LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 10/8 ts. 28-30
  • Phoso ke Eng ka go Nna le Madi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Phoso ke Eng ka go Nna le Madi?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Lekhubu le Legolo la go Rata Dikhumo”
  • ‘Go Ikemisetsa go Huma’
  • ‘Go Thabuela mo Tshenyakong’
  • Go Nna Tekatekano
  • A madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • O Leba Madi Jang?
    Tsogang!—2015
  • Madi
    Tsogang!—2014
  • Tsela e e Molemo ya go Leba Madi ke Efe?
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 10/8 ts. 28-30

Basha ba Botsa Jaana . . .

Phoso ke Eng ka go Nna le Madi?

“ELERURI madi ke selo sa botlhokwa thata mo lefatsheng.” Go boletse jalo George Bernard Shaw yo e leng mokwadi wa diterama kwa Borithane. A o dumalana le ene? Ka gongwe o ikutlwa jaaka Tanya wa dingwaga di le 17, yo o ileng a re: “Ga ke batle go huma, ke batla fela madi a a lekaneng gore ke tshele.” Avian yo mosha le ene ka mo go tshwanang o leba madi e se selo sa botlhokwa thata mo lefatsheng mme fela e le a a tlhokegang gore motho a fitlhelele mekgele e e rileng. A re: “Madi a botlhokwa mo dilong tse ke di tlhokang tse di jaaka diaparo le dipalangwa.”

A o ne o itse gore Baebele le yone e bolela se se tshwanang? Mo go Moreri 7:12 e bolela gore “madi ke phemelo.” Lehuma le tlhalosiwa e le “mmaba yo mogolo wa boitumelo jwa batho.” E bile go nna le madi a a lekaneng go ka go sireletsa—gongwe go ya bokgakaleng jo bo rileng—mo mathateng a gantsi a tlisiwang ke lehuma. Madi gape a ka go thusa ka dinako tsa dikotsi tse di sa solofelwang. Phyllis yo mosha o boletse gore: “Baebele ya re ‘motlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang di wela batho botlhe.’ Ga re nke re itse gore mathata a tla re wela leng, ka jalo re tlhoka go nna re ntse re bolokile madi.” (Moreri 9:11) Mme le mororo madi a bonala a le botlhokwa mo go wena gone jaanong, a ka nna a nna le seabe se segolo mo isagweng ya gago.

“Lekhubu le Legolo la go Rata Dikhumo”

Mme le fa go tshwenyega mo go rileng ka ga go nna le madi a a lekaneng e le selo se se tlwaelegileng le se se itshiametseng fela, mo basheng bangwe madi e setse e le selo se ba tlholang ba akantse ka sone fela. Fa basha ba ba fetang 160 000 ba ne ba bodiwa gore, “Ke eng se o se batlang thata mo botshelong?,” diperesente di le 22 tsa bone di ne tsa re, “Go huma.”

Ga go belaetse gore keletso eno e e maatla ya go huma e godisiwa ke se makasine wa Newsweek o se bitsang “lekhubu le legolo la go rata dikhumo” le le anameng mo lefatsheng lotlhe. Martin wa dingwaga di le 18 a re: “Ke motho yo o ratang dikhumo thata le yo o ratang thata diaparo tsa maina. Ke dumela thata gore o newa selo sa tlhwatlhwa e o e dueletseng. Ka jalo, ke dirisa madi a mantsi mo dilong tse ke di batlang.” Martin ga se ene fela mosha yo o ‘dirisang madi a mantsi.’ U.S.News & World Report e bega gore: “Mo ngwageng o o fetileng, basha ba dingwaga tsa go tloga ka 12 go ya go 19 [kwa United States] ba ne ba dirisa madi a mantsi ba reka dilo, ba dirisa mo e ka nnang didolara di le dimilione di le dikete di le 109 [diranta di le dimilione di le dikete tse 483] mo go rekeng fela, koketsego ya diperesente di le 38 go feta ka 1990.”

