O ka Ikanya Modimo
OKA ikanya Modimo le Lefoko la gagwe, Baebele, ka botlalo. Monna mongwe yo o neng a setse a na le dingwaga tse di fetang 100 o ne a bolela lebaka leno la go bo a ne a tshepa Modimo fa a se na go fetsa botshelo jotlhe jwa gagwe a mo ikanya: “Bonang,” o ne a rialo, “gompieno ke ya le tsela ya lefatshe lotlhe; mme lo a itse mo pelong tsa lona lotlhe, le mo meweng ya lona lotlhe, fa go se na sepe se se tlhaetseng sa dilo tsotlhe tse di molemo, tse Jehofa Modimo wa lona o di buileng ka ga lona; di lo dirafaletse tsotlhe, ga go a tlhaela sepe sa tsone.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Jošua 23:14.
Monna yono, e bong Joshua, yo e neng e le moeteledipele wa Iseraele wa bogologolo o ne a iponela ka boene gore a ka ikanya Modimo le Lefoko la gagwe ka botlalo. Sengwe le sengwe se Modimo a neng a se solofetsa Baiseraele se ne sa diragala. Fa o ka itse mo go oketsegileng ka Mmopi le Lefoko la gagwe, o ka kgona go ikanya ka tsela e e tshwanang. Moobamedi wa moragonyana wa Modimo, Kgosi Dafite, o ne a bua ka tsela eno: “Ba ba itseng leina la gago ba tlaa ikanya mo go wena; gonne wena, Jehofa, ga o a latlha ba ba go batlang.”—Pesalema 9:10.
Modimo ga o Kitla o go Swabisa
Fa o tswelela o itse ‘leina la Modimo’ ka mo go oketsegileng le gore leina leo le rayang—maikaelelo a gagwe, ditiro tsa gagwe le dinonofo tsa gagwe—o tla tswelela o mo ikanya ka mo go oketsegileng. Ke Tsala e o ka e ikanyang e e ka se kang ya go swabisa le fa e le go palelwa ke go diragatsa tsholofetso ya yone le ka motlha. Gape o se ka wa kgobiwa marapo ke boitimokanyo jwa batho ba ba bolelang gore ke baemedi ba gagwe mme ba direla ba bangwe bonokwane. Batho ba ba ntseng jalo Baebele ya re ga ba ikanyege. Baitimokanyi ba bodumedi ba bua sengwe se sele mme ba bo ba dira se sele. Ba tsietsa matsomane a bone, jaaka moaposetoloi Petere a ne a tlhagisa. Petere o ne a kwala jaana: “Mme tsela ya boammaaruri e tlaa kaiwa ka bosula ka ntlha ya bone. Mo boiphetlhong jwa bone ba tlaa lo ntsha tlhwatlhwa, ka mafoko a boitimokanyo.”—2 Petere 2:2, 3.
Batho ba ba ntseng jalo ga ba emele Modimo. Ba tlontlolola Lefoko la gagwe. Ke ka ntlha yang o sa itlhatlhobele rekoto ya Modimo le bosupi jo bo senolwang mo Baebeleng? O ka nna wa botsa jaana, ‘gone mme ke eng ke tshwanetse go ikanya Baebele go gaisa dibuka tsotlhe?’ Ke boammaaruri gore go ralala hisitori bodumedi bo ile jwa tsietsa thata, mme Baebele yone e farologane. Ela tlhoko mabaka a a latelang a go ikanya Baebele.
Mabaka a go Ikanya Baebele
O ka ikanya Baebele ka gore dilo tse e di solofetsang le boperofeti jwa yone di a diragala ka dinako tsotlhe. Go na le sekai se le sengwe fano. Jehofa Modimo, mokwadi wa Baebele, o ne a solofetsa Baiseraele ba ba neng ba le kwa botshwarwa gore o tla ba golola mo seatleng se se thata sa Babilone le go ba busetsa kwa Jerusalema le mororo ka nako eo go ne go le thata go dumela seo. Go ne go lebega e le tsholofetso e e neng e ka se diragale ka gore Babilone e ne e le mmusomogolo wa lefatshe ka nako eo e bile gape o ne a ripitlile Jerusalema gotlhelele. Mme dingwaga di ka nna makgolo a mabedi pele ga seo, Jehofa o ne a bo a bolela gore mmusi wa Peresia, e bong Kurose e ne e tla nna ene yo o neng a tla diga mmuso wa Babilone a ba a golola batho ba Gagwe mme o ne a bolelela pele gore noka ya Babilone e ba neng ba itshireletsa ka yone e ne e tla palelwa. O ka ipalela pego eno mo go Isaia 44:24–45:4.
Buka ya Go Fetolana ka Dikwalo e tlhalosa gore tsholofetso eo e ne ya diragadiwa jang: “Kurose o ne a ise a tsalwe fa boporofeti bo ne bo kwalwa . . . . Boperofeti bo ne jwa diragadiwa ka botlalo go simologa ka 539 B.C.E. Kurose o ne a faposetsa metsi a Noka ya Eufuretase mo letšheng la maitirelo, dikgoro tsa noka tsa Babilona di ne tsa tlogelwa di butswe ka botlhaswa fa go ne go jewa moletlo mo motseng, mme Bameda le Baperesia ba thopa Babilona ba eteletswe pele ke Kurose. Morago ga foo, Kurose a golola batshwarwa ba Bajuda mme a ba busetsa kwa Jerusalema ka ditaelo tsa go aga tempele ya ga Jehofa koo.”a Tsholofetso nngwe le nngwe e e tshwanang le eno e e dirilweng ke Modimo, boperofeti bongwe le bongwe jo bo mo Baebeleng, bo ile jwa diragala kwa ntle ga phoso epe.
Sekai se sengwe sa boporofeti jo bo diragaditsweng ke jwa gore go ikanya go fokotsegile thata mo lekgolong la rona la dingwaga. Baebele e ne ya bolelela pele gore seno se ne se tla tshwaya motlha o re tshelang mo go one, ka gore e bitsa motlha o o simologileng ka Ntwa ya Lefatshe I ka 1914 ya re ke ‘metlha ya bofelo’ gape ya re e tla lere “dipaka tse di tlhokofatsang.” Bo ne jwa itsise gore mo motlheng wa rona batho ba ne ba tla nna “baithati, . . . babelafadi, baipegi, . . . ba ba sa lebogeng, ba ba sa itshepang, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa itshwareleng, bapateletsi, . . . baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba ikgogomosang.” Gape e ne ya bolelela pele jaana: “Mme batho ba ba bosula le batsietsi ba tlaa nna ba sulafalela pele fela.” (2 Timotheo 3:1-4, 13) Seno ke sone tota se re se boneng mo motlheng wa rona.
O ka ikanya Baebele ka gore e boammaaruri. Ga go na motho ope yo o kileng a atlega fa a leka go supa gore Baebele ga e boammaaruri. Rasaense yo o itsegeng thata Sir Isaac Newton o ne a bolela jaana: “Ke bona matshwao a a tlhomameng a gore Baebele e boammaaruri mo teng ga yone go na le mo hisitoring epe ya selefatshe.” Ga go na dilo dipe tsa maaka tse di tshwanang le tsa “ditayari” tsa ga Hitler mo go yone! Mme gone Baebele e ntse jang fa e bapisiwa le mekwalo e mengwe ya bogologolo? The Bible From the Beginning e bolela jaana: “Mo mekwalong ya bogologolo [mekwalo ya seatla] ya MSS. le mo dingwageng tse di fetileng fa gare ga fa MSS. ya kwa tshimologong le fa e ne e tlhomamisiwa gore e boammaaruri, Baebele kwantle ga pelaelo e gaisa mekwalo ya bogologolo [ya ga Homer, Plato le ba bangwe]. . . . Fa go kopanngwa mekwalo ya bogologolo ya MSS. e mmalwanyana fela fa e bapisiwa le ya Baebele. Ga go na buka epe ya bogologolo e e ka nang le bosupi jo bontsi jaaka Baebele.” Sengwe le sengwe ka Baebele se e supa ka botlalo gore ke ya mmatota.
O ka ikanya Baebele ka gore e a nepa mo go sengwe le sengwe se e se bolelang. Baebele e bolela gore Modimo o “phuthololela botsheka kwa sebakeng se se lolea fela, o lepeletse lefatshe kwa go seng sepe.” (Jobe 26:7) Go na le gore e bue dikgopolo tse di neng di ikakanyediwa fela tsa motlha wa yone, tse di tshwanang le gore lefatshe le tshegeditswe ke ditlou, Baebele e ile ya bua se se neng sa tlhomamisiwa ke saense gore ke boammaaruri—gore lefatshe le “lepeletse” mo go seng sepe. Mo godimo ga moo, dingwaga tse di fetang dikete tse pedi pele ga motlha wa ga Columbus, Baebele e tlhalositse sentle gore lefatshe le kgolokwe.—Isaia 40:22.
O ka ikanya Baebele ka lebaka la go ikanyega ga yone le gore e bolela dilo jaaka di ntse. Bakwadi ba Baebele ga ba a bua maaka mo go sepe. Lefa se ba neng ba se bua se ne se ba supa ba le bosula, mo ditsaleng tsa bone le mo babusing ba bone, ba ne ba bega dilo tse di diragetseng ka boikanyego. Ka sekai, moaposetoloi Mathaio mo efangeleng ya gagwe, o ne a dumela sentle fela a sa fitlhe gore baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ka dinako tse dingwe ba ne ba sa supe tumelo e e lekaneng, ba ne ba lwela go tlotlomala, ba bo ba latlha Jesu fa a ne a tshwarwa.—Mathaio 17:18-20; 20:20-28; 26:56.
Lebaka le lengwe le le tlhomologileng la go ikanya Baebele ke gore kgakololo ya Baebele e itshupile e kgona go dirisiwa e bile e na le mosola nako le nako fa batho ba ne ba e tshepa mo go lekaneng mme ba e dirisa. (Diane 2:1-9) Kgakololo ya Baebele e farologana thata le kgakololo e e fetogang gantsintsi ya “baitse” ya go itshokela mathata a botshelo. The Sunday Times ya Lontone e botsa jaana mabapi le bakwaladikgang ba ba nayang kgakololo e e ntseng jalo mo makwalodikgannyeng a setšhaba: “A diketekete tsa batho ngwaga le ngwaga di bolelela bagakolodi ba ba senang maitemogelo ba ba nayang kgakololo fela ba sa akanye maikutlo le dikgopolo tsa bone?” Bakwadi ba Baebele ba ne ba sa kwale fela ba sa akanye. Ba ne ba kwala kgakololo e o ka e ikanyang e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e e itshupileng e ikanyega mo hisitoring yotlhe.—2 Timotheo 3:16, 17.
“Kgakololo ya Baebele e ntshireleditse gore ke se ka ka tsaya tsela e e kabong e sentse botshelo jwa me,” go bolela jalo Ellen, yo a leng mo dingwageng tsa gagwe tsa bo30 e bile a le mo lenyalong le le itumetseng. “Batsadi ba me ba ba neng ba tlhalane, ba ne ba sa dumele mo thulaganyong ya lenyalo, e bile tota ba ne ba nkgothaletsa gore ke nne le mongwe fela go na le gore a nnyale. Fa ke akanya ka tsela e melaometheo ya Baebele e neng ya dira gore botshelo jwa me bo tlhomame ka yone, ke itumelela go bo ke ne ka ikanya Baebele go gaisa kgakololo ya batsadi ba me.”—Bona Baefeso 5:22-31; Bahebere 13:4.
“Ke ne ke na le dingwaga tse 14 fela fa ke ne ke simolola go ithuta se Baebele e neng e se bua ka dilo,” go bolela jalo Florence. “Jaanong fa ke akanya ka dingwaga tsele tsa bo1960 le mathata a balekane ba me ba neng ba ipakela one ka go sala morago mekgwa le boitshwaro jwa metlha eo, ke lebogela tshireletso ya kgakololo ya Baebele e ke e boneng ke santse ke le mosadi yo mmotlana yo o senang boitemogelo.”—Bona 1 Bakorinthe 6:9-11.
James o bolela jaana: “Nna ke ne ke tseneletse mo go betšheng, go goga le go nwa.” O tswelela ka go re: “Ke itse gore go dira jalo go diretse batho ba bantsi thata le ba malapa a bone mathata a a ntseng jang. La ntlha ke ne ke sa kgone go lemoga gore Baebele e ne e ka nthusa mathata a me. Mme jaanong ke kgona go bona sentle gore e amile tsela e ke akanyang ka yone jang ka tsela e e molemo le gore e nthusitse jang gore ke tshele ka mokgwa o o molemo thata.”—Bona 2 Bakorinthe 7:1.
Mary Anne o ne a akanya gore a ipolae ka lebaka la dikgatelelo tsa botshelo le mathata a maikutlo a a bakilweng ke tsela e e neng e tletse mathata e a godisitsweng ka yone. O bolela jaana: “Go ne go lebega go ipolaya e le yone fela tharabololo ka nako eo. Mme Baebele e ne ya fetola tsela e ke neng ke akanya ka yone. Se ke se badileng mo Baebeleng ke sone fela se nkganetseng go ipolaya.”—Bona Bafilipi 4:4-8.
Ke eng se se thusitseng batho bano botlhe? Ba ne ba ikanya Modimo, le Lefoko la gagwe, Baebele, ka botlalo. Modimo o ne a nna jaaka tsala e e rategang e ba e ikanyang e e neng e ba sebela mo ditsebeng tsa bone e ba gakolola ka dinako tsa mathata. (Bapisa Isaia 30:21.) Ba ne ba ithuta melaometheo ya Baebele e e neng ya ba thusa gore ba itshokele mathata le dikgatelelo tsa botshelo. Gape ba ne ba ithuta go ikanya ditsholofetso tse di molemo tse di tswang kwa Modimong yo o ka se keng wa aka—jaaka tsholofetso ya botshelo mo “lefatsheng le leša” le lentle le le senang tsietso epe, maaka, boferefere le le senang bohutsana, bolwetse le e leng loso!—2 Petere 3:13; Pesalema 37:11, 29; Tshenolo 21:4, 5.
Le wena o ka e ikanya ka tsela e e tshwanang. Lefatshe gompieno le ka nna la go direla boferefere ka lebaka la go bo o le ikanya, mme o ka tlhomamisa gore fa o ikanya Modimo le Lefoko la gagwe ga o kitla o swabisiwa. Bagatisi ba makasine ono ba tla itumelela go rulaganyetsa gore mongwe a go thuse gore o itse Modimo le Lefoko la gagwe, Baebele, botoka.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Modimo o ne a bolelela pele kafa Babilone a neng a tla digwa ka teng dingwaga di ka nna 200 pele ga seo se direga
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Sir Isaac Newton o ne a lemoga fa Baebele e ka ikanngwa