A Malatsi a Bodumedi a Khutshwafetse?
“Lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”
ISAIA, MOPOROFETI WA MOISERAELE WA LEKGOLO LA BO8 LA DINGWAGA B.C.E.
MOPOROFETI wa Mohebera Isaia o ne a bolelela pele jalo gore letsatsi lengwe batho botlhe ba ba mo lefatsheng ba tla bo ba obamela Modimo Mothatayotlhe ka kutlwano. Lefa go ntse jalo, gompieno, tsholofelo e e ntseng jalo ga e lebege e ka diragala mo bogautshwaneng.
Ka sekai, kwa tshimologong ya ngwagakgolo ono, balweladiphetogo bangwe ba Bakomanisi ba kwa Russia ba ne ba dumela gore go ne go tshwanetse ga tsewa kgato e e tshwanetseng ya go nyeletsa bodumedi gore go gololwe batho ba maemo a a kwa tlase. Ba ne ba bolela gore bolatolamodimo bo ne bo tla ‘golola setlhopha sa babereki mo mekgweleong ya go tlhaolwa ka maemo le go tsiediwa ga nako e e fetileng.’ Ka 1939, ke fa Stalin a setse a fokoditse palo ya dikereke tsa Orthodox tsa kwa Soviet Union ga sala di le 100 fela, fa di bapisiwa le di le 40 000 pele ga 1917.
Hitler le ene o ne a leba bodumedi e le sekgoreletsi se se tla mo thibelang go busa ka botlalo. “Motho o ka nna Mokeresete kana Mojeremane. Ga a kake a nna tsone tsoopedi,” o ne a kile a rialo. O ne a ikaeletse go fedisa ka bonya ka bonya mefuta yotlhe ya kobamelo e a sa kgoneng go e laola. Go fitlhelela boikaelelo joo, Banasi ba ne ba itirela dikadithapelo tsa bodumedi, mekete, dikolobetso le e leng ditirelo tsa phitlho. Hitler e ne e le mesia wa bone, lefatshe la borraabo e le modimo wa bone. Bosetlhogo bope fela bo ne bo ka dirwa fa Hitler a ne a rata bo dirwa.
A Bodumedi bo mo Malatsing a Bofelo?
Stalin le Hitler ba ne ba se ka ba atlega mo letsholong la bone la go thibela bodumedi. Mme jaanong go sa amege thata ka bodumedi ke gone go tsereng sebaka sa bosetlhogo. Ditiragalo tseno ga di gakgamatse baithuti ba Baebele. Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Timotheo gore mo “metlheng ya bofelo” batho ba ne ba tla nna “barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo.”—2 Timotheo 3:1-4.
A Baebele e ruta gore ‘mo metlheng eno ya bofelo,’ go itlhokomolosiwa ga bodumedi go ne go tla etelela pele go fedisiwa ga ditumelo tsotlhe? Nnyaa. Baebele ga e bolelele pele gore ditumelo tsotlhe di tlile go fedisiwa, mme e tlhalosa gore bodumedi jwa maaka—joo bo filweng leina la tshwantshetso la Babilone o Mogolo—bo tla khutla.a Buka ya Tshenolo ya re: “Mme moengele mongwe yo o thata a tsaya lentswe, e kete lolwala lo logolo, a lo thabuetsa mo lewatleng, a re: ‘Babilone, motse o mogolo o tlaa piriganngwa jalo ka piriganyo e kgolo, mme ga o ketla o tlhola o bonwa gope.’”—Tshenolo 18:21.
Lefa go ntse jalo, go nyelela ga bodumedi jwa maaka ga go kitla go dira gore lefatshe le tlale boikepo. Go fapaana le seo, Pesalema 22:27 e perofesa jaana: “Dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tlaa gakologelwa, di boela mo go Jehofa; le ditshika tsotlhe tsa merafe di tlaa obama fa pele ga gago.” Akanya fela ka nako ya fa “ditshika tsotlhe tsa merafe” di kopana mmogo go obamela Modimo o o osi wa boammaaruri! Tsholofetso eo e e tlhomologileng e tla diragadiwa ka tsela e e itumedisang thata mo Bogosing jwa Modimo. (Mathaio 6:10) Fa nako eo e tla, bodumedi—bodumedi jwa boammaaruri—bo tla nna botlhokwa thata. Mme go tweng ka gone jaanong?
Go Kgotsofatsa Dilo Tse di Tlhaelang Tsa Semoya
Go tlhaela dilo tsa semoya go go tletseng kwa Yuropa gompieno go tshwana le kafa go neng go ntse ka teng mo Mmusomogolong wa Roma mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mokwalahisitori, Will Durant o tlhalosa kafa tumelo ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e neng e kgona go kgotsofatsa batho ka dilo tsa semoya ka teng ka nako eo jaana: “Go ne ga tla boitsholo jo bosha jwa bokaulengwe, bopelonomi, boitlotlo le kagiso ka nako ya fa batho ba ne ba tlhoka kitso ya se se molemo le se se bosula fa boheitane bo ne bo nyelela, ka nako ya Ba-Stoic ba ba neng ba sa tshwenyege ka dilo le ka nako ya mekgwa e e maswe ya Baepikurea, go fitlha mo lefatsheng le le tletseng bophologolo, bosetlhogo, kgatelelo le go sa latele kaelo epe fa go tla mo tlhakanelodikobong, go fitlha le mo mmusomogolong o o neng o sa tlhole o tlhoka banna ba ba nonofileng kana medimo ya ntwa.”
Boitsholo le dilo tsa semoya tse batho ba di tlhokang mo matshelong a bone mo motlheng ono wa rona, di ka kgotsofadiwa ka molaetsa o o nonofileng o o tshwanang le o o neng o rerwa ke Bakeresete ba ntlha mo Mmusomogolong wa Roma. Mme e bile go na le batho ba ba reetsang. Batho ba bantsi ba Yuropa, le mororo ba sa itshupe gore ba rata bodumedi, ba santse ba ikutlwa gore Modimo o botlhokwa thata mo matshelong a bone. Le fa gone ba sa tlhole ba ya kwa ditirelong tse di tlwaelegileng tsa kereke, ba le bantsi ba kgotsofatsa dilo tse ba di tlhaelang tsa semoya felo gongwe.
Juan José, lekawana lengwe la kwa Palma de Mallorca, kwa Spain, o ne a tsena sekolo sa Katoliki e bile a dira jaaka mosimane yo o thusang kwa aletareng go fitlha fa a na le dingwaga tse 13. O ne a nna teng kwa Mmiseng ka Sontaga nngwe le nngwe le lelapa la gaabo mme e ne ya re fa a fitlha mo dingwageng tsa bolesome a tlogela go tlhola a ya kerekeng. Ka ntlha yang? Juan José o tlhalosa jaana: “Selo se segolo ke gore Mmisa o ne o ntapisa pelo. Ke ne ke itse dithapelo ka tlhogo. Ke ne ke utlwa e kete go boaboelediwa dilo tse nkileng ka di utlwa. Mo godimo ga moo, moruti wa lefelo la rona gantsi o ne a sa re tshware sentle, rona basimane ba ba neng ba thusa kwa aletareng. E bile ke ne akanya gore go phoso gore batho ba ba humanegileng ba duele moruti madi gore a ba tshwarele tirelo ya phitlho.
“Ke ne ke santse ke dumela mo Modimong, mme ke ne ke akanya gore ke ka mo direla ka tsela e ke e bonang, e seng mo kerekeng. Ke ne ka leka go itumelela botshelo kafa ke ka kgonang ka teng le setlhopha sa ditsala. Tota o ka nna wa re boitlosobodutu e ne ya nna selo sa botlhokwa mo botshelong jwa me.
“Lefa go ntse jalo, ke ne ka simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa fa ke ne ke na le dingwaga tse 18. Tota ba ne ba nnaya eng se ke neng ke sa se bona kwa kerekeng? Tumelo e e tlhomameng e e bolelwang ke Baebele e seng dingwao le ‘masaitseweng’ a ke neng ke sa a tlhaloganye. Lefa go ntse jalo, dilo tse disha tse ke neng ke di dumela di ne di batla gore ke dire diphetogo tse dikgolo. Go na le gore ke rulaganye diphathi tsa kwa didisekong mo mafelobekeng mangwe le mangwe, ke ne ka simolola go tsamaya ka ntlo le ntlo ke bolelela baagisani ba me ka tumelo ya me e ntšha. Go tshwarega ka go thusa ba bangwe go ne ga nthusa gore ke nne le se ke se tshelelang. Ke ntse ke le modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa mo dingwageng tse supa tse di fetileng.”
Ga se batho ba basha fela ba ba batlang go kgotsofatsa dilo tse ba di tlhaelang mo bodumeding. Antonia, mosadi mongwe yo o godileng wa kwa Extremadura, kwa Spain, o bolela gore o feditse karolo e kgolo ya botshelo jwa gagwe a “batla Modimo.” Fa a santse a le mo dingwageng tsa bolesome, o ne a ya kwa Mmiseng letsatsi le letsatsi mme kgabagare o ne a ya kwa lefelong la baitlami la Katoliki, e re ka a ne a dumela gore “fa e le gore Modimo o ka se bonwe kwa lefelong la baitlami, go raya gore ga go na kwa a ka bonwang teng.” Mme o ne a tlogela lefelo leo la baitlami dingwaga tse tharo moragonyana, a ikutlwa a swabile e bile a tshwenyegile thata mo tlhaloganyong go feta pele.
Kgabagare o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa fa a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo50. O tlhalosa jaana: “Ke ne ka itumela tota fa Basupi ba ne ba nketela mme ba araba dipotso tsa me ka Baebele eno ya me. Ke na le se ke se tshelelang fa e sa le ke nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke na le mathata mme ke kgona go a itshokela gonne ke itse Modimo wa boammaaruri jaanong.”
Maitemogelo a batho ba babedi bano ga se one fela. Batho ba bantsi ba ba sa dumalaneng le bodumedi ba kopanela le Basupi ba ga Jehofa mme ba fitlhela go tshela tumalanong le tumelo ya bone le go rerela ba bangwe go dira gore ba nne le se ba se tshelelang.
Bodumedi Jwa Boammaaruri bo Botlhokwa go Feta Pele
Le mororo re tshela mo nakong e batho ba le bantsi ba sa batleng bodumedi, go tla bo go sa utlwale go bolela gore ditumelo tsotlhe ga di a siama. Ke boammaaruri gore mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga, batho ba tlogela dingwao tse di senang mosola le tsa bogologolo le dithuto tse di sa dumalaneng le Dikwalo e bile ba kgala ba ba yang kerekeng fela gore go akanngwe gore ba a e rata. Tota e bile, Baebele e akantsha gore re tlogele bodumedi jwa boitimokanyi. Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore mo “metlheng ya bofelo,” batho bangwe ba tla bo ba ‘tshotse setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse.’ Batho ba ba ntseng jalo ba lebega ka fa ntle e kete ke badumedi, mme boitsholo jwa bone bo a latola. Tota re tshwanetse ra reng ka go itimokanya gono ka bodumedi? “Le bone bao o kgaogane nabo,” Paulo o ne a gakolola jalo.—2 Timotheo 3:1, 5.
Mme Paulo o ne a bolela gape gore “bodumedi bo ungwa thata.” (1 Timotheo 6:6, New English Bible) Paulo o ne a sa bue ka bodumedi bongwe le bongwe fela. Lefoko la Segerika le le ranotsweng fano jaaka “bodumedi” e ne e le eu·seʹbei·a, e e kayang “go ineela kana go tlotla Modimo.” Bodumedi jwa boammaaruri, go ineela ka boammaaruri mo Modimong, go naya “tsholofetso ka ga botshelo jwa gompieno, le ka ga jone jo bo tlaa tlang.”—1 Timotheo 4:8.
Jaaka fa dikao tse di umakilweng fa godimo di supa, bodumedi jwa boammaaruri bo ka dira gore o nne le se o se tshelelang le go go thusa go emelana le mathata o nonofile. Se se fetang seo, fa o le mo bodumeding jwa boammaaruri o tla bona isagwe e e sa khutleng. Go botlhokwa thata gore o nne mo kobamelong ya mofuta ono, e re ka re tlhomamisediwa gore kgabagare e tla ‘tlala lefatshe.’b (Isaia 11:9; 1 Timotheo 6:11) Ga go na pelaelo ka gone, eno ke nako ya gore bodumedi jwa boammaaruri bo nne botlhokwa le go feta.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Baebele e dirisa motse ono wa bogologolo wa Babilone go tshwantshetsa mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, ka go bo dikgopolo tse dintsi tsa bodumedi tse di seng mo Dikwalong di ile tsa simologa mo go one. Fa makgolo a dingwaga a ntse a feta, dikgopolo tseno tsa kwa Babilone di ne tsa tsenelela mo ditumelong tse dikgolo tsa lefatshe.
b Gore o bone koo go tlotliwang ka tsela ya go tlhaola bodumedi jwa boammaaruri teng, bona kgaolo 5 e e reng, “Modimo o Amogela Kobamelo ya Bomang?” mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ka 1995 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Kgang Ya Dikago Tse Pedi
Spain e tletse ka dikago tsa bodumedi, mme botlhaga jo dikereke tse dikgolo tsa madi a mantsi di neng di agiwa ka jone bo lebega bo fedile. Ka sekai, kwa Mejorada del Campo, kafa ntle ga Madrid, go agiwa kereke e ntle tota ya Katoliki. Justo Gallego Martínez, yo e kileng ya bo e le moitlami wa setlhopha sa Benedict, o ne a simolola kago eno dingwaga di le 20 tse di fetileng. Lefa go ntse jalo, kago eno e santse e le legaga fela. Martínez, yoo a e agang a le esi, jaanong o mo dingwageng tsa gagwe tsa bo60, ka jalo ga go lebege kereke eo e santse e tla fela go agiwa. Lefa go ntse jalo, go ne ga diragala sengwe se se farologaneng fa o tsamaela dikilometara di le 300 go ya kwa borwa.
“Tumelo e Sutisa Dithaba” ke kafa lokwalodikgang longwe lwa lefelo leo lo neng lwa tlhalosa ka teng tiro ya go aga Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e tsereng malatsi a mabedi ya kwa Martos, kwa Jaén, kwa Spain. Lokwalodikgang lwa lefelo leo lo ne lwa botsa jaana: “Go kgonega jang gore mo lefatsheng leno le le tletseng bopelotshetlha, go bo go na le baithaopi ba ba pelotshweu ba ba tswang kwa dikgaolong tse di farologaneng [tsa Spain] ba ba tlileng mo Martos go tla go aga kago e e di fetileng tsotlhe ka bofefo, botswerere le thulaganyo jaana?” Setlhogo seno se ne sa araba potso eno ka go umaka mafoko ano a mongwe wa baithaopi: “Seo se dirang gore seno se atlege ke ntlha ya gore re batho ba ba rutwang ke Jehofa.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Mejorada del Campo
Holo ya Bogosi kwa Martos