LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 7/8 ts. 17-18
  • Go Lebana le Maemo a Tshoganetso a Kalafi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lebana le Maemo a Tshoganetso a Kalafi
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgang ya Segakolodi
  • Kalafi e e Atlegileng Kwantle ga Madi
  • Go Tlwaela go sa Kgone go Dira Dilo Dingwe
  • Ga Re Maselamose E Bile Ga Re Medimo
    Tsogang!—1994
  • A o Ipaakanyeditse go ka Lebana le Boemo Jwa Tsa Kalafi jo bo Gwetlhang Tumelo?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Fedisa Diphapang tsa Dingaka le Balwetsi ba Basupi
    Tsogang!—1990
  • Go Sireletsa Bana ba Lona mo Tirisong ya Madi E e Sa Tshwanelang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 7/8 ts. 17-18

Go Lebana le Maemo a Tshoganetso a Kalafi

“KE TLA bua ka tlhamalalo fela; o na le tlhagala e e bolayang. Fa re sa e ntshe gone jaanong, e tla gobatsa dirwe tse dingwe tse di botlhokwa. Ke gone ka moo ke akantshang gore re kgaole leoto la gago.”

Mafoko ao a ngaka a ne a nkama maikutlo thata, jaaka re tle re bue mono mo Peru, jaaka kgamelo ya metsi a a tsididi. Ke ne ke na le dingwaga di le 21 fela. Kgwedi pele ga moo ke ne ke simolotse go tlhabiwa ke setlhabi mo lengoleng la molema mme ke ne ka alafelwa ramatiki. Lefa go ntse jalo, mo malatsing a se makae, ke ne ke sa kgone lefa e le go ema.

Ka nako eo, ke ne ke le modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa kwa Andes, kwa bogare jwa Peru. Fa ke sena go boela kwa toropong ya kwa gae kwa Huancayo, ke ne ka patiwa ke mmè go ya kwa toropokgolong ya Lima e e mo lotshitshing. Teng koo, ka July 22, 1994, ke ne ka robadiwa mo sepateleng se se di gaisang tsotlhe tsa kankere mo nageng eo, koo ke neng ka utlwa gore bolwetse jwa me bo bidiwa osteosarcoma.

Kgang ya Segakolodi

Ka bonakonyana ke ne ka bolelelwa gore sepatela seo ga se are kwantle ga go dirisa madi. Ngaka nngwe e ne ya bo ya re: “Ke bona go le botoka gore o swele ko lapeng go na le gore o swele mo diatleng tsa me.” Mme Komiti ya Puisano le Dikokelo (HLC [Hospital Liaison Committee]), e bong setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa ba ba dirang gore go nne le tirisanommogo gareng ga dipatela le balwetse, e ne ya tsenelela kgang mo boemong jwa me. Ka ntlha ya seo, ngakakgolo ya moari ya sepatela seo e ne ya ntsha tetla ya gore ngaka epe fela e e ikemiseditseng go itebaganya le kgwetlho eo e ka dira. Ngaka nngwe e ne e ikemiseditse, mme ke ne ka baakanyetswa go arwa ka bonako.

Ke ne ka etelwa ke batho ba le bantsi pele ga karo. Moruti mongwe, a tshotse Baebele, o ne a tla go mpona mme a bolela gore bolwetse jwa me e ne e le kwatlhao e e tswang kwa Modimong. O ne a nkopa gore ke amogele kalafi epe fela e e ka bolokang botshelo jwa me. Ke ne ka mmolelela gore ke ikemiseditse go ikobela taelo e e tswang mo Baebeleng ya go ‘ithiba mo mading.’—Ditiro 15:19, 20, 28, 29.

Baoki le bone ba ne ba na le go tsena ba dumaduma: “Ruri ke boeleele, boeleele tota!” Ditlhopha tsa dingaka le tsone di ne tsa tla. Ba ne ba batla go bona lekawana le le ganang go tshelwa madi mo mofuteng wa karo e ba neng ba akanya gore madi a tlhokega thata mo go yone. Lefa go ntse jalo, maeto a e neng e le a botlhokwa mo go nna e ne e le a Bakeresetekanna le ba losika. Baoki ba ne ba kgatlhiwa thata ke go etelwa jalo ke batho ba bantsi ba ba nkgothatsang.

Kalafi e e Atlegileng Kwantle ga Madi

Metsotso fela pele ga ke idibadiwa, ke ne ka utlwa mongwe wa baidibatsi a re: “Ga ke na go ikarabelela mo go sepe se se tla diregang!” Mme yo mongwe wa baidibatsi, mmogo le ngaka e e neng e nkara le batsamaisi ba sepatela, ba ne ba tlotla kopo ya me ya gore ke se ka ka tshelwa madi. Se se neng sa latela morago ke ne ka utlwa moidibatsi a re: “Samuel, tsoga. Karo ya gago e weditswe.”

Lefa gone leoto la me le ne le kgaotswe, ke ne ka simolola go utlwa botlhoko jo bogolo thata fa le neng le le teng. Ke ne ke batla go fokotsa botlhoko ka go ngwaa serope sa me, se se neng se sa tlhole se le teng. Ke ne ke utlwa setlhabi se se sa tlwaelegang se se feteletseng se se bidiwang phantom (go utlwa setlhabi se tota se seyong). Ke ne ke utlwa botlhoko tota, tota e ne e le botlhoko jo bo gamolang pelo lefa gone leoto le botlhoko joo bo neng bo utlwala e kete bo tswa mo go lone le ne le ntshitswe.

