Kgopolo E E mo Bibeleng
A Melao ya Modimo e Boima go Feta Selekanyo?
“MODIMO GA A LEKANYE BATHO KA DIINTŠHE.”—SEANE SA BOGOLOGOLO SA SEKOTŠHE.
DITLHATLHOBO tsa sekolo, go botsolodiwa pele ga o hirwa le go tlhatlhobiwa boitekanelo, ke dingwe tsa dilo tse di botlhokwa mo botshelong tse motho a lekanngwang ka tsone. Lefa go ntse jalo, fa go buiwa ka go tshela tumalanong le melao ya Modimo letsatsi le letsatsi, batho ba le bantsi a akanya gore ka tsela nngwe ba ka se go kgone. A le wena o dumela jalo? A o ka kgona go tshela ka melao ya Modimo?
Gore o kgone go araba potso eno, mma re simolole ka go sekaseka melao e Modimo a e beetseng baobamedi ba gagwe. Baebele e re naya tshedimosetso kaga tsela e re tshwanetseng go tshela ka yone. (Pesalema 119:105) Mokwadi wa Baebele e bong Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a konela ka gore “tshwanelo yotlhe” ya motho ke go ‘boifa Modimo le go tshegetsa ditaolo tsa one.’ (Moreri 12:13) Moperofeti Mika o ne a bolela jaana: “Jehofa o lopang mo go wena, fa e se gore o dire ka tshiamo, le go rata boutlwelobotlhoko, le go sepela ka boikokobetso le Modimo wa gago?”—Mika 6:8.
Morwa Modimo, Jesu Keresete o ne a bolela gore ga go na ditaelo dipe tse di gaisang gore “o rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago, le ka thata yotlhe ya gago” le gore “o rate mongwe ka wena jaaka o ithata.” (Mareko 12:30, 31) Mo godimo ga moo, re supa gore re rata Modimo ka go ikobela ditaelo tsotlhe tsa gagwe.—1 Johane 5:3.
Fa re tlhalosa seno ka tsela e e motlhofo re ka re, batho ba tshwanetse go rata Modimo le go mo tlotla, ba ikobele ditaelo tsa gagwe, ba ikanyege, ba nne pelonomi mo bathong botlhe le go tila boikgodiso. A melao eo e boima go feta selekanyo?
Modimo o a Tlhaloganya
Modimo o na le tshwanelo ya go batla gore batho ba reetse melao ya gagwe. Lefa go ntse jalo, a mme gone go na le motho yo o kgonang go ikobela melao eno ka botlalo? Nnyaa, seno ke ka gonne re tsere bosaitekanelang mo go rraaronamogolo Atame. (Baroma 5:12) Ka gone, re sekametse thata mo go direng diphoso. Lefa go ntse jalo, seno ga se kaye gore re ka se kgone go direla Modimo ka tsela e a e batlang.
Ka sekai, akanya ka bothata jwa go ithuta go kgweetsa koloi. Go tlhoka motho gore a nne a disitse gore a se ka a dira dikotsi le go ipha nako gore a kgone go kgweetsa sentle thata e le gore a kgone go falola tlhatlhobo ya go kgweetsa. Ke boammaaruri gore, lefa re sena go bona lekwalo la go kgweetsa, re santse re tshwanelwa ke go leka go kgweetsa sentle. Fa re ntse re nna le maitemogelo, seo se tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go kgweetsa. Lefa go ntse jalo, ga go na motho yo o kgonang go kgweetsa sentle ka botlalo!
Se se itumedisang ke gore, Modimo o a tlhaloganya gore re tla nna re palelwa. Ga a tlhogoethata, ga a gatelele gore re dire dilo tse re ka se di kgoneng e bile ga a nnele go senka diphoso tsa rona. O tlhaloganya ditlhaelo le makoa a rona. Kgosi Dafite yo o kileng a dira maleo a a masisi o ne a ipolela jaana: “Ga a a re direla ka fa maleong a rona, le fa e le go re duela ka fa maikepong a rona.” Ka ntlha yang? “Gonne jaaka legodimo le ntse le le kwa godimo, godimo ga lefatshe, boutlwelobotlhoko jwa [Modimo] mo go ba ba mmoifang bo ntse bogolo jalo.” Le mororo Jehofa a itse gore re a mo leofela, o beela maleo a rona kgakala fela “jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi.”—Pesalema 103:10-14.
Se Itlhoboge
Motho mongwe yo o tlhoafaletseng go direla Modimo o ne a tlhalosa jaana: “Fa ke tshwenyegile thata mo maikutlong, ka dinako tse dingwe ke na le go akanya gore nka se kgone go tshela go ya ka melao ya Modimo. Mme fa ke simolola go leba dilo ka tsela e e siameng, ke simolola go nna le boikutlo jwa gore nka kgona go tshela ka tsela e Modimo a e batlang. Lefa go ntse jalo, ga go motlhofo go le kalo!” O se ka wa kgobega marapo fa o ikutlwa jalo. Ga se wena wa ntlha e bile ga e kitla e nna wena wa bofelo go ikutlwa jalo.
Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a dumela jaana a tlhamaletse: “Mo go nna yo ke ratang go dira molemo, bosula boo bo ntse bo le teng. Gonne ke natefelwa ke molao wa Modimo ka fa bothong jwa ka fa teng; mme ke fitlhela molao o sele mo ditokololong tsa me, o o tlhabanang le molao wa pelo ya me, mme o ntsenya mo kgolegong ya molao wa boleo . . . A motho wa mogolo nna!” Lefa go ntse jalo, ga a ka a swetsa ka gore Modimo o ne a mmatla dilo tse di boima go feta selekanyo, ka gonne o ne a oketsa jaana: “E mang yo o tlaa nkgololang mo mmeleng wa loso lo? Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona. Jalo yo e leng nna, ke direla molao wa Modimo ka pelo; mme ke direla molao wa boleo ka nama.” (Baroma 7:21-25) Ka jalo, o ne a ikutlwa gore a ka kgona go itumedisa Modimo le mororo e ne e santse e le moleofi.
Jehofa, Mmopi wa rona yo o lorato o re itshwarela diphoso tsa rona le makoa ka thuso ya setlhabelo sa thekololo sa Morwaawe yo o rategang e bong Jesu. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Fa motho mongwe a leofa re na le Mmueledi kwa go Rara, e bong mosiami Jesu Keresete. Ke ene seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona [go di bipa].” (1 Johane 2:1, 2) Maatla a setlhabelo sa ga Keresete a thibosa sekgoreletsi se se re thibelang go reetsa melao ya Modimo mo go ka dirang gore re nne le botsala le ene. Ka gone, seo se dira gore re bowe re tsalane le Modimo.
Fa re dumela mo thulaganyong eno e e lorato ka boikokobetso, seo se tla dira gore re itshwarelwe ka gonne Modimo o nna “le ene yo o mowa o o ngomogileng, o o ikokobeditseng.” (Isaia 57:15) Re ka ikanya gore O tla tsosolosa moya wa rona. O solofetsa gore o tla “kakatlolola mohumanegi mo loroleng.” Ga re tlhole re nna re tshwenyegile thata mo maikutlong fa re palelwa ke go ikobela Modimo ka botlalo. Go na le moo, re ka tshepa thata gore Modimo ga a ne a itlhokomolosa maiteko a re a dirang go tshela ka melao ya gagwe.—Pesalema 113:7; Bahebere 6:10-12.
O tla lemoga gore go dira se se itumedisang Modimo go dira gore motho a itumele lefa gone go se motlhofo. Go ineela mo Modimong go dira gore wena le batho ba bangwe, lo kgone go itshokela botshelo. Gape akanya fela ka isagwe. Fa o kgaratlhela go tshela ka melao ya Modimo gone jaanong, go tla dira gore o nne le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng.—Isaia 48:17; Baroma 6:23; 1 Timotheo 4:8.
Batho ba ba nang le maitemogelo a go palama dithaba ba a itse gore fa ba setse ba le kwa setlhoweng sa yone ga se gore ba feditse. Ba santse ba tshwanelwa ke go e fologa ka pabalesego. Batho ba ba boifang Modimo le bone, ba tlhoka go gagamalela go tshela ka melao ya Modimo mme morago ba bo ba tswelela pele ka go tshela ka yone.—Luke 21:19; Jakobe 1:4.
Namediwa pelo ke go itse gore melao ya Modimo ga e boima go feta selekanyo. Fa gangwe le gape o tla o palelwa ke go e latela ka botlalo, kopa gore a go itshwarele. Ikaege ka tsela e a re emang nokeng ka yone. (Pesalema 86:5) Ka jalo, o ka kgona go tshela ka melao ya Modimo, Jehofa le Morwaawe e le bone Bathusi ba gago mme o tla go itumelela.—Diane 12:2.