Batsadi Ba ba Mo Tlase ga Kgatelelo
BATSADI ba ba sa tswang go nna le ngwana o fitlhela e kete ba tlhakane tlhogo ka ntlha ya boitumelo. Mo e ka nnang sengwe le sengwe ka ngwana wa bone se a ba itumedisa. Fa ngwana a simolola go nyenya, a simolola go bua le go ithuta go tsamaya ke ditiragalo tse di botlhokwa thata mo go bone. Ba tla lotlegela ditsala le balosika ka dikgang tseno le go ba bontsha dinepe. Go phepafetse gore ba rata ngwana wa bone.
Le fa go ntse jalo, mo malapeng mangwe bomadimabe bo simolola fa dingwaga di ntse di feta. Go bua ka tsela e e monate le e e tletseng motshameko ga batsadi go emisediwa ka mafoko a a tlhabang le a a nyatsang; go tlamparela ka lorato go emisediwa ka go kolopa ka sengwe ka bogale kgotsa go sa tshwarane gotlhelele; go nna motlotlo ga batsadi go emisediwa ka maikutlo a kgalefo. Ba le bantsi ba re: “Ke ne ke sa tshwanela go ka bo ke na le bana.” Mo malapeng a mangwe bothata bo bogolo thata—batsadi ba reteletswe ke go bontsha lorato le e leng fa ngwana a santse a le lesea! Mo maemong ao ka bobedi, phoso e kae? Go diragetseng ka lorato?
Gone mme, bana ba ka se kgone go bona dikarabo tsa dipotso tse di ntseng jalo. Mme seo ga se kitla se ba kganela go fitlhelela dikonelo tsa bone. Kwa tengteng ga pelo, ngwana a ka nna a konela ka gore, ‘Fa e le gore Mama kgotsa Papa ga ba nthate, ke ka ntlha ya gore go na le sengwe se se phoso ka nna. Ke tshwanetse go bo ke le bosula tota.’ Seno e ka nna se a se dumelang gotlhelele—se se ka nnang sa tlhotlheletsa mekgwa yotlhe e e senyang mo botshelong jotlhe jwa gagwe.
Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore batsadi ba ka nna ba palelwa ke go bontsha bana lorato lo ba lo tlhokang ka mabaka a a farologaneng. Go tshwanetse ga dumelwa gore gompieno batsadi ba lebane le dikgatelelo tse dintsi thata, dingwe tsa tsone di mo selekanyong se se kwa godimo thata. Mo batsading ba ba sa ipaakanyetsang go dirisana le tsone ka tsela e e siameng, dikgatelelo tseno di ka ama tiro ya bone ya botsadi thata. Polelo nngwe ya botlhale ya bogologolo e bolela gore: “Kgatelelo e ka dira gore motho yo o botlhale a nne jaaka setseno.”—Moreri 7:7, NW.
“Dinako Tsa Mathata Tse go Leng Boima go Dirisana le Tsone”
Motlha wa Thethebalo. Ke selo se batho ba le bantsi ba neng ba solofetse go se bona se diragala mo lekgolong leno la dingwaga. Akanya—go sa tlhole go na le mathata a ikonomi, ditlala, mauba le dintwa! Mme ditsholofelo tse di ntseng jalo ga di a diragala. Go na le moo, lefatshe gompieno le fetogile go nna ka tsela e mokwadi wa Baebele a neng a porofeta ka yone morago kwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. O ne a kwala gore mo motlheng wa rona re ne re tla lebana le “dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” (2 Timotheo 3:1-5) Batsadi ba le bantsi e tla nna bone ba ntlha ba go dumelana le mafoko ao.
Batsadi ba le bantsi ba e leng gone ba nnang le ngwana ba iphitlhela ba gamaregisitswe ke ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa go godisa bana mo lefatsheng la gompieno. Gantsi batsadi ka bobedi ba tshwanetse go bereka kwa ntle ga legae e le gore ba tlamele ka dilo tsa motheo tse di tlhokegang. Ditshenyegelo tsa kalafi, diaparo, sekolo, tlhokomelo ya bana le e leng tsa dijo le tsa bonno tsotlhe di ka nna tsa dira gore kgwedi le kgwedi ba age ba na le dikoloto tse dintsi tse di phatlolang batsadi ba le bantsi tlhogo. Maemo ano a ikonomi a gakolola baithuti ba Baebele ka boporofeti jo bo mo go Tshenolo jo bo bolelelang pele ka nako ya fa batho ba tla bo ba dirisa tuelo ya letsatsi lotlhe go reka dilo tse ba di tlhokang tse di tla ba tshwarelelang letsatsi le le lengwe fela!—Tshenolo 6:6.
Go ka se lebelelwe gore bana ba tlhaloganye mathata ano otlhe a a lebaneng le batsadi ba bone. Nnyaa, ka tlholego fela, bana ba na le dilo di le dintsi tse ba di tlhokang, ba eletsa thata go ratiwa le go tsewa tsia. Mme ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke metswedi ya tshedimosetso le ke balekane ba sekolo go batla go nna le ditshamekisi tsa bosheng, diaparo le dilo tsa eleketeroniki gantsi go oketsa mokoa wa mathata a batsadi ba nang le one wa go tlamela ka lenaane le le ntseng le oketsega la dilo tse di batlegang.
Kgatelelo e nngwe gape e batsadi ba nang le yone, e go lebegang e ntse e nna maswe le go feta mo malatsing ano ke botsuolodi. Sengwe se se kgatlhang ke gore Baebele e boleletse pele gore bana ba le bantsi ba ne ba se kitla ba ikobela batsadi e le sesupo se sengwe sa dinako tsa rona tse di tletseng mathata. (2 Timotheo 3:2) Ke boammaaruri gore mathata a a malebana le go otlhaya bana ga se selo se sesha. Mme ga go na motsadi ope yo o tshwanetseng go sotla ngwana ka seipato sa gore ngwana ga a itshware sentle. Mme a ga o dumele gore gompieno batsadi ba tshwanelwa ke go emelana le go godisa bana mo tikologong e e tletseng ka botsuolodi? Mmino o o tumileng o o rotloetsang tšhakgalo, go tsuologa le go itlhoboga; dithulaganyo tsa thelebishene tse di bontshang batsadi e le dieleele mme bana bone e le boramatlhale ba ba ba gaisang; dibaesekopo tse di tlotlomatsang maikutlo a a tlhotlheletsang thubakanyo—bana gompieno ba faraferwe ke ditlhotlheletso tse di ntse jalo. Bana ba ba amogelang le go etsa mekgwa eno ya botsuolodi ba ka ngomola batsadi ba bone pelo fela thata.
“Ba ba se Nang Katamalano e e Bothitho ya Tlholego”
Le fa go ntse jalo, go na le ntlha e nngwe gape mo boporofeting jone jono jwa bogologolo e e bolelelang pele mathata a mangwe a a oketsegileng mo malapeng a gompieno. E bontsha gore batho ba le bantsi ba tla tlhoka “katamalano e e bothitho ya tlholego.” (2 Timotheo 3:3) Katamalano ya tlholego ke yone e e dirang gore lelapa le kitlane. Tota le batho ba ba belaelang boporofeti jwa Baebele ba tla tshwanela go dumela gore motlha wa rona o ile wa tlala ka go senyega ga botshelo jwa lelapa ka tsela e e garolang pelo. Mo lefatsheng lotlhe, palo ya batho ba ba tlhalanang e ntse e tlhatlogela godimo. Mo dinageng di le dintsi, malapa a a nang le motsadi a le mongwe le malapa a motsadi wa bobedi a mantsi go feta malapa a a tlwaelegileng. Batsadi ba ba sa nyalwang le batsadi ba bobedi ka dinako dingwe ba lebana le dikgwetlho tse di sa tlwaelegang le mathata a a dirang gore go nne thata mo go bone go bontsha bana lorato lo ba lo tlhokang.
Le fa go ntse jalo, seo se tla nna le matswela a a botlhoko. Batsadi ba le bantsi gompieno ka bobone ba goletse mo magaeng a mo go one go neng go na le “katamalano e e bothitho ya tlholego” e nnye kana e seyo gotlhelele—magae a a neng a kgaoganngwa ke boaka le tlhalano; magae a go neng go tletse go tlhoka lorato le letlhoo mo go one; gongwe le e leng malapa a mo go one go sotlwa ka mafoko, mo maikutlong, mo mmeleng kgotsa ka tsa tlhakanelodikobo e neng e le selo se se tlwaelegileng. Go golela mo magaeng a a ntseng jalo ga go gobatse motho fa e sa ntse e le ngwana fela mme go ka mo gobatsa go fitlha e setse e le mogolo. Dipalopalo di bontsha sengwe se se sa neyeng motho tsholofelo—batsadi ba ba neng ba sotliwa fa ba le bannye ba ka nna ba sotla bana ba bone. Mo motlheng wa Baebele Bajuta ba ne ba na le polelo e e reng: “Borra bana ba jele bogoto jwa difine, mme meno a bana a dilafetse.”—Esekiele 18:2.
Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a bolelela batho ba gagwe gore dilo ga di a tshwanela go nna jalo. (Esekiele 18:3) Go tshwanetswe ga tlhalosiwa selo sa botlhokwa fano. A dikgatelelo tseno tsotlhe tse batsadi ba lebaneng le tsone di tshwanetse go dira gore ba sotle bana ba bone? Legoka! Fa e le gore o motsadi e bile o iphitlhela o mekamekana le mangwe a mathata a a boletsweng fa godimo mme o tshwenngwa ke gore a o tla ke o nne motsadi yo o siameng, nametsega! Ga o mo dipalopalong. Se se go diragaletseng mo nakong e e fetileng ga se tlhomamise se o tla nnang sone mo isagweng.
Tumalanong le tlhomamisetso ya Dikwalo ya gore o ka kgona go tokafatsa, buka ya Healthy Parenting e akgela jaana: “Kwa ntle ga gore [o] tseye matsapa a a gagametseng a go itshwara ka tsela e e farologaneng le e batsadi ba gago ba neng ba itshwere ka yone, mekgwa e o godisitsweng ka yone e tla ipoeletsa go sa kgathalesege gore o a batla kana ga o batle. Go fedisa seo, o tlhoka go lemoga mekgwa e e sa siamang e o e tsereng mo go bone mme o ithute ka fa o ka e fetolang ka teng.”
Ee, fa e le gore go a tlhokega, o ka fedisa tlwaelo eo ya go sotla bana! Gape o ka kgona go lepalepana le dikgatelelo tse di dirang gore go nna motsadi go nne thata gompieno. Mme o ka dira seo jang? Ke kae kwa o ka ithutang melao e e molemo, e o ka e ikanyang ya go nna motsadi yo o siameng? Setlhogo sa rona se se latelang se tla sekaseka kgang eno.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Batsadi bangwe fa ba le mo tlase ga kgatelelo, ba palelwa ke go bontsha bana ba bone lorato
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Batsadi ba tshwanetse go bontsha bana ba bone lorato lo ba lo tlhokang