Morago ga moo, ke ne ka tshwanelwa ke go alafiwa ka dikhemikale. Kalafi eno e dira gore motho a latlhegelwe ke disele tse ditshweu tsa madi le dipolatelete tsa madi, tse di leng botlhokwa mo go direng gore madi a reme. Seno se ne se raya gore setlhopha se sesha sa dingaka se ne se tshwanetse go itsisiwe ka go gana ga me go tshelwa madi. Gape HLC e ne ya buisana le ba ba neng ba ikarabelela mme dingaka di ne tsa dumela go nkalafa di sa dirise madi.

Go ne ga latela matswela a ka metlha a nnang teng fa motho a dirisa kalafi ya dikhemikale—moriri wa me o ne wa tlhotlhorega mme ke feroga sebete thata, ke kgwa le go tshwenyega thata mo maikutlong. Gape ke ne ka bolelelwa gore go ne go na le bodiphatsa jwa selekanyo sa diperesente tse 35 jwa gore ke dutle madi a mantsi mo bobokong. Ke ne ka ikutlwa ke patelesega go botsa nngwe ya dingaka gore ke tlile go bolawa ke eng—kankere kgotsa kalafi ya dikhemikale.

Morago ga moo, dingaka di ne tsa bolela gore di ka se nneye kalafi e nngwe gape ya dikhemikale pele ga ba oketsa selekanyo sa disele tsa madi mo mmeleng wa me ka go ntshela madi. Ngaka nngwe e ne ya mpolelela ka bogale gore, fa a ne a kgona, o ne a tla nthobatsa a bo a ntshela madi. Ke ne ka mmolelela gore pele ga nka letla gore seo se direge, ke ne ke tla emisa kalafi ya dikhemikale gotlhelele. Ngaka e ne e supa fa e kgatlhiwa ke tsela e ke neng ke tlhomame ka yone.

Ke ne ka dumela go dirisa erythropoietin gore ke oketse selekanyo sa disele tsa me tsa madi. Fa ke sena go e tshelwa selekanyo sa disele tsa madi a me se ne sa oketsega. Morago ga moo, ke ne ka fiwa kalafi ya dikhemikale ka ditshika ka lobaka lwa malatsi a le mmalwa. E ne e a tle e re fa ke rapame ke ipotse gore, ‘A molemo o ke one o o tlileng go dira gore ke dutle madi thata mo bobokong?’ Ka lesego ke ne ka fetsa kalafi ya me yotlhe go sena matswela ape a matlhotlhapelo.

Pele ga karo ya me e ne e le tlwaelo gore sepatela se se ka sa alafa batho fa ba gana go tshelwa madi. Mme seo se ne sa fetoga. Tota e bile, lone letsatsi le ke neng ka ariwa ka lone, ngaka e e neng ya nkara e ne ya ara motho yo mongwe gape e sa dirise madi, mme mo lekgetlong leo molwetse yoo e ne e se mongwe wa Basupi ba ga Jehofa! Jaanong dingaka di le mmalwa mo sepateleng seo di dirisana thata le HLC, e bile di dumalane go amogela balwetse ba ba batlang go arwa go sa dirisiwe madi.

Go Tlwaela go sa Kgone go Dira Dilo Dingwe

E sa le go tloga ke le ngwana ke ne ka rutwa ditsela tsa Modimo. Ga ke na pelaelo gore seno ke sone se nthusitseng go nna ke tlhomame mo ditumelong tsa me tse di theilweng mo Baebeleng mo seemong seno sa tshoganetso sa kalafi. Lefa go ntse jalo, bosheng jaana ke ntse ke ngomoga pelo ka gonne ke sa kgone go dira go le gontsi mo tirelong ya Modimo jaaka ke ne nka rata. Ke ne ka bolelela malome yo e leng mogolwane wa Mokeresete kafa ke ikutlwang ka teng. O ne a nkgopotsa ka moaposetoloi Paulo le se a neng a se bitsa ‘mutlwa mo nameng ya gagwe’ le gore seno se ne se mo thibela go direla Modimo ka botlalo kafa a neng a batla ka teng. Lefa go ntse jalo, Paulo o ne a dira mo a neng a ka go kgona. (2 Bakorinthe 12:7-10) Mafoko a ga malome a nthusitse fela thata.

Bosheng jaana ke ne ka tsenngwa leoto la maitirelo. Ke solofela gore le tla dira gore ke kgone go direla Modimo wa rona, Jehofa ka botlalo ka mo go oketsegileng. Ke lebogela go bo ke ne ka nna le segakolodi se se molemo ka nako ya seemo sa me sa tshoganetso sa kalafi. Ke tshepa gore fa ke tswelela ke ikanyega, Jehofa o tla ntuela ka mmele o o itekanetseng le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise kwa go tla bong go sa tlhole go na le botlhoko le pogo teng.—Tshenolo 21:3, 4.—Jaaka go boletse Samuel Vila Ugarte.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela