Kgopolo E e Mo Baebeleng
Morwalela—A ke Selo sa Mmatota Kana ke Tlhamane?
‘Diphologolo tsotlhe tsa tsena ka bobedi le bobedi kwa go Noa mo ntlong.’—Genesise 7:8, 9.
KE MANG yo o iseng a utlwe ka Morwalela wa motlha wa ga Noa? Gongwe e sale o itse kgang eno o sa ntse o le ngwana. Eleruri, fa o ya kwa laeboraring e e gaufi go tlhotlhomisa ka Morwalela, o tla fitlhela dibuka di le dintsi tse di buang ka kgang eno e le tse di kwaletsweng bana go feta tsa bagolo. Ka jalo, o ka swetsa go tsaya kgang eno ya Morwalela e le kinane fela. Ba le bantsi ba tsaya gore kgang ya Morwalela wa ga Noa, mmogo le Baebele yotlhe ke tlhamane fela, kana thuto ya boitsholo e e itlhametsweng ke motho.
Se se gakgamatsang ke gore, le e leng batho ba ba bolelang fa ba theile ditumelo tsa bodumedi jwa bone mo Baebeleng, ga ba dumele gore tota Morwalela o ile wa nna teng. Moperesiti wa Katoliki e bong Edward J. McLean ka nako nngwe o ne a bolela gore kgang ya ga Noa e ne e diretswe go tlhalosiwa, e seng jaaka tiragalo ya mmatota, mme e le “setshwantsho kana ka tsela ya tlhamane.”
Lefa go ntse jalo, a kgang ya Morwalela mo Baebeleng ke setshwantsho fela, e ne e sa direlwa go tsewa fela jaaka e ntse? A Baebele ka boyone e dumalana le pono eo?
Dintlha Tsa Boammaaruri
Ela tlhoko pego ya ntlha e e kwadilweng ke Moshe mo bukeng ya Genesise. Foo, re bona ngwaga, kgwedi le letsatsi tse di tlhomameng tseo morwalela o simolotseng ka tsone, le gore lefatshe le ne la oma leng. (Genesise 7:11; 8:4, 13, 14) Lefa tota matlha a a tlhomameng e se gantsi go begiwang ka one go mo Genesise, matlha ano a gatelela gore Moshe o ne a leba Morwalela e le tiragalo ya mmatota. Bapisa boammaaruri jono jwa Baebele le mafoko ano a batho ba ratang go simolola bontsi jwa ditlhamane ka one, “Ga twe e rile letsatsi lengwe . . .”
Akanya ka araka ka boyone e le sekai se sengwe. Baebele e e tlhalosa e le sekepe se se boleele jwa dimetara di ka nna 133, ka bogodimo le boleele jwa reshio ya 10 go 1 mme boatlhamo le boleele ka reshio ya 6 go 1. (Genesise 6:15) Ka nako eno, Noa e ne e se modiri wa dikepe. Mme se lebale gore seno se diragetse dingwaga di feta 4000 tse di fetileng! Lefa go ntse jalo, araka e ne e agilwe ka selekano se se neng se tshwanela tiro ya yone e leng gore e nne ntlo e e kokobalang. E bile, badiri ba dikepe ba segompieno ba lemogile gore bogolo joo jwa yone bo siametse go ka dirisiwa fa go agiwa sekepe se se nonofileng le se se ka kgonang go nna se tlhomame mo lewatleng. Lefa tota Baebele e sa re neele lobaka lo lo tlhomameng lwa nako e Noa a e dirisitseng go aga araka, go ya ka pego gongwe tiro ya go aga e tsere dingwaga di ka nna 50 kgotsa 60. (Genesise 5:32; 7:6) Mabaka ano a farologana thata le kgang e e itsegeng thata e e bonwang mo Lebokong la Sebabilone la Gilgamesh. Leboko leo le bua ka kago e kgolo thata, e letlhakore lengwe le lengwe la yone le neng le le kana ka dimetara di le 60 mme e agilwe mo malatsing a le supa fela. Go farologana le tlhamane eo ya Sebabilone, pego ya Baebele ya Morwalela e tlhalosa dilo ka tsela e e tlhomameng le e e opang kgomo lonaka.
Kwantle ga pego ya Genesise, Dikwalo di bua ka Noa kana Morwalela wa lefatshe lotlhe ka makgetlho a le lesome. A ditshupiso tseno di bontsha gore bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba leba Morwalela e le tiragalo ya mmatota kgotsa e le tlhamane fela?
Boammaaruri bo a Tlhomamisiwa
Mo Dikwalong, Noa o tlhaga gabedi mo tatelanong ya masika a setšhaba sa Iseraele, la bobedi e le le le felelang ka Jesu Keresete. (1 Ditirafalo 1:4; Luke 3:36) Esera le Luke, bakwadi ba ditatelano tsa masika ano, ka bobedi e ne e le bakwalahisitori ba ditswerere mme ba tshwanetse ba bo ba ne ba dumela gore Noa e ne e le motho wa boammaaruri.
Golo gongwe mo Baebeleng, Noa o tsentswe mo lenaaneng la banna ba ba itsegeng ba hisitori, a umakiwa e le monna yo o siameng le wa tumelo. (Esekiele 14:14, 20; Bahebere 11:7) A e ka nna mo go utlwalang gore bakwadi ba Baebele ba dirise motho wa tlhamane e le sekao se re tshwanetseng go se latela? Nnyaa, ka gonne seno se ne se ka dira gore ba ba balang Baebele ba swetse ka gore tumelo ke selo se batho ba ka se se kgoneng mo se ka tlhalosiwang fela ka baanelwa ba dibuka tsa ditlhamane. Noa le banna le basadi ba bangwe ba tumelo ba umakilwe ka gonne e ne e le batho ba ba nang le makoa le maikutlo a a jaaka a rona.—Bahebere 12:1; bapisa Jakobe 5:17.
Mo ditshupisong tse dingwe tsa Dikwalo, Noa le Morwalela ba umakiwa mo kgannyeng e e malebana le fa Modimo a ne a nyeletsa kokomana e e se nang tumelo e e neng e tshela le Noa. Ela tlhoko mafoko ano a ga Jesu malebana le Morwalela, a a begilweng mo go Luke 17:26, 27: “Jaaka go kile ga dirala mo metlheng ya ga Noa, go tlaa nna fela jalo le mo metlheng ya Morwa Motho. Ba ne ba ja, ba nwa ba nyala ba neelwa nyalong, ga tsamaya ga tla letsatsi le Noa o tseneng mo tlong e e kokobalang ka lone, mme morwalela wa tla wa ba senya botlhe fela.”
Jesu Keresete e ne e le mosupi yo o boneng ditiragalo tseo ka matlho, ka gonne o ne a tshela kwa legodimong pele ga a tla go tshela mo lefatsheng. (Johane 8:58) Fa e le gore Morwalela e ne e le tlhamane fela, he Jesu o ne a bontsha gore go nna gone ga gagwe mo isagweng ke selo fela se se itlhametsweng kgotsa gore o ne a sa bue boammaaruri. Dikakanyo tseno ga di dumalane le Dikwalo tsotlhe. (1 Petere 2:22; 2 Petere 3:3-7) Ka jalo, Jesu Keresete, ka ntlha ya se a se boneng ka namana, o ne a dumela pego ya Baebele ya Morwalela wa lefatshe lotlhe gore ke tiragalo ya mmatota. Mo Bakereseteng ba boammaaruri, seno kwantle ga pelaelo ke bosupi jo bo tlhomameng jwa gore Morwalela wa motlha wa ga Noa ke tiragalo ya mmatota, e seng tlhamane.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]
L. Chapons/Illustrirte Familien-Bibel nach der deutschen Uebersetzung Dr. Martin Luthers