Go Tla Sala Bodumedi bo le Bongwe Fela
AKANYA fela gore go ne go tla nna jang fa batho botlhe mo lefatsheng ba ka bo ba le mo bodumeding bo le bongwe fela, ba le mo kobamelong e le nngwe fela e e itshekileng ya Modimo o o osi wa boammaaruri. A bo seo se ne se tla dira gore re utlwane jang ne! Go ne go se kitla go tlhola go nna le dikgotlhang, dikgogakgogano kana dintwa mo bodumeding. A seno ke toro fela? Nnyaa. Ponatshegelo ya ga moaposetoloi Johane e e kaga go senngwa ga seaka se e leng pusokgolo ya lefatshe ya bodumedi jotlhe jwa maaka e bontsha gore bodumedi bongwe bo tla sala fa se sena go nyelediwa. Ke bofe?
Lentswe le Johane a neng a le utlwa le tswa legodimong le re naya lesedinyana: “Tswang mo go ene lona batho ba me, gore lo se tlhakanele nae dibe tsa gagwe, le gore lo se bone dipetso tsa gagwe.” (Tshenolo 18:4) Go a bonala gore fano Modimo o bua le batlhanka ba gagwe. Ela tlhoko gore ga a laele batho ba gagwe gore ba inaakanye le maiteko a mo lefatsheng lotlhe a seaka seno se a dirang go leka go se namola ka go se thusa gore se fetoge se tshele ka tsela e e botoka. Nnyaa, ga go na se se ka se thusang. Ka gone, o ba laela go tswa mo go sone le go se katogela kgakala e le gore ba se tshwaediwe ke maleo a sone a a maswemaswe le go tila gore kgabagare ba se atlholwe le go nyelediwa le sone.
Taelo eo e e tswang legodimong ya gore ba ‘tswe mo go ene,’ gape e thusa batho ba ba batlang boammaaruri ba tlhoafetse go lemoga gore batho ba Modimo ke bafe. Ba ka nna ba ipotsa gore, ‘Gompieno ke batho bafe mo lefatsheng ba ba ileng ba sekegela taelo eno tsebe ka go phimola maina a bone mo bodumeding, mo mokgatlhong kana mo setlhopheng sepe fela sa bodumedi se se amanang le “Babilone o mogolo”? (Tshenolo 18:2) Ka gone, gompieno ke batho bafe ba ba ikgaogantseng le dithuto, ditumelo, ditlwaelo le dingwao tsotlhe tsa Sebabilone?’ E ne e ka nna bomang ba bangwe fa e se Basupi ba ga Jehofa fela? Gareng ga Basupi ba ba fetang dimilione di le 5,2 ba ba mo dinageng tse di fetang 230 ba ba kileng ba inaakanya le bodumedi jwa Sebabilone e ka ne ba tsaletswe mo go jone kana ba sokologetse mo go jone, ba ile ba ikgaoganya le jone—ka dinako tse dingwe ba dira jalo lefa ba masika, ditsala le baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ba kganela le go ba ganetsa.
Mongwe wa bone ke Henry, monna wa mo Afrika Borwa yo o neng a ratega thata mo kerekeng ya gaabo mme le ene a e rata thata. Lefa go ntse jalo, o ne a senka boammaaruri, mme letsatsi lengwe o ne a dumela gore Basupi ba ga Jehofa ba mo rute Baebele mahala kwa gae. Fa go ntse go ya, morago ga go swetsa gore o batla go nna Mosupi, o ne a bolelela moruti wa gagwe yo gape e neng e le moagisani yo mogolo wa gagwe gore o batla go tlogela kereke.
Seo se ne sa garola moruti pelo mme moragonyana o ne a tla kwa go Henry a na le mogolwane mongwe wa kereke le maloko a mangwe. Ba ne ba mmotsa gore ke eng fa a tlogetse kereke go nna mongwe wa bodumedi jo go ya ka bone bo senang moya o o boitshepo wa Modimo. Henry o ne a re: “Kwa tshimologong ke ne ke boifa go ba araba ka gonne ba ne ba sa bolo go nna le tlhotlheletso e kgolo mo go nna. Lefa go ntse jalo, ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse mme o ne a nthusa go iphemela jaana: ‘Mo madumeding otlhe a ditšhabatšhaba, ke bofe jo e leng jone fela ka metlha bo dirisang leina la Modimo, Jehofa? A ga se Basupi ba ga Jehofa? A lo akanya gore Modimo o ka ba letla go ipitsa ka leina la gagwe a bo a sa ba neye moya wa gagwe o o boitshepo?’” Bagolwane ba kereke ba ne ba palelwa ke go ganetsa lebaka leo, mme gone jaanong Henry ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Ka jalo fa lentswe le le tswang legodimong le laela le re: “Tswang mo go ene,” go na le kwa re ka yang teng. (Tshenolo 18:4) Go na le batho ba o ka tshabelang kwa go bone, baobamedi ba Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Dimilione tsa batho di tshabetse mo go bone. Ba bidiwa Basupi ba ga Jehofa mme ke bakaulengwe ba Bakeresete ba ba fitlhelwang mo ditšhabeng tsotlhe, ba rulagantswe ka diphuthego di feta 78 600 e bile gone jaanong, ba oketsega ka lobelo lo logolo go gaisa mo hisitoring yotlhe ya bone. Mo dingwageng tse nnè tse di fetileng ba ne ba kolobetsa batho ba feta 1200-000! Pele ga batho bano botlhe ba kolobediwa, ba ile ba tshwanelwa ke go fetsa thuto ya Baebele e e nonotshang thata semoyeng e e neng ya thusa mongwe le mongwe wa bone go itirela tshwetso ya go ikgaoganya le bodumedi bope fela jo a neng a le mo go jone a na le mabaka a a utlwalang tota.—Sefania 2:2, 3.
Fa e le gore ga o ise o tle kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya bone, ke eng fa o sa dire jalo mo bekeng eno? O ka nna wa kgatlhiwa thata ke se o tla se bonang le go se utlwa. Mme fa e le gore o batla go tlhaloganya Baebele, ke eng fa o sa kope mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go e ithuta le wena jaaka dimilione tse dingwe tsa batho di dira? Fa e le gore o rapelela gore o tlhaloganye Lefoko la Modimo sentle le go tshela ka tsela e e dumalanang le Lefoko leo, o tla bona karabo ya thapelo ya gago.
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Dimilione tsa batho di fetogela mo kobamelong ya ga Jehofa Modimo