LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 2/8 ts. 16-18
  • Tila go Tlhoka Keletso ya go Bala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tila go Tlhoka Keletso ya go Bala
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mesola ya go Bala
  • Pono e e Lekalekaneng
  • Kafa Batsadi ba ka Thusang ka Teng
  • Baebele—Thuso e e Molemo
  • Ineele go Bala
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Solegelwa Molemo ke go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Bala Baebele—Go Molemo E Bile go a Itumedisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Jala Lorato Lwa go Bala le go Ithuta mo Baneng ba Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 2/8 ts. 16-18

Tila go Tlhoka Keletso ya go Bala

BOTHATA jo bosha jo bo amanang le go bala bo ntse bo anama le lefatshe la rona. Bo bidiwa go tlhoka keletso ya go bala. Bo tlhalosiwa e le “go itse go bala mme o bo o sa nne le keletso ya gone.” (Merriam-Webster’s Collegiate Dictionary, Tenth Edition) Ee, go bala—go go kileng ga bo go tsewa e le selo se se monate—jaanong go tsewa e le tiro e e bokete. Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 12 o ne a ngongorega jaana: “Motho o tshwanelwa ke go kgaratlha fa a bala, mme seo ga se monate.”

Bagolo ba le bantsi le bone ga ba na keletso ya go bala. Ka sekai, United States, e ipelafatsa ka gore e na le diperesente di le 97 tsa batho ba ba itseng go bala le go kwala; lefa go ntse jalo, mo e ka nnang halofo ya bagolo botlhe ba Amerika ba bala dibuka kana dimakasine ka sewelo! Go phepafetse gore, ga se gantsi batho ba ba kgonang go bala ba nnang le keletso ya go bala. Tota go ntse jalo le mo bathong ba ba rutegileng thata. Moalogi mongwe wa Harvard University o bolela jaana: “Fa ke goroga kwa gae ke lapile morago ga letsatsi le leleele la tiro, ke bulela thelebishene go na le go tsaya buka ke bo ke e bala. Go motlhofo go dira jalo.”

Go diragetseng ka go bala? Mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana tsela e go neng go tumile ka yone e nyeleditswe ke selo se se gapang kgatlhego ya batho thata. Stratford P. Sherman o ne a kwala jaana mo makasineng wa Fortune: “Jaanong ka re na le MTV—le di-VCR tsa rona le Nintendo le Walkman—ga go tlhole go le motlhofo gore motho a ipolaise go bala jaaka go ne go ntse jale mo motlheng wa pele ga kgatelopele.” Gongwe selo se segolo se se jang nako ya go bala ke thelebishene. Ee ruri, e tla re fa Moamerika fela yo o tlwaelegileng a tshwara dingwaga tse 65, o tla bo a setse a dirisitse dingwaga tse robonngwe tsa botshelo jwa gagwe a lebile thelebishene!

E re ka gantsi melemo ya go bala e amogwa ke thelebishene, go ka nna molemo gore re sekaseke dintlha tse di latelang.

Mesola ya go Bala

Go bala go dira gore o kgone go akanya. Thelebishene e a go akanyetsa. E go senolela sengwe le sengwe: ditebego tsa difatlhego, modumo wa mantswe le mafelo a tiragalo.

Mme fa o bala gone, o itlhamela ditiragalo, lefelo la tiragalo le tsela e dilo di diregang ka yone. Mosimane mongwe wa dingwaga tse 10 a re: “O ikakanyetsa dilo o gololesegile tota. O ka dira gore moanelwa mongwe le mongwe a lebege kafa o batlang ka teng. Fa o bala buka, o gololesegile go ikakanyetsa dilo go gaisa fa o lebile sengwe mo thelebisheneng.” Jaaka fa Dr. Bruno Bettelheim a ile a bolela, “thelebishene e gapa mogopolo wa gago mme ga e o letle gore o gololesege. Ka bonako fela buka e e molemo e tlhotlheletsa mogopolo le go dira gore o gololesege.”

Go bala go dira gore o nne setswerere mo puong. Reginald Damerall wa Yunibesithi ya Massachusetts o ne a bolela jaana: “Thelebishene ga e ka ke ya dira gore ngwana ope kana mogolo ope a nne botoka mo go e lebeng fa a e lebelela thata. Dinonofo tse di tlhokegang fa motho a lebile thelebishene ke tse e seng tsa sepe mo e bileng re iseng re utlwe gotwe go na le motho yo o sa kgoneng go lebelela thelebishine.”

Phapaanong le seo, go bala go go tlhoka gore o nne le bokgoni mo puong e bile go go dira gore o nne le jone; go amana thata le puo le go kwala. Morutabana mongwe wa sekolo se segolo yo o rutang Seesemane a re: “Ga go na pelaelo gore katlego ya moithuti e ikaegile thata ka kitsokakaretso ya dilo tse a kgonang go di tlhaloganya fa a bala le tsela e a akanyang dilo ka yone fa a kwala mme ga go na tsela epe e o ka godisang kitsokakaretso ya gago ka yone kwantle ga go bala—ruri ga e yo.”

Go bala go dira gore o nne pelotelele. Thelebishene e ka tlhagisa ditshwantsho tse di fetang diketekete ka ura fela, mo go dirang gore yo o e lebileng a se ka a nna le nako ya go akanya ka se a se bonang. “Tota selo seo se dira gore motho a se ka a kgona go tlhoma mogopolo mo selong lobaka lo loleele,” go rialo Dr. Matthew Dumont. Ga go gakgamatse go bo dipatlisiso dingwe di amanya go leba thelebishene thata—mo baneng le mo bagolong—le go sa kgoneng go dira ditshwetso le go nna le maikutlo a a sa tlhomamang.

Go bala go go tlhoka bopelotelele. “Dipolelwana, dirapa le ditsebe di phetliwa ka bonya, ka go latelana le go ya ka tsela e dintlha di lomaganang ka yone o sa itse gore di ya go felela jang,” go kwala jalo Neil Postman yo e leng moitse wa puisano. Mmadi o tsaya nako ya gagwe a ikakanyetsa dilo, a di sekaseka le go tlhatlhanya ka se a se balang. Go bala ke tiragalo e e raraanololang dilo e e batlang bopelotelele e bile e dira gore motho a nne le jone.

Pono e e Lekalekaneng

Le mororo go bala go na le mesola, ke boammaaruri gore thelebishene le yone e na le melemo mengwe. E ka kgona go tlhalosa tshedimosetso nngwe ka tsela e e botoka go gaisa fa o bala.a Go lebelela thulaganyo nngwe ya thelebishene e e kgatlhang tota go ka dira gore o kgatlhegele go bala. The Encyclopedia Americana ya re: “Go begwa gore dithulaganyo tsa thelebishene tse di tlhalosang dibuka tsa bana le tsa saense ka tsela ya terama di tlhotlheletsa bana gore ba senke dibuka tse di buang ka dikgang tseo le tse dingwe tse di amanang le tsone.”

Go botlhokwa gore re nne le pono e e lekalekaneng. Dikgatiso le thelebishene ke metswedi e mebedi e e sa tshwaneng ya tshedimosetso. Nngwe le nngwe ya tsone e na le melemo le makoa a yone. Nngwe le nngwe e ka dirisiwa sentle—kana ya fetelediwa. Ee, go bala go feta selekanyo go fitlha o ikgogona mo go ba bangwe go ka nna kotsi fela jaaka go lebelela thelebishene go feta selekanyo.—Diane 18:1; Moreri 12:12.

Lefa go ntse jalo, gantsi batho ba tlhokomologa go bala ba sekamela thata mo dilong tse di lebelelwang. Mokwaladikgang mongwe wa Japane o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Batho ga ba tlhole ba rata go bala, ba rata go lebelela.” Seno se lemotshega thata mo basheng. Ka ntlha ya seno, bontsi jwa bone ba gola ba sena keletso ya go bala mme morago ba bo ba nna le mathata. Ka gone, batsadi ba ka thusa jang bana ba bone gore ba nne le keletso ya go bala?

Kafa Batsadi ba ka Thusang ka Teng

Ba tlhomele sekao. Setlhogo sengwe sa Newsweek se se reng “Kafa o ka Dirang Babadi ba ba Molemo ka Teng” se tlhagisa kgakololo eno e e opang kgomo lonaka: “Fa o tlhola o nnetse thelebishene, ngwana wa gago le ene a ka nna jalo. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa bana ba gago ba go bona o itumelela go bala buka e e molemo, ba tla lemoga gore ga o ba kgothaletse go bala fela, mme le wena o a go dira.” Se se botoka go feta, batsadi bangwe ba balela bana ba bone ba balela kwa godimo. Seno se dira gore ba nne le kamano ya lorato—selo se ka maswabi se tlhaelang mo malapeng a le mantsi gompieno.

Itirele laeborari. Dr. Theodore Isaac Rubin o akantsha jaana: “Dira gore lo nne le dibuka—tse dintsintsi fela. Ke gakologelwa gore ke ne ke tlhola ke di bala ka gonne di ne di le gone le gore mongwe le mongwe o ne a di bala.” Bana ba tla rata go bala fa dibuka di le gone ka bontsi. Ba tla rata go bala thata fa e le gore dibuka tseo ke tsa laeborari ya bone ka namana.

Dira gore ba itumelele go bala. Go nnile ga bolelwa gore fa bana ba rata go bala, ba a bo ba fentse halofo ya sekgoreletsi se segolo sa go ithuta. Ka jalo, dira gore bana ba gago ba itumelele go bala. Jang? Sa ntlha, lekanyetsa nako ya go lebelela thelebishene; gantsi ba tla rata go e lebelela go feta go bala. Sa bobedi, dira gore go nne le seemo se se ba dirang gore ba bale; nako ya tshisibalo le lefelo le le sisibetseng le le jaaka laeborari ya lona ka namana e e nang le lesedi le le lekaneng di dira gore motho a rate go bala. Sa boraro, o se ka wa ba pateletsa go bala. Dira gore ba nne le nako ya go bala le dilo tse ba ka di balang lefa go ntse jalo, dira gore ngwana e nne ene yo o eletsang go bala.

Batsadi bangwe ba simolola go balela bana ba bone ba santse ba le bannye. Seno se ka thusa thata. Baitse bangwe ba bolela gore fa ngwana a le dingwaga tse tharo, o kgona go tlhaloganya bontsi jwa puo e a tla e dirisang mo motlotlong fela o o tlwaelegileng fa a sena go gola—lefa gone jaanong a sa kgone go tlhalosa mafoko ao sentle ka botlalo. Buka ya The First Three Years of Life e bolela jaana: “Bana ba simolola go utlwa puo ka bonako thata go gaisa fa ba ithuta go e bua.” Baebele e bua jaana ka Timotheo: “Dikwalo tse di boitshepo o sale o di itse mo [boseeng] jwa gago.” (2 Timotheo 3:15) Lefoko lesea le tswa mo lefokong la Selatine e bong infans, le tota le kayang “yo o sa itseng go bua.” Ee, Timotheo o ne a utlwa mafoko a dikwalo tota le pele a kgona go a bua.

Baebele—Thuso e e Molemo

Buka ya The Bible in Its Literary Milieu ya re: “Baebele ke motlobo o o gakgamatsang wa dibuka.” Ee ruri, dibuka tsa yone tse 66 di na le maboko, dipina le dipego tsa hisitori tse di ka rutang basha le bagolo ka go tshwana. (Baroma 15:4) Mo godimo ga moo, Baebele e kwadilwe ka “tlhotlheletso ya Modimo, [e] bile [e] molemo go ruta, le go kgalemela le go sokolola, le go kaela ka tshiamo.”—2 Timotheo 3:16.

Ee, Lefoko la Modimo e bong Baebele ke lone kgatiso e e botlhokwa go gaisa tsotlhe. Ke ka lebaka le le utlwalang go bo kgosi nngwe le nngwe ya Iseraele e ne e tshwanelwa ke go nna le khopi ya yone ya Dikwalo le go ‘e bala ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.’ (Duteronome 17:18, 19) Joshua le ene o ne a laelwa gore a ipalele dikwalo “ka go boraboretsa”—ke go re, a ipalele tsone ka go sebaseba—“bosigo le motshegare.”—Jošua 1:8, NW.

Ke boammaaruri gore dikarolo dingwe tsa Baebele ga di balege motlhofo. Di ka go tlhoka gore o tlhome mogopolo thata mo go tsone. Se lebale gore Petere o ne a kwala jaana: “Fela jaaka banyana ba e leng gone ba tsalwang, lo tlhologelelwe maši a semowa a a senang boferefere.” (1 Petere 2:2, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Fa o ntse o itlwaetsa thata, go rata “maši” a Lefoko la Modimo go ka itlela fela mo go wena ka tsela e e tshwanang le e losea lo tlhologelelwang mashi a mmaalone ka yone. O ka kgona go ithuta go itumelela go bala Baebele.b Ruri go dira jalo go molemo tota. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Lefoko la gago ke lobone lwa dinao tsa me, le lesedi la tsela ya me.” (Pesalema 119:105) A rotlhe ga re tlhoke kaelo e e ntseng jalo mo motlheng ono wa rona wa mathata?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ka ntlha ya go lemoga seno, mo dingwageng tsa bosheng jaana Mokgatlho wa Watch Tower o ile wa oketsa dikgatiso tse o di tlhagisang ka go dira dikhasete tsa dibidio tse di buang ka dikgang tse di farologaneng tsa Baebele.

b Go thusa bana go tlhoafalela kitso ya Baebele, Mokgatlho wa Watch Tower o gatisitse dithuso tse di tlhofofaditsweng tsa go ithuta Baebele tse di jaaka Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela le Go Reetsa Morutisi yo Mogolo. Dibuka tseno ka bobedi di teng gape ka dikhasete ka Seesemane.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela