A o Ikanye Kgotsa o se Ikanye
GO KA nna ga nna thata gore o itse gore a ke o ikanye kgotsa nnyaa. Tsoopedi di na le dikotsi tsa tsone, segolobogolo mo lefatsheng le le tletseng ka go tsietsa ka maaka le boferefere. Mme gone rotlhe re tlhoka ditsala tse di ikanyegang tse di tla re emang nokeng ka nako ya fa re le mo mathateng. (Diane 17:17) Dingwaga tse di ka tshwarang dikete tse pedi tse di fetileng, mokwadi wa Moroma Phaedrus o ne a bua ka bothata jo ka tsela eno: “Go ikanya kana go sa ikanye, tsoopedi di kotsi.”
Go Ikanya go ka Nna Kotsi
Ke ka ntlha yang fa go ikanya mongwe o sele go ka nna kotsi? Ela tlhoko tlhagiso e e ntshitsweng ke makasine wa Psychology Today. O tlhalosa batho ba ba dirisang tsela e batho ba bangwe ba ba ikanyang ka yone ka tsela e e phoso jaaka “dibatana” tse di “dirisang kgogedi le bolotsana go tsietsa le go dirisa batho ba ba ba dikologileng le go senya matshelo a bone.” Go phepafetse gore fa go na le batsietsi ba ba ntseng jalo, kwantle ga pelaelo go ikanya thata go kotsi.
Motho yo o ikanyang thata o ka nna a tsiediwa motlhofo mme ka lebaka la seo a akediwa ke batho ba bangwe le go dirisiwa dilo a sa lemoge. Sekai se sengwe se se gopolwang sa hisitori ke sa motho yo o neng a tsiediwa motlhofo e bong Sir Arthur Conan Doyle, yo o simolotseng tlhamane ya leteketifi le le neng le akanya ka botswerere, e bong Sherlock Holmes. Ka 1917, basetsana ba babedi ba babotlana, Elsie Wright le ntsalae, Frances Griffiths ba ne ba bolela gore ba ne ba tshameka le batho bangwe ba ditlhamane mo tshimong ya kwa legaeng la bone kwa Cottingley, kwa Engelane. Ba ne ba supa dinepe tsa bone batho bano ba ditlhamane gore ba supe gore ke boammaaruri.
Conan Doyle, yo o neng a kgatlhegela tirisabadimo fa morwawe a sena go tlhokafala, o ne a ba ikanya e bile a dumela ditlhamane tse ba neng ba di bua—fela jaaka batho ba bangwe ba bantsi ka nako eo. Morago ga dingwaga tse 55, basetsana ba babedi bao ba ne ba dumela gore ba ne ba tsieditse batho le gore ba ne ba gagotse “batho ba ditlhamane” mo bukeng nngwe pele ga ba tsaya dinepe. Frances Griffiths o ne a gakgamadiwa ke gore mongwe le mongwe o ne a dumela kgang eo ya bone. O ne a re: “Ke ne ke tlhola ke gakgamadiwa thata ke gore go ne go tla jang gore batho ba ka tsiediwa motlhofo jalo gore ba dumele gore ke tsa mmatota.”—Hoaxers and Their Victims.
A o bona serai se Conan Doyle a neng a wela mo go sone? O ne a dumela tlhamane eo fela a sa akanye sepe ka gore o ne a batla gore e nne boammaaruri. Mokwadi Norman Moss o bolela jaana: “Re ka nna ra tsiediwa fela ka gore temogo ya rona e fifaditswe ke tsela e re itshwarang ka yone, gape ga re lebe dilo ka kelotlhoko. . . . Ka dinako tse dingwe, re amogela gore selo se boammaaruri fela ka gore ke sengwe se re batlang gore se nne boammaaruri.” (The Pleasures of Deception) Mafoko ao a tshwana le tlhagiso e e neng ya buiwa ke sebui se se itsegeng se se nonofileng sa Mogerika Demosthenes mo e ka nnang dingwaga tse 350 pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng: “Selo se se motlhofo go di gaisa tsotlhe ke gore motho a itsietse, ka gore motho o dumela se a se eletsang gore se boammaaruri.” Go ikanya maikutlo a rona fela go ka nna kotsi.