Le fa go ntse jalo, basha bano ba tsaya kae madi ano a go reka diaparo tse disha, di-compact disc le didirisiwa tseno tsa khomputara? Go ya ka U.S.News & World Report: “Mo e ka nnang halofo ya basha botlhe ba dingwaga di le 16 go ya go 19 ba bereka dikoropo.” Fa e dirwa ka tekatekano, tiro ya morago ga sekolo e ka nna le melemo mengwe e e jaaka go ruta mosha go nna le maikarabelo. Le fa go ntse jalo, basha bangwe ba feteletsa dilo mo ntlheng eno. Makasine wa Newsweek o boletse jaana: “Baithutatlhaloganyo le barutisi ba lemoga gore baithuti [ba ba berekang] ba aga ba tsenwe ke letsapa. Ba na le nako e nnye fela go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae, mme barutisi ba ka metlha ba bonang baithuti ba ba lapileng ba retelelwa ke go nna ba tsogile, ka maswabi gantsi ba tsibogela seo ka go fokotsa selekanyo sa maduo a ba tshwanetseng go falola ka one.”

Le fa go ntse jalo, ke basha ba le mmalwa fela ba ba ikemeseditseng go tlogela mebereko eno e ba bonang madi ka yone. Vanessa yo mosha a re: “Sekolo se botlhokwa fela jaaka madi le one a le botlhokwa. Tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae ga e duele.” Go nna le madi go botlhokwa go le kana kang mo go wena? A go nna le madi a mantsi ke mokgele o mogolo mo botshelong jwa gago?

‘Go Ikemisetsa go Huma’

Baebele e araba tsone dipotso tseno. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lefa go ntse jalo, ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa bosenangtlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyakong. Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gabalalela lorato lono bangwe ba timeditswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.

Ka phepafalo Paulo o ne a itse sentle se a neng a bua ka sone. Pele ga a nna Mokeresete, o ne a kile a nna mongwe wa baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba itsege e le “Bafarasai,” ba Baebele e ba tlhalosang e le “barati ba madi.” (Luke 16:14) Le fa go ntse jalo, moaposetoloi o ne a sa kgale go nna le madi ka bogone. Go na le moo, o ne a tlhagisa ba ba neng ba ‘ikemiseditse go huma’ kgotsa jaaka thanolo e nngwe e e baya, batho ba ba “tlhomileng dipelo tsa bone mo go humeng.” (Phillips) Mme ke eng se se kotsi ka go dira jalo?

Jaaka Paulo a tlhalositse, ba ba ntseng jalo ba “wela mo thaelong le mo serung.” Diane 28:20 e bua se se tshwanang fa e re: “Yo o potlakelang go huma ga a ketla a tlhoka go bediwa.” Basha ba bangwe, ka go akanya gore ga ba na dilo tse di lekaneng, ba ne ba ineela mo go utsweng.

Ke boammaaruri gore bontsi jwa basha ga ba ne ba akanya ka go utswa. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka inaakanya le boitshwaro jo bo kotsi fela jaaka gone. Christianity Today e bega gore: “Bomankge bangwe ba dumela gore go betšha go go feteletseng e setse e le mokgwa o o golang ka bonako o basha ba o lemaletseng.” Kwa motseng mongwe kwa United States, “mo e ka nnang diperesente di le 90 tsa basha ba a bo ba setse ba kile ba ithekela dithekete tsa lothari ka bokhukhuntshwane fa ba tshwara ngwaga wa bone wa bofelo mo sekolong se segolo.” Basha bangwe ba ineela mo mekgweng e e boifisang le go feta. Matthew wa dingwaga di le 16 a re: “Ditiro tse di kgotsofatsang ga di bonwe motlhofo. Ka jalo ke bona madi a mantsi ka go reka dilo le go di rekisa. . . . Gangwe le gape [ke ne ke tle ke] rekise [diokobatsi].”

‘Go Thabuela mo Tshenyakong’

Ke boammaaruri gore go nna le madi go ka dira gore motho a gololesege. Mme jaaka Paulo a tlhalosa, kgabagare go gwalalela go nna le madi go ka dira motho lekgoba la ‘dikeletso tse dintsi tsa bosenangtlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyakong.’ Ee, fa o setse o laolwa ke go rata madi, bopelotshetlha, lefufa le le kotsi le dikeletso tse dingwe tse di sa siamang di ka go fekeetsa. (Bapisa Bakolosa 3:5.) Setlhogo sengwe mo makasineng wa ’Teen se boletse gore basha bangwe ba ka nna ba eletsa thata go nna le dikoloi le diaparo tse basha ba bangwe ba nang le tsone “mo e bileng ba sa tlhole ba kgona go itshoka.” Setlhogo seo se oketsa ka go bolela gore keletso e e ntseng jalo ka dinako dingwe “e a gakala go fitlha e fetoga go itlhoa mme mosha yoo a bo a sa tlhole a kgona go akanya ka sepe fa e se fela kaga se a se nang sone.”

Ka jalo, lemoga gore go eletsa dikhumo go ka se dire fela gore motho a “wele mo serung” mme gape go ka nna ga dira gore a ‘thabuele mo tshenyegong le mo tshenyakong.’ Motlhalosi wa Baebele e bong Albert Barnes o boletse jaana: “Seno se tshwana le go senyega ga sekepe, fa sekepe le tsotlhe tse di mo go sone di nwela mo metsing. Tshenyego eo ke e e feletseng. Boitumelo bo nyelela gotlhelele, o senyega leina le moya.”—Bapisa 1 Timotheo 1:19.

Go a tshwanela he go bo Paulo a boletse gore “lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” Ka ntlha ya gone, ba le bantsi ba “timeditswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” Ka sekai, akanya ka mosha yo o itsegeng sentle e bong Rory. Fa a le dingwaga di le 12 o ne a simolola go betšha. O gakologelwa jaana: “E ne e le tsela ya go bona madi ke sa dira sepe.” Go ise go ye kae ke fa a le mo sekolotong sa diranta di le makgolokgolo e bile a itlhokomolosa ditsala, lelapa le tiro ya sekolo. O a dumalana gore: “Ke ne ka leka go tlogela,” mme o ne a retelelwa gantsintsi. O ne a tswelela pele go ‘itlhabaka ka ditlhabi tse dintsi’ go fitlha a bona thuso fa a le dingwaga di le 19. Ke gone ka moo mokwadi e bong Douglas Kennedy a sa feteletseng dilo fa, mo bukeng ya gagwe e bong Chasing Mammon, a bitsang go gwalalela go nna le madi a re ke “selo se se bakang masetlapelo.”

Go Nna Tekatekano

Kgakololo ya ga Solomone e sa ntse e le mosola le gompieno fela jaaka e ne e ntse makgolokgolo a dingwaga a a fetileng: “O se ka wa itapisetsa go humisiwa, khutlela botlhale jwa gago. A o a bo o tlaa tlhoma matlho mo go sone se se seyong? Gonne ruri dikhumo di tle di itirele diphuka, jaaka ntswi yo motona yo o fofelang kwa legodimong.” (Diane 23:4, 5) Mahumo a dithoto ga a nnele ruri, ka jalo ke boeleele go dira mahumo selo sa konokono mo botshelong jwa gago. Mosha mongwe wa Mokeresete e bong Maureen a re: “Ga ke batle go rareetswa ke mekgele epe ya mahumo.” A re: “Ke a itse gore ke tla koafala semoyeng fa nka inaakanya le go batla go dira madi.”

Ke boammaaruri gore madi a botlhokwa. E bile go amogela tuelo e e lekaneng go tla go thusa gore o kgone go tlhokomela dilo tse o di tlhokang—le e leng go thusa ba bangwe ka dithoto gangwe le gape. (Baefeso 4:28) Ithute go dira ka natla e le gore o amogele madi ka boikanyegi. Gape ithute go a boloka, go a lekanyetsa le go a dirisa ka botlhale. Le fa go ntse jalo, o se ka wa dira madi selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gago. Leka go nna le pono e e lekaneng e e neng ya bolelwa ke mokwadi wa Diane 30:8, yo o neng a rapela jaana: “O se ka wa nnaya khumanego le fa e le khumo.” Ka go dira gore dilo tsa semoya e nne tsone di tlang pele, o tla kgona go nna le mofuta o o botlhokwa thata wa dikhumo. Jaaka Diane 10:22 e bolela, “tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa, ga a ke a e oketsa ka bohutsana.”

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Basha ba le bantsi ba batla go nna le madi gore ba tshwane le balekane ba bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela