Kgopolo E e Mo Baebeleng
A o Tshwanetse go Boifa Baswi?
PHUNYA kgang ya baswi, mme o tla bona batho ba bantsi ba sa batle go tswelela ba bua ka yone. Lefa go ntse jalo, ba bangwe, ga se fela gore ga ba rate go bua ka kgang eno; ba tlala poifo fela thata. Ka jalo, go tlwaelegile gore mo lefatsheng lotlhe o fitlhele go na le dingwao le ditlwaelo tse di amanang le go boifa baswi mo ditsong go ralala lefatshe. Ka sekai, a re tlhatlhobeng dingwao tsa kwa borwa jwa Sahara mo Afrika.
Mosadi mongwe kwa toropong nngwe e kgolo kwa Afrika Bophirima o gakologelwa sentle se se neng sa diragala fa mongwe mo lelapeng a sena go tlhokafala. O anela jaana: “Mongwe mo losikeng o ne a tlhola a tsholela moswi dijo mo poleiting a bo a di baya sentle mo kamoreng ya gagwe ya borobalo. Fa a sena go tswa, ke ne ke tsena ke bo ke ja dijo tseo. Fa motho yono wa losika a boa o ne a itumela tota! O ne a dumela gore moswi o jele dijo tseo. Seno se ne sa tswelela ka lobaka go fitlha ke lwala. Ke ne ke sa tlhole ke natefelwa ke dijo ka jalo ke ne ke sa kgone go ja. Seno se ne sa ntshosa! Bontsi jwa ba losika ba ne ba swetsa ka gore bolwetse jwa me bo ne bo bakiwa ke wa losika yo o tlhokafetseng. Ba ne ba akanya gore o tshwanetse a bo a galefetse mongwe mo lelapeng.”
Mo go yone toropokgolo eo, fa lelapa le na le bana ba mawelana go bo go tlhokafala yo mongwe, ga ba a tshwanela go umaka yo o tlhokafetseng yoo mo legaeng leo. Fa mongwe a botsa ka lewelana le le tlhokafetseng, gantsi lelapa le tla araba jaana: “O ile go reka letswai.” Ba dumela tota gore lewelana le le setseng le tla tlhokafala fa go ka bolelwa boammaaruri.
Jaanong akanya ka tiragalo eno: Go ne ga tlhokafala monna mongwe yo o neng a na le basadi ba bararo. Letsatsi morago ga phitlho basadi bano ba rokelwa diaparo tse di kgethegileng tse ditshweu. Ka yone nako eo, go agiwa lefelo lengwe le le kgethegileng ka dipale le bojang gaufi le legae la bone, koo basadi bano ba tlileng go tlhapa le go aparela diaparo tse ditshweu tseno teng. Ga go na ope yo o letliwang go tsena mono fa e se basadi bano le mosadi yo o tlhophilweng gore a ba thuse. Basadi bano ba tswa mo lefelong leno le le kgethegileng la botlhapelo ba ithibile matlho ka ditukwi. Basadi bano ba rwala sebaga sa mogala sa go “itshireletsa” se ba se bitsang sebe. Ngwao eno ya go tlhapa e dirwa ka Labotlhano le ka Mantaga mongwe le mongwe ka malatsi a le 100. Mo lobakeng lono, ga ba ka ke ba tsaya sepe mo monneng ka tlhamalalo. Fa monna mongwe a batla go ba naya sengwe, o tshwanetse a se baya pele fa fatshe kana mo godimo ga tafole. Ke gone mosadi a tla se tsayang. Ga go na ope yo o letliwang go nna kana go robala mo bolaong jwa basadi bano. Mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go tshwara thobanenyana fa a tswa mo legaeng. Ba akanya gore fa ba tshwere thobanenyana eno monna wa bone yo o tlhokafetseng ga a kitla a ba tlhasela. Fa ditaolo tse di fa godimo di sa latelwe, ba akanya gore monna wa bone yo o tlhokafetseng o tlile go galefa a bo a ba gobatsa ka tsela nngwe.
Ditiragalo tse di ntseng jalo di tletsetletse mo karolong eo ya lefatshe. Lefa go ntse jalo, mefuta eno ya dingwao ga e fitlhelwe mo Afrika fela.
Go Boifa Baswi go Tletsetletse
Saetlopedia ya Encarta, e bolela se se latelang ka tsela e ditšhaba tse dintsi di lebang bagologolwane ba bone ba ba tlhokafetseng ka yone: “Ba losika ba ba tlhokafetseng . . . go dumelwa gore ba fetogile batho ba ba nonofileng ba moya kana ba fetogile badimo, lefa seo se sa diragale thata. [Kgopolo eno] e thailwe mo tumelong ya gore bagologolwane ba teng ba a tshela mo lefelong leo, e bile ba santse ba kgatlhegela se se diragalelang ba losika ba ba tshelang. Seno se ile sa kwalwa ka batho ba Afrika Bophirima . . . , kwa Polynesia le Melanesia (Ba-Dobu le Ba-Manus) mo ditšhabeng di le mmalwa tsa Baindia ba kwa Yuropa (Ba-Scandinavia le Bajeremane ba bogologolo), mme segolo thata kwa China le Japane. Ka tlwaelo, go dumelwa gore bagologolwane ba na le thata e kgolo tota, ba na le maatla mangwe a a kgethegileng a go tlhotlheletsa ditiragalo kana go laola matshelo a ba losika. Go sireletsa lelapa ke sengwe sa dilo tse dikgolo thata tse ba di dirang. Ba lejwa e le batsereganyi fa gare ga modimo o mogolo kana badimo le batho, e bile ba kgona go buisana le batho ka ditoro le ka go tsena mo go bone. Ka jalo batho ba a ba boifa le go ba tlotla. Fa bagologolwane bano ba tlhokomologiwa, ba ka nna ba ba leretse malwetse le go tlhoka lesego. Tetlanyo, mekokotlelo, thapelo le ditlhabelo ke ditsela tse di farologaneng tse batshedi ba buisanang le bagologolwane ba bone ka tsone.”
Eleruri, madi a lelapa le a bonang a ka fela ka ntlha ya go boifa baswi. Gantsi, ba ba dumelang gore baswi ba tshwanetse go boifiwa ba batla gore go dirwe meletlo e megolo ya dijo le dino, go ntshiwe ditlhabelo tsa diphologolo tse di tshelang le diaparo tse di tlhwatlhwakgolo.
Mme lefa go ntse jalo, a ruri ba losika kana bagologolwane ba ba suleng ba mo boemong jo bo batlang gore ba boifiwe le go tlotliwa? Lefoko la Modimo, Baebele, la reng?
A Baswi Ba ka Go Gobatsa?
O ka nna wa kgatlhiwa ke go itse gore Baebele e a dumela gore ditumelo tseno di teng. Buka ya Duteronome e umaka ditiro tse di amanang le go boifa baswi. Ya re: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena . . . mophekodi, kgotsa yo o buang le badimo, kgotsa ngaka ya bola, kgotsa yo o botsang baswi. Gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o makgapha mo go Jehofa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Duteronome 18:10-12.
Ela tlhoko gore Jehofa Modimo o ne a kgala dingwao tse di ntseng jalo. Ka ntlha yang? Gonne di thailwe mo maakeng. Maaka a magolo mabapi le baswi ke gore moya ga o swe. Ka sekai, makasine wa The Straight Path o ne wa bolela seno ka se se diragalelang baswi: “Loso ga se sepe fela fa e se go tswa ga moya. . . . Lebitla ke bobolokelo jwa setopo fela, e seng moya.”
Baebele ga e dumalane le seo. Ipalele Esekiele 18:4: “Bonang mewa yotlhe ke ya me; jaaka mowa wa rra motho o ntse, mowa wa ngwana le one ke wa me; mowa o o leofang go tlaa swa one.” Gape, boemo jwa baswi bo ne jwa bolelwa ka phepafalo mo Lefokong la Modimo mo go Moreri 9:5 jaana: “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe.” Seno se supa lebaka la go bo dijo tse di tsholelwang baswi di nna fela di sa jewe fa di sa jewe ke ope yo o tshelang.
Lefa go ntse jalo, Baebele e re naya tsholofelo ka ba ba leng mo mabitleng. Ba ka kgona go tshela gape! Baebele e bua ka “tsogo.” (Johane 5:28, 29; 11:25; Ditiro 24:15) Seno se tlile go diragala ka nako e Modimo o e tlhomileng. Mo lobakeng lono, baswi ba ithobaletse fela mo mabitleng ga ba utlwe sepe ba “robetse,” go fitlha nako ya Modimo ya go ba ‘tsosa’ e tla.—Johane 11:11-14; Pesalema 13:3.
Batho ka tlwaelo ba boifa dilo tsa masaitseweng. Kitso e e tlhomameng e ka golola motho mo dingwaong tse di senang motheo. Baebele e re bolelela boammaaruri kaga boemo jwa ba ba leng mo mabitleng. Fa re bua re tlhamalala fela, ga o a tshwanela go boifa baswi!—Johane 8:32.