Ee, o ka nna wa akanya gore ke sekai fela se se feteleditsweng le gore Conan Doyle o ne a le seeleele go gaisa jaaka wena o ka nna. Mme ga se fela batho ba ba dieleele ba ba mo kotsing ya go tsiediwa ka maaka. Batho ba bantsi ba ba kelotlhoko le ba ba ntshitseng matlho dinameng ba ile ba tsiediwa ke batho ba ba neng ba lebega ba ikanyega.
Go sa Ikanye go ka Nna Kotsi
Lefa go ntse jalo, go sa ikanye ope kgotsa sepe go kotsi. Go sa ikanye go tshwana le rusu e e senyang. E ka ja ya bo ya senya botsalano jo ka tsela nngwe batho ba teng ba neng ba ka nna ba atamalane ba itumetse. Go sa tshepe opeope le go nna ka dinako tsotlhe o sa ikanye ope go ka dira gore o nne motho yo o sa itumelang le e seng le yo o senang ditsala. Gape go ka senya botsalano jwa gago le batho ba bangwe mo e leng gore mokwadi wa Moesemane Samuel Johnson o ne a kwala jaana, “ka dinako tse dingwe go tsiediwa go itumedisa go gaisa go sa ikanye.”
Go sa ikanye go ka nna ga nna kotsi mo botsogong jwa gago jwa mmele. O ka nna wa bo o itse gore maikutlo a a nonofileng jaaka go galefa a ka nna a go tsenya mo kotsing ya gore o tsenwe ke bolwetse jwa pelo. A mme o ne o itse gore dipatlisiso dingwe di tlhalosa gore le go sa ikanye go ka dira se se tshwanang? Makasine wa Chatelaine wa re: “Batho ba ba galefang motlhofo ga se bone fela ba ba itsenyang mo kotsing ya go tsenwa ke bolwetse jwa pelo ka ntlha ya tsela e ba itshwarang ka yone. Dipatlisiso tse disha di supa gore le mefuta e e bofitlha ya letlhoo, jaaka mokgwa wa go sa tshepe gore motho o a ikanyega le go sa ikanye, go ka go tsenya mo kotsing.”
Tlhokomela Metsamao ya Gago ka Kelotlhoko
O ka dira eng? Baebele e naya kgakololo e e molemo mo kgannyeng eno. “Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe,” go bolela jalo Diane 14:15. Fano ga go buiwe ka go sa tshepe gore motho o a ikanyega mo go kotsi. Ke kgakololo e e utlwalang ya gore go botlhokwa gore motho a akanyetse dilo. Motho yo o sa itseng sepe, yo o senang maitemogelo ke ene yo o ka tsamayang a ikanya lefoko lengwe le lengwe le a le utlwang a sa belaele. Seane sa Baebele se tswelela go bolela jaana ka lebaka le le utlwalang: “Mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.” Mokwadi wa diterama tsa Seesemane William Shakespeare o ne a kwala jaana: “O se ka wa ikanya dipolanka tse di bodileng.” Mongwe le mongwe yo o akanyang gore dipolanka tse di mo borogong jo bo kwa godimo thata di bodile, o tla bo a le seeleele fa a ka tsamaya mo go tsone. Ka jalo o ka ‘leba tsamao’ ya gago jang gore o se ka wa ikanya sengwe se o sa tshwanelang go se ikanya?
Baebele e re kgothatsa gore re tlhatlhobe se batho ba se buang pele go na le gore re dumele sengwe le sengwe se re se utlwang fela re sa akanye. E bolela jaana: “Tsebe e leka mafoko, jaaka magalapa a leka dijo.” (Jobe 34:3) A seo ga se boammaaruri? A ga re latswe dijo pele re di metsa? Gape re tshwanetse gore re tlhatlhobe mafoko a batho ba a buang le dilo tse ba di dirang pele re di amogela. Ga go na motho ope yo o seng leferefere yo e ka reng re sekaseka gore re ka mo ikanya go le kana kang a bo a kgopisega. Lebaka la go bo re tshwanetse go tlhatlhoba gore a sengwe ke sa mmatota go gatelelwa ke seane sa Sekotšhe se se reng: “Yo o ntsietsang gangwe fela, a a welwe ke matlhabisaditlhong; fa a ntsietsa gabedi, mma ke welwe ke matlhabisaditlhong.”
Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana: “Lekang dilo tsotlhe.” (1 Bathesalonika 5:21) Lefoko le le dirisitsweng ke moaposetoloi Paulo la “lekang” le ne le dirisiwa mabapi le go leka ditshipi tse di botlhokwa go bona gore a e ne e le tsa mmatota. Motho yo o botlhale nako le nako o ne a leka go bona gore a selo se a neng a se reka e ne e le sa mmatota. Kwantle ga moo o ne a ka feletsa a rekile sengwe se se bidiwang gouta ya dieleele—sengwe se se neng se tshwana le gouta mme tota se sena mosola.
Nna Motho yo o Akanyetsang Le yo O Tekatekano
Ke boammaaruri gore re batla go nna tekatekano mo kgannyeng eno, e bile ga re batle go belaela ba bangwe go sa tlhokege. (Bafilipi 4:5) O se ka wa itlhaganelela go pega batho melato ya gore ba na le maikaelelo a a bosula. Go sa bone maikaelelo a batho ba bangwe ka fa a ntseng ka teng e ka nna tsela e e bofefo ya go senya botsalano jo bo monate, jo bo kitlaneng. Gantsi go botoka thata go akanya gore ditsala tsa gago di batla go go direla dilo tse di molemo go na le go akanya gore ba na le maikaelelo a a bosula fa maemo a nna thata.
Nna o ntse a akanyetsa gore ba bangwe ga ba itekanela e bile ba dira diphoso. Mokwadi Kristin von Kreisler o bolela jaana: “Fa tsala e go direla boferefere e senya tsela e o neng o e ikanya ka yone.” Lefa go ntse jalo, motho o ka nna a dira boferefere jo bo ntseng jalo a sa ikaelela kgotsa e le ka ntlha ya bokoa bongwe jo a bo ikwatlhaelang thata gone jaanong. Ka jalo, o tswelela ka go re: “O se ka wa nnela go akanya ka fa o diretsweng boferefere ka teng—kgotsa wa dira gore go go thibele go ikanya batho ba bangwe.” O se ka wa letla dilo tse di botlhoko tse di go diragaletseng gore di go tseele boitumelo jwa go itirela botsalano le batho ba bangwe o ba ikanya.
Nna tekatekano. Ga go tlhokege gore o ithibe matlho fa o tlhatlhoba batho ba bangwe; motho yo o ntshitseng matlho dinameng o nna a disitse. Mo letlhakoreng le lengwe, Ngaka Redford Williams o akantsha gore re leke go akanyetsa gore batho ba bangwe ba leka go dira gotlhe mo ba ka go kgonang, re leke go tlhaloganya tsela e ba lebang dilo ka yone, mme re “ithute go ikanya ba bangwe” nako le nako fa go kgonega. Go ka nna ga bo go le botoka go ikanya thata go na le go sa ikanye gotlhelele.
Mokwadi wa buka ya Baebele ya Diane o dumalana gore “yo o itirelang ditsala di le dintsi, o itirela go itshenya”—ke gore, batho ba ba tla lekang go go tsietsa ka ntlha ya go bo o ba ikanya. Lefatshe le tletse ka bone. Mme naya ba bangwe sebaka sa gore ba itshupe gore ba a ikanyega, mme o tla bona ditsala tse e leng gore ruri, di tla go ‘kgomarela bogolo go ngwana wa ga rrago.’—Diane 18:24.
A go na le mongwe kgotsa sengwe, he, se o ka se ikanyang ka botlalo o sa tshabe gore o tla tsiediwa ka ntlha ya go bo o se ikanya kgotsa gore o tla direlwa boferefere? Ee, eleruri se teng. Setlhogo se se latelang se tla tlhatlhoba ka bokhutshwane gore o ka ikanya mang o mo tshepa ka botlalo.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
“Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.”—Diane 14:15
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Akanyetsa bosaitekanelang le diphoso tsa ba bangwe