Lerumo la Tlhobolo le Fetotse Botshelo Jwa Me
SELO se se molemolemo se batsadi ba ka se direlang bana ba bone ke go ba naya kitso ka Mmopi wa bone le go ba tsenya keletso ya go mo direla. Masetlapelo a a neng a ntiragalela fa ke santse ke le mosha a ne a dira gore ke lemoge kafa seo se leng boammaaruri ka teng.
Pele ga ke go tlhalosetsa se se neng sa ntiragalela ka nako eo—dingwaga di ka nna 20 tse di fetileng—mma ke go lotlegele go sekae kaga botshelo jwa me fa ke ntse ke gola kwa borwa jwa United States. Ka tlhamalalo kgang eno e amana le kafa ke neng ka kgona go itshokela mahutsana a a neng a ntiragalela ka teng.
Dilo Tse di Neng Tsa Ama Botshelo Jwa Me
Ke tsaletswe kwa Birmingham kwa Alabama—kgaolo ya dinaga tsa Bogare Jwa Borwa, e e neng e tletse tlhaolele—ka January 1955. Fa ke le dingwaga tse robedi fela, bomo e ne ya thunya mo kerekeng nngwe e e neng e se kgakala le fa gaetsho ka nako e sekolo sa Sontaga se neng se tsene ka yone. Bana ba le bantsi ba ba neng ba tshogile ba bantsho, ba bontsi jwa bone e neng e le ba dingwaga tsa me ba ne ba betsega mo teng ba goa; bangwe ba dutla madi e bile ba bokolela. Ba le bane ba bone ba ne ba sule—ba bolailwe ke makgoa.
Ditiragalo tse di ntseng jalo tse di botlhoko di ne di tlhola di direga jalo mo kgaolong eno ya dinaga tsa kwa Borwa. Ngwaga o o latelang oo go ne ga bolawa badiredi ba ba lwelang kgololesego ya baagi ba le bararo kwa Mississippi. Ao e ne e le malatsi a a boifisang a tlhakatlhakano ya motlha oo wa tlhaolole e e neng ya re ama rotlhe.
Mmè e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme Rre o ne a nna mongwe wa bone ka 1966. Go ise go ye kae lelapa la rona lotlhe le ne le bolelela baagisani ba rona kaga tsholofelo e re nang le yone ya Baebele ya lefatshe le lesha la kagiso. (Pesalema 37:29; Diane 2:21 22; Tshenolo 21:3, 4) Matlhatso mangwe le mangwe ka nako ya selemo re ne re ya go rera kwa tshimong e e sa berekiweng e e kwa ntle ga Birmingham mo dingwageng tsa bofelo tsa bo1960. Batho ba koo ba ne ba ise ba utlwe sepe ka Basupi ba ga Jehofa kana molaetsa wa Bogosi o re o rerang. Tota ba ne ba sa itse le leina la Modimo, Jehofa. (Pesalema 83:18) Mo motlheng oo wa mathata, ruri ke ne ke itumelela go tlotla le batho kaga maikaelelo a ga Jehofa a go nyeletsa lefatshe leno le le maswe le legologolo le go tlisa lefatshe la paradaise.—Luke 23:43.
Go Itlhomela Mokgele mo Botshelong
Ka December 1969, ke ne ka supa fa ke ineetse mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing. Ke ne ka rapela Jehofa ke mo itsise fa ke eletsa thata go dira bodiredi jwa nako e tletseng tiro ya botshelo jotlhe jwa me. Dibeke di sekae morago ga foo, Rre o ne a abelwa go ya go thusa phuthego nngwe e potlana e e neng e le kwa Adamsville, dikilometara di sekae go tswa mo Birmingham. Go fetola tshimo jalo go ne ga nonotsha thata keletso ya me ya go nna mmulatsela, kana modiredi wa nako e tletseng. Nako le nako fa ke bona tshono, ke ne ke tlhola ke bula tsela ka nakwana fa ke le mo sekolong se segolo mme ke ne ke dira diura tse 75 kgwedi le kgwedi mo bodireding.
Ke ne ka dira tshwetso ya go ithuta tiro nngwe ya diatla go ipaakanyetsa bodiredi jwa nako e e tletseng fa ke fetsa go aloga. Lefa go ntse jalo mo ngwageng wa me wa bofelo wa sekolo ke ne ka lebana le kgwetlho. Ke ne ke le mongwe wa baithuti ba ba boneng maduo a a kwa godimo, ka jalo, letsatsi lengwe ke ne ka isiwa kwa kholetšheng e e gaufi go ya go kwala ditlhatlhobo tse di malebana le go tsweletsa dithuto. Morago ga foo ke ne ka bilediwa kwa ofiseng ya mogakolodi. O ne a itumetse tota. O ne a tlhaeletsa jaana: “O dirile sentle tota! O ka ya kholetšheng nngwe le nngwe fela e o e batlang!” O ne a batla gore teng fela foo ke dire makwalokopo a basari.
Ke ne ke sa itumela ka gonne ke ne ke sa batle go dira jalo. Teng fela foo ke ne ka mo tlhalosetsa maikaelelo a me a go nna modiredi wa nako e tletseng le go tswelela ke bereka tiro ya nakwana gore ke kgone go tswelela pele ka bodiredi. Ke ne ka bo ka mo itsise gore seo se ne se ka nkgontsha go nna morongwa kwa dinageng di sele, fela jaaka Basupi ba bangwe. Mme e ne e kete ga a nkutlwe. O ne a akantsha gore ke dire gore saense e nne yone serutwasegolo sa me le gore fa nka ya kholetšheng e e fa gaufi, o ne a tla nthusa go bona tiro kwa setheong sengwe sa saense.
O ne a re: “Gloria, o tla dira ditiro tsa bodumedi jwa gago ka mafelobeke. Batsadi ba gago ba tla nna ba ntse ba le motlotlo ka wena.” Ke ne ka kgopisiwa ke go bo a ka nna a bo a akanya gore ke ne ke patelediwa ke batsadi ba me go ipeela mokgele oo wa go nna modiredi wa nako e tletseng. O ne a ntira gore ke ikutlwe gore ke a patelediwa, jaaka e kete ke ne ke tlhanogela lotso lotlhe lwa bantsho ka go gana tshono eno. Lefa go ntse jalo, ke ne ka nna ke tlhomame. Morago ga go aloga ke ne ka dira tiro ya nakwana ke le mokwaledi e seng go ya kholetšheng.
Ke ne ke batla yo nka dirang tiro ya bobulatsela le ene mme ka se ka ka bona ope. E ne ya re fa molebedi yo o etang a etela phuthego ya rona ke ne ka mo itsise bothata jwa me. O ne a re: “Ga go tlhokege gore o batle motho yo o ka dirang le ene.” Morago ga moo o ne a nkwalela thulaganyo e e neng e ka nthusa go tswelela ka maikarabelo a me a go bereka tiro ya boitshediso le go nna le nako e e lekaneng ya go bula tsela. Thulaganyo eo e ne e ntshwanela tota. Ke ne ke itumetse thata mo ke neng ka ipeela letlha la February 1, 1975 gore ke tla simolola go bula tsela ka lone.
Lefa go ntse jalo, malatsi a sekae morago ga moo, ka December 20, 1974, ke ne ka hulwa ke lerumo la tlhobolo le ke sa itseng kwa le tswang teng ke tswa lebenkeleng.
Gaufi le go Swa
Fa ke ntse ke rapaletse jalo ke ne ka bona madi a me a a nnayang botshelo a pumpunyega. Ke gakologelwa gore ke ne ka tlelwa ke kakanyo ya gore ke tlile go swa. Ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse gore ke tshele lobakanyana gore ke thuse Mmè go lemoga gore kotsi eo e e setlhogo go le kalo e ne e ka diragalela le lelapa le le neng le tlhagafaletse go direla Jehofa. Ga ke akanye gore re ne re siametse go itshokela masetlapelo a a setlhogo go le kalo le mororo re ne re itse sentle temana ya Baebele e e reng, “motlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang di wela batho botlhe.”—Moreri 9:11, NW.
Lerumo la tlhobolo le ne le mphodile mo letlhakoreng la molema la thamo mme la nkgaola ditshikana tsa mokolela. Ke ne ke sa kgone go bua le go hema sentle. Ba ne ba sa solofela gore nka kgona go tshela go feta malatsi a le mabedi. Morago ga moo ba ne ba re nka se kgone go tshela “dibeke tse pedi.” Mme ke ne ka nna ka tshela. Ke ne ka newa sedirisiwa se se thusang go hema se se raraaneng go feta fa ke sena go tsenwa ke nyumonia. Fa nako e ntse e ya, maemo a me a ne a tlhomama, mme ba ne ba simolola go dira dithulaganyo tsa go fodisa bogole jwa me.
Maiteko a go Mphodisa Bogole
Mo dibekeng tsa ntlha di sekae ke ne ke sa hutsafala thata. Ke ne ke tlhakatlhakane maikutlo fela. Mongwe le mongwe kwa Spain Rehabilitation Center kwa Birmingham o ne a le molemo thata e bile a dira ka natla go nthusa. Badiredi ba bookelo ba ne ba nkitsise gore dingaka di akanya gore ke golafetse gotlhelele, ke tlile go robala jalo ka mokwatla botshelo jotlhe jwa me. Ke ne ka tlhaolwa fa ke le molwetse yo o golafetseng wa maemo a C2 mo ba neng ba akanya gore ke ne ke tlile go nna mo motšhineng o o thusang go hema botshelo jotlhe jwa me ke bua ka go sebaseba fela.
Dingaka di ne di ntsentse tšhupu mo mokgokgomeng e ke neng ke e dirisa go hema ka yone. Moragonyana moitse mongwe wa malwetse a makgwafo o ne a ntsenya tšhupunyana e nnye go bona gore a e ka se dire gore ke kgone go bua. Lefa go ntse jalo, bogolo jwa yone bo ne jwa se ka jwa dira pharologanyo epe. Ka jalo ba ne ba swetsa ka gore ditshikana tse di neng di gobetse e ne e le tsone di dirang gore ke se ka ka kgona go bua. Ka nako eo ke ne ka simolola go tshwenyega thata mo maikutlong, mme go ne go se na mafoko a ga ope a a neng a ka nkgomotsa. Mafoko otlhe a a molemo a mongwe le mongwe a neng a a bua a ne a ntlhaba jaaka sekgopi. Ka jalo, ke ne ke tlhola ke lela tota.
Ke ne ka lemoga gore fa go na le sengwe se se kgoreletsang bomoya jwa motho, go na le dilo tse pedi tse di ka thusang—go rapela Jehofa o sa kgaotse le go dira ka natla mo bodireding, o bolelela ba bangwe ka boammaaruri jwa Baebele. (Diane 3:5) Mme gone, go rapela e ne e se bothata. Ke ne ke kgona go go dira. Mme ke ne nka kgona jang go nna tlhaga mo bodireding ke le mo maemong a a ntseng jaana?
Ke ne ka kopa lelapa la gaetsho go ntlela ka dikhopi tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! le dibuka tsa go ithuta Baebele tse re neng re di dirisa mo bodireding ka nako eo, tse di jaaka Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng, Kagiso ya Boammaruri le Polokesego—Di Tswa Motsweding Ofe?, le A Botshelo Jo ke Jotlhe Jo bo Gone? Ba ne ba di baya mo mafelong a a farologaneng a kamore ya me. Badiredi ba bookelo ba ne ba tlhola ba nteba ka go ntlhomogela pelo ba bo ba mpotsa jaana: “A go na le se nka go direlang sone, mothonyana wa me?”
Ke ne ke tle ke kope motho yoo gore a mpalele ke supa ka matlho a me kwa bukeng nngwe le ka go tsamaisa dipounama. Ke ne ke bala nako eo motho yoo a neng a mpalela ka yone go nna nako e ke e dirisitseng mo bodireding. Ke ne ke tle ke leboge motho yo o mpaletseng ka go mo abela buka kana makasine. Ke ne ke bala seo e le dikgatiso tse ke di tsamaisitseng. Fa motho yoo a mpalela lekgetlo la bobedi ke ne ke mmala e le loeto lwa go boela. Go nna le seabe jalo mo bodireding go ne ga nkgothatsa thata mmogo le dikarata, dithunya le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba bantsi ba Bakeresete ba ba neng ba nketela.
Morago ga dikgwedi ba leka go mphodisa bogole ke ne ka kgona go tsholetsa tlhogo go sekae fela. Lefa go ntse jalo, ke ne ke ikaeletse go kgaratlhela go dira se se fetang foo. Ka jalo, ke ne ka kopa gore ke newe nako e e oketsegileng go dirisa kalafi ya go ikatisa mmele. Fa ke ne ke kopa gore ke tsenngwe mo setulong se se maotwana, ba ne ba mpolelela gore ga go kgonege, ba re ga ke kgone go emisa tlhogo sentle gore ke kgone go dula sentle. Ke ne ka kopa gore ba leke fela.
Fa dingaka di sena go dumela, moalafi yo o neng a nkatisa mmele o ne a nthusa go tsena mo setulong sa maotwana. Ba ne ba mpofa ka matsela a dintho go tloga mo sehubeng go fitlha mo lethekeng, go tloga mo seropeng go fitlha mo lengoleng le go tloga mo lengoleng go fitlha mo leotong. E ne e kete ke setopo. Ba ne ba dira jalo go tlhomamisa gore kgatelelo ya madi a me e nne e tlhomame le go dira gore ke se ka ka tshoga thata. Go ne ga thusa! Lefa go ntse jalo, ke ne ke letlelelwa go dula ura fela nako le nako. Mme gone, ke ne ke kgona go dula—morago ga go kgophalala malatsi a le 57!
Kgabagare ka ya Gae!
Kgabagare, morago ga dikgwedi tse tlhano, ba ne ba ntsha tšhupu ya mokgokgoma mme ba ntetla go ya gae. E ne e le ka May 1975. Morago ga moo, ke ne ke tlhola ke ya go tlhatlhobiwa gangwe le gape kwa setheong se se neng se nkalafa bogole. Fa setlha sa selemo se simolola ka 1975, ke fa ke simolola go nna gone mo bodireding jwa Bokeresete ke dirisa setulo sa maotwana. Ke ne ke sa kgone go dira go le gontsi, mme gone, bobotlana ke ne ke kgona go pata ditsala.
Nako nngwe ka 1976, ke ne ka kopiwa gore ke ye go sekasekiwa ke VRS (Vocational Rehabilitation Services [Ditirelo Tsa Katiso ya Digole]), e leng setheo se se neng se ntuelela madi a go alafa bogole jwa me. Ke ne ke akanya gore ke tokafala thata. Ke ne ke ithuta go taka ke dirisa boratšhe jo ke neng ke bo tshwara ka meno. Gape ke ne ke kgona go dirisa thobanyane jalo go tlanya ka yone ke kwala makwalo e bile mangwe ke a kwala ka pensele. E re ka VRS e ne e ntuelela bontsi jwa madi a kalafi ya me, ba ne ba senka tsela ya go mpatlela tiro gore ke tle ke nne motho yo o mosola mo setšhabeng.
Mogakolodi wa teng o ne a lebega a le molemo kwa tshimologong, lefa go ntse jalo o ne a simolola go nkopa gore ke buele kwa godimonyana. Ka nako eo ke ne ke sa kgone go buela kwa godimo. Morago ga foo o ne a re: “A ga o kgone go dula o tlhamaletse?”
Ke ne ke sa kgone.
O ne a re: “A ko o leke go tsamaisa monwana o le mongwe fela.”
E ne ya re fa ke palelwa ke go dira le sone seo, o ne a latlhela pensele ya gagwe fa godimo ga deseke a bo a bua jaana a shakgetse: “Ga o na mosola tota!”
Ke ne ka laelwa go ya gae go fitlha a founa. Ke ne ke tlhaloganya lebaka la go bo a ne a shakgetse. Go ne go ise go ko go nne le molwetse ope kwa Spain Rehabilitation Center yo o neng a golafetse ka tsela e e masisi jaaka nna. Madi a didirisiwa tsa teng a kwa godimo thata, mme motho yo o neng a lebane le go dira ditshwetso o ne a sa itse gore a ka dira eng ka molwetse yo o golafetseng thata jaaka nna. Lefa go ntse jalo, ke ne ka utlwisiwa botlhoko ke go utlwa a re ga ke na mosola ka gonne ke ne ke setse ke ikutlwa gore ke ntse jalo.
Malatsi a sekae morago ga foo, ke ne ka amogela founo mme ka itsisewe gore ga ke tlhole ke le mo thulaganyong ya bone. Ke ne ka ikutlwa ke latlhilwe. Mme seno se ne sa dira gore ke tshwenyege gape mo maikutlong.
Go Fenya go Tshwenyega mo Maikutlong
Morago ga moo ke ne ka akanya ka lokwalo lwa Pesalema 55:22, lo lo reng: “Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa, mme o tlaa go kokotletsa.” Sengwe sa dilo tse di neng di ntshwenya thata e ne ya nna kafa seno se neng se tlile go imetsa batsadi ka tsa madi ka teng mme ke ne ka rapela ka gone.
Tsela e ke neng ke tshwenyegile thata ka yone mo maikutlong e ne ya nkama mo mmeleng, ka jalo ke ne ka se ka ka kgona go dula ka marago mo kopanong ya kgaolo ya ngwaga oo. Ke ne ka reetsa thulaganyo ke rapame. Bobulatsela jo bo thusang bo ne jwa simolola go nna gone kwa go yone kopano eo ya 1976 mme ke ne ka bo kgatlhegela. Go nna mmulatsela yo o thusang go tlhoka gore motho a dire diura di le 60 fela ka kgwedi mo bodireding, mo e leng palogare ya diura tse 2 ka letsatsi. Ke ne ke utlwa gore nka bo kgona. Moragonyana, ke ne ka kopa nnake yo o bidiwang Elizabeth go nthusa go nna mmulatsela yo o thusang. O ne a akanya gore ke a tshameka, mme e ne ya re fa ke isa lokwalokopo lwa bobulatsela ka August, le ene o ne a isa lwa gagwe.
Elizabeth o ne a tsoga go sa le gale mo mosong go thusa ka dilo tse ke di tlhokang. Morago ga moo re tla bo re simolola go neela bosupi ka founo. Seno se ne se akaretsa go founela batho re tlotla le bone ka masego a Modimo a ikaeletseng go a tlisetsa batho mo pusong ya Bogosi jwa gagwe. Gape re ne re kwala makwalo, segolobogolo re ne re kwalela batho ba ba neng ba tlhoka go gomodiwa. Ka mafelobeke, ba lelapa le ditsala ba ne ba tsamaya le nna ke le mo setulong sa maotwana go ya go dira bodiredi jwa ntlo le ntlo. Ke boammaaruri gore ka ke sa kgone go tsamaya, ke kgona fela go bua molaetsa wa Bogosi, go nopola dikwalo kana go kopa ba bangwe go mpalela go tswa mo Baebeleng.
Mo letsatsing la bofelo la kgwedi, ke ne ke santse ke tlhoka diura tse 6 gore ke fitlhelele diura tse di batlegang tse 60. Elizabeth o ne a seyo go nthusa, ka jalo, ke ne ka kopa mmè go baakanya maikaego a setulo sa maotwana gore ke kgone go dula. Morago ga moo ke ne ka fetsa diura tse thataro ke tlanya makwalo ke dirisa thobanyane e ke neng ke e hupile mo molomong. Go ne ga se ka ga baka matswela ape a a sa itumediseng! Se ke se itseng fela ke gore ke ne ke lapile tota!
Thapelo Ya me E a Arabiwa
Beke e e latelang eo ke ne ka ya kwa Spain Rehabilitation Center ke dutse ke tlhamaletse mo setulong sa me sa maotwana go ya go tlhatlhobiwa. Ngaka ya me e e neng e sale e kgaogane le nna mo tshimologong ya ngwaga fa ke sena go lelekwa mo thulaganyong ya teng, e ne ya nkgakgamalela tota. O ne a sa dumele tsela e ke neng ke tokafetse ka yone. O ne a re: “O ntse o dira eng?” O ne a nnaya tiro tota le pele ga ke mo tlhalosetsa gotlhe ka bodiredi jwa me.
Mothusi wa gagwe o ne a mpotsolotsa mme a kgatlhiwa thata ke se ke neng ke se dira mo bodireding. O ne a nkopa go nna le seabe mo go se se bidiwang gore ke thulaganyo ya molwetse yo o tlhomang sekao. Seno se ne se tlhoka gore ke bapisiwe le molwetse yo mongwe yo ke neng ke tshwanetse go mo thusa. O ne a bua jaana a umaka bodiredi jwa rona: “Tiro eno ke e lo tlwaetseng go e dira a ga go jalo?” Ke ne ka abelwa go thusa molwetse yo o neng a golafetse thata fela jaaka nna.
Ka tsela nngwe ba VRS ba ne ba utlwalela dikgang tsa kafa ke neng ke atlega ka teng mo bodireding ka thuso ya ba lelapa la me. Ba ne ba kgatlhega thata mo go neng ga akantshiwa gore ke tsenngwe gape mo thulaganyong ya bone. Seno se ne se kaya gore ba ne ba tla thusa batsadi ba me go duelela madi a didirisiwa tse di kgethegileng tse ke neng ke di dirisa go ntlhokomela gore ke kgone go dira ditiro tsa me. Ke ne ke utlwa gore Modimo o arabile dithapelo tsa me.
Maemo A me A ne A Tokafala
Ke ne ka tokafala thata mo ke neng ke kgona go tsholetsa tlhogo, ke e retolosa e bile ke kgona go nna. Se se itumedisang ke gore, ke ne ka simolola go kgona go bua ka botlalo go sekae. Ke ne ke kgona go kwala, go tlanya, go tobetsa sebuelagodimo sa founo le go taka ke dirisa thobanyane e ke neng ke e tshwara ka molomo. Dingwe tsa dilo tse ke di takileng di ne tsa tsenngwa mo ditshupong tsa dilo tse di takilweng ka molomo. Ke kgona go ya kwa le kwa ke dirisa setulo sa maotwana se se itsamaisang se ke se kgweetsang ka seledu. Setulo sa me se na le jeke ya motlakase e e kgonang go se tsholetsa gore se tsene mo beneng ya rona mme seno se dira gore ke kgone go isiwa gongwe le gongwe fela kwa ke ratang go ya gone.
Ke ile ka tshwenngwa thata ke mafatlha—nyumonia ke yone e e ntshwenyang gangwe le gape. Ka dinako tse dingwe ke tlhoka go dirisa okosejene bosigo. Ka 1984, ke ne ka batla ke swa ka ntlha ya mathata a go tshwaetsega. Ke ile ka ya bookelong gangwe le gape. Lefa go ntse jalo, boitekanelo jwa me bo ile jwa tokafala fela thata fa e sale ka nako eo. Ke ile ka kgona go bula tsela gangwe kana gabedi ka ngwaga fa e sale ka 1976. Lefa go ntse jalo seo se ne se sa nkgotsofatse. Ke ne ka nna ka akanya ka dithulaganyo tse ke neng ke di dirile fa ke sale mosha tse di neng tsa kgorelediwa ke lerumo la tlhobolo.
Ke Kgonne go Fitlhelela Mokgele wa Me
Kgabagare ka September 1, 1990, ke ne ka kgona go diragatsa keletso e ke neng ka nna le yone ke sale mosha fa ke ne ka nna mongwe wa babulatsela ba nako e e tletseng. Mo dikgweding tse di tsididi tsa mariga ke neela bosupi ka go kwala makwalo le go dirisa sebuelagodimo sa founo. Mme fa go nna mogote, ke nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Mo ngwageng otlhe ke tshwara dithuto tsa Baebele mo gae ka go dirisa sebuelagodimo sa founo.
Ruri ke tlhoafaletse nako e e itumedisang mo lefatsheng la Paradaise fa Keresete Jesu le Jehofa Modimo ba tla bo ba nkgolola mo setulong seno sa maotwana. Ke leboga Jehofa letsatsi le letsatsi ka gonne a solofetsa gore batho ba tla itekanela sentle le gore ba tla kgona go ‘tlola jaaka kwalata.’ (Isaia 35:6) Ke ile go taboga ka tsela e nka kgonang ka yone go duelela nako e ke ntseng ke sa kgone go dira jalo ka yone morago ga foo ke tlile go ithuta go palama pitse.
Fa ke ntse ke letile nako eo, tota le gone jaanong ke itumela fela thata go bo ke le mongwe wa batho ba ga Jehofa ba ba itumetseng le go nna le seabe ka botlalo mo bodireding.—Jaaka go boletse Gloria Williams.
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Bodiredi jwa me jwa Bokeresete—ke tsamaya ka ntlo le ntlo, ke neela bosupi ka founo, ke kwala makwalo
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Dilo tse ke di takileng di tsentswe mo ditshupong tsa dilo tse di takilweng ka molomo