LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 2/8 ts. 3-4
  • A Go na Le Mongwe Yo O ka Ikanngwang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Go na Le Mongwe Yo O ka Ikanngwang?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ikanya go Senyegile Gongwe le Gongwe
  • Go Kgona go Ikanya go Botlhokwa Gore re Nne re Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • A go Na le Mongwe Yo o Ka Ikanngwang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tshepa Badumedimmogo le Wena
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Ke ka Ntlha Yang fa Batsadi Ba me Ba sa Ntshepe?
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 2/8 ts. 3-4

A Go na Le Mongwe Yo O ka Ikanngwang?

“E ne e le mongwe wa batho ba sekae ba e neng e se ba mo lelapeng la rona yo batsadi ba me ba neng ba mo ikanya ka botlalo . . . O ne a itira motho yo o molemo yo o amegang ka ba bangwe yo o neng a ka se dire sepe go re utlwisa botlhoko. . . . E ne e le mongwe wa batho ba sekae ba ke neng ke ba ikanya ka botlalo mo botshelong jwa me.”

KE TSELA e mosadi mongwe yo mmotlana a neng a tlhalosa ka fa a neng a ikanya ngaka ya lelapa la bone ka teng. Se se utlwisang botlhoko ke gore o ne a sa tshwanela go bo a ne a mo ikanya. Ngaka eo e ne ya mo sotla ka go tlhakanela dikobo nae fa a ne a na le dingwaga tse 16. “O ne a mpolelela maaka a ba a ntsietsa,” o ne a bolelela balaodi ba kgotlatshekelo bao moragonyana ba neng ba e atlhola.—The Toronto Star.

Go Ikanya go Senyegile Gongwe le Gongwe

Go ikanya, fela jaaka sethunya se sentle se se senyegang motlhofo, go ka nna ga khumulwa mme ga gatakwa ka dinao. Go senngwa gongwe le gongwe! Michael Gaine, yo e neng e le mokwaledi wa bobishopomogolo ba babedi ba e bile e neng e le bakadinale kwa Engelane o ne a bolela jaana: “Go na le nako e mongwe le mongwe a neng a ikanya moruti. Metlha e malapa a neng a mo naya bana ba one gore a ba tlhokomele. Ga nkake ka solofela gore seo se diragale gompieno. Ga re kitla re tlhola re mo ikanya jalo.”—The Guardian Weekend.

Borakgwebo ba tsietsa batho ba ba gaisanang nabo mo kgwebong. Babapatsi ba ba loleme le borethe ba fora bareki le go ba tsietsa. Modiredimogolo mongwe yo o se nang kutlwelobotlhoko o ne a utswa madi a penshene a a mo letloleng la khamphani ya gagwe, ka go dira jalo a tseela badiri ba gagwe madi a ba a ipoloketseng. Gantsi badiri ba utswela bahiri ba bone. Ka sekai, pego nngwe e ne ya bontsha gore “dikgwebo tsa kwa Canada di latlhegelwa ke madi a a fopholediwang go dimilione di le dikete tse 20 tsa didolara [dikete di le dimilione tse 55 tsa diranta] ngwaga le ngwaga ka ntlha ya bogodu jo bo dirwang mo teng ga tsone.”—Canadian Business.

Ga se gore boradipolotiki botlhe ga ba ikanyege. Mme bontsi jwa batho ga bo gakgamadiwe ke dipego tse di tshwanang le e e latelang: “Dibeke tse pedi morago ga gore go bolawe mongwe wa basadi ba go neng go buiwa thata ka bone ba dipolotiki kwa Fora, mapodisi a senola tsietso ya dipolotiki le maano a bonokwane a a sa bolong go apesa tsamaiso nngwe ya puso mo lotshitshing lwa Mediterranean.”—The Sunday Times, Lontone.

Gantsi, go se ikanyege go ama le batho ba ba atamalaneng thata. Banna le basadi ba tsietsa ba ba nyalaneng nabo. Batsadi ba sotla bana. Bana ba tsietsa batsadi. Fa go ne go bulwa mabolokelo a go neng go bewa direkoto mo go one a Ba-Stasi, mapodise a sephiri a se e kileng ya bo e le Jeremane Botlhaba, go ne ga senoga “ditiro tsa tsietso e e feteletseng” tse di neng di dirwa ke batho ba go neng go twe ke ditsala. Pego nngwe e bolela gore “boferefere joo jo bogolo jwa Ba-Stasi, bo ne bo anamela le mo phaposing ya sekolo, kwa seraleng sa kereke, kwa kamoreng ya borobalo tota le kwa go ipolelwang dibe teng.”—Time.

Kwa Ireland mokwaladikgang mongwe o ne a kwala jaana: “Re boleletswe maaka, re tsieditswe e bile re dirisitswe ra bo ra sotliwa e bile re nyaditswe ke ba ba mo maemong a go laola.” (The Kerryman) Batho ba bantsi ga ba tshepe ope ka gore ba tsieditswe gantsi. Re ka dira eng gore re tlhomamise gore ga re ikanye batho ba re sa tshwanelang go ba ikanya? Ditlhogo tse pedi tse di latelang di tla tlhatlhoba potso eno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela