A Tiro ya Gago e go Lapisa Pelo?
O KA tswa o bereka diura di le robedi ka letsatsi. Ke nako e ntsi thata e bile ke lobaka lo loleele thata lwa botshelo go ka lo fetsa fela o lapisega pelo! Le fa go ntse jalo, bontsi jwa ditiro mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga ke tse di lapisang pelo e bile ga di dire gore mmereki a ikutlwe a le motlotlo ka tsone.
Ka jalo o ka solegelwa molemo thata fa o ka dira gore mmereko wa gago o itumedise. O ka ipelela go bereka e bile o ka kgona go ithuta dilo tse di ka dirang gore mmereko ope fela o o tla o dirang mo isagweng o kgatlhe thata. Ka jalo, a re sekasekeng ditsela tse dingwe tsa kafa o ka dirang seno ka teng.
Dira ka Matlhagatlhaga
Dibuka dingwe di akantsha gore o bereke jaaka e kete o a o itumelela. Fa o dira jalo, o ka iphitlhela o setse o itumelela mmereko oo.
O ka nna wa tsiboga ka gore, ‘Nka se kgone go nna matlhagatlhaga mo mmerekong wa me!’ Mmereko wa gago o ka tswa o na le thulaganyo ya ka metlha e e gagametseng, o o jaaka mmereko o o nang le thulaganyo e e rileng e e sa fetogeng. Kgotsa e ka tswa e le gore o berekile mo mmerekong wa gago ka dingwaga di le dintsi mo e leng gore o ikutlwa gore ga o ka ke wa tlhola o kgona go o kgatlhegela gape. Le fa go ntse jalo, dilo tse di sa reng sepe fela tse di jaaka go nyenya le go ema ka tlhamalalo di ka go thusa gore o ikutlwe o tlhagafalela mmereko wa gago.
Gape go ka thusa fa o baya mogopolo otlhe wa gago mo go se o se dirang. O se ka wa itlwaetsa go dira tiro ya gago ka go ikgolola fela, e bile o se ka wa bereka o akantse ka dijo tsa motshegare, ka mafelobeke kgotsa le e leng ka mmereko o mongwe o o tshwanetseng go o dira. Gantsi go botlhale go tlhoma mogopolo otlhe wa gago mo mmerekong o o o dirang. Matswela? O ka nna wa ipelela mmereko oo mme le nako e ka bonala e tsamaya ka bonako.
Seno ke se ka tlholego se diragalang fa o iphitlhela o tshwaregile mo tirong e o e ratang thata. Go ka nna ga nna jalo fa o ipateletsa go tlhoma mogopolo mo mmerekong o gantsi o sa o itumeleleng.
Dira Bojotlhe
Go dira bojotlhe jwa gago go ka go dira gore o itumelele mmereko wa gago. Gone mme, kgakololo e e ntseng jalo e farologana le mogopolo o o tlwaelegileng wa gore fa tiro e sa itumedise, o tshwanetse go leka go e dira o goga dinao ka fa o ka kgonang ka teng. Le fa go ntse jalo, go itlhokomolosa dilo, go nna o ntse o beela dilo kamoso le go dira maiteko a mannye fela go ka go tapola maatla le go go okeletsa tlhobaelo le letsapa. Mo maemong mangwe motho yo e reng fa a boa kwa mmerekong a bo a ngomogile pelo, a tshwenyegile e bile a lapile thata e ka tswa e le ka ntlha ya go palelwa ke go dira ka botlhaga.
Go ya ka Baebele, go dira ka natla kwa tirong go dira gore le diura tsa boiketlo e nne tse di monate thata. “Ga go na sepe se se molemo mo mothong bogolo go go ja, le go nwa, le go jesa mowa wa gagwe molemo mo letsapeng la gagwe.” (Moreri 2:24) Mo bathong ba bangwe, seno se ka utlwala e le moano o o siilweng ke nako, le fa go ntse jalo ba bangwe ba dirisa molaomotheo ono o o sa ntseng o dira. Eleruri ba dumela gore “ga go na sepe se se molemo” go feta gore ba tshwanetse ba ipelela maungo a go dira ga bona ka natla. Buka ya The Joy of Working e bolela jaana: “Mmereko o o dirilweng sentle o tlogela motho a ikutlwa a kgotsofetse thata.”
Ka jalo, bereka ka bojotlhe ka moo o ka kgonang ka teng, mme gongwe o tla ikutlwa o na le maatla. Dira thata go feta kafa go batlegang ka teng mme o ka nna wa ikutlwa o itumetse thata. Dira ditiro tsa botlhokwa pele, mme o tla ipelela nako ya dijo tsa motshegare le mafelo beke go feta motho yo o itapisitseng ka go nna a beela dilo kamoso.—Bapisa Esethere 10:2; Baroma 12:11; 2 Timotheo 2:15.
Go na le go gaisana le batho ba bangwe, leka go dira gotlhe mo o ka go kgonang. (Bagalatia 6:4) Ipeele melawana e mesha, mekgele e mesha. Lwela go nna o tokafatsa. Mosadi mongwe yo mmereko wa gagwe e neng e le go nna a roka selo se le sengwe gantsintsi, o bangwe ba ka o tsayang e le o o lapisang pelo thata, o ne a dira gore o nne monate ka go ipeela nako. O ne a lepa gore morago ga ura nngwe le nngwe o dirile go le kana kang mme go tswa foo a bo a leka go oketsa. O itumelela tiro ya gagwe tota ka gonne o lwela go tokafatsa tiro ya gagwe.—Diane 31:31.
“Kgabisa” Mmereko wa Gago
Ngaka Dennis T. Jaffe le Cynthia D. Scott ba akantsha jaana: “Tsaya mmereko wa gago e le ntlo e e lolea. O tsena mo teng ga yone mme o lebe popego le kagego ya yone. Go tswa foo o tlhotlheletsega go ntsha botswerere jwa gago. O leba ka fa o ka rulaganyang dilo tsa gago ka teng, wa e kgabisa le go fetola ntlo eo go e dira legae la gago. O e dira gore e go tshwanele ka go e kgabisa ka tsela ya gago.”
Bontsi jwa mebereko fa motho a e newa o tlhalosediwa fela dilo di sekae le melao e e rileng. Go dira fela se o tshwanetseng go se dira go tshwana fela le go nna mo ntlong e e se nang sepe. Ga go nne le sepe se se e tlhomololang. Mme, fa o o kgabisa ka tsela ya gago, mmereko wa gago o ka go itumedisa fela thata. Batho ba babedi ba ka se “kgabise” ntlo ka tsela e e tshwanang. Modiri mongwe wa lefelo la bojelo a ka tshwara diotara tsa bareki ba ka metlha ka tlhogo. Fa yo mongwe ene a ka nna pelonomi le go nna maitseo thata. Ka bobedi ba itumelela tiro ya bone ka gonne ba dira tiro ya bone ka bojotlhe go ya kafa ba leng ka teng.
Nna o Ithuta
Tsela e nngwe ya go itumelela mmereko wa gago thata ke ka go ithuta. Buka ya Tension Turnaround e tlhalosa gore fa re ntse re gola, boboko jwa rona bo godisa nonofo ya jone ya go dirisa tshedimosetso. Leno ke lone lebaka le le dirang gore dilo tse di neng di re kgatlha mo nakong e e fetileng jaanong di re lapise pelo. Tharabololo ke go fepa boboko ka tshedimosetso e ntšha e bo e batlang ka go ithuta dilo tse disha.
Go ithuta go le gontsi ka mmereko wa gago fa nako e ntse e ya go ka dira gore o newe mmereko o o monate. Le fa seo se sa direge, go ithuta ka bogone go tla dira gore mmereko wa gago o nne monate le go go kgotsofatsa. Charles Cameron le Suzanne Elusorr ba e leng bakwadi ba bontsha gore: “Go ithuta ga go dire fela gore o itshepe ka go oketsa botswerere jo o nang le jone, gape go ama le boikutlo jwa gago ka botshelo ka kakaretso: gore mathata a ka rarabololwa, dilo tse di go pitlagantseng di ka fenngwa, poifo e ka nyelela le gore bontsi jwa dilo di a kgonega go feta kafa o neng o akanya ka teng.”
O ka nna wa gana o re, ‘Mme gone ga ke bolo go ithuta gotlhe mo go leng teng ka mmereko wa me!’ Mo kgannyeng e e ntseng jalo, a o ka ithuta dilo tse di sa amaneng ka tlhamalalo le tiro ya gago? Ka sekai, o ka nna wa swetsa go ithuta go le gontsi ka dikamano tsa batho kgotsa ka didirisiwa tsa gago. Gongwe o ka nna wa ithuta go kwala memo o o botoka wa ofisi kgotsa tsela e e botoka ya go tshwara dipokano. O ka ithuta ditsela tse di molemo tsa go dirisana le baokamedi.
O ka ithuta dilo tseno jang? E ka tswa e le gore khampani e o e berekelang e na le dikhoso tse o ka kgonang go di dira. Kgotsa laeborari e ka tswa e na le dibuka tse o di tlhokang. Le fa go ntse jalo, o se ka wa itlhokomolosa metswedi e mengwe e go leng motlhofo go ka bona tshedimosetso mo go yone. Go ela batho tlhoko kwa mmerekong le go ela tlhoko dilo tse ba di kgonang le makoa a bone e ka nna thuto mo go wena. O ka ithuta sengwe ka diphoso tsa gago le ka dilo tse o atlegileng mo go tsone ka go sekaseka dilo tse o kgonneng go di dira sentle. Se o se ithutang go tswa mo dilong tse di go diragaletseng le ka go ela tlhoko batho ba bangwe go ka go ruta se o ka se keng wa se bala mo dibukeng dipe kgotsa go se utlwa mo phaposing epe.
Dikakantsho tsa Bofelo
Go na le tsela e nngwe gape e o ka lebang mmereko wa gago ka yone. O ka nna wa ikutlwa gore o tshwanelwa ke sengwe se se botoka—gore ba bangwe bone ba newa ditshiamelo tsotlhe tse di molemo le gore ga o ise o ko o newe tshono ya go dira tiro e tota o e batlang. O ka nna wa aga o buisana thata le ba bangwe ba ba dumalanang le wena ka gone mme wa tlhomamisega gore seno sotlhe ke boammaaruri.
Le fa go ntse jalo, e ka tswa e se boammaaruri. Batho ba le bantsi ba ba ipelelang mmereko wa bone ba ithutile go dira jalo. Motho yo o ipelelang go tlhama dipolane tsa matlo a ka nna a itumelela go kgweetsa bese. Ka ntlha yang? Ka gonne mokgwa o a dirang mmereko wa gagwe ka one o mo dira gore a ipele le go kgotsofala.
Ka jalo tlogela go akanya dilo tse di seng molemo tse di dirang gore tiro ya gago ya beke e nne e e sa itumediseng go farologana le mafelobeke. O se ka wa senya nako o nnela go akanya ka diphoso tsa gago tsa nako e e fetileng, o ipotsa gore o a bo o tlile go fosa fa kae gape, le go tshwenyega ka se ba bangwe ba se akanyang ka wena. Leba tiro e o lebaneng le yone. Tlhoma mogopolo wa gago mo go yone. Leka go dira bojotlhe jwa gago mo go yone fela jaaka o ne o tla dira ka tiro ya go itlosa bodutu e o e ratang. Dira bojotlhe jwa gago mo go yone e bile o ipele ka mmereko o o o dirileng sentle.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]
Se Tlhokomologe Mmereko wa Gago
Baebele e bolela seno mo go Diane 27:23, 24: “O tlhoafalele go itse matsomane a gago ka fa a ntseng ka gone; o bo o tlhokomele matlhape a gago thata; gonne dikhumo ga di nne ka bosakhutleng; le e leng serwalo sa bogosi a se tle se nne go ya tshikatshikeng tsotlhe?” Seno se bolela eng?
Se bolela gore dikhumo (letlotlo) le maemo (serwalo sa bogosi), fa e le gore gone o na le one, gantsi ga di nnele ruri. Ka jalo, modisa wa metlha ya Baebele o ne a bontsha botlhale ka go tlhoma mogopolo wa gagwe mo go tlhokomeleng dinku tsa gagwe, ke gore ‘a tlhokomela matlhape a gagwe thata.’ Jaaka ditemana tse tharo tse di latelang di bontsha, matswela e tla nna gore mmereki le lelapa la gagwe ba tla nna le dilo tse di tlhokegang.—Diane 27:25-27.
Go tweng ka gompieno? Gantsi batho ba baya dipelo tsa bone mo go boneng dikhumo kgotsa go nna le maemo, ba na le tsholofelo ya gore di tla ba dira gore ba kgone go tlogela mmereko o ba nang le one gone jaanong. Bangwe ba na le maikaelelo a a utlwalang; ba bangwe ba mo ditorong fela. Mo mabakeng oomabedi ga go botlhale go nyatsa kgotsa go tlhokomologa mmereko o o leng mo go one gone jaanong. Ke yone tsela e o bonang madi ka yone, e bile e ka nna ya tswelela pele e le yone fela. Go botlhale thata gore motho a beye pelo ya gagwe mo ‘metlhapeng’ ya gagwe, a tlhome mogopolo mo mmerekong o a ikaegileng ka one. Fa a dira jalo go ka nna ga felela ka gore a age a na le dilo tse di tlhokegang, jaanong le mo isagweng.