LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 6/8 ts. 24-27
  • Bosupi—Jwa Tumelo Ya Bone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bosupi—Jwa Tumelo Ya Bone
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshupo Tsa Fora
  • Maitemogelo a Botho
  • Pulo
  • Karabelo ya Batho
  • Bosula Jwa Ba-Nazi bo a Senolwa
    Tsogang!—1995
  • Baboloka Bothokgami ba ba Pelokgale ba Fenya Pogiso ya Banasi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ba Itumetse mo Lefatsheng le le Senang Boitumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ke Eng se se Ileng sa Diragalela Basupi ba ga Jehofa ka Nako ya fa Banasi Ba ne Ba Gaila Batho?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 6/8 ts. 24-27

Bosupi—Jwa Tumelo Ya Bone

NGWAGA wa 1995 e ne e le ngwaga wa bo50 wa segopotso sa kgololesego ya dikampa tsa Bonasi tsa pogisetso. Go ralala Yuropa, batho ba ba bogisitsweng ke Banasi ba ne ba keteka letsatsi leno ka dikokoano tse dikgolo tse di neng di tsenwe ke baeteledipele ba Dipuso kwa Auschwitz, Bergen-Belsen, Buchenwald, Dachau, Ravensbrück, Sachsenhausen le kwa dikampeng tse dingwe. Se se neng se buiwa kgapetsakgapetsa e ne e le gore, “E kete le ka motlha re ka se lebale!”

Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dira ditshupo kwa Yuropa ka lone lebaka leno ka ngwaga wa segopotso. Bontsi jwa Basupi ba ne ba tshwerwe ke puso ya ga Hitler ka gore ba ne ba ganne go dumedisa Hitler le go tshegetsa ntwa. Go simolola ka 1933 go ya pele, diketekete tsa bone ba ne ba tshwarwa mme ba swa ka ntlha ya tsela e ba neng ba tshwerwe ka yone.

Lefa go ntse jalo, batho ka kakaretso ba ne ba sa itse dilo tse di ba diragaletseng. Seno se dirile gore go nne le polelo e e reng “batswasetlhabelo ba hisitori ba ba lebetsweng.” Setlhopha sa Basupi ba ba falotseng se ne sa supa gore se eletsa go gopola ba malapa a bone le ditsala tsa bone ba ba neng ba bogisiwa, ba tsenngwa mo dikgolegelong, ba tlhokofadiwa kgotsa ba bolawa, le go itsise tumelo le bopelokgale tse di bontshitsweng ke Bibelforscher, leina le Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bidiwa ka lone kwa dikampeng tsa pogisetso.

Ka September 29, 1994, United States Holocaust Memorial Museum e e kwa Washington, D.C., e ne ya tshwara seminara e e malebana le Basupi ba ga Jehofa kwa dikampeng tsa pogisetso. Morago ga moo, bafalodi ba kampa ba ne ba tshwara dikopano tse pedi tse dikgolo tsa go kopana gape kwa Fora, ka March 28, 1995, kwa Strasbourg le ka March 30, kwa Paris. Go ne go ama maikutlo thata go utlwa banna le basadi ba jaanong ba tsofetseng, ba ntse ba ikanyegile dingwaga tse 50 moragonyana ba ntse ba bolela maitemogelo a bone. Go ne ga tshwarwa pokano e nngwe ka April 27, kwa Brandenburg, kwa Jeremane, gaufi le Berlin. Mo letsatsing le le latelang, batho ba bantsi ba ba falotseng ba ne ba nna teng kwa meletlong e e neng e rulagantswe ke Puso ya Brandenburg mme ba etela dikampa tse di farologaneng.

Ditshupo Tsa Fora

Kwa dikopanong tseno tse di neng di na le setlhogo se se reng “Mémoire de Témoins” (Bosupi Jwa Basupi), e ne ya dirwa la ntlha. Go simologa ka May 1995 go ya go April 1996, ditshupo di ne tsa isiwa kwa ditoropong di le 42 kwa Fora le kwa ditoropong tse di farologaneng tsa kwa Belgium le Switzerland kwa go buiwang Sefora teng. Se se botlhokwa le go feta, banna bano le basadi bano ba ba neng ba le mo ditshupong tseno e ne e le Basupi ba ga Jehofa Modimo. Mme gape ke basupi ba tshotlego e bone le ba bangwe ba neng ba e itshokela kwa dikampeng tsa pogisetso. Ke bosupi jo bo tshelang jwa mekgwa ya letlhoo le le bakileng tshotlego le loso lwa dimilione tsa batho ka ntlha ya lotso lwa bone le bodumedi jwa bone. Mo godimo ga moo, bosupi jwa bone bo senola ka mo ba go tweng ke Bakeresete ba neng ba tlhopha mesia wa maaka, Hitler, go na le Jesu Keresete; ba ba neng ba kgetha go tlhoa go na le go rata moagelani; thubakanyo go na le kagiso.

Ditshupo tseo di ne di akaretsa dimati di le 70 tse di neng di supa tatelano ya ditiragalo—go bulwa ga dikampa kwa Dachau le Oranienburg ka March 1933; Melao ya Nuremberg go “sireletsa madi a Bajeremane,” ka September 1935; Anschluss, kgotsa go gapiwa ga Austria ke Jeremane, ka March 1938; Kristallnacht (Bosigo jo bo Phatsimang), ka November mo ngwageng oo, o ka one diketekete tsa mabentlele a Bajuta di neng tsa thubiwa mme batho ba ba fetang 30000 ba neng ba tshwarwa ba bo ba kobiwa; go thibelwa ka bonya ka bonya ga Basupi ba ga Jehofa; go tlhaselwa ga Soviet Union, ka June 1941; le go bolawa ga batho ba ba lwalang tlhaloganyo, go simolola ka 1939 go ya go 1941.

Dimati di le mokawana di ne di supa basha ba bantsi ba rutiwa mo Hitler Youth le tsela e mekoloko ya Banasi kwa Nuremberg e neng e kgatlha batho ka yone. Dinepe di ne tsa gopotsa batho gape ka moo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gana ka gone go ineela mo moeteledipeleng wa monasi le go dumedisa Hitler. Dimati tse dingwe di ne di supa ka fa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba sotlwa ka gone ka go buiwa ka tsela e e seng yone le ka fa ka 1935, ba neng ba anamisa dimakasine le dipampitshana tse di neng di senola ditiro tse di bosula tsa Banasi ka gone.

Maitemogelo a Botho

Dimati tse di ka tshwarang 40 di ne di tlhalosa maitemogelo a banna le basadi go ralala Yuropa ba ba neng ba bogisiwa ba bo ba bolaelwa tumelo ya bone. Batho ba ba neng ba kgona go falola ba ne ba ema ditshupo tseo nokeng ka go nna teng, le baeti ba ne ba ba reetsa ka kelotlhoko. Bana ba ne ba kgatlhega thata fa Louis Arzt a ne a bolela polelo ya gagwe. Ga bone e ne e le kwa Mulhouse kwa Fora, mme o ne a tsewa mo batsading ba gagwe a romelwa kwa Jeremane ka ntlha ya go gana go re “Heil Hitler!” kwa sekolong. “Lesole la SS le ne la ntiteela go bo ke ne ke gana go dumedisa Hitler. O ne a ntitaya ga 30. Malatsi a mabedi moragonyana, o ne a ntshotla mme a leka go gapa maikutlo a me. ‘Akanya ka mmago. O tla itumelela go go bona. Se o tshwanetseng go se dira fela ke gore o re “Heil Hitler!” o bo o pagama terena.’ Go ne go le bokete mo ngwaneng wa dingwaga tse 12,” o ne a oketsa jalo. Ba bantsi ba ne ba amiwa maikutlo ke maitemogelo a ga Joseph Hisiger yo o neng a ananya borotho jwa gagwe jwa beke yotlhe ka Baebele ya legolegwammogo le ene la Moporotesetanta.

Dipotsolotso tse di neng di theipilwe mo bidiong le batho ba ba neng ba kobiwa e ne e le selo se se botlhokwa sa kwa ditshupong tseo. Dipotsolotso tse dingwe di ne tsa dirwa kwa dikampeng—ka sekai, kwa Ebensee kwa Austria le kwa Buchenwald le Sachsenhausen kwa Jeremane. Dipotsolotso tse dingwe di ne di rekotile diikgopodiso tsa Basupi ba ba neng ba isiwa koo e le bana, tse dingwe e le tsa mefuta e e farologaneng ya botshelo jwa mo kampeng.

Pulo

Go ne go na le pokano e khutshwane ya pulo e e neng e tshwarwa fa go simololwa ditshupo dingwe le dingwe, kwa baemedi ba batho ba ba neng ba kobilwe ba neng ba tlhalosa ka fa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba gana Bonasi ka teng. Batho ba ba neng ba kobilwe ba e neng e se Basupi mmogo le borahisitori ba le mokawana le badiredibagolo, go akaretsa tona ya pele ya puso ya Fora, le bone ba ne ba amogela ditaletso tseo gore ba bue mo meletlong eno.

Motho mongwe yo o neng a kobilwe yo o neng a itse Basupi ba ga Jehofa kwa Buchenwald o ne a bua jaana ka bone: “Ga ke itse ditlhopha dipe tsa batho ba ba neng ba kobilwe kwantle ga Bajuta, ba ba neng ba tshwerwe maswe thata: ba itewa, ba sotliwa, ba rogakwa, ba fiwa ditiro tse di maswe le go feta. Fa e ka bo e ne e se ka ntlha ya tumelo ya bone, ba ka bo ba ne ba se ka ba itshoka. Ruri ke a ba tlotla e bile ba a nkgatlha.”

Karabelo ya Batho

Batho ba ba fetang 100 000 ba ne ba etela ditshupo tseo. Mo dikarolong tse dingwe makgolokgolo a batho, go akaretsa basha, ba ne ba tlhomagane gore ba tsene mo holong ya ditshupo. Baeti ba bantsi ba ne ba bua ka fa ba ikutlwang ka teng ka go kwala mafoko a sekaenyana mo bukeng ya baeti. Ka sekai, mosha mongwe o ne a kwala jaana: “Leina la me ke Sabrina. Ke na le dingwaga di le lesome mme ke eletsa go nna pelokgale jaaka Ruth gore ke tle ke itumedise Jehofa.”a

Go ne ga kwalwa ka ditshupo tseno le mo makwalodikgannyeng. Ka kakaretso, mo toropong nngwe le nngwe go ne go na le setlhogo kana tse pedi tse di neng di tlhaga mo makwalodikgannyeng a lefelo leo. Mo godimo ga moo, diteishene tsa radio tsa mo lefelong leo gantsi di ne di anamisa dithulaganyo tse di neng di na le dipotsolotso tsa batho ba ba neng ba kobilwe. Thelebishene ya mo lefelong leo le yone e ne ya ntsha dipego tse di khutshwane. Pego nngwe ya dikgang e e neng e gasiwa mo thelebisheneng e ne e bua ka ditshupo tseo e re ke “polelo e motlhofo mme e le e e botlhoko e e tsenang mo karolong e e kwa teng ga maikutlo a a ka se buiweng ka molomo. ‘Bosupi Jwa Basupi’ jo bo supang seriti se se ka se keng sa tsewa.”

Batho ba ba falotseng ba ka se lebale le e seng segopotso sa ngwaga wa bo50 wa kgololelsego ya bone. Lefa go ikgopotsa dilo tse di botlhoko go ne go se motlhofo ka dinako tsotlhe, Basupi ba ne ba kgona go nonotsha tumelo ya ba bangwe ka go ikgopotsa le go bolelela ba bangwe maitemogelo a bone. Ba ne ba tsaya e le tshiamelo e e molemo go nna le seabe gore ba tle ba kgone go fedisa letlhoo le go tlhoka kitso mo go ntseng go le teng mo bathong bangwe morago ga dingwaga tse 50. Go feta moo, ba ne ba kgotsofalela go itse gore tshupo eo e tlotla Modimo wa bone Jehofa gape e tlhomamisa gore ba bangwe le ka motlha ba se ka ba lebala se ba neng ba se itshokela jaaka Basupi ba gagwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ruth Danner o ne a kobiwa a na le dingwaga tse robong mmogo le batsadi ba gagwe mme o ne a tlhatlhelwa mo dikampeng di le thataro tse di farologaneng. Bona 1980 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., tsebe 105.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba kobiwa le go tlhatlhelwa ke puso ya ga Hitler ba ne ba bolela se se ba diragaletseng

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ditlhogo tse di mo makasineng wa “The Golden Age” di ne di kgala bosetlhogo jwa Banasi

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Dimati tse di ka tshwarang 70 di ne di tlhalosa ditiragalo tsa kafa Banasi ba neng ba bogisa banna, basadi le bana ba ba ganneng go itatola tumelo ya bone ka gone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela