LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 6/8 ts. 30
  • A o Kile wa Bona Phatsimo e e Botala Jwa Tlhaga?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Kile wa Bona Phatsimo e e Botala Jwa Tlhaga?
  • Tsogang!—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Kgalalelo” ya Dinaledi
    Tsogang!—2012
Tsogang!—1996
g96 6/8 ts. 30

A o Kile wa Bona Phatsimo e e Botala Jwa Tlhaga?

ABO go le monate jang ne go leba bontle jwa letsatsi fa le wela! Phatsimo e e sisibetseng ya letsatsi e dira mebala e mentle jaaka fa lesedi le ntse le raletse atemosefere ya lefatshe. Tiragalo eno e e jesang kgakge e tsamaisana le se se bidiwang phatsimo e e botala jwa tlhaga. Fa maemo a siame, phatsimo e e botala jwa tlhaga e bonala fa letsatsi le kotlomela. Tiragalo e nngwe gape e e diragalang ka sewelo e e bidiwang phatsimo e e botala jwa loapi yone go bolelwa gore e ntle go gaisa eno.

Go phatsima gono ga mebala go bakiwa ke eng? Ke eng go nna ka lobaka lo lokhutshwane thata jaana? E bile ke eng fa go diragala ka sewelo fela? Gore re kgone go araba dipotso tseno, re tshwanetse gore re tlhaloganye pele se se diragalang ka lesedi la letsatsi fa le fitlha mo atemosefereng ya lefatshe.

Lesedi la letsatsi le le phatsimelang mo lefatsheng le na le mebala yotlhe ya mola wa godimo. Fa lesedi leno le tsena mo atemosefereng ya lefatshe, atemosefere e tshwana fela le kirisetale e tona ya matlhakore a a sa lekalekaneng mme e gasanya lesedi kana e a le farologanya. Lesedi le gasanngwa go ya ka boleele jwa lekhubu la lone.

Makhubu a lesedi le le botala jwa legodimo a makhutshwane e bile a tlalatlala mo atemosefereng yotlhe. Ke gone ka moo loapi lo lebegang lo le lotala fa letsatsi le le fa godingwana ga kgala fa go sena maru. Mme fa letsatsi le le gaufi le kgala—jaaka fa letsatsi le wela—lesedi la letsatsi le tshwanelwa ke go ralala atemosefere lobakanyana pele re kgona go le bona. Seo se dira gore re se ka ra bona lesedi le letala le le gasameng. Kafa letlhakoreng le lengwe, makhubu a maleele, jaaka a mmala o mohibidu a kgona go kgabaganya atemosefere e e kitlaneng motlhofo. Seno se dira gore letsatsi le lebege jaaka re le tlwaetse le le lehibidu kana le le mmala wa namune.a

Lefa go ntse jalo, fa maemo a ntse ka tsela nngwe, phatsimo ya botala jwa tlhaga kana ya jwa loapi e ka bonwa fa letsatsi le phirima. E diragala jang? Fa ntlha e e kwa godimo ya letsatsi e kotlomela kwa tlase ga kgala, lesedi la letsatsi le gasama ka mebala e e tshwanang le ya mola wa godimo. Kwa tlase go bonala lesedi le lehibidu mme le le botala jwa loapi le bonala kwa godimo ga mebala yotlhe. Fa letsatsi le ntse le kotlomela, karolo e khibidu ya mebala e wela kwa tlase ga kgala mme gantsi atemosefere e gasanya karolo ya lesedi leno le le botala jwa loapi. Mo lobakeng lono ke gone fa lesedi le le santseng le bonala le phatsimang le le botala jwa tlhaga. Mme ke ka ntlha yang fa le nna botala jwa tlhaga? Gonne botala jwa tlhaga ke nngwe ya mebala e megolo mo leseding.

Fa loapi lo kgotlelegile thata, phatsimo ya botala jwa tlhaga e bonwa sewelo tota e bile phatsimo ya botala jwa tlhaga e bonala fela fa atemosefere e le phepa ka tsela e e sa tlwaelegang e bile go na le lesedi le lentsi le le botala jwa loapi lo lo ralalang loapi go dira gore go bonale lesedi le le phatsimang thata.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Tsogang!, December 8, 1987, (ka Seesemane) tsebe 16, go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka phirimo ya letsatsi.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

Sunset: ©Pekka Parviainen/SPL/Photo Researchers

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela