LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 8/8 ts. 26-29
  • Mekgwa ya Botshelo E e Sa Siamang—E Diphatsa go le Kana Kang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mekgwa ya Botshelo E e Sa Siamang—E Diphatsa go le Kana Kang?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Fetola Mokgwa wa Botshelo
  • Go Nwa Bojalwa Go Feta Selekanyo—Go Tlisetsa Batho Matlhotlhapelo
    Tsogang!—2005
  • Disekerete—A o A di Gana?
    Tsogang!—1996
  • Kafa o ka Sireletsang Pholo ya Gago ka Teng
    Tsogang!—1999
  • Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 8/8 ts. 26-29

Mekgwa ya Botshelo E e Sa Siamang—E Diphatsa go le Kana Kang?

SEANE sa Se-Denmark se bolela gore: “Bolwetse ke mong wa mongwe le mongwe.” Mongwe yo o tshwerweng ke bolwetse jo bo sa foleng o tla supa ka bonako gore “mong” yono a ka nna setlhogo eleruri! Le fa go ntse jalo, o ka nna wa gakgamadiwa ke go itse gore gantsi bolwetse bo tshwana le moeng yo o laleditsweng go na le go nna mong. U.S. Centers for Disease Control and Prevention e amanya diperesente di le 30 tsa malatsi a balwetse ba a fetsang ba le kwa bookelong le malwetse le dikgobalo tse di ka bong di tidilwe. A bakwa ke eng? Mekgwa ya botshelo e e sa siamang le e e kotsi. Akanya ka dikai dingwe.

GO GOGA. Ira wa dingwaga di le 53 o na le bolwetse jwa go kibana makgwafo—jo bo bakilweng ke go fetsa masome a le manè a dingwaga a goga. Go alafa bolwetse jwa gagwe, o tlhoka botlolo ya okesejene e e tla mo tlamelang ka gale e e jang R1870 ka kgwedi. Ka 1994 go tsenngwa ga gagwe kwa bookelong ka malatsi a le robonngwe ka ntlha ya bolwetse jwa gagwe go ne ga dira gore a kolote R84 000, e leng se se neng sa dira gore madi otlhe a Ira a neng a a duelela tsa boitekanelo mo ngwageng oo e nne madi a a fetang R93 500. Le fa go ntse jalo, Ira ga a bone go potlakile gore a tlogele go goga. A re: “Ke na le go tshwarwa ke pelo ya motsoko thata.”

Ga se Ira fela. Go sa kgathalesege dikotsi tse di itsegeng thata tsa go goga, batho mo lefatsheng lotlhe ba sa ntse ba tshuba disekerete di ka nna dimilione di le sekete letsatsi le letsatsi. Kwa United States, tlhwatlhwa ya tsa pholo e e duelelwang malwetse a a amanang le go goga e lekanyediwa go nna didolara di le dimilione di le dikete tse 50 (diranta di le dimilione di le dikete tse 234). Seno se bolela gore ka 1993 ka kakaretso mo sephuthelong sengwe le sengwe se se rekilweng, mo e ka nnang $2,06 (R9,62) di dirisitswe mo go alafeng malwetse a a amanang le go goga.

Go duelela kalafi e e amanang le go goga go ka simolola go koelana fa ngwana a tsalwa. Go umaka sekai se le sengwe fela, patlisiso nngwe kwa United States e lemogile gore masea a a belegwang ke bommè ba ba gogang a mo kotsing ya go phanyega melomo kgotsa magalapa ka makgetlho a mabedi, e leng bolwetse jo bo ka nnang jwa tlhoka gore a ariwe mo e ka nnang ganè fa a le dingwaga tse pedi. Kakaretso yotlhe ya tlhwatlhwa ya kalafi le ditshenyegelo tse di amanang le bolwetse jono tse mongwe le mongwe wa one a tla di duelang botshelo jotlhe ke $100 000 (R467 000). Gone mme ga go na tlhwatlhwa e go ka lekanngwang ka yone selekanyo sa go tshwenyega maikutlo sa go nna le bogole bongwe jwa tsalo.

Bangwe ba re tlhwatlhwa e e kwa godimo ya dilo tsa tlhokomelo ya boitekanelo ya batho ba ba gogang e fokodiwa ke go bo batho ba le bantsi ba ba gogang ba sa tshele lobaka lo loleele go ka kgona go amogela madi a ba a newang ke puso a Tlhokomelo ya Setšhaba. Le fa go ntse jalo, jaaka The New England Journal of Medicine e akgela, “go sa ntse go ganetsanwa ka kgang eno; mo godimo ga moo batho ba le bantsi ba tla dumela gore dintsho tsa pele ga nako tse di bakwang ke go goga ga se maiteko a bopelotlhomogi a go laola ditlhwatlhwa tsa tlhokomelo ya boitekanelo.”

GO SE NWE BOJALWA SENTLE. Go nwa bojalwa mo go feteletseng go nnile ga lomaganngwa le mathata a le mantsi a boitekanelo, a a akaretsang go ruruga sebete, bolwetse jwa pelo, ntho mo mpeng, ditlhagala le bolwetse jwa go ruruga ntshotwane. Go ka nna ga dira gore motho a tsenwe ke malwetse a a tshwaetsang a a tshwanang le nyumonia. Go ya ka Dr. Stanton Peele, kwa United States, ngwaga le ngwaga go dirisiwa “dimilione tse dikete di le 10 tsa didolara [dimilione di le 46 700 tsa diranta] go alafa batho ba ba sa kgoneng go laola go nwa bojalwa.”

Gantsi bojalwa bo ama leseanyana le le iseng le tsholwe mo popelong. Ngwaga le ngwaga masome a le diketekete a bana kwa United States fela a tsholwa a na le bogole bongwe ka ntlha ya go bo bommaabo ba ne ba nwa fa ba ne ba imile. Mangwe a masea ano a fitlhelwa a tshwerwe ke malwetse a a bolayang a masea a a bakilweng ke bojalwa (FAS [fetal alcohol syndrome]), e bile gantsi masea ano a nna le bogole bongwe mo mmeleng le mo tlhaloganyong. Tlhwatlhwa ya kalafi ya madi otlhe a ngwana mongwe le mongwe yo o nang le FAS o tla a duelang mo botshelong e fopholediwa go nna didolara di le dimilione di le 1,4 (diranta di le dimilione di le 6,5).

E re ka bojalwa bo fokotsa go kgona go itshwara, go nwa mo go feteletseng gantsi go nna le seabe se segolo mo go bakeng tirisodikgoka e e ka nnang ya felela ka dikgobalo tse di tla tlhokang gore motho a alafiwe. Gape go na le dikgobalo tse dikgolo thata tse di bakwang ke batho ba ba kgweetsang dikoloi ba tlhapetswe. Akanya ka se se diragaletseng Lindsey, mosetsana wa dingwaga di le robedi yo o neng a tshwanelwa ke go ntshiwa ka gore go segiwe koloi go tswa mo setilong se se kwa morago sa koloi ya ga mmaagwe morago ga gore mokgweetsi yo o tlhapetsweng a thulane le bone. Lindsey o ne a fetsa dibeke di le supa kwa bookelong mme ga tlhokega gore a ariwe ka makgetlho a le mmalwa. Ditshenyegelo tsa kalafi ya gagwe di ne di feta R1401-000. Le gale, o ne a le lesego go bo a ile a falola.

GO SA DIRISE DIOKOBATSI KA TSHWANELO. Mmatlisisi mongwe o ne a fopholetsa ditshenyegelo tsa tiriso e e sa siamang ya diokobatsi kwa Amerika go nna didolara di le dimilione di le dikete tse 67 (diranta di le dimilione di le dikete tse 313) ka ngwaga. Joseph A. Califano, Jr., yo e leng poresidente ya Center on Addiction and Substance Abuse kwa Columbia University ya kwa New York o ne a tlhalosa selo se sengwe gape se se bakang ditshenyegelo tse di kwa godimo mo bothateng jono: “Bana ba ba tshotsweng ke bommè ba ba gogang khokeine, e leng selo se se neng se sa tlwaelega lesome le le fetileng la dingwaga, ba tlatsa dikamore tsa bookelo tsa masea a a lwalang a a sa tswang go tsholwa ka $2000 [R9340] ka letsatsi. . . . Go ka ja didolara di le milione [diranta di le dimilione di le 4,67] go godisa ngwana mongwe le mongwe yo o falotseng gore a gole.” Mo godimo ga moo, Califano o akgetse ka gore, “bommè ba ba imileng ba ba palelwang ke go senka tlhokomelo ya pele ga ba belega le go emisa go se dirise diokobatsi sentle ke bone ba ba nang le seabe se segolo mo go direng gore Ditheo Tsa Thuso ya Kalafi di bo di ile tsa dirisa didolara di le dimilione di le dikete tse 3 [diranta di le dimilione di le dikete di le 14] ka 1994 go duelela kalafi ya balwetse ba ba neng ba robaditswe kwa bookelong go alafelwa malwetse a a amanang le tiriso ya diokobatsi.”

Masetlapelo a seemo seno a gakadiwa ke fa re lemoga ka fa selo seno se se maswe se bolayang batho ba bantsi ka teng. Kgotlhang mo lenyalong, bana ba ba tlhokomologiwang le go senyegelwa ke madi ke mangwe a mathata a a tlwaelegileng a a senyang malapa a a bakiwang ke go tshwakgolwa ke diokobatsi.

BOITSHOLO JO BO MASWE. Batho ba ba fetang dimilione di le 12 kwa United States ba tshwarwa ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo (STDs [sexually transmitted diseases]) ngwaga le ngwaga, e leng se se dirang gore United States e nne le selekanyo se se kwa godimo sa STD go feta dinaga dipe fela tse di tlhabologileng. David Celentano wa Johns Hopkins University School of Hygiene and Public Health o bitsa seno gore ke “matlhabisa ditlhong mo setšhabeng.” Ditshenyegelo tse di amanang le malwetse ano ka tlhamalalo, kwantle ga AIDS e ka nna didolara di le dimilione di le dikete tse 10 (diranta di le dimilione di le 46 700) ka ngwaga. Basha ke bone ba leng mo kotsing thata. E bile seno ga se gakgamatse! Go ya ka pego nngwe, fa ba fitlha mo mophatong wa bolesome, diperesente di le 70 tsa bone di setse di kile tsa tlhakanela dikobo e bile diperesente di ka nna 40 tsa bone di setse di kile tsa nna le baratiwa ba ka nna banè.

AIDS ka boyone ke selo se se bakang masetlapelo mo go tsa kalafi. Mo masimologong a 1996 kalafi e e neng e dira bontle e e neng e le teng—dilo tse di thibelang protease tse di tlhakantsweng le diokobatsi tsa nako e e fetileng—di ja madi a a gareng ga R56 000 le R84 000 ka ngwaga mo mothong a le mongwe. Le fa go ntse jalo, seno ke karolwana e nnye fela ya ditshenyegelo tse di sa itemotsheng tsa AIDS, tse di akaretsang go latlhegelwa ke go dira ka natla kwa tirong ga yo o lwalang le ba ba ikopang kwa ditirong tsa bone le kwa dikolong go tla go mo tlhokomela. Go fopholediwa gore ka ngwaga wa 2000, HIV le AIDS di tla bo di minolositse madi a a gareng ga diranta di le dibilione di le 1,66 le diranta di le dibilione di le 2,4 mo lefatsheng lotlhe—mo go tshwanang fela le go senya ikonomi yotlhe ya Australia kgotsa ya India.

THUBAKANYO. Ka nako ya fa Joycelyn Elders e ne e le mookamedi wa dingaka tse di arang kwa United States, o ne a bega gore ditshenyegelo tsa pholo tse di bakwang ke thubakanyo e ne e le didolara di le dimilione tse 13 500 (diranta di le dimilione di le dikete tse 63) ka 1992. Poresidente wa United States e bong Bill Clinton o ne a bolela jaana: “Lengwe la mabaka a a dirang gore ditshenyegelo tsa pholo tsa Amerika di nne kwa godimo jaana ke gore maokelo a rona le diphaposi tsa maemo a tshoganyetso di tletse ka batho ba ba tlhabilweng le ba ba hudilweng.” Go a utlwala he go bo The Journal of the American Medical Association e bitsa thubakanyo ya United States e re ke “maemo a tshoganyetso a pholo ya setšhaba.” Pego eo e tswelela ka gore: “Le fa tota thubakanyo e se bolwetse jo bo ‘tlwaelegileng’ fela, se e se dirang mo boitekanelong jwa motho le setšhaba se segolo fela jaaka malwetse a mantsi a mmele—gongwe e bile go feta moo.”

Pego e e ntshitsweng ke maokelo a le 40 kwa Colorado e bolela gore palogare ya ditshenyegelo tsa motho mongwe le mongwe yo o ileng a amiwa ke thubakanyo mo dikgweding tsa ntlha tse robonngwe tsa 1993 e ne e le $9600 (R44 850). Go feta halofo ya ba ba neng ba amogetswe mo bookelong ba ne ba sena inshorense ya pholo e bile bontsi jwa bone ba ne ba sa kgone kana ba sa batle go duela ditshenyegelo tsa bone. Maemo a a ntseng jalo a ne a dira gore go nne le makgetho a a kwa godimo, madi a a kwa godimo a diinshorense le dituelo tse di kwa godimo tsa kokelo. Colorado Hospital Association e begile gore: “Rotlhe re a duela.”

Go Fetola Mokgwa wa Botshelo

Go ya ka pono ya batho, ga go bonale go ka kgonega gore go fetolwe mekgwa eno ya botshelo. Pego nngwe e e dirilweng ke Columbia University ya re: “Amerika ga se Tshimo ya Edena e bile ga re kitla re kgona go tlogela dire tsotlhe tse di tshwakgolang. Le fa go ntse jalo, fa re ka fokotsa tiriso e e ntseng jalo e e sa siamang ka mo re ka kgonang ka teng, re tla bona melemo e megolo thata re nna le bana ba ba itekanetseng, thubakanyo le bokebekwa tse di kwa tlase, makgetho a a kwa tlase, go fokotsega ga ditshenyegelo tsa dilo tsa boitekanelo, merokotso e e kwa godimo, baithuti ba ba rutegang sentle le palo e e kwa tlase ya batho ba ba tshwerweng ke AIDS.”

Basupi ba ga Jehofa ba fitlhetse gore Baebele ke thuso e kgolo ya go kgona mokgele oo. Baebele ga se buka fela e e tshwanang le tse dingwe. E tlhotlheleditswe ke Mmopi wa motho e bong Jehofa Modimo. (2 Timotheo 3:16, 17) Ke ene yo o ‘go rutang go itsholegela molemo, yo o go gogang mo tseleng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone.’ (Isaia 48:17) Melaometheo e e theilweng mo Baebeleng e siame e bile ba ba tsamayang ka kgakololo ya yone ba solegelwa melemo thata.

Ka sekai, Esther o kile a bo a goga motsoko thata.a Morago ga go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, motho yo o neng a ithuta Baebele le ene o ne a mo laletsa go ya go fetsa letsatsi lotlhe ba etetse ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York. Kwa tshimologong, Esther o ne a okaoka. Ka a ne a itse gore Basupi ba ga Jehofa ga ba goge, o ne a ipotsa gore o tla kgona jang go fetsa letsatsi lotlhe le bone. Ka jalo, Esther o ne a tsenya sekerete se le sengwe mo kgetsaneng ya gagwe, a re fa a ka ikutlwa a tshwerwe ke pelo ya motsoko, o tla ikutswa mme a tsene mo ntlwaneng. Fela jaaka a ne a akantse, morago ga go bona lefelo lengwe, Esther o ne a ya kwa ntlwaneng mme a ntsha sekerete sa gagwe. Le fa go ntse jalo o ne a lemoga sengwe. Ntlwana eo e ne e le phepaphepa e bile le mowa o ne o le foreshe. Esther o gakologelwa jaana: “Ke ne nka se leswafatse lefelo leo ka go goga sekerete seo, ka jalo ka se tsamaisa le metsi a ntlwana. Mme ke sone sekerete sa bofelo se nkileng ka se tshwara!”

Mo lefatsheng lotlhe, dimilione tse di jaaka Esther di ithuta go tshela tumalanong le melaometheo ya Baebele. Ba solegelwa molemo ka bobone e bile ba nna batho ba botlhokwa mo setšhabeng se ba tshelang mo go sone. Sa botlhokwa ke gore ba tlisa tlotlo go Mmopi wa bone e bong Jehofa Modimo.—Bapisa Diane 27:11.

Le fa gone matsapa a motho a a tseneletseng a ka se busetse “Tshimo ya Edena,” Baebele ya re Modimo o tla dira jalo. Petere wa Bobedi, 3:13 ya re: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe [Modimo], mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (Bapisa Isaia 51:3.) Mo lefatsheng leo le lesha, ga go kitla go tlhola go nna le mathata a tsa boitekanelo, ka go bo batho ba tla itumelela botshelo le pholo e e itekanetseng—ka tsela e Modimo a e rulagantseng go tswa tshimologong. (Isaia 33:24) A o ka rata go ithuta go le gontsi ka ditsholofetso tsa Modimo? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ga se leina la gagwe la mmatota.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]

© 1985 P. F. Bentley/Black Star

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela