Mafoko a a Tlhabang, Maikutlo a a Tlantlilweng
“Seeleele ke wena se se bonya!”a Mosadi mongwe kwa Japane o gakologelwa mafoko ao sentle—a ne a konopelwa kwa go ene gangwe le gape ka nako ya fa a ne a le ngwanyana. Ke mang? A ke bana ba sekolo? Bomorwarraagwe? Nnyaa. Ke batsadi ba gagwe. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke a tle ke hutsafale thata ka ntlha ya gore go bidiwa ka maina a a sotlang go ne go nkutlwisa botlhoko thata.”
Monna mongwe kwa United States o gakologelwa gore fa a sa le ngwana, o ne a ikutlwa a boifa e bile a tshwenyega fa rraagwe a fitlha mo gae. O gakologelwa jaana: “Le gompieno ke sa ntse ke gakologelwa sentle modumo wa dithaere mo tseleng e e tlang mo ntlong le poifo e ke neng ke nna mo go yone. Kgaitsadiake o ne a tle a iphitlhe. Rre e ne e le motho yo o gagamalelang gore sengwe le sengwe se dirwe sentle e bile ka gale o ne a re iteela go bo re sa dira tiro ka tsela e e siameng mo ditirong tsotlhe tsa lelapa tse re neng re tshwanetse go di dira.”
Kgaitsadie monna yono o oketsa ka gore: “Ga ke gakologelwe mongwe fela wa batsadi ba rona a kile a re tlamparela, a re atla kgotsa a bua sengwe fela se se jaaka ‘Ke a go rata’ kgotsa ‘Ke ipela ka wena.’ Mme mo ngwaneng, go se utlwe ‘Ke a go rata’ go tshwana fela le go utlwa ‘Ke go tlhoile’—letsatsi le letsatsi mo botshelong jwa gagwe.”
BANGWE ba ka nna ba bolela gore matshwenyego a batho bano ba neng ba na le one fa e sa ntse e le bana e ne e se a sepe. Eleruri ga se mo go sa tlwaelegang go bo bana ba tewa mafoko a a tlhabang, a a utlwisang botlhoko le a a sotlang. Seno ga se dilo tse go buiwang ka tsone mo ditlhogong tse di tshosang tsa makwalodikgang le dithulaganyo tse di amang maikutlo tsa thelebishene. Tshenyo ya teng ga e itemotshe. Le fa go ntse jalo fa batsadi ba tshwere bana ka mokgwa o o sa siamang ka ditsela tse di ntseng jalo letsatsi le letsatsi, diphelelo tsa gone e ka nna tse di utlwisang botlhoko—e bile di ka ba ama botshelo jotlhe.
Akanya ka patlisiso nngwe e e neng ya tsweledisiwa pele ka 1990 e e simolotsweng ka 1951 e e tlhatlhobang mekgwa e batsadi ba neng ba e dirisa mo setlhopheng sa bana ba dingwaga di le tlhano. Babatlisisi ba teng ba ne ba kgona go baya bontsi jwa bana bano leitlho, ba ga jaanong ba leng mo dingwageng tsa bone tsa bogareng, go lemoga diphelelo tsa lobaka lo loleele tsa go godisiwa ga bone. Patlisiso e ntšha eo e konetse ka gore bana ba ba neng ba nna le mathata a magolo mo matshelong a bone, ba ba neng ba sa tlhomama mo maikutlong le ba ba neng ba na le mathata mo lenyalong, mo botsalanong le e leng kwa tirong, ga go reye gore ke bana ba batsadi ba ba humanegileng kgotsa ba ba humileng kgotsa ba go phepafetseng gore batsadi ba bone ba ne ba na le mathata. Ke bana ba batsadi ba bone ba neng ba sa atamalana le bone ka maikutlo e bile ba sena botsala le bone e bile ba ba bontsha kgatlhego e nnye fela kgotsa ba sa e ba bontshe gotlhelele.
Dilo tseno tse ba neng ba di lemoga ke maoko fela a boammaaruri jo bo neng jwa kwalwa dingwaga di ka nna 2000 tse di fetileng: “Lona borrabana, lo se ka lwa bo lo gakatsa bana ba lona, e le gore ba se ka ba kotlomana pelo.” (Bakolosa 3:21) Batsadi ba ba sotlang bana ka mafoko le mo maikutlong eleruri ba a ba gakatsa e bile ba ka kotlomana pelo ka ntlha ya seno.
Go ya ka buka ya Growing Up Sad, ga se kgale thata fa dingaka di ne di akanya gore ga go na selo se go tweng ke go tshwenyega thata mo maikutlong mo baneng. Le fa go ntse jalo, go feta ga nako le maitemogelo di supile dilo ka tsela e sele. Gompieno, bakwadi ba a tlhomamisa gore go na le bana ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong e bile ga se selo se se bonwang sewelo. Gareng ga dilo tse di go bakang ke go tlhokomologiwa le go sotlwa ke batsadi. Bakwadi ba tlhalosa gore: “Mo maemong mangwe o fitlhela motsadi a aga a tshwaya ngwana diphoso ka metlha le go mo nyenyefatsa. Mo maemong a mangwe batsadi le bana ba katogana thata: motsadi ga a ke a bontsha ngwana gore o a mo rata. . . . Diphelelo e nna tse di hutsafatsang segolobogolo mo baneng ba motsadi yo o ntseng jalo ka ntlha ya gore mo ngwaneng—kgotsa mo mogolong—lorato lo tshwana le phatsimo ya letsatsi le metsi mo semeleng.”
Ka lorato lwa botsadi, fa le bontshiwa sentle le ka tshosologo, bana ba ithuta boammaaruri jwa botlhokwa: Ba a ratega; ba na le mosola. Bontsi bo dira phoso ya go akanya gore maikutlo a a ntseng jalo a supa mokgwa wa go ikgantsha, go ithata go feta ba bangwe. Mme mo kgannyeng eno, ga go bolele seo. Mokwadi mongwe o buile seno ka kgang eno mo bukeng ya gagwe: “Pono ya ngwana wa gago ka ene e tlhotlheletsa mefuta ya ditsala tse a di tlhophang, mokgwa o a dirisanang le ba bangwe ka one, motho yo a tla nyalanang le ene le dilo tse a tla di fitlhelelang mo botshelong.” Baebele e supa ka fa go leng botlhokwa ka teng go iteba ka tsela e e lekalekaneng, o sa itsee o le botlhokwa thata go feta ba bangwe fa e baya seno e le sa bobedi mo ditaolong tse pedi tse dikgolo: “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.”—Mathaio 22:38, 39.
Go thata go akanya gore go ka nna le motsadi yo o tshetseng sentle mo tlhaloganyong yo o ka batlang go gobatsa selo se se bosisi se se jaaka maikutlo a go itlotla a ngwana. Ke ka ntlha yang he, fa seno se diragala gantsi jaana? Mme se ka kganelwa jang?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka Sejapane ke noroma baka!