LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 11/8 ts. 16-18
  • Ke Eng fa Modimo a Letla Dilo Tse Di Bosula Di Direga?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa Modimo a Letla Dilo Tse Di Bosula Di Direga?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bosula ga bo Bakwe ke Modimo
  • Go bo Modimo a Letlile Boikepo
  • Kgang E e Go Amang
  • Jehofa—Modimo Yo o Re Kgathalelang ka Lorato
  • Ke Eng Fa Modimo O Letlile Pogo Gore E Tswelele?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Lebaka La go Bo Boikepo bo Tswelela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Ke Eng fa Batho ba Boga Thata Jaana?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a re Letla re Boga?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 11/8 ts. 16-18

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng fa Modimo a Letla Dilo Tse Di Bosula Di Direga?

LIDIJA e ne e le mosha fa ntwa e runya kwa nageng ya gaabo—naga e pele e neng e itsiwe e le Yugoslavia. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka fetsa malatsi le masigo a le mantsi mo lefelong le le lefifi. Gantsi ke ne ke raelesega go sianela kwa ntle, lefa seno se ne se ka dira gore ke bolawe! Pele ga ntwa motho o ne a na le sengwe le sengwe se a se batlang, mme jaanong motho o itumelela fela gore o santse a tshela.”

Mathata le matshwenyego a ntwa ka bonako fela a ile a ama Lidija thata mo semoyeng. A re: “Re ne re fetsa dibeke di le dintsi re sa dire tiro ya go rera kgotsa re sa ye dipokanong. Ke ne ke akanya gore ruri Jehofa o ne a re itlhokomolosa. Ke ne ke tle ke ipotse gore, ‘Ke eng jaanong a sa re thuse?’”

Dintwa, bokebekwa, thubakanyo, bolwetse, dikotsi tsa masetlapelo, dikotsi—dilo tse di bosula tse di jaaka tseno di ka diragalela le basha. Mme fa masetlapelo a go ama ka namana, ka tlholego fela o ka ipotsa gore, ‘Ke eng fa Modimo o letla dilo tse di bosula tseno di direga?’

Banna ba Modimo mo dinakong tse di fetileng ba ne ba tle ba botse dipotso tse di tshwanang le tseo. Ka sekai, fa moporofeti Habakuke a ne a bona dilo tse di bosula tse di neng di dirwa ke batho ba Modimo, o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Jehofa, ke tlaa goa ka lobaka lo lo kae mme o ntse o gana go utlwa? Ke goele koo go wena ka ga bothubako, mme o gana go boloka. Ana o ntshupetsa boikepo ka ntlha yang, mme o lebelang logwadi?” (Habakuke 1:2, 3) Basha bangwe ba Bakeresete gompieno ba ka tshwenyega mo maikutlong ka tsela e e ntseng jalo.

Ela tlhoko kafa mosha mongwe wa Mokeresete a neng a ikutlwa ka teng morago ga loso lwa ga rraagwe lwa tshoganetso. A re: “Ke ne ka kua jaaka setsenwa ke goa Jehofa Modimo ka letlhabaphefo. . . . Ke ne ka mmaya molato ka ntlha ya seo sotlhe. Ke eng fa selo seno se ntiragaletse? Rre e ne e le ntate yo o molemo le monna yo o lorato, mme jaanong go ne go diragetse—a Jehofa ga a kgathale?” Mo boemong jo bo ntseng jalo, go tlwaelegile go ikutlwa o tlhakane tlhogo, o utlwile botlhoko kana gongwe o galefile. Gakologelwa, moporofeti Habakuke yo o ikanyegang le ene o ne a tshwentswe ke go bo go letlilwe boikepo. Lefa go ntse jalo, fa motho a letla maikutlo a kutlobotlhoko, go ka mo gobatsa. A ka nna a “tšararegela Jehofa.”—Diane 19:3.

Ke jang he, o ka tilang go ikutlwa o galefile e bile o utlwile botlhoko? Sa ntlha, o tshwanetse go tlhaloganya se se bakang bosula.

Bosula ga bo Bakwe ke Modimo

Baebele e tlhalosa ka phepafalo fela gore Modimo ga ise a ko a ikaelele gore re boge jaana. O ne a baya banyalani ba babedi ba ntlha mo legaeng la paradaise le le neng le sena botlhoko le pogo. (Genesise 1:28) Kwantle ga pelaelo o itse sentle kafa dilo di senyegileng ka teng: Sebopiwa se se sa bonaleng sa moya, se se neng sa itsiwe e le Diabolo le Satane, se ne sa tlhotlheletsa Atame le Efa go leofela Modimo. (Genesise, kgaolo 3; Tshenolo 12:9) Ka go dira jalo, Atame o ne a dira gore bana botlhe ba gagwe ba nne le boleo le ditlamorago tsa jone tse di senyang.—Baroma 5:12.

Go phepafetse gore e ne e se Modimo yo o neng a leretse batho pogo, mme ke motho ka boene. (Duteronome 32:5; Moreri 7:29) Eleruri, dilo tsotlhe tse di bosula tse di bogisang batho gompieno—bolwetse, loso, dintwa, go tlhoka tshiamo—ke ditlamorago tsa botlhokakutlo jwa ga Atame jwa ka boomo. Mo godimo ga moo, rotlhe re diragalelwa ke se Baebele e se bitsang, “motlha le bowelo.” (Moreri 9:11) Baikepi mmogo le basiami ba diragalelwa ke dikotsi tse di botlhoko le bomadimabe.

Go bo Modimo a Letlile Boikepo

Lefa go gomotsa go itse gore Modimo ga se ene a bakang boikepo, o santse o ka nna wa ipotsa gore, ‘Ke eng a letleletse boikepo go tswelela pele?’ Gape, se se amana le dikgang tse di neng tsa simololwa kwa Etene. Modimo o ne a bolelela Atame gore fa a ka se ka a mo utlwa, o ne a tla swa. (Genesise 2:17) Lefa go ntse jalo, Diabolo o ne a bolelela Efa gore fa a ka ja setlhare se ba se ileditsweng, ga a kitla a swa! (Genesise 3:1-5) Mo go rayang gore, Satane o ne a re Modimo ke moaki. Mo godimo ga moo, Satane o ne a bolela gore motho a ka solegelwa molemo fa a ka itirela ditshwetso mme a sa laolwe ke Modimo!

Modimo o ne a ka se tlhokomologe ditatofatso tseno. A o setse o kile wa bona moithutikawena a gwetlha taolo ya morutisi? Fa morutisi a mo letla fela a sa re sepe, baithuti ba bangwe ba ka simolola go itshwara bodipa le bone. Ka mo go tshwanang, go ne go ka bo go runtse tlhakatlhakano mo lobopong lotlhe fa Jehofa a ne a se kile a itebaganya le kgwetlho ya ga Satane. Jehofa o ne a dira seo ka go letla batho go latela tsela ya ga Satane ya go dira dilo. A motho o itumelela kgololesego e e tshwanang le ya Modimo e Satane a e mo solofeditseng? Nnyaa. Puso ya ga Satane e tlisitse tshenyo le bohutsana jo bogolo, e leng se se mo supang gore ke moaki yo o kotsi!

A Modimo o tla letla boikepo go tswelela ka bosakhutleng? Nnyaa. Modimo o tla rarabolola kgang e Satane a e tsositseng ka go fedisa dilo tsotlhe tse di boikepo. (Pesalema 37:10) Mme gone, re ka kgona go itshoka jang gone jaanong?

Kgang E e Go Amang

Sa ntlha, lemoga gore kgang eno gareng ga Modimo le Satane e a go ama! Jang? Akanya ka kelotlhoko ka buka ya Baebele e e teilweng leina la monna yo o siameng, Jobe. Satane o ne a araba jaana fa Modimo a ne a supa Jobe e le sekao sa moobamedi wa gagwe yo o ikanyegang: “A Jobe o tla go ikobela fa seo se sa mo solegele molemo ka gope?” (Jobe 1:9, Today’s English Version) Eleruri, Satane o ne a bolela gore fa a ka newa tshono ya go raela batho, o ne a ka ba faposa botlhe gore ba se ka ba obamela Modimo!—Jobe 2:4, 5.

Ka jalo, Satane o ne a senya batho botlhe ba ba boifang Modimo leina. O go sentse leina. Legale, Diane 27:11 ya re: “Morwaaka, o tlhalefe, o ipedise pelo ya me gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” Ee, fa o direla Modimo, go sa kgathalesege mathata a a utlwisang botlhoko, totatota o thusa go supa gore Satane ke moaki!

Ke boammaaruri gore, fa o lebane le dilo tse di bosula, ga go motlhofo go akanya ka dikgang tse di amegang. Diane, yo o neng a na le dingwaga di le lesome fela fa mmaagwe a swa, o ne a re: “Ke ne ke boifa gore ke tla ketefalelwa ke dilo le go utlwisiwa botlhoko ke diteko mo botshelong jwa me.” Lefa go ntse jalo, go itse gore ke eng fa Modimo a letlile boikepo go ne ga mo thusa go nna le pono e e siameng ka mathata a gagwe. Jaanong a re: “Lefa go na le dilo tse go leng thata go di itshokela mo botshelong, letsogo la ga Jehofa le nnile le nna ka dinako tsotlhe.”

Diane o re gakolola selo sa botlhokwa thata: Jehofa ga a lebelela gore re emelane le dikgatelelo tseno ka borona. Pesalema 55:22 e re tlhomamisetsa jaana: “Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa, mme o tlaa go kokotletsa; ga a ketla a leseletsa mosiami gope go tshikinngwa.” Kotoyo yo mosha o ne a lemoga fa se e le boammaaruri. O ne a lebana le masetlapelo fa batsadi ba gagwe ba ne ba bolawa ke thoromo ya lefatshe ka 1995 e e neng ya itaya kwa Kobe, Japane. Fa a bua ka ga gagwe le bomonnawe, a re: “E re ka mmè a re rutile go ikanya Jehofa, re ka kgona go itshoka.”

Jaanong go tweng ka Lidija, mosetsanyana yo go builweng ka ene kwa tshimologong? Fa go ntse go ya, o ne a lemoga gore tota Jehofa o ne a sa mo latlha. Jaanong a re: “Jehofa o ne a na le rona ka dinako tsotlhe. O nna a re goga le go kaela dikgato tsa rona.”

Jehofa—Modimo Yo o Re Kgathalelang ka Lorato

Le wena Modimo a ka go thusa fa dilo tse di bosula di go diragalela. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o a go kgathalela! Mme lefa a letla dilo tse di bosula go diragalela batho ba ba siameng, gape o a ba gomotsa. (2 Bakorinthe 1:3, 4) Tsela e nngwe e a dirang seno ka yone ke ka phuthego ya Bokeresete. Koo o ka bona ‘ditsala tse di kgomarelang motho bogolo go ngwana wa ga rraagwe,’ tse di ka go nonotshang fa mathata a go wela. (Diane 18:24) Kotoyo o gakologelwa jaana: “Go tloga fela ka letsatsi la ntlha morago ga thoromo ya lefatshe, re ne ra ya kwa lefelong le bakaulengwe ba neng ba kokoanela kwa go lone, mme ra kgothadiwa le go newa dilo tse dingwe tse di tlhokegang. Seno se ne sa dira gore ke ikutlwe ke babalesegile. Fa fela re ntse re na le Jehofa le bakaulengwe, ke ikutlwa gore re ka itshokela sengwe le sengwe.”

Ka gone Jehofa o go itse ka namana, a ka go tlamela ka dilo tse o di tlhokang fa dilo tse di bosula di go diragalela. Daniel o bontsha kafa a neng a itshokela loso lwa ga rraagwe ka teng, ka go re: “Jehofa ke rre mo go wena, mme mokgatlho wa gagwe o re naya banna ba semoya ba motho a ka ratang go tshwana le bone. Ka dinako tsotlhe Jehofa o araba dipotso tseo ka tlholego ke neng ke tla buisana le rre ka tsone.” Diane le ene o ne a bona Jehofa a mo tlhokomela ka lorato fa e sa le mmaagwe a swa. A re: “Ka thuso ya batho ba ba godileng, ba ba nonofileng mo semoyeng ba ba neng ba nkgomotsa, ba nkaela le go nkakgola ka yone, o ne a nkaela le go nthusa go itshokela go kgobega marapo ka tsela epe fela.”

Gone mme, go diragalelwa ke dilo tse di bosula ga go itumedise. Mme o ka gomodiwa ke go itse lebaka la go bo Modimo a letla dilo tse di jaaka tseno. Nna o ikgopotsa ka gale gore go ise go ye kae Modimo o tla tlosa bothata joo. Ebu, dilo tsotlhe tse di bosula tse di re diragaletseng kgabagare di tla fedisiwa! (Isaia 65:17; 1 Johane 3:8) Ka go dirisa dipaakanyetso tsotlhe tse Modimo o di re diretseng go re thusa go itshoka, o ka dira seabe sa gago go supa Satane e le moaki. Kgabagare ‘Modimo o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a gago.’—Tshenolo 21:3, 4.

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Go ise go ye kae Jehofa o tla khutlisa dilo tsotlhe tse di bosula

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela