Sephiri sa Phologolo sa go Otsela
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA KENYA
BOROKO—re fetsa mo e ka nnang nngwetharong ya botshelo jwa rona re le mo boemong joo jwa go ikhutsa. Go farologana le gore e nne go senya nako, boroko bo bonala bo re solegela molemo ka dilo di le dintsi tse mmele le tlhaloganyo e di tlhokang. Ka jalo boroko bo ka tsewa e le mpho e e botlhokwa thata e e tswang kwa Modimong.—Bapisa Pesalema 127:2.
Ga go gakgamatse go bo boroko bo na le seabe se segolo mo diphologolong. Eleruri, ditshedi di le dintsi di robala ka ditsela tse di kgatlhang, ka dinako dingwe e le tse di tshegisang e bile gantsi e le tse di sa tlwaelegang. A re lebe dikai di le mmalwa.
Ditshimega Tsa Boroko
Motho ope yo o kileng a bona tau e robetse e tsholeleditse maroo a yone kwa godimo mo motshegareng o o mogote wa letsatsi la Afrika a ka nna a swetsa ka gore phologolo eno e e boitshegang ya losika lookatse e bokgwabo fela jaaka katse ya mo gae. Le fa go ntse jalo, matlho a a tsietsa. Mokwadi wa lekgolo la bo17 la dingwaga e bong Thomas Campion o kwadile jaana: “Ke mang yo o ka lekang go rumola tau e e robetseng?” Ee, le e leng tau e e maatla e tlhoka go robala—mo e ka nnang diura di le 20 ka letsatsi—e le gore e kgone go tsoma.
Akanya gape ka tuatara, phologolo e e botshwakga e e jaaka kgwathe e e bonwang kwa New Zealand. E fetsa mo e ka nnang halofo ya ngwaga e iphitlhile. Ebu, tuatara e botshwakga mo e leng gore e robala e ntse e tlhafuna dijo tsa yone! Le fa go ntse jalo, go robala jalo go bonala go e thusa ka tsela nngwe, ka gonne baitsesaense ba fopholetsa gore di-tuatara dingwe di kgona go tshela mo e ka nnang dingwaga di le 100!
Jaaka tlhamane ya Rip Van Winkle, ditshedi tse dingwe le tsone di robala nako e telele. Ke tsela e bontsi jwa tsone di kgonang go falola mariga a a tsididi ka yone. Fa phologolo eno e ipaakanyetsa go iphitlhela mariga, e nna le mafura a mantsi mo mmeleng a a tla e otlang mo borokong jwa yone jo boleele. Le fa go ntse jalo, ke eng se se thusang gore phologolo e e agang e otsela eno e se ka ya bolawa ke serame? Jaaka buka ya Inside the Animal World e tlhalosa, boboko bo ntsha khemikale e e fetolang madi a phologolo eno, bo a dira gore a nne le seedi sa tlholego se se dirang gore e se ka ya gwamisiwa ke serame. Fa themperatšha ya setshedi seno e wela tlase mo e tla tlogang e gwama, pelo ya sone e itaya ka bonya ka halofo ya ka moo e itayang ka gone ka tlwaelo; go hema ga yone go a fokotsega. Ka jalo e robale boroko jo boleele mme e ka robala dibeke di le dintsi.
A e Robala ‘e Ntse e Fofa’?
Diphologolo tse dingwe di robala ka ditsela tse di sa tlwaelegang. Akanya ka nonyane ya lewatle e e bidiwang sooty tern. Fa sooty tern e nnye e tswa mo sentlhageng sa yone, e fofela kwa ntle kwa lewatleng mme e nna e fofa ka dingwaga di le mmalwa! E re ka e se na diphuka tse di thibelang metsi e bile e se na menoto e e nang le dinama fa gare ga dinala jaaka dinonyane tse dingwe tsa lewatle tse di kgonang go nna mo metsing, sooty tern e tila go nwela mo lewatleng. E tsoma ka go gaba ditlhapi tse dinnye mo godimo ga metsi.
Mme e robala leng? Buka ya Water, Prey, and Game Birds of North America ya re: “Go bonala di sa robale mo lewatleng ka gonne diphuka tsa tsone di ka imelwa ke metsi. Baitsesaense bangwe ba akantsha gore dinonyane tseno di kgona go robala di ntse di fofa.”
Go Tshwarwa ke Dikgofa Kwa Tlase ga Metsi
A ditlhapi di a robala? Go ya ka The World Book Encyclopedia, gareng ga diphologolo tse di nang le lerapo la mokwatla “ke fela digagabi, dinonyane le diamusi tse di kgonang go robala boroko jwa mmatota, mo go fetolang tsela e boboko bo dirang ka yone.” Le fa go ntse jalo, ditlhapi di tle di ikhutse jaaka e kete di robetse—le fa tota bontsi jwa tsone di sa tswale matlho.
Ditlhapi tse dingwe di robala ka matlhakore; tse dingwe di lebile kwa godimo kgotsa di tlhamaletse. Ditlhapi dingwe tse di sephaphati tse di jaaka flounder di nna kwa tlase ga lewatle fa di tsogile. Fa di robetse di kokobala disentimetara di sekae go tswa kwa tlase ga metsi.
Tlhapi e e mebalabala ya parrot e na le mokgwa wa yone fela wa go robala: E apara “seaparo sa bosigo.” Fa nako ya yone ya gore e ikhutse e atamela, e tsimola mamina kgotsa boka jo bo khurumetsang mmele otlhe wa yone. Ke eng fa e dira jalo? Mokwadi wa tsa tlholego e bong Doug Stewart a re: “Go akanngwa gore e thibela gore dilo tse di e jang di se ka tsa kgona go [e] dupelela.” E tswa mo seaparong seo sa yone se se boleta fa e tsoga.
Manyedi le one a na le mokgwa o o kgatlhang wa go robala. A budula memetso ya yone jaaka balunu, a itirela seaparo sa phalotso sa tlholego gore a se ka a nwela. Fa a kokobetse ka tsela eno, a ka nna a robala fa a ntse a tlhamaletse mo metsing a ntsheditse dinko tsa one kwa ntle gore a kgone go hema.
Go Bula Leitlho le Lengwe
Gone mme, go robala mo nageng go dira gore diphologolo di tlhaselwe ke tse di di jang motlhofo. Ka jalo, fa re bua ka tshwantshetso fela, ditshedi tse dingwe di robala di butse leitlho le lengwe. Maboko a tsone a nna a tsogile go sekae fa di robetse, e leng se se di dirang gore di tsibogele medumo epe e e supang kotsi. Le fa go ntse jalo ditshedi tse dingwe di falola ka go nna di tlhatlhoba nako le nako gore a di sireletsegile. Ka sekai, dinonyane tse di robalang di le setlhopha di tla nna di bula leitlho nako le nako le go tlhola fa go se na kotsi epe.
Metlhape ya ditshephe kgotsa ya dipitse tsa naga mo Afrika le yone e a disana fa e ikhuditse. Ka dinako dingwe motlhape otlhe o nna fa fatshe o tsholeditse ditlhogo o tsogile maroko. Nako le nako, phologolo e nngwe e tla ipitika ka letlhakore mme e bo e robala fa fatshe e thulamele. Morago ga metsotso e le mmalwa, go tla robala e nngwe mo motlhapeng.
Ditlou le tsone di robala di le motlhape. Le fa go ntse jalo, tse dikgolo tsone di robala go sekae fela di eme, di ntse di bula matlho a tsone nako le nako, di tsholetsa le go tsharolola ditsebe tsa tsone tse ditona go utlwa modumo ope fela wa kotsi. Dinamane tse di disitsweng ke modisa yono yo mogolo, di gololesegile go rapama fa fatshe mme di thulamele monate. Mokwadi e bong Cynthia Moss mo bukeng ya gagwe ya Elephant Memories, o gakologelwa a bona motlhape otlhe o robala: “Sa ntlha e ne ya nna dinamanyane, mme ga latela tse di godileng mme morago tse dikgolo tse di namagadi di ne tsa rapama fa fatshe mme tsa thulamela. Mo leseding leo la ngwedi di ne di tshwana le matlapa a magolo a a pududu, le fa go ntse jalo, go gona ga tsone mo go golo, di ritibetse go ne go dira gore o se dumele se o se bonang.”
Re sa ntse re na le go le gontsi go go ithuta ka mekgwa ya diphologolo ya go robala. Le fa go ntse jalo, fa re akanya ka go le gonnye gono go re go itseng, a ga o tlhotlheletsege go akanya ka botlhale jo bo gaisang jwa Ene yo o “tlhodile[ng] dilo tsotlhe”?—Tshenolo 4:11.