LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 2/8 ts. 20-24
  • Go Ithuta go Kgaogana le Bana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ithuta go Kgaogana le Bana
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ruta Bana go Nna le Boikarabelo
  • Go Lolamisa ka Lorato
  • Thuto ya Botshelo Jotlhe
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Rutang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 2/8 ts. 20-24

Go Ithuta go Kgaogana le Bana

“JAAKA metswi mo seatleng sa monna yo o senatla, banna ba bokau ba ntse jalo,” go kwadile jalo mopesalema wa Baebele. (Pesalema 127:4) Motswi ga o ipone fela o setse o le kwa o kolopelwang teng. O tshwanetse wa lebaganngwa ka kelotlhoko. Ka tsela e e tshwanang, bana ba ka se fitlhelele mokgele wa go nna bagolo ba ba nang le boikarabelo fa ba sa kaelwe ke batsadi. Baebele e kgothatsa jaana: “Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.”—Diane 22:6.

Phetogo ya go tloga mo go ikaegeng ka batsadi fa o le ngwana go ya go go ikemela ka nosi fa o le mogolo e ka se dirwe ka bosigo bo le bongwe fela. Ka jalo ke leng batsadi ba ka simololang go thapisa bana ba bone gore ba ikemele ka nosi? Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola lekawana Timotheo jaana: “O itsile mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng, e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko ka tumelo e e malebang le Keresete Jesu.” (2 Timotheo 3:15) Akanya fela, mmagwe Timotheo o simolotse go mo neela thapiso ya semoya a sa ntse a le lesea!

Jaanong, fa e le gore masea a ka ungwa molemo go tswa mo thapisong ya semoya, a ga go utlwale gore bana ba tshwanetse go thapisediwa go nna bagolo ka bonako jo bo kgonegang? Tsela e nngwe ya go dira seno ke ka go ba ruta go nna le boikarabelo, go itirela ditshwetso.

Go Ruta Bana go Nna le Boikarabelo

O ka kgothaletsa bana ba gago jang go nna le boikarabelo? Banyalani bangwe e bong Jack le Nora ba gakologelwa seno ka morwadia bone: “Fa a sa ntse a ithuta go tsamaya, o ne a ithuta go tsaya dikausu kgotsa dilo tse dinnye go di isa kwa kamoreng ya gagwe le go di baya mo llaeng e e tshwanetseng. O ne a ithuta gape le go baya ditshamekisi le dibuka kwa di nnang teng.” Tseno ke dilo tse dinnye tse di simololang, le fa go ntse jalo ngwana o ne a setse a ithuta go dira ditshwetso tse di supang boikarabelo.

Fa ngwana a ntse a gola, gongwe a ka neelwa maikarabelo a mangwe a a oketsegileng. Abra le Anita bone ba ne ba letla morwadiabone go rua ntša. Ngwana yono o ne a ikarabelela go tlhokomela ntša eno le go ntsha madi a gagwe gore e tlamelwe. Go thapisa bana gore ba diragatse maikarabelo a bone go tlhoka bopelotelele. Le fa go ntse jalo, go na le mosola o o rileng e bile go dira gore ba gole sentle mo maikutlong.

Ditiro tsa mo gae le tsone di neela tshono e nngwe ya go ruta bana boikarabelo. Batsadi ba bangwe ba kganela bana ba bone go dira ditiro tsa lelapa, ba tsaya fela gore go nna le seabe ga bone ke tshenyo ya nako go na le thuso. Ba bangwe ba konela ka gore bana ba bone ba tshwanetse ‘ba gola botoka go feta kafa bone ba godileng ka teng.’ Eno ke kakanyo e e phoso. Dikwalo di bolela gore: “Yo o sa leng a godisa motlhanka wa gagwe mo bonyaneng jwa gagwe ka tlekeetso o tlaa mmona [fela a setse a se na tebogo].” (Diane 29:21, bapisa NW.) Molaomotheo wa temana eno o dira sentle mo baneng. Go a swabisa fa mosha a gola e seng fela a se na “tebogo” mme gape a sa kgone go dira le e leng ditiro tse di motlhofo tsa mo gae.

Basha mo motlheng wa Baebele ba ne ba neelwa ditiro tsa mo gae. Ka sekai, fa Josefa a sa ntse a le mo dingwageng tsa bosha a le 17, maikarabelo e ne e le go tlhokomela matsomane a lelapa la gaabo. (Genesise 37:2) E re ka rraagwe a ne a na le matsomane a mantsi, eno e ne e se tiro e e potlana. (Genesise 32:13-15) Ka ntlha ya go bo Josefa a ile a gola go nna moeteledipele yo o maatla, go ka direga gore thapiso eno ya fa a sa ntse a le mosha e dirile go le gontsi go bopa botho jwa gagwe ka tsela e e molemo. Dafide yo e neng e tlile go nna kgosi ya Iseraele le ene o ne a neelwa go tlhokomela matsomane a lelapa la gaabo fa a sa ntse a le mosha.—1 Samuele 16:11.

Seno se ruta batsadi eng gompieno? Neela bana ba gago ditiro tsa legae tse di botlhokwa. Ka go ipha nako, go tsaya matsapa le go nna pelotelele, o ka ruta bana go nna le seabe mo go phepafatseng, go apayeng, go siamisa jarata le go baakanya legae le koloi. Ke boammaaruri gore go ikaegile thata ka dingwaga le bokgoni jwa ngwana. Le fa go ntse jalo, le e leng bana ba bannye gantsi ba ka kgona go nna le seabe mo ‘go thuseng Papa go baakanya koloi’ kgotsa ‘mo go thuseng Mama go apaya dijo.’

Go ruta bana ditiro tsa legae gape go tlhoka gore batsadi ba ba neele mpho e e botlhokwatlhokwa—nako ya bone. Banyalani bangwe, ba ba nang le bana ba babedi, ba ne ba bodiwa sephiri sa go thapisa ngwana ka katlego. Ba ne ba araba ka gore: “Nako, nako, nako!”

Go Lolamisa ka Lorato

Fa bana ba dira ditiro tsa bone sentle kgotsa ba iteka ka natla, ba kgothatse ka bopelotshweu le go ba baka ka bopeloephepa! (Bapisa Mathaio 25:21.) Gone mme, ke ka sewelo bana ba dirang ditiro ka botswerere jo bo jaaka jwa bagolo. E bile fa bana ba letlelelwa go itirela ditshwetso, gantsi ba tla dira diphoso. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore o se ke wa nnela go ba tshwaya diphoso! A le wena ga o ise o ko o dire diphoso jaaka mogolo? Ka jalo ke eng fa o sa nne pelotelele fa ngwana wa gago a dira diphoso? (Bapisa Pesalema 103:13.) Itshokele diphoso tse ba di dirang. Di lebe e le tsela ya go ithuta.

Bakwadi Michael Schulman le Eva Mekler ba akgela jaana: “Bana ba ba tshwarwang ka tsela e e botsalano ga ba boife gore ba tla iteelwa go tsaya kgato ya go ikemela ka nosi.” Le fa go ntse jalo, “bana ba batsadi ba bone ba seng botsalano kgotsa ba ba bogale ba boifa go dira sengwe le sengwe fela, go akaretsa le dilo tse di mosola, ka gonne ba boifa gore batsadi ba bone ba tla ba tshwaya phoso ka tsela nngwe mo go se ba se dirileng le go ba baa molato kgotsa go ba itaya.” Kakgelo eno e dumalana le tlhagiso ya Baebele go batsadi: “Lo se ka lwa bo lo gakatsa bana ba lona, e le gore ba se ka ba kotlomana pelo.” (Bakolosa 3:21) Ka jalo fa ngwana a retelelwa ke go dira dilo kafa o neng o batla ka teng, ke eng fa o sa mo akgolele go bo a lekile? Mo kgothaletse go dira botoka mo nakong e e tlang. Mo itsise gore kgatelopele ya gagwe e a itumedisa. Mo tlhomamisetse gore o a mo rata.

Gone mme, ka dinako dingwe go mo lolamisa go a tlhokega. Seno se lemotshega segolobogolo mo dingwageng tsa bosha, fa basha ba kgaratlhela go supa se ba leng sone, go tsewa go ya kafa ba leng ka teng. Ka gone go ka nna botlhale gore batsadi ba tlhaloganye maiteko a a ntseng jalo a go batla go ikemela ka nosi go na le gore ka metlha ba a tseye fela gore ke go tsuologa.

Ke boammaaruri gore basha ba na le go dira dilo ka go tlhotlhelediwa ke maikutlo kgotsa go ineelela “dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.” (2 Timotheo 2:22) Ka jalo go se beele basha dithibelo mo boitshwarong jwa bone go ka gobatsa ngwana mo maikutlong; o tla palelwa ke go ithuta boikgapo le go ikgalema. Baebele e tlhagisa jaana: “Ngwana yo o lesiwang fela o tlhabisa mmaagwe ditlhong.” (Diane 29:15) Le fa go ntse jalo, go ba otlhaya sentle ka lorato, go solegela mosha molemo e bile go mmaakanyetsa dikgwetlho le mathata a go nna mogolo. Baebele e gakolola jaana: “Yo o rekegelang thupa o ila morwawe, mme yo o mo ratang o tle a mo watlhae go sa le gale.” (Diane 13:24) Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore maitlhomo magolo a kotlhao ke go ruta le go thapisa—e seng go utlwisa botlhoko. Fa go buiwa ka “thupa” fano go ka tswa go kaiwa thobane e e dirisiwang ke badisa go kaela matsomane a bone. (Pesalema 23:4) Ke selo se se emelang kaelo e e lorato—e seng go nna setlhogo.

Thuto ya Botshelo Jotlhe

Kaelo ya batsadi e tlhokega thata fa go tliwa mo thutong ya ngwana. Kgatlhegela thuto ya ngwana wa gago. Mo thuse go tlhopha dikhoso tsa sekolo tse di tshwanetseng le go dira ditshwetso tse di nang le boikarabelo kaga gore o tla tlhoka thuto e e oketsegileng kgotsa nnyaa.a

Gone mme, thuto e e botlhokwa go gaisa tsotlhe ke thuto ya semoya. (Isaia 54:13) Bana ba tla tlhoka mekgwa e mentle ya bomodimo gore ba kgone go tshela sentle fa ba setse ba godile. “Dikgono tsa bone tsa go lemoga” di tshwanetse go thapisiwa. (Bahebere 5:14) Batsadi ba ka dira go ka tlala seatla go ba thusa mo ntlheng eno. Malapa a Basupi ba ga Jehofa a kgothalediwa go nna le thuto ya ka metlha ya Baebele le bana ba bone. Ka go latela sekao sa ga mmaagwe Timotheo, yo o neng a mo ruta Dikwalo go tloga boseeng, batsadi ba Basupi le bone ba ruta bana ba bone ba bannye.

Motsadi mongwe yo o nosi e bong Barbara o dira gore thuto ya lelapa ya Baebele e nne nako e e itumedisang mo baneng ba gagwe. “Mo maitseboeng ao ke tlhomamisa gore ke naya bana dijo tse di monate, tse di konelang ka phuding e ba e ratang. Ke tshameka dikhasete tsa Kingdom Melodies gore go nne le tikologo e e lapolosang. Mme morago ga thapelo e e bulang, gantsi re ithuta makasine wa Tora ya Tebelo. Le fa go ntse jalo, fa go na le sengwe se se kgethegileng, ke dirisa dikgatiso tse di jaaka Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo.”b Go ya ka Barbara, go ithuta Baebele go thusa bana ba gagwe go “leba dilo kafa Jehofa a di lebang ka teng.”

Ee, ga go na mpho epe e kgolo e e fetang ya go neela ngwana kitso le go tlhaloganya Lefoko la Modimo, Baebele. E kgona “go naya yo o sa tlhalefang matseba, le motho wa lekau kitso le pharologanyo.” (Diane 1:4) Ka jalo, mosha o tla bo a tlhomeletswe sentle go nna mogolo yo o kgonang go emelana le dikgatelelo tse disha le maemo.

Le fa go ntse jalo, go tswa ga bana mo lapeng go baka phetogo e kgolo mo mokgweng wa botshelo wa batsadi ba le bantsi. Mo setlhogong sa rona se se latelang go tlotliwa ka gore ba ka tlwaela jang go tshela mo ntlong e e lolea.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona motseletsele wa ditlhogo o o reng, “Batsadi—Le Lona Le na Le Tiro e e Direlwang Kwa Gae!” mo makasineng wa Tsogang! wa September 8, 1988, (ka Seesemane).

b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

“Bana ba batsadi ba ba seng botsalano kgotsa ba ba bogale ba boifa go dira sengwe le sengwe fela, go akaretsa le dilo tse di mosola, ka gonne ba boifa gore batsadi ba bone ba tla ba tshwaya phoso ka tsela nngwe mo go se ba se dirileng le go ba baa molato kgotsa go ba itaya.”—Bringing Up a Moral Child, ya ga Michael Schulman le Eva Mekler

[Lebokoso mo go tsebe 22]

Batsadi ba ba Nosi—Kgwetlho ya go Kgaogana le Bana

Motsadi mongwe yo o nosi yo o bidiwang Rebecca o akgela jaana: “Go thata tota gore batsadi ba ba nosi ba kgaogane le bana ba bone. Fa re sa ikele tlhoko, re sekamela mo go ba pepetletseng le go ba thibela go gola.” Buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng,c ditsebe 106-7, e neelana ka dikakantsho tseno tse di molemo:

“Go tlwaelegile gore batsadi ba ba nosi ba tsalane thata le bana ba bone, le fa go ntse jalo ba tshwanetse go tlhokomela gore ba se ka ba tlola melelwane e ba e tlhometsweng ke Modimo malebana le kamano ya batsadi le bana. Ka sekai, go ka nna le mathata a a masisi tota fa mmè yo o se nang monna a lebelela gore morwawe a dire maikarabelo a monna wa lelapa kana a bolelela morwadie mathata a gagwe, a imetsa mosetsana ka mathata a dilo tse di amang ene ka namana. Go phoso go dira jalo, go ngomola pelo e bile go tlhakanya ngwana tlhogo.

“Tlhomamisetsa bana ba gago gore o tla ba tlhokomela gonne o motsadi wa bone—e seng gore bone ba tlhokomele wena. (Bapisa 2 Bakorinthe 12:14.) Ka dinako tse dingwe, o ka tlhoka kgakololo kana go engwa nokeng. E senke mo bagolwaneng ba Bakeresete kana mo basading ba ba godileng ba Bakeresete, e seng mo baneng ba gago ba bannye.—Tito 2:3.”

Fa batsadi ba ba nosi ba nna le melelwane e e tshwanetseng e bile ba boloka kamano e e siameng le bana ba bone, gantsi go nna motlhofo gore ba kgaogane le bone.

[Ntlha e e kwa tlase]

c E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Thapiso e e molemo e ka thusa bana go nna bagolo ba ba nang le boikarabelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Thuto ya lelapa ya Baebele e ka naya bana botlhale jo bo tlhokegang jwa go tlwaela botshelo jwa fa e setse e le bagolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela