LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 2/8 ts. 7-26
  • Lo Tletse Ka Masaitsiweng, Mme lo Lontle Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lo Tletse Ka Masaitsiweng, Mme lo Lontle Thata
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tswa mo Phaposing ya Botsetse go ya Kwa Mabitleng a Dinaledi
  • Lobopo lo Tletse ka Dilo Tse di Gakgamatsang
    Tsogang!—2009
  • “Kgalalelo” ya Dinaledi
    Tsogang!—2012
  • Go Dira Mmapa wa Magodimo—Mo Nakong e e Fetileng le Jaanong
    Tsogang!—2000
  • Maatla a go Bopa—“Modiri wa Legodimo le Lefatshe”
    Atamalana le Jehofa
Tsogang!—1996
g96 2/8 ts. 7-26

Lobopo lo lo Gakgamatsang

Lo Tletse Ka Masaitsiweng, Mme lo Lontle Thata

MO NAKONG eno ya ngwaga, loapi fa go le bosigo lo bakasela ka manyedinyedi a a phatsimang thata. Kwa godimodimo kwa loaping naledi e kgolo ya Orion e ralala loapi mo maitseboeng a January e bonala sentle go tloga kwa Anchorage kwa Alaska go fitlha kwa Cape Town mono Afrika Borwa. A bosheng jaana o kile wa keleka magasigasi a loapi sentle a a fitlhelwang mo dikarolong tse di itsegeng thata tsa dinaledi tse di jaaka Orion? Gautshwane fela jaana baithutadinaledi ba ile ba dira jalo ba dirisa Hubble Space Telescope e e neng e sa tswa go baakanngwa.

Go tswa mo dinaleding tse tharo tsa karolo e e keteng lebante ya Orion go akgega karolo e e keteng ke tšhaka. Naledi e e letobo e e fa gare ga tšhaka eno totatota ga se naledi mme ke Orion Nebula e e itsegeng thata, e bong karolo e ntle thata e o ka kgonang go e bona sentle tota le ka thelesekoupo e nnye. Lefa go ntse jalo, go phatsima ga yone go go sa tlwaelegang ga se gone go go dirang gore baithutadinaledi ba porofeshenale ba e kgatlhegele.

“Baithutadinaledi ba sekaseka Orion Nebula le dinaledi tse dingwe tse dintsi tsa yone tse dipotlana ka gonne ke karolo e kgolo le e e tlhanaselang go gaisa tsotlhe e dinaledi tse disha di tsalelwang mo go yone mo karolong eno ya Losagaripa lwa rona,” Jean-Pierre Caillault o bega jalo mo makasineng wa Astronomy. Nebula eno e ntse jaaka lefelo le dinaledi tse disha di tsalelwang mo go lone! E ne ya re fa thelesekoupo ya Hubble e tsaya Orion Nebula senepe e tlhagisa dilo tse di neng di ise di ko di bonwe pele, baithutadinaledi ba ne ba se ka ba bona dinaledi le digase tse di tukang fela, mme gape ba ne ba bona se Caillault a se tlhalosang e le “dikgolokwe tse dinnye tse di letobo. Dikgolokwe tsa lesedi la mmala wa namone tse e keteng ke diboutu. Di tshwana le thatha ya dijo e wetse mo godimo ga senepe ka phoso.” Lefa go ntse jalo, borasaense ba dumela gore go na le gore e bo e le phoso e e neng ya direga fa go ne go dirwa senepe, dikgolokwe tseno tse di letobo ke “didisiki tsa lesedi la dipolanete, tse e leng masedi a dinaledi a a santseng a simologa a o a lebileng go tswa mo sekgaleng sa dingwagasedi di le 1500.” A dinaledi—ee, thulaganyo yotlhe ya masedi—di tsalwa ka yone nako eo mo Orion Nebula? Baithutadinaledi ba le bantsi ba dumela jalo.

Go Tswa mo Phaposing ya Botsetse go ya Kwa Mabitleng a Dinaledi

Fa Orion e ntse e tsamaela kwa pele, e tshotse bora mo seatleng, e lebega e kete e gwantela karolo ya naledi ya Taurus e e tshwanang le poo. Thelesekoupo e nnye e tla senola sebatanyana se se letobo sa lesedi gaufi le ntlhana e e kwa borwa ya lonaka lwa poo eno. Le bidiwa Crab Nebula, mme mo thelesekoupong e kgolo e tlhaga e le selo se se santseng se phatloga jaaka go bontshitswe mo go tsebe 25. Fa e le gore Orion Nebula ke lefelo le dinaledi tse disha di tsalelwang mo go lone, he Crab Nebula e e bapileng le yone e ka nna ya bo e le lefelo le dinaledi tse di sa tswang go phatloga ka modumo o o boitshegang di nyelelelang mo go lone.

Tiragalo eo e e boitshegang ya kwa loaping e ka nna ya bo e ile ya rekotiwa ke baithutadinaledi ba China ba ba neng ba tlhalosa ka “Naledi ya Moeng” kwa Taurus e e neng ya bonala ka tshoganetso ka July 4, 1054 mme ya phatsima thata mo e neng ya bonala malatsi a le 23 go le motshegare. Robert Burnham wa moithutadinaledi o ne a akgela jaana: “Naledi eno e ne ya fetsa dibeke di sekae e phatsima ka lesedi le le boitshegang le le ka lekanang le la letsatsi le le ga dimilione di le 400.” Baithutadinaledi ba bitsa tiragalo eo e dinaledi di nyelelang mo go yone ba re ke supernova. Tota le gone jaanong, mo e ka nnang dingwaga di le sekete morago ga ba sena go ribolola seno, manathwana ao a a neng a phatloga a santse a ebela mo lefaufaung ka lobelo lo lo fopholediwang go dikilometara di le dimilione di le 80 ka letsatsi.

Hubble Space Telescope e ile ya dirisiwa le mo karolong eno, go sekasekwa dilo tse di kwa garegare ga nebula mme, go ya kafa makasine wa Astronomy o bolelang ka teng, go ne ga lemogiwa “dilo tse di tseneletseng thata mo Crab tse baithutadinaledi ba neng ba sa di solofela.” Paul Scowen wa moithutadinaledi o bolela gore dilo tseno tse di neng tsa lemogiwa “di tshwanetse go dira gore baithutadinaledi ba fetse lobaka lo loleele ba ingwaya ditlhogo.”

Baithutadinaledi ba ba jaaka Robert Kirshner wa Harvard, ba dumela gore go botlhokwa thata go tlhaloganya manathwana a supernova e e jaaka Crab Nebula ka gonne a ka dirisiwa go lekanya sekgala se se fa gare ga masagaripa a mangwe, e leng selo se gone jaanong go semeletsweng thata go dirwa dipatlisiso ka sone. Jaaka fa re bone, tsela e go ganetsanwang ka yone malebana le sekgala se se fa gare ga masagaripa mangwe bosheng jaana e dirile gore go ngangisanwe thata kaga thuto ya big bang malebana le tsela e lobopo lo nnileng gone ka yone.

Fa go le January mo loaping lwa kwa bophirima, o tla bona lesedinyana mo karolong ya naledi ya Andromeda e e leng ka kwa ga Taurus mme o santse o ka kgona go e bona o le mo Hemisefereng ya Bokone. Lesedinyana leo ke losagaripa lwa Andromeda, e leng karolo e e kgakala go gaisa tsotlhe tse motho a ka di bonang ka matlho. Bontlentle jwa Orion le jwa Taurus bo gaufi thata le rona—bo sekgala sa dingwagasedi di le dikete di sekae fela go tswa mo Lefatsheng. Lefa go ntse jalo, jaanong re leba karolo ya dinaledi e e kgolokwe e e tshwanang le losagaripa lwa rona mme e le kgolo go sekae mo go lone e e bidiwang Milky Way e go fopholediwang gore e bokgakala jwa dingwagasedi di le dimilione di le pedi—e bogolo jwa dingwasedi di ka nna 180 000 go tswa kwa ntlhaneng e nngwe go ya go e nngwe. Fa o leba lesedinyana leo la Andromeda, matlho a gago a tla bona lesedi le legolo le le ka nnang la bo le na le dingwaga di le dimilione di feta tse pedi!

Mo dingwageng tsa bosheng jaana Margaret Geller le ba bangwe ba ile ba tswa letsholo le legolo la go dira dimmapa tsa masagaripa a a re dikologileng tse di nang le matlhakore a mararo, mme seo se ile sa dira gore go tsoge dipotso tse di masisi malebana le thuto ya big bang. Mo boemong jwa go bona masagaripa a tsharologela kwa dintlheng tsotlhe kwantle ga go kgorelediwa ke sepe, badiradimmapa tsa lobopo ba ne ba lemoga gore go na le “mafuto a masagaripa” a a bogolo jwa dingwagasedi di le dimilionemilione. Go ya ka pego ya bosheng jaana ya lokwalopaka lwa Science, “baithutalobopo ba santse ba tshwentswe thata ke kgang ya gore go tlile jang gore go nne le mafuto ao mo dikarolong tseno tse di tshwanang tsa lobopo lo lo sa tswang go bopega.”

Re simolotse maitseboa ano ka go leba loapi bosigo fa go le January mme ka bonako re ne ra lemoga bontle jo bo garolang pelo le dipotso le masaitsiweng tse di amanang le gore lobopo lo nnile teng jang. Lo simologile jang? Go tlile jang gore lo nne ka tsela e lo raraaneng ka yone gone jaanong? Go tlile go direga eng ka bontlentle jwa dilo tsa legodimo tse di re dikologileng? A go na le yo o ka re bolelelang? Mma re bone.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Ba Itse Jang Gore E Bokgakala Bokae?

Fa baithutadinaledi ba re bolelela gore losagaripa lwa Andromeda lo bokgakala jwa dingwagasedi di le dimilione tse pedi tota ba a bo ba fopholetsa fela. Ga go na ope yo o kgonneng go tlhama sedirisiwa se ka tlhamalalo se ka lekanyang sekgala seo se se boitshegang ka tlhamalalo. Sekgala sa dinaledi tse di fa gaufi, tse di bokgakala jwa dingwagasedi di le 200 kana go feta, di ka lekanngwa ka tlhamalalo ka stellar parallax, e e tlhokang gore go dirisiwe trigonometry. Lefa go ntse jalo, seno se dirisiwa fela mo dinaleding tse di gaufi thata le lefatshe tse go lebegang di tsamaya go sekae fela fa lefatshe le ntse le dikologa letsatsi. Bontsi jwa dinaledi le masagaripa otlhe, di kgakala thata. Mme ke teng moo ba simololang go fopholetsa dilo teng. Tota le dinaledi tse di gaufi thata le rona, tse di jaaka Betelgeuse e e boitshegang e khibidu e e itsegeng thata e e mo Orion, go fopholediwa sekgala sa tsone, go fopholediwa sekgala sa tsone go tloga go dingwagasedi di le 300 go ya go tse di fetang 1000. Ka gone, ga re a tshwanela go gakgamala fa re bona baithutadinaledi ba ganetsana malebana le dikgala tsa masagaripa tse di fetanang ka dimilionemilione.

[Lebokoso mo go tsebe 8]

Di-supernova, Di-pulsar Le Di-black Hole

Fa garegare ga Crab Nebula go na le selonyana se se sa tlwaelegang go gaisa dilo tsotlhe tse di itsegeng mo lobopong. Go ya ka borasaense, setoponyana sa naledi e e suleng, se se gateletsweng thata, se dikologa mo teng ga lebitla la sone ga 30 ka motsotswana, mo go bakang marang a radio waves a a neng a bonwa la ntlha mo lefatsheng ka 1968. Se bidiwa pulsar, e e tlhalosiwang e le masalela a supernova e e dikologang e gateletswe thata mo e bileng diileketerone le diporotone tsa diatomo tsa naledi ya teng ya ntlha di ileng tsa patagana go dira dinyuterone. Borasaense ba re e kile ya bo e le bogare jo bogolo thata jwa naledi e e boitshegang e e jaaka Betelgeuse kana Rigel mo Orion. E ne ya re fa naledi eo e thunya mme dillaga tsa yone tsa kwantle di thubegela mo lefaufaung, go ne ga sala fela bogare jwa yone jo bo gateletsweng thata, molora o o bosweu jo bo phatsimang mme dikgabo tsa teng tsa nuklea tsone ga di bolo go tima.

Akanya fela o tsaya naledi e e bogolo jwa letsatsi la rona gabedi o e tamusetsa mo teng ga bolo e e bogolo jwa dikilometara tse 15 go ya go tse 20 go ralala bogare jwa yone! Akanya fela o tsaya polanete Lefatshe mme o e tamusa go fitlha e nna dimetara tse 120. Dikhubita tsa disentimetara di le 16 tsa selo seno di ka nna bokete jwa ditone di feta dimilione di le dikete tse 16.

Tota seno le sone go bonala e se tlhaloso e e feletseng ya selo seno se se papetlilweng. Fa re ne re ka ngotla lefatshe go fitlha le lekana le mmabole, kgabagare maatla a kgogedi ya lefatshe a ne a tla nna maatla thata mo tota le lesedi le neng le se kitla le kgona go sutlhelela mo go one. Ka nako eo lefatshe la rona le lennyenye le ne le tla lebega le nyelelela mo teng ga selo se se bidiwang black hole. Le mororo bontsi jwa baithutadinaledi ba dumela gore go na le di-black hole ga go ise go nne le bosupi jwa gore di teng, mme ga go bonale di itsege thata jaaka go ne go akanngwa dingwaga di sekae tse di fetileng.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Mebala Eo Ke Ya Mmatota?

Batho ba ba tlholang ba sekaseka loapi ka thelesekoupo e nnye gantsi ba na le go ikutlwa ba swabile fa la ntlha ba bona losagaripa longwe lo lo itsegeng thata kana nebula. Mebala e mentlentle e ba e boneng mo dinepeng e kae? “Motho a ka se kgone go bona mebala ya masagaripa ka tlhamalalo ka leitlho, lefa e le ka dithelesekoupo tse dikgolo thata tse di leng teng, ka gonne lesedi la one le letobo thata mo le ka sekang la tsibosa ditsibosi tsa retina,” go rialo Timothy Ferris wa moithutadinaledi e bile e le mokwadi wa saense. Seno se dirile gore batho bangwe ba akanye gore mebala e mentle e e bonwang mo dinepeng tsa baithutadinaledi ga se ya mmatota, ka tsela nngwe e ile ya tsenngwa fa di ne di dirwa. Mme gone, ga go a nna jalo. Ferris o kwala jaana: “Mebala eo yone ke ya mmatota mme dinepe tsa teng di supa fela maiteko a baithutadinaledi ba a dirileng go e tlhagisa fela jaaka e ntse.”

Mo bukeng ya gagwe ya Galaxies, Ferris o tlhalosa gore ditshwantsho tse di letobo tsa dilo tse di kwa kgakala, tse di jaaka masagaripa kana bontsi jwa di-nebula, “ke ditshwantsho tse di tserweng ka go lebisa thelesekoupo kwa losagaripeng longwe mme go bo go lebisiwa polata e e dirisiwang go tlhagisa dinepe kwa leseding la naledi ka lobaka lwa diura di sekae go fitlha le fetela kwa teng ga pampiri ya senepe. Ka nako eo, go na le selo se se dikologang se se etsang tsela e lefatshe le dikologang ka yone mme se boloka thelesekoupo e lebile fela kwa losagaripeng loo, fa molepadinaledi, kana ka dinako tse dingwe motšhini o o supang wa otomatiki, o tla o baakanya diphosonyana tse dinnye.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

(For fully formatted text, see publication)

1 Karolo ya naledi ya Orion, e tlhola e bonala mo loaping go ralala lefatshe lotlhe ka January

2 Orion Nebula, “naledi” e e letobo e e leng gaufi thata

3 Fa garegare ga Orion Nebula —a ke phaposi ya botsetse ya lobopo?

[Metswedi ya Ditshwantsho]

#2: Astro Photo - Oakview, CA

#3: C. R. O‘Dell/Rice University/NASA photo

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Losagaripa lwa Andromeda, selo se se kgakala go gaisa tsotlhe tse di ka bonwang ka matlho. Go bonala fa lobelo lo e dikologang ka lone lo sa dumalane le molao wa kgogedi wa ga Newton mme ga go itsewe gore selonyana se sentsho se se sa bonaleng mo dithelesekoupong ke eng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Astro Photo - Oakview, CA

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Crab Nebula mo Taurus—a ke mabitla a dinaledi?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Bill and Sally Fletcher

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Kwa godimo: Losagaripa lwa Cartwheel. Lo ne lwa thulana le losagaripa longwe lo lonnye, lwa bobetsega mme morago ga moo ga tlhaga tshekeledi e e pududu ya dikete di le dimilionemilione tsa dinaledi tse disha di dikologile losagaripa lwa Cartwheel

[Motswedi wa Setshwantsho]

Kirk Borne (ST Scl), and NASA

Fa tlase: Cat’s Eye Nebula. Selo se se motlhofo se se ka tlhalosang dilo tseno tse di itshopileng ke gore di nnile teng ka ntlha ya go bo dinaledi tse pedi di ikgarile mo lefelong le le lengwe

[Motswedi wa Setshwantsho]

J. P. Harrington and K. J. Borkowski (University of Maryland), and NASA

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela