Kwa Bothata bo Leng Bogolo Teng
MARY yo o nnang kwa United States o simolola letsatsi la gagwe ka go tlhapa mo shawareng, a tlhape meno a gagwe mo thepeng e e buletsweng, a tsamaise metsi a ntlwana le go tlhapa matsogo. Le e leng pele ga a nna fa fatshe go fitlhola, a ka tswa a dirisitse metsi a a lekaneng go ka tlatsa bata ya go tlhapela. Fa letsatsi le phirima, Mary, fela jaaka ba bangwe ba bantsi ba ba nnang mo States, o setse a dirisitse dilitara di feta 350 tsa metsi, a a lekanang go ka tlatsa dibata tse pedi tse di tlhapelang le halofo. Mo go ene, metsi a mantsi a a phepa a bonwa fela mo thepeng e e gaufi. A nna a le teng ka gale; o a tsaya motlhofo fela.
Mo go Dede, yo o nnang kwa Afrika Bophirima, boemo ke jo bo farologaneng. O tsoga ka mahube, a apare, a rwale nkgo e kgolo mo tlhogong ya gagwe mme a tsamaye dikilometara di le robedi go ya kwa nokeng e e gaufi. Fa a fitlha gone o a tlhapa, a tlatse nkgo ka metsi mme a boele gae. Thulaganyo eno ya letsatsi le letsatsi e tsaya diura di le nnè. Mo ureng e e latelang o tlhotlha metsi go ntsha diparasaete le go a kgaoganyetsa mo dinkgong tse tharo—a mangwe gore a nowe, a mangwe go dirisiwa mo ditirong tsa legae gape a mangwe one gore a itse go tlhapa ka one maitseboa. Diaparo tsotlhe tse di tlhatswiwang di tlhatswediwa kwa nokeng.
Dede a re: “Tlala ya metsi e a re bolaya fano. E re ka o feditse halofo ya moso o ga metsi, ke nako e kae e e setseng ya letsatsi e o ka dirisetsang go lema kgotsa ditiro tse dingwe?”
Dede ga se ene fela yo o leng mo boemong jo bo ntseng jalo. Go ya ka World Health Organization (WHO), nako yotlhe e e dirisediwang go ga metsi ngwaga nngwe le nngwe ke bontsintsi jwa basadi le bana le go tla le metsi go tswa kwa kgakala, gantsi a tswa mo mafelong a a kgotletsweng e ka nna dingwaga di feta dimilione di le lesome!
Bangwe Ba na Le One, ba Bangwe Ga ba Na One
Ka jalo, le fa tota go na le metsi a mantsi a a foreshe mo lefatsheng lotlhe, ga a abiwe ka go lekalekana. Ke jone bothata jwa ntlha jo bogolo. Ka sekai, baitsesaense ba akantsha gore le fa Asia e na le diperesente di le 36 tsa metsi a a tlatsang matsha le dinoka tsotlhe tsa lefatshe, kontinente eo e na le diperesente di le 60 tsa palo yotlhe ya batho ba lefatshe. Go farologana le moo, Noka ya Amazon e na le diperesente di le 15 tsa metsi otlhe a dinoka tsa lefatshe, le fa go ntse jalo ke diperesente di le 0,4 fela tsa palo yotlhe ya batho ba lefatshe tse di nnang gaufi le yone gore ba a dirise. Go a aba ka tsela e e sa lekalekaneng go diragala le mo puleng. Mafelo mangwe a lefatshe a omile mo e ka nnang gotlhelele; a mangwe, le fa a sa oma ka dinako tse dingwe, ka dinako dingwe a tshwenngwa ke leuba.
Baitseanape ba le mmalwa ba dumela gore batho ba ka baka diphetogo dingwe mo tlelaemeteng go akaretsa le pula. Go rengwa ga dikgwa le go lema mmu le go fudisa diruiwa ka tsela e e feteletseng tsotlhe di tlogela mmu o se na sepe. Bangwe ba re fa seno se diragala, lefatshe le busetsa marang a mantsi a letsatsi kwa atemosefereng. Matswela e nne gore: Atemosefere e nne bothitho, maru a phatlalale mme pula e fokotsege.
Naga e e kgakgabetseng le yone e ka nna ya baka gore pula e fokotsege ka gonne pula e ntsi e e nang kwa dikgweng ke metsi a pele a neng a mowafala go tswa mo dijalong ka botsone—go tswa mo matlhareng a ditlhare le mo ditlhatshaneng. Ka mafoko a mangwe, dijalo di dira jaaka sepontšhe se segolo se se monyang le go tshwara metsi a pula. Fa o tlosa ditlhare le ditlhatshana go tla nna le metsi a mannye go ka dira maru a pula.
Go sa ntse go ganetsanwa thata malebana le gore kafa ditiro tsa batho di amang pula ka teng; go sa ntse go tshwanetse ga dirwa dipatlisiso tse dintsi. Mme se go tlhomamisegwang ka sone ke gore: Go tlhaela ga metsi go aname. Banka ya Lefatshe e lemositse gore go tlhaela go setse go baya diikonomi le boitekanelo jwa dinaga di le 80 mo kotsing. Mme diperesente di le 40 tsa baagi ba lefatshe—batho ba ba fetang dimilione di le sekete—ga ba na metsi a a phepa kgotsa a go tlosa leswe le go thibela malwetse.
Dinaga tse di humileng fa di lebane le tlhaelo ya metsi, gantsi di kgona go ntsha madi a mantsi go di thusa go tila mathata a a masisi. Di aga matamo, di dirisa boranyane jwa saense jo bo tlhwatlhwa e e kwa godimo go phepafatsa metsi a tsone kgotsa le e leng go ntsha letswai mo metsing a lewatle. Ditšhaba tse di humanegileng ga di kgone go dira dilo tse di ntseng jalo. Go le gantsi di tshwanelwa ke go tlhopha gore a di abele ka metsi a a phepa ka go a lekanyetsa, e leng mo go ka nnang ga kgoreletsa kgatelopele le go fokotsa tlhagiso ya dijo kgotsa go dirisa gape metsi a a sa phepafadiwang, e leng mo go felelang ka go anama ga bolwetse. E re ka tlhokego ya metsi e ntse e oketsega gotlhe, isagwe e lebega e le lokgere mo go maswe.
Dingwaga di le Lesome Tsa Tsholofelo
Ka November 10, 1980, Kokoanokgolo ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya bua ka go itshepa ka go tla ga “Dingwaga di le Lesome Tsa Boditšhabatšhaba Tsa go Aba Metsi a a Nowang le go Tlosa Leswe le go Thibela Malwetse.” Kokoano eo e ne ya itsise gore mokgele wa yone e ne e le gore ka 1990 go bo go setse go tlametswe batho botlhe ba dinaga tse di sa ntseng di tlhabologa ka metsi a mantsi a a phepa le a a tlosang leswe le go thibela malwetse. Kwa bokhutlong jwa lesome la dingwaga, go ne go dirisitswe diranta di ka nna dimilione di le dikete di le 594 go gogela metsi a a phepa kwa bathong ba ba fetang dimilione di le sekete le ditiro tsa go tsamaisa leswe kwa bathong ba ba fetang dimilione di le dikete di le 750—e leng katlego e e kgatlhang tota.
Le fa go ntse jalo, katlego eo e ne ya busediwa morago ke palo e e golang ya baagi ya batho ba le dimilione di le 800 kwa dinageng tse di sa ntseng di tlhabologa. Ka jalo, ka 1990, batho ba ba fetang dimilione di le sekete ba ne ba sa ntse ba sena metsi a a phepa le go tlosiwa ga leswe le go thibela bolwetse tse di lekaneng. Boemo jono jo bo masisi go lebega bo tshwana le se kgosigadi e neng ya se raya Alice mo bukeng ya padi ya bana ya Through the Looking-Glass: “Wa bona, go tlhokega gore o taboge ka bonako ka moo o ka kgonang ka teng gore o boloke boemo jo o leng mo go jone ga jaanong. Fa o batla go ya kwa pele, o tshwanetse go taboga ka bonako ka makgetlho a mabedi go feta ka fa o tabogang ka gone jaanong!”
Go ya ka WHO, go tloga ka 1990, kgatelopele yotlhe e e dirilweng ya go tokafatsa boemo jwa ba ba senang metsi le go tlosa leswe le go thibela bolwetse e nnile “bokoa.” Ka nako ya fa Sandra Postel e ne e le motlatsa poresidente wa patlisiso kwa Worldwatch Institute o kwadile jaana: “Ke molato o mogolo wa boitsholo gore batho ba le dimilione di le dikete tse 1,2 ga ba kgone go nwa metsi kwantle ga go itsenya mo kotsing ya go lwala kana go swa. Lebaka la seno ga se ka gonne go se na metsi kgotsa boranyane jwa saense jo bo lekaneng mme ke ka gonne setšhaba le boradipolotiki ba sa ikaelela go thusa bahumanegi ka dilo tsa konokono tse ba di tlhokang. Go ka tsaya didolara tse go akanngwang di ka nna dimilione di le dikete tse 36 [diranta di le dimilione di le dikete tse 160] ka ngwaga, e leng se se lekanang le mo e ka nnang diperesente di le 4 tsa ditshenyegelo tsa lefatshe lotlhe tsa sesole, go tlamela batho botlhe ka se bontsi jwa rona re se bonang motlhofo—metsi a a phepa a a nowang le go thibela bolwetse ka go tsamaisa leswe.”
Fa Palo ya Baagi e Gola, Go Tlhokega a Mantsi
Go abiwa ga metsi mo go sa lekalekaneng go raraangwa ke bothata jwa bobedi: Fa dipalo tsa baagi di ntse di gola, tlhokego ya metsi le yone e a oketsega. Go na ga pula mo lefatsheng lotlhe go nna go sa fetoge ka selekanyo se se rileng, mme dipalo tsa baagi tsone di oketsega thata. Go dirisiwa ga metsi go oketsegile mo e ka nnang gabedi mo lekgolong leno la dingwaga e bile bangwe ba fopholetsa gore go ka nna ga oketsega sebedi gape mo dingwageng tse 20 tse di latelang.
Gone mme, dipalo tse di golang tsa batho di tlhoka e seng fela metsi a mantsi a a nowang mme gape le dijo tse di oketsegileng. Mo letlhakoreng le lengwe, go tlhagisiwa ga dijo go tlhoka metsi a mantsi go feta. Le fa go ntse jalo, temothuo e patelesega go lwela metsi le madirelo le batho. Fa ditoropokgolo le madirelo di oketsega, temothuo gantsi e a latlhegelwa. Mmatlisisi mongwe o botsa jaana: “Dijo di tlile go tswa kae? Re ka kgona jang go tlamela batho ba le dimilione di le dikete tse 10 ka dilo tse ba di tlhokang, fa re palelwa le ke go tlamela batho ba le dimilione di le dikete tse 5 ka dilo tse ba di tlhokang e bile re tseela temothuo metsi?”
Palo ya baagi e oketsega thata kwa dinageng tse di santseng di tlhabologa, koo metsi a tlhaelang thata teng. Ka maswabi, dinaga tseno ga di kgone le e seng, go ka rarabolola mathata a tsone a metsi, ka madi le ka boranyane.
Kgotlelo
Mo godimo ga mathata a a leng teng a go tlhaela ga metsi le metsi a mantsi a a tlhokegang ka ntlha ya koketsego ya palo ya baagi, oketsa ka bothata jwa boraro jo bo amanang le seno: kgotlelo. Baebele e bua ka “noka ya metsi a botshelo,” mme dinoka tse dintsi gompieno ke dinoka tsa loso. (Tshenolo 22:1) Go ya ka phopholetso nngwe, bontsi jwa metsi a a leswe—a a dirisitsweng mo gae le a madirelo—a a tshelegelang mo dinokeng tsa lefatshe ngwaga le ngwaga a ka nna dikhubita tsa dikilometara di le 450. Dinoka le melapo e le mentsi di kgotletswe go tswa kwa di simologang teng go fitlha kwa di felelang teng.
Mo dinageng tsa lefatshe tse di sa ntseng di tlhabologa, mantle a kgotlela mo e ka nnang noka nngwe le nngwe e kgolo. Patlisiso e e neng ya dirwa mo dinokeng di le 200 tse di kgolo tsa Russia e bontshitse gore di le 8 go di le 10 di na le selekanyo se se kwa godimo ka tsela e e kotsi sa dibaketeria le dibaerase. Le mororo dinoka le melapo ya dinaga tse di tlhabologileng thata di sa tlala ka mantle, gantsi di kgotlelwa ka dikhemikale tse di botlhole go akaretsa tse di tswang mo dinontshammung tsa temothuo. Mo e ka nnang mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, dinaga tse di bapileng le lewatle di pompela mantle mo metsing a a seng boteng ka go dira jalo di kgotlela mabobo a tsone.
Ka jalo, kgotlelo ya metsi ke bothata jwa lefatshe lotlhe. Bukana ya Audubon Society ya Water: The Essential Resource fa e sobokanya boemo jono, e bolela jaana: “Nngwetharong ya batho e bereka e lwala thata kgotsa e le bokoa ka ntlha ya metsi a a leswe; nngwetharong e nngwe e mo kotsing ka ntlha ya go tshelwa ga dire tsa dikhemikale mo metsing tse ditlamorago tsa teng tsa nako e telele di sa itseweng.”
Metsi a a Leswe, Boitekanelo jo bo Bokoa
Fa Dede yo o umakilweng pelenyana a ne a re “tlala ya metsi e a re bolaya,” o ne a tshwantshetsa fela. Le fa go ntse jalo, go tlhaela ga metsi a a phepa, a a foreshe go a bolaya ka tsela ya mmatota. Mo go ene le go dimilione tse di jaaka ene, ga go na se ba ka se dirang fa e se fela go dirisa metsi a a tswang mo melapong le mo dinokeng, ao gantsi a kgotletsweng ka leswe. Go ya ka WHO ga go gakgamatse go bo ngwana a swa mo metsotswaneng mengwe le mengwe e robedi ka ntlha ya bolwetse jo bo amanang le metsi!
Go ya ka makasine wa World Watch, mo dinageng tse di tlhabologang, diperesente di le 80 tsa malwetse otlhe di anamisiwa ke go nwa ga metsi a a seng phepa. Megare e e bakang malwetse e e nnang mo metsing le kgotlelo di bolaya dimilione di le 25 tsa batho ngwaga le ngwaga.
Malwetse a a bolayang a a amanang le metsi—a a akaretsang bolwetse jwa letshololo, kholera le thaefoete—a bolaya batho ba le bantsi kwa dinageng tsa Boboatsatsi. Le fa go ntse jalo, malwetse a a anamisiwang ke metsi ga a bonwe fela mo dinageng tse di tlhabologang. Ka 1993 kwa United States, batho ba le 400 000 ba ne ba lwala kwa Milwaukee, kwa Wisconsin, morago ga go nwa metsi a thepe a a nang le mogare o o palelang chlorine. Ka one ngwaga oo, megare e e kotsi e ne ya tsena mo diphaepeng tsa metsi tsa ditoropokgolo tse dingwe kwa United States—Washington, D.C.; New York City; le Cabool kwa Missouri—mo go neng ga pateletsa baagi ba teng go bedisa metsi a a neng a tswa mo dithepeng tsa bone.
Go Kgaoganya Metsi a Dinoka
Mathata a a amanang a go tlhaela ga metsi, metsi a mantsi a a tlhokegang ka ntlha ya koketsego ya palo ya baagi le kgotlelo e e bakang malwetse tsotlhe tseno ke dilo tse di ka dirang gore go nne le dikgotlhang le dintwa. Le fa go ntse jalo, metsi ga se selo se se dirisediwang go ijesa monate fela. Radipolotiki mongwe kwa Spain yo o neng a mekamekana le bothata jwa metsi o rile: “Ga e sa tlhole e le bothata jwa ikonomi mme ke ntwa ya go lwela go tshela.”
Selo se segolo se se bakang dikgotlhang ke go kgaoganya metsi a dinoka. Go ya ka Peter Gleick e bong mmatlisisi mongwe kwa United States, diperesente di le 40 tsa baagi ba lefatshe di nna mo karolong ya dinoka di le 250 tse metsi a tsone a dirisiwang ke dinaga di le dintsi. Dinoka tsa Brahmaputra, Indus, Mekong, Niger, Nile le Tigris nngwe le nngwe ya tsone e elela go kgabaganya dinaga di le dintsi—dinaga tse di batlang go dirisa metsi a mantsi ka mo di ka kgonang ka teng mo dinokeng tseo. Go setse go kile ga nna le dikgotlhang.
Fa tlhokego ya metsi e ntse e oketsega, mathata a a ntseng jalo a tla oketsega. Motlatsaporesidente wa Banka ya Lefatshe ya Environmentally Sustainable Development o ne a bolelela pele gore: “Dintwa di le dintsi tse di neng tsa nna teng mo lekgolong leno la dingwaga di ne di le ka ga oli mme dintwa tsa mo lekgolong le le latelang la dingwaga e tla nna kaga metsi.”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Molekhule o o Kudubutlegang
A re latele motsamao wa molekhule mongwe le mongwe wa metsi fa o le mo mosepeleng wa one o o sa feleng. Metseletsele ya ditshwantsho tse di mono, tse di tshwailweng ka dinomore go tsamaelana le mafoko a a kwadilweng fano, di supa fela kafa molekhule o le mongwe wa metsi o tsayang ditsela di le makgolokgolo ka teng go boela kwa o tswang teng.—Jobe 36:27; Moreri 1:7.
Re tla simolola ka molekhule ono o le mo godimo ga lewatle.(1) Fa metsi a mowafala ka ntlha ya maatla a letsatsi, molekhule ono o tlhatloga go fitlha o le dimetara di le makgolo a le mmalwa kwa godimo ga lefatshe. (2) Jaanong o kopana le dimolekhule tse dingwe tsa metsi go dira lerothodinyana la metsi. Lerothodinyana leno le tsamaya ka phefo dikilometara di le makgolokgolo. Fa nako e ntse e ya, lerothodinyana le a mowafala mme molekhule o tlhatloge gape go fitlha, kwa bokhutlong o kopana le lerothodi la pula le legolo sentle go ka wela fa fatshe. (3) Marothodi a pula a wela fa fatshe mo lekgabaneng le a mangwe a le dimilione di le dikete; metsi a elelela kwa molapong. (4)
Jaanong kgama e nwe metsi mo molapong, e nwa molekhule ono wa rona. (5) Diura di le mmalwa morago ga moo kgama e a tlhapologa mme molekhule o fetele kwa mmung mo o fitlhang o monywa ke medi ya setlhare teng. (6) Go tswa foo, molekhule o tlhatlogela kwa godimo mo setlhareng kwa kgabagare o fitlhang o mowafala go tswa mo letlhareng go ya mo loaping. (7) Jaaka pele ga moo, o tlhatlogela kwa godimo go ya go thusa go dira lerothodinyana le lengwe. Lerothodinyana le phaphalala mo phefong go fitlha le kopana le leru le lentsho, le le kwenneng la pula. (8) Molekhule wa rothela fa fatshe gape le pula mme jaanong o fitlha mo nokeng e e o tseelang kwa lewatleng. (9) Koo, o ka nna wa fitlha wa tsaya diketekete tsa dingwaga pele ga o fitlha mo boalong jwa lefatshe, o mowafala le go tsamaisiwa ke phefo gape. (10)
Modikologo ono ga o khutle: Metsi a mowafala go tswa mo mawatleng, a tsamaye mo godimo ga lefatshe, a ne e le pula a bo a boela kwa mawatleng. Ka go dira jalo, metsi a otla dilo tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]
Se se Akantshitsweng Go aga madirelo a a ntshang letswai. A tlosa letswai mo metsing a lewatle. Gantsi seno se dirwa ka go pompela metsi mo mafelong a a nang le kgatelelo e e kwa tlase, koo teng a fitlhang a gotediwa teng go fitlha a bela. Metsi a a mowafala mme a bo a lebisiwa gologongwe, a tlogela dithoro tsa letswai kwa morago. Ke selo se se jang madi a mantsi, se dinaga di le dintsi tse di santseng di tlhabologa di sa kgoneng go nna le sone.
Go gakolosa dithabakgapetla. Borasaense bangwe ba dumela gore metsi a a suleng dikgapetla a a fetang dithaba tse dikgolo, tse di nang le metsi a a phepa le a a foreshe, a ka nna a gogiwa go tswa kwa Antarctic ka mekoro e megolo e e gogang a bo a gakolosiwa go tlamela dinaga tse di omeletseng tsa Hemisefere ya Borwa ka metsi. Bothata bongwe ke gore: Mo e ka nnang halofo ya metsi ano a a dikgapetla a tla gakologela mo lewatleng le pele ga e fitlha kwa e yang teng.
Go phunya maje a a ntshang metsi. Maje a a ntshang metsi ke mafika a a nang le metsi kwa tlase ga lefatshe. Go tswa mo go one, metsi a ka nna a pompiwa le e leng mo dikakeng tse di omileng go gaisa tsotlhe. Le fa go ntse jalo, go ntsha metsi ano go ja madi a mantsi e bile go fokotsa selekanyo sa metsi kwa tlase ga lefatshe. Bothata jo bongwe gape ke gore: Bontsi jwa mafika ano a a ntshang metsi a iintšhafatsa ka iketlo fela—e bile a mangwe ga a dirwe jalo.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]
Photo: Mora, Godo-Foto
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Go bona metsi go ka tsaya diura di le nnè letsatsi le letsatsi
[Ditshwantsho mo go tsebe 28]
Dikhubita tsa dikilometara di le 450 tsa leswe di tshelwa mo dinokeng ngwaga le ngwaga