Polanete ya Rona e e Senyegang—Go Tla Diregang mo Isagweng?
DINGWAGA di le makgolo a mabedi tse di fetileng, Patrick Henry yo e neng e le mopalamente wa Amerika o ne a re: “Ga ke itse tsela e nngwe ya go bonela isagwe pele fa e se ka go leba ditiragalo tsa nako e e fetileng.” Mo nakong e e fetileng motho o ile a senya tikologo. A mo isagweng o tla dira sengwe se se botoka? Go fitlha jaanong, ga go bontshe jalo.
Le mororo go ilwe ga dirwa kgatelopele e e rileng, totatota ga e a lekana, go ilwe ga baakanngwa matshwao fela go na le go baakanya dilo tse di bakang mathata. Fa ntlo e jewa ke motlhwa, go penta dilo tsa yone tsa legong ga go kitla go dira gore e se ka ya phutlhama. Selo se se ka thusang fela ke go e tlhabolola yotlhe. Ka tsela e e tshwanang, motho o tshwanetse a tlhabolola tsela e a dirisang polanete eno ka yone. Go e baakanya fale le fale fa e senyegileng teng ga go kitla go thusa.
Fa moitse mongwe a ne a sekaseka tsela e motho a ileng a fetsa dingwaga di le 20 a leka go baakanya fa tikologo e senyegileng teng kwa United States o ne a swetsa ka go re “go ka se ka ga laolwa tsela e tikologo e senngwang ka yone ka katlego, go na le moo, tshenyo e tshwanetse go thibelwa.” Go phepafetse gore, go botoka go thibela kgotlelo go na le go baakanya tshenyo ya yone. Lefa go ntse jalo, gore motho a atlege mo go seno, ruri go tlhokega gore go dirwe diphetogo tse dikgolo mo tseleng e setšhaba le dikgwebo tse dikgolo di dirang dilo ka yone. Buka ya Caring for the Earth e bolela gore go tlhokomela lefatshe go tlhoka “mekgwa, ditsela tsa ikonomi le setšhaba se se farologaneng le se se leng teng gone jaanong.” Mekgwa mengwe e e tlhokang go fetolwa gore go namolwe lefatshe ke efe?
Dilo Tse di Tseneletseng Tse di Bakang Bothata
Bogagapa. Kgato ya ntlha e e botlhokwa e e tla sireletsang tikologo ke ya gore batho ba ba senyang ba akanyetse polanete pele ba ikakanyetsa bone ka bobone. Lefa go ntse jalo, ke ba sekae fela ba ba iketleeditseng go tlogela manobonobo a ba tshelelang mo go one le mororo go ka tswa go senya polanete eno ya kokomana e e latelang. E ne ya re fa puso ya Netherlands—nngwe ya dinaga tsa Yuropa Bophirima tse di leswafaditsweng go gaisa—e ne e leka go fokotsa mesepele ya dikoloi mo letsholong la go lwantsha kgotlelo, batho ba le bantsi ba ne ba nna kgatlhanong le lone. Le mororo ditsela tsa Badatšhe di nna di tletse go gaisa tsotlhe mo lefatsheng, boradikoloi ba ne ba sa iketleeletsa go itima kgololesego eo ya go kgweetsa dikoloi tsa bone.
Go ikakanyetsa go kgoreletsa badiraditshwetso le batho ka kakaretso. Boradipolotiki ba tshaba go tlhoma melao e e ka dirang gore ba latlhegelwe ke batho ba ba ka ba boutelang mme boradiintaseteri ba nna kgatlhanong le dikakantsho dipe fela tse di ka dirang gore ba se ka ba bona morokotso le tse di ka dirang gore ikonomi e se ka ya gola.
Bopelotshetlha. Fa ba tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a ba tla ya le go dira morokotso kana go somarela, gantsi madi ke one a fenyang. Diintaseteri tse dikgolo di bipa badiredibagolo melomo gore ba repise melao e e laolang kgotlelo kana ba itlhokomolosa melao eo ya puso gotlhelele. Sekai sa bothata jono re se bona mo tseleng e boalo jwa ozone bo sentsweng ka yone. Moragorago kwa, ka March 1988 modulasetulo wa khampani nngwe e kgolo ya dikhemikale ya United States o ne a re: “Gone jaanong bosupi jwa saense ga bo bontshe fa go tlhokega gore re fokotse go tlhola re dira dilo tse di nang le CFC.”
Lefa go ntse jalo, yone khampani eo e ne ya akantsha gore go se ka ga tlhola go dirwa dilo tse di nang le chlorofluorocarbon (CFC). A e fetotse maikutlo? Mostafa Tolba, yo e leng mokwaledikakaretso wa United Nations Environment Programme (UNEP) o ne a tlhalosa gore “e ne e se ka ntlha ya gore ba akantse ka kgang ya gore a seo se senya tikologo kana nnyaa. E ne e le [ka ntlha ya gore] ke mang yo o neng a tla solegelwa molemo mo go tsa [ikonomi].” Gone jaanong borasaense ba le bantsi ba a lemoga gore go senngwa ga boalo jwa ozone ke masetlapelo a magolo go gaisa otlhe mo hisitoring a motho a a dirileng mo tikologong.
Botlhokakitso. Se re se itseng se fetwa kgakala ke se re sa se itseng. Peter H. Raven, mookamedi wa Missouri Botanical Garden o ne a tlhalosa jaana: “Re santse re itse go sekae fela kaga ditshedi tse dintsintsi tse di nnang mo dikgweng tsa pula tsa boboatsatsi. Selo se se gakgamatsang ke gore, re itse go le gontsi—go le gontsi thata—kaga dilo tsa kwa ngweding.” Go ntse fela jalo le ka atemosefere. Re tla nna re kuisetsa khabonodaeokosaete e le kana kang mo loaping e e se kitlang e ama tlelaemete ya lefatshe? Ga go ope yo o itseng. Mme jaaka fa makasine wa Time o boletse, “ke boeleele go leka tlholego ka dilo tse di ntseng jalo tse di masisi ntswa re sa itse gore go ka felela go bakile eng mme e bile ditlamorago tse go ka di bakang di masisi thata.”
Go ya kafa UNEP e fopholetsang dilo ka teng, go ka nna ga direga gore tsela e ozone e senyegang ka yone e dire gore batho ba bangwe ba basha ba le dikete di le makgolokgolo ba tshwarwe ke kankere ya letlalo ngwaga le ngwaga fa lesome leno la dingwaga le ya kwa bofelong. Ga go itsiwe gore seo se ama jang dijalo le madirelo a ditlhapi, mme go solofetswe gore e tshwanetse ya bo e le ka selekanyo se segolo thata.
Go se akanyetse dilo kwa pele. Mathata a tikologo a gola ka bonako re sa a lemoga ka tsela e e sa tshwaneng le ya masetlapelo a mangwe. A kgoreletsa maiteko ape fela a a ka dirwang pele dilo di senyegela ruri. Buka ya Saving the Planet e bapisa seemo sa rona sa gone jaanong le sa bapagami ba ba neng ba le mo Titanic e e neng e senyegile ka 1912: “Ke ba sekae fela ba ba lemogang bogolo jwa masetlapelo a a ka nnang a direga.” Bakwadi ba yone ba dumela gore polanete eno e ka namolwa fela fa e le gore boradipolotiki le borakgwebo ba itebaganya le bothata ka bobone le go akanyetsa ditsela tsa go rarabololela bothata ruri go na le go akanyetsa melemo ya nakwana fela.
Go se akanyetse ba bangwe. Kwa kokoanong ya Earth Summit ka 1992, Tonakgolo Felipe González wa Spain o ne a bolela gore “bothata jono bo aparetse lefatshe lotlhe, mme tharabololo ya jone e tshwanetse ya nna e e akaretsang lefatshe lotlhe.” Seo se boammaaruri, mme legale, go bona tharabololo e e amogelwang ke lefatshe lotlhe ke namane e tona ya tiro. Moemedi wa United States kwa Earth Summit o ne a bua puophaa a re: “Baamerika ga ba kitla ba bo ba tlogela tsela ya bone ya go tshela.” Kafa letlhakoreng le lengwe, Maneka Gandhi wa moithutatikologo wa Moindia o ne a ngongoregela gore “ngwana a le mongwe wa Bophirima o ja dijo tse di jewang ke batho ba le 125 kwa Botlhaba.” O ile a bolela gore “tshenyo yotlhe e e diregileng mo tikologong ya kwa Botlhaba e bakilwe ke tsela e dilo di dirisiwang ka yone kwa Bophirima.” Maiteko a ditšhaba tse di farologaneng di ileng tsa a dira gangwe le gape go tokafatsa tikologo a ile a se ka a atlega ka ntlha ya dinaga tse di ikakanyetsang di le nosi.
Lefa go na le mathata a magolo go le kalo, go na le mabaka a a ka re dirang gore re solofele sengwe se se botoka mo isagweng. Lengwe la one ke tsela e polanete ya rona e kgonang go ikalafa ka yone.
Go Ikalafa ga Lefatshe
Fela jaaka mmele wa motho, lefatshe le kgona go ikalafa ka tsela e e gakgamatsang thata. Sekai se se sa lebalegeng ke se se diregileng mo lekgolong le le fetileng la dingwaga. Ka 1883, kwa setlhaketlhakeng sa lekgwamolelo sa Krakatau (Krakatoa) kwa Indonesia, go ne ga nna le thunyo e e boitshegang e e neng ya utlwala dikilometara di ka nna 5000 go tswa teng. Go ne ga phatlogela dikubita tsa dikilometara di le 21 mo loaping mme peditharong ya setlhaketlhake sotlhe e ne ya nyelelela mo lewatleng. Dikgwedi di le robonngwe morago ga moo, selo se le nosi fela se se neng se tshela koo e ne e le segokgo se sennye. Gompieno jaana setlhaketlhake seo sotlhe se apesitswe ke dimela tsa boboatsatsi tse mo go tsone go nnang mefuta e le makgolokgolo ya dinonyane, diamusi, dinoga le ditshenekegi. Ga go na pelaelo gore tsela eno e setlhaketlhake seno se kgonneng go intšhafatsa ka yone gape e ile ya okediwa ke tsela e se sireletsegileng ka yone ka e le karolo ya Ujung Kulon National Park.
Dilo tse motho a di sentseng le tsone di ka baakanngwa. Fa lefatshe le ka newa nako e e lekaneng le ka ikalafa. Potso ke gore, A motho o tla naya lefatshe nako e le e tlhokang? Ga go lebege jalo. Lefa go ntse jalo, go na le Mongwe yo o ikaeletseng go letla gore polanete ya rona e ikalafe—Ene yo o e bopileng.
“A Lefatshe le Ipele”
Modimo ga a ise a ko a rate gore motho a senye lefatshe. O ne a laela Atame gore a ‘baakanye le go lebelela’ tshimo ya Etene. (Genesise 2:15) Gape Jehofa o ile a supa fa a rata go sireletsa tikologo ka melao e mentsi e a neng a e neela Baiseraele. Ka sekai, ba ne ba laelwa gore ba tlogele lefatshe le ntse fela le sa lengwa gangwe mo ngwageng mongwe le mongwe wa bosupa—ngwaga wa Sabata. (Ekesodo 23:10, 11) Gangwe le gape fa Baiseraele ba ne ba itlhokomolosa molao ono le e mengwe ya bomodimo, kgabagare Jehofa o ne a letla Bababilone go tlogela naga eno e sena moagi mo e neng ya nna dingwaga di le 70 e kgakgabetse fela “ga tsamaya lefatshe la ja monate wa boSabata ba lone.” (2 Ditirafalo 36:21) Ka ntlha ya tiragalo eno e e leng sekao mo go rona, ga go gakgamatse go bo Baebele e bolela gore Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe” gore lefatshe le tle le kgone go ikalafa kafa motho a sentseng tikologo ya lone ka teng.—Tshenolo 11:18.
Lefa go ntse jalo, tiragalo eo e tla bo e le kgato ya ntlha fela. Gore polanete eno e namolwe, go ntse fela jaaka Barry Commoner wa moithutatshelo a ile a tlhalosa sentle a re, “go ikaegile thata ka gore re tlogele go lwa le tlholego le go lwantshana ka borona.” Gore batho mo lefatsheng ba atlege mo go seno, ba tshwanetse go “rutwa ke Jehofa” gore ba tlhokomelane le go tlhokomela legae la bone la lefatshe. Ka ntlha ya seo, kagiso ya bone e tla nna “kgolo.”—Isaia 54:13.
Modimo o re tlhomamisetsa gore o tla tlhabolola tikologo ya lefatshe. Dikaka di tla “nyakalala jaaka sešeše” go na le gore di oketsege. (Isaia 35:1) Go tla bo go na le “letlotlo la mabele mo lefatsheng,” dijo di sa tlhole di tlhaela. (Pesalema 72:16) Dinoka tsa lefatshe di tla bo di ‘opaopa diatla tsa tsone,’ di sa tlhole di omelela ka ntlha ya go leswafadiwa.—Pesalema 98:8.
Phetogo eo e tla direga leng? Fa ‘Jehofa e le ene kgosi.’ (Pesalema 96:10) Puso ya Modimo e tla dira gore sengwe le sengwe se se tshelang mo lefatsheng se itumele. Mopesalema a re: “A lefatshe le ipele, a lewatle le sume, le bojotlhe jwa lone. A naga e kgane ka boitumelo, le tsotlhe tse di mo go yone; ke gone ditlhare tsotlhe tsa sekgwa di tlaa opelang ka boitumelo.”—Pesalema 96:11, 12.
Lefatshe leno le Mmopi wa lone a tla le segofatsang le go le busa ka tshiamo le na le isagwe e ntle thata. Baebele e tlhalosa matswela a seo jaana: “Tshiamo e atlanye le kagiso. Boammaaruri bo tswetswena mo lefatsheng; tshiamo le yone e okame e le kwa legodimong. Ee, Jehofa o tlaa aba se se molemo; le lefatshe la rona le tlaa ntsha totafalo ya lone.” (Pesalema 85:10-12) Fa nako eo e sena go fitlha polanete ya rona e tla bo e sa tlhole e le mo kotsing go ya go ile.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Fela jaaka mmele wa motho, lefatshe le kgona go ikalafa ka tsela e e gakgamatsang thata