlhakanela dikobo le yo o dirileng phoso o a bo a supa gore o mo itshwaretse. Ka gone, o tla bo a sa tlhole a na le mabaka a Dikwalo a go tlhala.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

Life

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela