Go Senka Paradaise E e Se Nang Matshwenyego
“SE RE batlang go se dira fela ke go tlhama mokgwa wa botshelo o o bolokesegileng gongwe e bile e le o o tshwanang le wa bogologolo o mo go one batho ba tsaanang tsia,” go tlhalositse jalo banyalani bangwe ba kwa Borithane. Ba ne ba swetsa go senka setlhaketlhake se se jaaka paradaise se se kwa boboatsatsi mme ba tlhome motse wa batho ba ba tshelang mmogo ka kagiso teng. Ga go pelaelo gore o tlhaloganya kafa ba ikutlwang ka teng. Ke mang yo o neng a ka se itlhaganelele go amogela tshono ya go tshela mo paradaiseng e e se nang matshwenyego?
A go Itlhaolela Kwa Thoko ke Tharabololo?
Kgopolo ya go tshela mo setlhaketlhakeng e a kgatlha go ba le bantsi ba ba senkang paradaise, ka gonne go itlhaola go ka dira gore motho a ikutlwe a babalesegile. Bangwe ba tlhopha ditlhaketlhake tse di leng mo Lobopong lwa Phasifike tsa Panama kgotsa ditlhaketlhake tse di mo Caribbean, tse di jaaka tse di leng gaufi le Belize. Ba bangwe ba baya tlhokomelo ya bone mo mafelong a a ritibetseng a a mo karolong ya Lewatle la India—ka sekai Seychelles.
Kgang ya go tlhoma lefelo le le kwa thoko e lebega e le selo se se ka se kang sa kgonega. Le e leng le fa go na le madi a a lekaneng, melao ya dipuso tse di leng teng e ka nna ya kganela motho go reka naga ka bonako. Le fa go ntse jalo, a re re gongwe o atlega go bona setlhaketlhake se o se batlang, a o tla nna ka boitumelo koo? A paradaise eo ya gago e ne e se kitla e nna le matshwenyego?
Ditlhaketlhake tse di leng kgakala go potologa lobopo lwa Borithane jaanong di na le palo e e oketsegang ya baagi. Bontsi jwa baagi ba tsone ba basha ke batho ba ba senkang go nna kwa thoko le ka kagiso. Monna mongwe yo o nnang a le nosi mo setlhaketlhakeng sa diheketara di le 100 sa Eorsa, mo karolong ya lobopo lo lo kafa botlhaba la Scotland, o bolela gore ga a nke a jewa ke bodutu ka gonne o na le namane e tona ya tiro ya go tlhokomela letsomane la gagwe la dinku di le lekgolo. Ba bangwe ba ba boneng bothibelelo jo bo kwa thoko jwa setlhaketlhake sengwe ka bonako fela ba simolola ba jewa ke bodutu. Bangwe go begilwe fa ba lekile go ipolaya e bile ba tlhoka go namolwa.
Batho ba le bantsi ba dumela gore setlhaketlhake se se ritibetseng sa boboatsatsi e ka nna paradaise. Ba kgatlhiwa ke go nna mo tlelaemeteng e e itekanetseng e e se nang maemo a a feteletseng a bosa. Le fa go ntse jalo, kgonagalo e e leng teng kaga go gotela ga lefatshe le ditlamorago tsa go tlhatloga ga boalo jwa lewatle go tshositse baagi ba le bantsi ba mo ditlhaketlhakeng. Baagi ba ditlhaketlhake tse di kwa tlase tse di mo kgaolong ya Tokelau kwa Phasifike Bophirima mmogo le tse di phatlaletseng tsa Maldives kwa Lewatleng la India, ditlhaketlhake tse di seng bogodimo jwa dimetara di le 1,8 go tswa mo boalong jwa lewatle fa makhubo a lone a le magolo thata, le bone ba ikutlwa ba le mo kotsing.
Dipuso tse di ka nnang 40 tse di farologaneng di ikopantse mmogo go dira lekgotla la Dipuso Tsa Ditlhaketlhake Tse Dinnye Tse di Tlhabologang di lwela go thusiwa mo mathateng a tsone. Le fa gone baagi ba ditlhaketlhake tse dinnye ka kakaretso ba tshela dingwaga di le dintsi e bile palo ya bone ya masea a a swang e le potlana fela, ba nna ba lebane le mathata a a masisi a tikologo. Oli e e tshololelwang mo metsing le mawatle a a kgotletsweng di koafatsa ikonomi ya ditlhaketlhake dingwe. Tse dingwe di fetolwa mafelo a go latlhelwang matlakala a a nang le botlhole mo go tsone a a latlhiwang ke dinaga tse dikgolo.
Le e leng ditlhaketlhake tse di eletsegang thata tse di tsewang e le mafelo a botshabelo a batho ba ba senkang paradaise di mo kotsing. Jang? Bajanala ba ba tlang ka makatlanamane mo mabopong a a mogote a ditlhaketlhake tseno ba tlala mo go feteletseng e bile ba senya dikungo tsa tsone tse di seng dintsi. Gape baeng bao ba gakatsa bothata jwa kgotlelo. Ka sekai, kwa Caribbean, ke fela nngwesomeng ya leswe le le dirwang ke baeng ba teng ba le dimilione di le 20 ka ngwaga le le phepafadiwang ka mokgwa mongwe.
Selo se se tshwanang le seno se a diragala kwa mafelong a mangwe a go latlhelwang matlakala a a botlhole kwa go one. Ela tlhoko se se diragalang kwa Goa e e mo lobopong lo lo mo bophirima lwa India. “Palo e e kwa godimo ya bajanala ‘e senya paradaise,’” go boletse jalo Independent on Sunday ya kwa Lontone. Badiredibagolo ba teng ba fopholetsa gore palo ya bajanala e ne ya oketsega go tloga go ba le 10-000 ka 1972 go ya go ba ba fetang milione mo masimologong a bo1990. Setlhopha sengwe se lemositse gore tikologo e e senyegang motlhofo ya Goa le setso sa teng se se tlhomologileng di mo kotsing ya bopelotshetlha jwa boradihotele ba ba tlhagafaletseng fela go bona madi a bajanala ba ba thologelang koo. Pego e e dirilweng ke puso ya India e tlhomamisitse gore dihotele dingwe di tlhomilwe mo losing lwa teng e se kafa molaong. Motlhaba wa teng o ne wa gogorupiwa, ditlhare tsa rengwa le dithota tsa mmu tsa thubiwa. Mantle a tshololelwa mo lewatleng kgotsa a dutlela mo masimong a a gaufi a reise, e leng selo se se anamisang malwetse.
A ga A na Bokebekwa?
Bokebekwa bo ata le kwa mafelong a a kileng a bo a itsege a ritibetse thata. Pego e e nang le setlhogo se se reng “Polao mo Paradaiseng,” e tswa kwa setlhaketlhakeng se se potlana se se mo Caribbean sa Barbuda. Pego eno e bolela ka botlalo ka go bolawa mo go setlhogo ga batho ba le banè mo teng ga seketswana se se manobonobo se se neng se bofeletswe mo lobopong lwa setlhaketlhake seno. Ditiragalo tse di tshwanang le eno di gakatsa letshogo le batho ba nang le lone malebana le go anama ga bokebekwa mo kgaolong eo.
Pego ya The Sunday Times ya Lontone e ne e na le setlhogo se se reng “Diokobatsi di Baka Ntwa ya Digongwana mo ‘Paradaiseng,’” se bolela ka naga nngwe e e kwa Amerika Bogare. Morulaganyadikgang wa mo lefelong leo o hutsafadiwa ke kgang ya go bo go sa tlhole go na le kagiso, o bolela jaana: “Jaanong e setse e le mo go tlwaelegileng gore e re fa o tsoga mo mosong o fitlhele mosha wa dingwaga di le 16 a robetse mo bodibeng jwa madi mo mmileng.”
Batho ba ba ikaeletseng go tshela mo mafelong a a jaaka paradaise ba solofela go ngoka batho ba ba tla dumelang go tshela ka kagiso. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke eng? Ka bonako fela go sa utlwane go ne ga tlhaga mo kgannyeng ya banyalani ba kwa Borithane ba ba umakilweng kwa tshimologong. Bangwe ba batho ba ba neng ba dirile dikopo tsa go lomagana le bone ka phepafalo ba ne ba batla fela go dira madi ka thulaganyo eo e ba neng ba e akantshitse. Morotloetsi wa yone one a bolela gore: “Ga re batle baeteledipele. Maikaelelo ke gore re kgobokanye matlotlo a rona gore thulaganyo ya rona e atlege. Ke o bitsa motse wa Utopia.” Kwantle ga pelaelo eno ga se porojeke ya ntlha go dirwa.—Bona lebokose la “Go Lekeletsa Motse wa Paradaise.”
Bangwe ba batho ba ba senkang paradaise ba dumela gore ba tla fitlhelela mokgele wa bone fa ba ka fenya lothari. Le fa go ntse jalo, madi a a bonwang ka mokgwa ono ke ka sewelo a lereng boitumelo. Ka February 1995, The Sunday Times e ne ya bega gore lelapa le le neng la fenya lothari e tona go gaisa tsotlhe mo Borithane le ne la nna le dikgotlhang tse di utlwisang botlhoko; go fenya ga go a ba leretse sepe fa e se “go sa itumela, phapaano le go swaba.” Seno ke selo se se tlwaelegileng mo maemong a a ntseng jalo.
Mo patlisisong ya go eletsa ga motho Utopia, mokwadi wa dikgang e bong Bernard Levin o ne a akgela kaga “go lora dikhumo tse dintsi,” a bo a bolela gore: “Jaaka ditoro tseo tse dintsintsi, toro e e tshosang le yone ga e salele kwa morago. Go na le dikgang tse dintsi tse di tlhomamisang gore dikhumo tsa ka bonako di felela di bakile masetlapelo (go akaretsa le go ipolaya) mo re ka se keng re tseye go re di itiragaletse fela.”
Go Tweng ka Makoko a Letsatsi la Katlholo?
Dithulaganyo dingwe tsa go dira paradaise di ne tsa felela ka tsela e e sa itumediseng. Lokwalodikgang longwe fa lo bega ka go thopa mo go dirilweng ke baemedi ba molao ba puso kwa Waco kwa Texas mo komponeng ya Branch Davidians ka 1993, lo ne lwa umaka “go tswakanya dilo le ditlhobolo, go laola dikakanyo tsa batho le moporofeti wa letsatsi la katlholo” mo go neng ga baka masetlapelo. Ka maswabi, ga se koo fela kwa go neng ga direga selo se se ntseng jalo teng.
Balatedi ba ga moswi Bhagwan Shree Rajneesh yo e neng e le moeteledipele wa bodumedi wa India, ba ne ba nna kwa Oregon mme ba kgopisa baagisani ba bone ba ba itsegeng ka boitsholo jo bo siameng. Letlepu le moeteledipele wa bone a neng a tshelela mo go lone le ditiro tsa tlhakanelodikobo tse ba neng ba di dira di ne di le kgatlhanong le maiphako a bone a go tlhoma “botshabelo jo bontle.”
Makoko a a belaetsang a a eteletsweng pele ke batho ba ba nang le tsholofelo ya go dira paradaise a pateletsa balatedi ba one go dira meetlo e e sa tlwaelegang, e ka dinako dingwe e dirang gore batho ba tlhaselane. Mokwaladikgang wa lokwalodikgang longwe e bong Ian Brodie o tlhalosa jaana: “Makoko a a belaetsang a tsenelwa ke batho ba ba se nang tsholofelo ba ba sa kgoneng go itshokela mathata a botshelo ba ba batlang mo ba ka tshabelang teng.” Le fa go ntse jalo, mafoko a gagwe a supa gore batho ba le bantsi ba ka rata go tshela mo paradaiseng.
Paradaise E e Se Nang Matshwenyego
Lenaane la matshwenyego le bonala le sa fele: kgotlelo, bokebekwa, go se dirise diokobatsi sentle, go betagana, dikgotlhang tsa merafe, pheretlhego ya dipolotiki—re sa bue sepe ka matshwenyego a a tlwaelegileng mo bathong botlhe e bong bolwetse le loso. Re tshwanetse go konela ka gore ga go na lefelo lepe mo polaneteng eno le le ka nnang paradaise e e se nang matshwenyego. Go fela jaaka Bernard Levin a ile a bolela: “Go na le selabe se se ntsho mo rekotong ya motho e bile e kete se sa le se le teng go tloga fa e sa le motho a nna teng. Se dira gore batho ba se ka ba kgona go tshela mmogo le batho ba bangwe ka boitumelo mo lefelong le le lengwe.”
Le fa go ntse jalo, go tla nna le paradaise ya lefatshe lotlhe e e tla bong e se na matshwenyego eleruri. Go nna teng ga yone go boletswe ke mongwe yo o nang le maatla a a fetang a motho. Eleruri, batho ba ba fetang dimilione di le tlhano ba setse ba leka go dira jalo, e bile ba simolotse go ipelela kutlwano e kgolo le go tshedisana kwantle ga matshwenyego. O ka ba bona kae? O ka dira jang gore le wena o nne le tsholofelo le melemo e ba nang le yone gone jaanong? Mme Paradaise eo e e tlang e tla tsaya lobaka lo lo kana kang?
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Go Lekeletsa Motse wa Paradaise
Mo masimologong a lekgolo la bo19 la dingwaga, mososhiale wa kwa Fora e bong Étienne Cabet (1788-1856) le balekane ba gagwe ba le 280 ba ne ba tlhoma motse kwa Nauvoo, kwa Illinois, o thailwe go ya ka megopolo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng di le robedi fela go ne ga tsoga dikgotlhang mo motseng oo mo e leng gore ka bonako fela ba ne ba kgaogana, jaaka go diregile ka ditlhopha tse di tshwanang le tseno kwa Iowa le kwa California.
Monna yo mongwe wa kwa Fora e bong Charles Fourier (1772-1837), o ne a simolola kgopolo kaga go tlhama motse wa batho ba ba dirisanang mmogo wa temothuo ba refosana diabe mo malokong otlhe a bone. Motho mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go amogela tuelo e e ikaegileng ka katlego ya setlhopha sotlhe. Le fa go ntse jalo, metse e e neng ya tlhomiwa go ikaegilwe ka kakanyo eno e ne ya se ka ya nna lobaka lo loleele kwa Fora le kwa United States.
Mo e ka nnang ka nako e e tshwanang, Robert Owen (1771-1858) yo o neng a tlisa diphetogo mo setšhabeng sa Wales o ne a akantsha gore go tlhongwe metse e mo go yone batho ba le makgolokgolo ba tla tshedisanang mmogo ba dirisa ntlwana ya boapelo le ya bojelo e le nngwe botlhe. Lelapa lengwe le lengwe le ne le tla nna mo foleteng ya lone le go tlhokomela bana ba lone go fitlha ba nna dingwaga di le tharo. Morago ga foo bana ba lone ba ne ba tla tlhokomelwa ke setšhaba sotlhe. Le fa go ntse jalo, ditekeletso tsa ga Owen di ne tsa retelelwa mme a bo a latlhegelwa ke bontsi jwa mahumo a gagwe.
John Noyes (1811-1886) o ne a nna mothei wa se The New Encyclopædia Britannica e se bitsang “metse e e atlegileng go gaisa yotlhe ya utopia ya bososhiale kwa United States.” Noyes o ne a tshwarelwa boaka fa balatedi ba gagwe ba ne ba tlogela go tlhola ba nyalana le motho a le mongwe fela mme ba letla gore botlhe ba ka nna ba tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe yo ba dumalaneng le ene.
The Sunday Times ya Lontone e bega gore Toropokgolo ya Laissez Faire e e leng mofuta wa “Utopia ya bakapitale” kwa Amerika Bogare, ke maiteko a bosheng jaana a go dira motse o o ntseng jalo wa Utopia. Porojeke eno e ne ya senka batho ba ba neng ba tla tla go beeletsa madi a bone mo go yone. Batho ba ba senkang paradaise ka ba tlhotlheleditswe ke tsholofetso ya go nna mo “toropokgolong e e gakgamatsang ya lekgolo la bo21 la dingwaga,” ba ne ba lalediwa go romela R22 000 le go ikwadisa mo go yone ka mokgwa wa go rekisa wa go bona dipoelo tsa ka bonako, ba senka go ngoka batho ba bangwe ba le bone ba nang le kgopolo eo gore, le bone ba beeletse madi a bone. Go ya ka pego e e dirilweng ke lokwalodikgang leno, madi ao otlhe ke a go duelela fela thekete ya sefofane go bona porojeke eo “fa naga eo e ka patelediwa go e abela setsha sa go aga, le gore hotele e nnye e agiwe moo.” Ga go na tsholofelo epe e e tlhomameng ya gore go tla nna le “paradaise.”
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Ditlhaketlhake di ngoka batho ba le bantsi ba ba senkang paradaise. Le fa go ntse jalo, gompieno bokebekwa bo fitlhelwa le kwa mafelong a a ritibetseng go gaisa otlhe