LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 6/8 ts. 17-18
  • Ba ne Ba re Ke Boitlosobodutu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba ne Ba re Ke Boitlosobodutu
  • Tsogang!—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se re Se Ithutang mo Hisitoring ya Roma
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Kafa o ka Tlhophang Boitlosobodutu jo bo Siameng ka Gone
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Tlhopha Boitlosobodutu jo bo Itumedisang Jehofa
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Tlhopha Boitlosobodutu jo bo Siameng
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 6/8 ts. 17-18

Ba ne Ba re Ke Boitlosobodutu

LEFELO le legolo la metshameko le ne le tletse ka boitumelo. Masome a le diketekete a ne a kgobokane go tla go lebelela motshameko wa Roma wa bogologolo o o tsitsibanyang mmele go gaisa yotlhe. Difolaga, dirosa le melogo ya mebalabala e ne e kgabisitse serala ka tsela e ntle tota. Metswedi e e pumpunyegang metsi a a tsentsweng dilo tse di nkgang monate, e ne e tladitse mowa ka monko o o itumedisang. Bahumi ba apare diaparo tsa bone tse di kgatlhang matlho. Go itlatlarietsa ga boidiidi jono go tsenwa mo gare ke ba bangwe ba ba thubegang ka setshego, le fa go ntse jalo boitumelo jwa matshutitshuti ano ga bo tsamaisane le tiragalo e e boifisang e e tla tlogang e diragala.

Go ise go ye kgakala molodi o o tshosang wa tubæ o tsibosa diganka tse pedi gore di ka simolola go lwa. Batho e ne e kete ba a tsenwa fa batshameki ba simolola go kgemethana ka tsela e e setlhogo thata. Modumo wa disabole o ne o sa utlwale ka ntlha ya modumo o o kabang ditsebe wa babogedi. Ka tshoganetso seganka se sengwe se dirisa maretswa a ntwa go digela mmaba wa gagwe fa fatshe. Jaanong botshelo jwa seganka se se weleng bo mo matsogong a babogedi. Fa ba ka kgatikanya disakatuku tsa bone, o tla tshela. Fa boidiidi joo—go akaretsa basadi le basetsana—bo ka tsholetsa menwana ya bone ya kgonotswe, bo bolela gore a bolawe. Morago ga lobakanyana setopo se se suleng se gogelwa kwa ntle ga lefelo la botlhabanelo, mmu o o tletseng madi o tlosiwa ka garawe, go gasaganngwe mmu o mosha mme batho ba ipaakanyetse karolo e e setseng.

Bontsi jwa batho ba Roma wa bogologolo ba ne ba tsaya seno e le boitlosobodutu fela. Buka ya Rome: The First Thousand Years ya re: “Le e leng batho ba ba buelelang gore go gagamalelwe maitsholo a a siameng ba ne ba sa kgale go itumelela go tsholola madi gono.” Motshameko ono wa diganka e ne e le bongwe jwa boitlosobodutu jo bo maswe go gaisa jo Roma e neng e na le jone. Dintwa tsa mmatota tsa mo lewatleng di ne di tshamekiwa mo seraleng go kgatlha babogedi ba ba kgatlhegelang go bona tshololo ya madi. Dikatlholo tsa phatlalatsa le tsone di ne di dirwa, tse mo go tsone sesenyi se se bonweng molato se neng se bofelelwa mo thupeng mme se jewe ke diphologolo tsa naga tse di timilweng dijo.

Mo bathong ba ba sa kgatlhegeleng ditiro tse di tletseng tshololo ya madi jalo, Roma e ne e ba neela metshameko e e farologaneng ya mo seraleng. Ludwig Friedländer mo bukeng ya Roman Life and Manners Under the Early Empire, o kwadile gore fa ba dira di-mime—dikgangkhutswe tse di buang ka botshelo jwa letsatsi le letsatsi—“boaka le dikgang tsa lorato e ne e le ditlhogo tse di tlhomologileng. Puo ya teng e ne e tletse ka matlhapa le metlae e e bosula e e dirwang ka difatlhego tse di tenegileng, matshwao a matlhapa mme mo godimo ga tseo tsotlhe le go binela fulutu ka tsela e e maswe thata.” Go ya ka The New Encyclopædia Britannica, “go na le bosupi jwa gore ditiro tsa boaka tota di ne di dirwa mo seraleng mo nakong ya Pusokgolo ya Roma.” Go a utlwala he go bo Friedländer a biditse dikgangkhutswe tseo “bosupi jo bo phepafetseng go gaisa jwa metlae ya boitsholo jo bo sa siamang le e e leswe,” mme o ne a oketsa ka gore: “Dipono tse di neng di bontsha boitsholo jo bo sokameng ke tsone tse di neng di ratiwa thata.”a

Go tweng ka gompieno? A se motho a se itumelelang mo boitlosobodutung se fetogile? Akanyetsa seno jaaka go tla bo go tlotliwa ka sone mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka dinako dingwe motho o ne a bolawa mo seraleng e le gore terama eo e tle e tsewe e le tiragalo ya mmatota. Buka ya The Civilization of Rome e akgela jaana: “E ne e se mo go sa tlwaelegang gore sesenyi se se atlholetsweng loso se tsene mo maemong a motshameki wa terama fa go tla mo karolong ya masetlapelo.”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 17]

The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela