LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 8/8 ts. 8-11
  • Thusa Bana ba Gago go Gola Sentle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa Bana ba Gago go Gola Sentle
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tikologo e e Siameng
  • Kakgolo
  • Puisano
  • Go Laola Bogale
  • Go Boloka Tolamo le Tlotlo
  • Go Tlamela ka Dilo Tsa Semoya
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Rutang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A Baebele E ka Go Thusa go Thapisa Bana ba Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 8/8 ts. 8-11

Thusa Bana ba Gago go Gola Sentle

FA GO tliwa mo go godiseng bana, batsadi ba le bantsi ba senka dikarabo gotlhe fela tse e leng gore, sentlentle ba ka di bona mo magaeng a bone. Malapa a le mantsi a na le Baebele, le fa go ntse jalo e koelana ka lerole fela mo shelofong ya dibuka go na le gore e dirisiwe mo go godiseng bana.

Ke boammaaruri gore ba le bantsi gompieno ga ba dumalane le kakanyo ya go dirisa Baebele jaaka kaelo mo botshelong jwa lelapa. Ba e tsaya fela e le e e siilweng ke nako, ya bogologolo kgotsa e e sa rekegeleng batho. Mme tlhatlhobo e e boammaaruri e tla senola gore Baebele ke buka e e mosola mo malapeng. A re boneng gore jang.

Tikologo e e Siameng

Baebele e bolelela rre go leba bana ba gagwe e le “matswela a motlhware, ba dikanyetsa lomati lwa bojelo lwa [gagwe].” (Pesalema 128:3, 4) Ditlhatshana tse di nnye ga di kitla di gola go nna ditlhare tse di ungwang fa di sa jalwe ka kelotlhoko, di sa newa dinonotshi, mmu le metsi a a lekaneng. Ka mo go tshwanang go godisa ngwana ka katlego go tlhoka tiro le tlhokomelo. Bana ba tlhoka tikologo e e siameng gore ba gole go nna bagolo.

Selo sa ntlha se se ka dirang tikologo e e ntseng jalo ke lorato—gareng ga banyalani le gareng ga batsadi le bana. (Baefeso 5:33; Tito 2:4) Batho ba malapa a le mantsi ba a ratana mme fela ba bona go sa tlhokege go bontsha lorato lo lo ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, akanya ka seno: A o ka re o buile le tsala fa o mo kwalela makwalo o bo o sa a kwale aterese, o sa a beye setempe kgotsa go a romela? Ka mo go tshwanang, Baebele e bontsha gore lorato lwa mmatota ga se fela maikutlo a a felelang mo pelong; lo itlhalosa ka bolone ka mafoko le ditiro. (Bapisa Johane 14:15 le 1 Johane 5:3.) Modimo o tlhomile sekao, a tlhalosa lorato lwa gagwe go Morwawe ka mafoko a a reng: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.”—Mathaio 3:17.

Kakgolo

Batsadi ba ka bontsha lorato lo lo ntseng jalo mo baneng ba bone jang? Fa o simolola, leba dilo tse di molemo. Go motlhofo go bona diphoso mo ngwaneng. Go sa golang ga bone, go tlhoka maitemogelo le bopelotshetlha jwa bone di tla bonala ka ditsela tse dintsintsi letsatsi le letsatsi. (Diane 22:15) Le fa go ntse jalo, ba tla dira dilo di le dintsi tse di molemo letsatsi le letsatsi. O tla tlhoma mogopolo wa gago mo go dife? Modimo ga a tlhome mogopolo wa gagwe mo diphosong tsa rona mme o gakologelwa melemo e re e dirang. (Pesalema 130:3; Bahebere 6:10) Re tshwanetse go dirisana le bana ba rona ka tsela e e ntseng jalo.

Lekau lengwe le boletse gore: “Mo botshelong jotlhe jwa me, ga ke gakologelwe nkile ka akgolwa ka tsela epe fela—e ka tswa e le dilo tse ke di dirileng mo gae kana kwa sekolong.” Batsadi, lo se ka lwa itlhokomolosa selo seno se se botlhokwa mo baneng ba lona! Bana botlhe ba tshwanetse go akgolwa ka metlha mo dilong tse di molemo tse ba di dirileng. Seno se tla fokotsa kotsi ya go gola ba ‘kotlometse pelo,’ ba akanya gore ga ba kake ba kgona go dira sepe se se molemo.—Bakolosa 3:21.

Puisano

Tsela e nngwe gape e e molemo ya go supa lorato mo baneng ba gago ke ka go latela kgakololo ya ga Jakobe 1:19: “Go nna bofefo kaga go utlwa, bonya kaga go bua, bonya kaga go shakgala.” A o a tle o bue le bana ba gago le go ba reetsa ka tlhoafalo fa ba bua? Fa bana ba gago ba itse gore o tlile go ba tlhatlhelela le pele ga ba fetsa se ba se buang kgotsa o tla galefa fa o lemoga ka fa tota ba ikutlwang ka teng, ga ba ne ba tlhola ba go bolelela maikutlo a bone. Mme fa ba itse gore o tla ba reetsa ka tlhoafalo, ba tla go bulela mafatlha a bone.—Bapisa Diane 20:5.

Le fa go ntse jalo, go tweng fa ba senola maikutlo a o itseng gore ga a siama? A jaanong ke nako ya go mo araba ka bogale, go mo tlhatlhelela kgotsa go mo kgalema ka tsela nngwe? Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe go phatloga fela ga bongwana go ka dira gore go nne thata go nna “bonya kaga go bua, bonya kaga go shakgala.” Mme lemoga gape sekao sa Modimo fa a dirisana le bana ba gagwe. A o dira gore seemo e nne se se boifisang thata, e le gore bana ba gagwe ba tshabe go mo bolelela ka fa ba ikutlwang ka teng? Nnyaa! Pesalema 62:8 ya re: “Lona batho, ikanyeng [Modimo] ka metlha yotlhe; tshololang dipelo tsa lona fa pele ga one; Modimo ke botshabelo jwa rona.”

Ka nako ya fa Aberahame a ne a tshwenyegile ka tshwetso ya Modimo ya go senya metse ya Sotoma le Gomora, ga a ka a okaoka go raya Rraagwe wa selegodimo a re: “A go nne kgakala nao go dira mo go ntseng jalo . . . a Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a ketla a dira tshiamo?” Jehofa ga a ka a kgalema Aberahame; O ne a mo reetsa le go okobatsa poifo ya gagwe. (Genesise 18:20-33) Modimo o kgona go nna pelotelele le pelonomi ka tsela e e gakgamatsang, le e leng fa bana ba gagwe ba ntsha maikutlo a a sa siamang gotlhelele le a a feteletseng.—Jona 3:10–4:11.

Batsadi ka mo go tshwanang ba tshwanetse go dira gore bana ba ikutlwe ba gololesegile go ka ntsha maikutlo a bone a kwa tengteng, go sa kgathalesege gore a tshwenya go le kana kang. Ka jalo fa ngwana wa gago a phatloga a bua sengwe se se supang go se itumele, reetsa. Go na le go mo omanya, amogela maikutlo a ngwana mme o dire gore a itlhalose. Ka sekai, o ka nna wa re: ‘O utlwala o galefetse semangmang. A o batla go mpolelela se se diragetseng?’

Go Laola Bogale

Gone mme ga go na motsadi yo o pelotelele go tshwana le Jehofa. E bile bana ba ka nna ba leka bopelotelele jwa batsadi ba bone fela thata. Fa e le gore o galefela bana ba gago nako le nako, o se ke wa tshwenyega gore seno se go dira motsadi yo o bosula. Ka dinako dingwe o a bo o na le lebaka la go galefa jalo. Modimo le ene o a tle a galefele bana ba gagwe le e leng ba a ba ratang thata. (Ekesodo 4:14; Duteronome 34:10) Le fa go ntse jalo, Lefoko la gagwe le re ruta go laola bogale jwa rona.—Baefeso 4:26.

Jang? Ka dinako dingwe go a thusa go ema nakwana e le gore bogale jwa gago bo kokobele. (Diane 17:14) E bile gakologelwa, Ke ngwana! O se ke wa solofela maitsholo a motho yo mogolo kgotsa gore a akanye ka tsela ya segolo. (1 Bakorinthe 13:11) Go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa ngwana wa gago a itshwara ka tsela e e rileng go ka nna ga fokotsa bogale jwa gago. (Diane 19:11) O se ke wa lebala pharologanyo e kgolo gareng ga go dira sengwe se se bosula le go nna bosula. Go goakaka ngwana o re o bosula go ka nna ga mo dira gore a ipotse gore, ‘Go nthusang go leka go nna molemo?’ Mme go baakanya ngwana ka lorato go tla thusa ngwana go tokafatsa mo nakong e e latelang.

Go Boloka Tolamo le Tlotlo

Go ruta bana go dira dilo ka tolamo le ka tlotlo ke nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse batsadi ba lebaneng le tsone. Mo lefatsheng la gompieno le le letlelelang sengwe le sengwe, bontsi bo a ipotsa gore a go siame go beela bana dithibelo. Baebele e araba jaana: “[Thobane, NW] le kgalemelo di naya motho botlhale, mme ngwana yo o lesiwang fela o tlhabisa mmaagwe ditlhong.” (Diane 29:15) Bangwe ba tila go dirisa lefoko “thobane,” ka ba akanya gore e supa mofuta mongwe wa go sotla ngwana. Mme ga go jalo. Lefoko la Sehebera “thobane” le raya lore lo lo tshwanang le lo lo dirisiwang ke modisa go kaela—e seng go teketa—dinku tsa gagwe.a Ka jalo thobane e emela go kgalema.

Mo Baebeleng, go otlhaya segolobogolo go raya go ruta. Ke gone ka moo buka ya Diane e buang ka makgetlho a le manè gore ‘utlwa thuto.’ (Diane 1:8; 4:1; 8:33; 19:27) Bana ba tshwanetse go ithuta gore go dira se se siameng go lere tuelo le gore go dira se se sa siamang go lere ditlamorago tse di bosula. Kotlhao e ka nna ya thusa go lemoga bosula jwa dilo tse di sa siamang, fela jaaka dituelo—tse di jaaka go mo akgola—di ka thusa go mo lemotsha molemo wa dilo tse di siameng. (Bapisa Duteronome 11:26-28.) Batsadi ba dira sentle fa ba etsa sekao sa Modimo fa ba otlhaya, ka go bo o ne a bolelela batho ba gagwe gore o tla ba siamisa “ka tekanyo.” (Jeremia 46:28, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Bana bangwe ba tlhoka fela gore o ba kgaleme go sekae gore ba itshole sentle. Fa ba bangwe bone ba tlhoka dikgato tse di gagametseng. Le fa go ntse jalo, go otlhaya “ka tekanyo” ga go kitla go akaretsa sepe fela se se ka gobatsang ngwana mo maikutlong kana mo mmeleng.

Go otlhaya ka tsela e e lekalekaneng go tla akaretsa go ruta bana dilo tse ba sa letlelelwang go di dira le tse ba sa tshwanelang go di dira. Bontsi jwa tsone bo tlhalositswe ka phepafalo mo Lefokong la Modimo. Baebele e ruta go tlotla dilo tsa batho ba bangwe. (Duteronome 19:14) E bolela dilo tse re sa letlelelwang go di dira ka go bolela gore go phoso go rata thubakanyo kgotsa go gobatsa ba bangwe ka boomo. (Pesalema 11:5; Mathaio 7:12) E bolela dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo tse re sa letlelelwang go di dira ka go kgala go tlhakanela dikobo le wa losika. (Lefitiko 18:6-18) E umaka le dilo tse di amang motho ka namana le maikutlo ka go kgala go bitsa mongwe ka maina a a maswe kgotsa go dirisa mefuta epe fela ya go tlhaba ka mafoko. (Mathaio 5:22) Go ruta bana ka dilo tseno tse ba sa letlelelwang go di dira le tse ba sa tshwanelang go di dira—ka go bua le ka go tlhoma sekao—go botlhokwa mo go direng gore tikologo ya lelapa e nne e e siameng.

Selo se sengwe gape se se ka dirang gore go nne le tolamo le tlotlo mo lelapeng ke ka go tlhaloganya seabe sa mongwe le mongwe mo lelapeng. Mo malapeng a mantsi gompieno, diabe tse di ntseng jalo ga di dirwe sentle kgotsa di a tlhakatlhakanngwa. Mo go a mangwe, motsadi o tla bolelela ngwana mathata a gagwe a a bokete, mathata a ngwana a sa a nonofelang. Mo go a mangwe, bana ba letlelelwa go nna bone babusaesi ba bannye, ba direla lelapa lotlhe ditshwetso. Seo ga se a siama e bile se kotsi. Batsadi ba tshwanetse go tlamela bana ba bone ba bannye ka dilo tse ba di tlhokang—e ka tswa e le mo mmeleng, mo maikutlong kgotsa mo semoyeng—e seng gore e nne bana ba dirang jalo. (2 Bakorinthe 12:14; 1 Timotheo 5:8) Akanya ka sekai sa ga Jakobe yo o neng a fokotsa lebelo la lelapa lotlhe la gagwe le batlhanka ba gagwe e le gore a se ke a imetsa bana. O ne a tlhaloganya ditlhaelo tsa bone mme a tsaya kgato e e tshwanetseng.—Genesise 33:13, 14.

Go Tlamela ka Dilo Tsa Semoya

Ga go na sepe se se botlhokwa mo go direng gore maemo a lelapa e nne a a siameng go feta dilo tsa semoya. (Mathaio 5:3) Bana ba ka kgona go tlhaloganya dilo di le dintsi tsa semoya. Ba na le dipotso di le dintsi: Ke ka ntlha yang fa re tshela? Ke mang yo o dirileng lefatshe le diphologolo tsa lone, ditlhare, lewatle? Ke ka ntlha yang fa batho ba swa? Go diragala eng morago ga moo? Ke ka ntlha yang dilo tse di bosula di diragalela batho ba ba siameng? Lenaane leno le lebega le sa fele. Gantsi ke batsadi ba ba tlhophang gore ba se ke ba akanya ka dilo tse di ntseng jalo.b

Baebele e rotloetsa batsadi go dirisa nako e ntsinyana ba ruta bana ba bone dilo tsa semoya. E bua ka thuto e e ntseng jalo ka mafoko a a botsalano e le puisano e e tswelelang gareng ga batsadi le bana. Batsadi ba ka ruta bana ba bone ka Modimo le Lefoko la gagwe ka nako ya fa ba tsamaya mmogo, ba ntse mo ntlong mmogo, ka nako ya go robala—nako nngwe le nngwe fa go kgonega.—Duteronome 6:6, 7; Baefeso 6:4.

Baebele ga e buelele fela thulaganyo e e ntseng jalo ya semoya. Gape e re thusa ka dilo tse re tla di tlhokang go dira seo. Kana e bile, o ne o tla arabela jang dipotso tsa bana tse di boditsweng fa godimo? Baebele e na le dikarabo. Di a utlwala, di a kgatlha e bile di re thusa go nna le tsholofelo mo lefatsheng leno le le senang tsholofelo. Se se botlhokwa le go feta ke gore go tlhaloganya botlhale jwa Baebele go ka neela bana ba gago maitsetsepelo a a tiileng, kaelo e e tlhomameng mo motlheng wa gompieno o o tlhakanyang tlhogo. Ba neye seo, mme ba tla gola sentle—gone jaanong le mo isagweng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona Tsogang! ya September 8, 1992, ditsebe 16-17.

b Buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng e rulaganyeditswe thuto ya lelapa e bile e na le kaelo e e mosola e e tswang mo Baebeleng ka lenyalo le go godisa bana. E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Ka metlha senka sengwe se o ka se akgolelang ngwana wa gago

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Ka Fa O Ka Thusang Bana ka Teng Go Gola Sentle

• Dira gore ba ikutlwe ba sireletsegile ba ikutlwe ba ratiwa e bile ba le botlhokwa

• Ba akgole ka metlha. Dirisa mafoko a a tlhamaletseng

• Nna moreetsi yo o molemo

• Emisa go sekae fa o utlwa bogale bo tsoga

• Ba tlhalosetse sentle dilo tse ba sa letlelelwang go di dira le tse ba sa tshwanelang go di dira

• Otlhaya ngwana mongwe le mongwe go ya ka se a se tlhokang

• O se ke wa lebelela gore ngwana a dire dilo tse di fetang tse a ka di kgonang

• Ba tlamele ka dilo tsa semoya ka thuto ya ka metlha ya Lefoko la Modimo

[Lebokoso mo go tsebe 10]

Pele Ga Bone

DIKAELO tsa Baebele di thusitse batho ba Iseraele wa bogologolo go itumelela botshelo jwa lelapa jo bo neng bo gaisa kgakala jwa ditšhaba tse di neng di ba dikologile. Mokwalahisitori e bong Alfred Edersheim o akgetse ka gore: “Mo bathong ba e neng e se Baiseraele o ne o ka se ka wa re ba na le botshelo jwa lelapa kgotsa lelapa go ya ka tsela e re tlhaloganyang mafoko ano ka teng.” Ka sekai, mo Baromeng ba bogologolo molao o ne o neela rre dithata tse di feletseng mo lelapeng. O ne a ka rekisa bana ba gagwe go nna makgoba, a ba dira babereki kgotsa le e leng go ba bolaya—a sa bonwe molato.

Baroma bangwe ba ne ba gakgamadiwa ke go bona Bajuta ba tshwara bana ba bone sentle. Tota e bile, mokwalahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa Moroma e bong Tacitus o ne a kwala tema e e bosula kgatlhanong le Bajuta, a bolela gore dingwao tsa bone “ka nako nngwe di ne di sokame e bile di ferosa sebete.” Le fa go ntse jalo, o ne a dumela gore: “Ke tlolomolao mo go bone go bolaya lesea lepe fela le le sa tswang go tsalwa.”

Baebele e ne e re beela molao wa maemo a a kwa godimo. E ne e ruta Bajuta gore bana ba botlhokwa—sentlentle ba tshwanetse go tsewa e le boswa jo bo tswang kwa Modimong ka boene—le gore ba ne ba tshwanetse go tshwarwa ka tsela e e siameng. (Pesalema 127:3) Go bonala bontsi jwa bone ba ne ba ikobela kgakololo e e ntseng jalo. Le e leng puo ya bone e ne e supa seno. Edersheim o bolela gore kwantle ga mafoko morwa le morwadi, Sehebera sa bogologolo se ne se na le mafoko a le robongwe a a dirisediwang bana, lengwe le lengwe le dirisiwa mo boemong jo bo farologaneng mo botshelong. Ka sekai, go ne go na le lefoko le le neng le dirisediwa ngwana yo o santseng a anya le lengwe le ne le dirisediwa yo o kgwisitsweng. Go bana ba ba setseng ba godile go sekae, go ne go na le lefoko le le neng le dirisiwa go tlhalosa gore a ba a tia e bile ba maatla. Gape go basha ba ba godileng, go ne go na le lefoko le le neng le bolela ‘go itlhotlhora sengwe’ fa le tsewa jaaka le ntse. Edersheim o akgela ka gore: “Eleruri, batho bano ba ba neng ba lebile ka tlhoafalo botshelo jwa ngwana e le gore ba tle ba teye boemo bongwe le bongwe jo bo latelang lefoko le le tshwanetseng, ba tshwanetse ba bo ba ne ba rata bana ba bone fela thata.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela