LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 4/8 ts. 28-31
  • Go Ngomoga Pelo go ka Laolwa!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ngomoga Pelo go ka Laolwa!
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Itlhokomele
  • Dirisana le Batho Sentle
  • Nna le Botshelo jo bo Lekalekaneng
  • Leba go Ngomoga Pelo ka Tsela e e Siameng
  • Nna Motho wa Semoya
  • Tsholofelo e e Tlhomameng
  • Go Laola go Ngomoga Pelo
    Tsogang!—2010
  • Go Ngomoga Pelo go go Siameng le go go Kotsi
    Tsogang!—1998
  • Nka Fenya Jang go Gatelelwa Maikutlo Kwa Sekolong?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Go Ngomoga Pelo—Dilo Tse di Bakang Bothata Jono le Ditlamorago Tsa Jone
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 4/8 ts. 28-31

Go Ngomoga Pelo go ka Laolwa!

“Go ngomoga pelo go tla nna go le teng mo botshelong e bile se tota re tshwanetseng ra se tlhatlhoba ke ka moo re go tsibogelang ka teng go na le go leka go fedisa go ngomoga pelo.”—Leon Chaitow, mokwadi yo o itsegeng wa tsa boitekanelo.

BAEBELE e boleletse pele gore “mo malatsing a bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” Bosupi bo bontsha ka phepafalo gore re tshela mo nakong eo, ka go bo batho ke—fela jaaka boporofeti bo bolela—“baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng ka nitamo, ba ba se nang katamalano e e bothitho ya tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, basenyabathomaina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale bo tshabegang, ba ba se nang lorato lwa bomolemo, ba ba neelang batho ka boferefere, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.”—2 Timotheo 3:1-5.

Ga go gakgamatse go bo go le thata jaana go nna o ritibetse! Le e leng ba ba lekang go tshela ka kagiso ba ka nna ba amega. Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana: “Dipatikego tsa mosiami di dintsi.” (Pesalema 34:19; bapisa 2 Timotheo 3:12.) Le fa go ntse jalo, go na le go le gontsi mo o ka go dirang go fokotsa go ngomoga pelo gore go se ke ga go fekeetsa. Akanya ka dikakantsho tse di latelang.

Itlhokomele

Ela tlhoko se o se jang. Dijo tse di nonofileng di akaretsa diporoteine, maungo, merogo, dijo tsa dithoro le dilo tse di dirilweng ka mashi. Ikele tlhoko mo folourung e e sidilweng le mafura a a komota. O se ke wa ja letswai, sukiri e e sidilweng, nnotagi le khafeine thata. Tokafatsa dijo tse o di jang mme o ka nna wa se ka wa tlhaselwa ke go ngomoga pelo thata.

Ikatise. Baebele e gakolola jaana: “Thapiso ya mmele e tswela mosola.” (1 Timotheo 4:8) Eleruri, go ikatisa ka tsela e e lekaneng mme e le ka metlha—bangwe ba akantsha gore e nne gararo ka beke—go nonotsha pelo, go tokafatsa go elela ga madi mo mmeleng, go fokotsa kholeseterole e bile go fokotsa bodiphatsa jwa go tlhaselwa ke pelo. Go feta moo, go ikatisa go dira gore o ikutlwe sentle, ka gonne mmele o ntsha di-endorphin fa o dira ka natla.

Robala ka tsela e e lekaneng. Fa o sa robale ka tshwanelo go ka felela ka go nna le letsapa e bile go dira gore o se ke wa kgona go laola go ngomoga pelo. Fa o na le bothata jwa go robala, leka go robala le go tsoga ka nako e e tshwanang letsatsi le letsatsi. Bangwe ba akantsha gore motshegare motho a rapame ka metsotso e ka nna 30 fela e le gore a se felelwe ke boroko jo bo monate bosigo.

Nna motho yo o rulaganyeng. Batho ba ba laolang nako ya bone sentle ba kgona go lepalepana le go ngomoga pelo ka tsela e e botoka. Fa o rulaganya dilo tsa gago, sa ntlha sekaseka gore ke dilo dife tse di tshwanetseng tsa dirwa pele. Morago ga moo, itirele thulaganyo e le gore dilo tseno di se ke tsa tlhokomologiwa.—Bapisa 1 Bakorinthe 14:33, 40 le Bafilipi 1:10.

Dirisana le Batho Sentle

Batla thuso. Mo dinakong tsa go ngomoga pelo batho ba ba nang le ditsala ba kgona go sireletsega kgatlhanong le go fekeediwa. Go ka thusa go nna le tsala e le nngwe e e ikanyegang e o ka e bulelang mafatlha. Seane sa Baebele se bolela jaana: “Tsala e rata motho ka metlha yotlhe, le morwa rra motho o tsaletswe motlha wa pitlagano.”—Diane 17:17.

Rarabolola dikgotlhang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala seno: “A letsatsi le se ka la phirima lo santse lo rumolesegile.” (Baefeso 4:26) Botlhale jwa go rarabolola dikgotlhang ka bonako go na le go nna o galefile bo bontshitswe mo patlisisong e e dirilweng mo bathong ba le 929 ba ba falotseng go ema pelo. Ba ba neng ba tlhoile batho thata go ne go ka direga gore mo dingwageng tse di lesome ba bolawe ke go ema pelo ka makgetlho a mararo go feta balekane ba bone ba ba ritibetseng maikutlo. Batho ba ba dirileng patlisiso eno ba bontshitse gore le fa gone go galefa go lebega e le lone lebaka la konokono, maikutlo ape fela a a sa siamang a a maatla a a dirang gore mmele o ntshe dihoromone tse di maatla tsa go ngomoga a ka nna le ditlamorago tse di tshwanang. Diane 14:30 ya re: “Bopelotshetlha ke podiso ya marapo.”

Iphe nako le lelapa. Batsadi ba Baiseraele ba ne ba laelwa go ipha nako le bana ba bone, ba tsenye melaometheo e e siameng mo dipelong tsa bone. (Duteronome 6:6, 7) Go kopana mo go ntseng jalo go ne go felela ka gore lelapa le nne seoposengwe—e leng selo se ka maswabi se tlhaelang gompieno. Patlisiso nngwe e senotse gore banyalani bangwe ba ba berekang ba fetsa mo e ka nnang palogare ya metsotso e le 3,5 ka letsatsi ba tshameka le bana ba bone. Le fa go ntse jalo, lelapa la gago le ka go thusa thata fa o ngomogile pelo. Buka nngwe e e kaga go ngomoga pelo ya re: “Lelapa le go neela tshiamelo e e kgethegileng e e sa lekaneng le epe ya go nna leloko la setlhopha sa lone sa batho ba ba kgothatsanang ba ba go itseng le go go tlhaloganya e bile ba go rata. Go dira mmogo ga lelapa ke mokgwa o o molemo go gaisa wa go fokotsa go ngomoga pelo.”

Nna le Botshelo jo bo Lekalekaneng

Nna kakanyetso. Motho yo ka metlha a ipolaisang dilo a sa ikhutse mo mmeleng le mo maikutlong a ka nna a tshwarwa ke letsapa le feteletseng e bile go ka direga gore a tshwenyege thata mo maikutlong. Go dira dilo ka tekatekano ke selo sa botlhokwa. Morutwa Jakobe o kwadile jaana: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . bo kakanyetso.” (Jakobe 3:17; bapisa Moreri 7:16, 17 le Bafilipi 4:5.) Ithute go gana maikarabelo a o a newang fa a feta maatla a gago.

O se ke wa ipapisa le batho ba bangwe. Bagalatia 6:4 e bolela jaana: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go kgana malebang le ene ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.” Ee, le e leng mo dikgannyeng tsa kobamelo, Modimo ga a bapise batho ka tsela e e sa tshwanelang, a ba batla dilo tse dintsi go feta ka moo ba ka kgonang ka teng. O amogela dimpho le ditlhabelo tsa rona ‘go ya ka se re nang le sone, e seng go ya ka se re se nang sone.’—2 Bakorinthe 8:12.

Nna le nako ya go itapolosa. Le e leng lefa Jesu a ne a dira ka natla tota, o ne a ipha nako e ene le barutwa ba gagwe ba neng ba ikhutsa ka yone. (Mareko 6:30-32) Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Moreri o ne a ikutlwa gore go itapolosa go go siameng go ne go solegela molemo. O ne a kwala jaana: “Foo ka baka ditlhapelo, gonne motho ga a na sepe se se molemo fa tlase ga letsatsi bogolo go go ja, le go nwa, le go tlhapelwa; gonne moo go tlaa sala nae mo letsapeng la gagwe ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gagwe, jo Modimo o bo mo neileng tlase ga letsatsi.” (Moreri 8:15) Go ijesa monate ka tsela e e lekalekaneng go ka lapolosa mmele mme ga thusa go fokotsa go ngomoga pelo.

Leba go Ngomoga Pelo ka Tsela e e Siameng

Fa o lebane le maemo a a ngomolang pelo:

O se ke wa konela ka gore Modimo ga a go amogele. Baebele e re bolelela gore Hana, mosadi yo o ikanyegang, “a bo a le mo bogalakeng jwa mowa” (“a tlaletswe thata,” Revised Standard Version) ka dingwaga di le dintsi. (1 Samuele 1:4-11) Paulo le ene fa a ne a le kwa Makedonia o ne a “tlaletswe ke sengwe le sengwe.” (2 Bakorinthe 7:5, Byington) Jesu le ene pele ga loso lwa gagwe o ne a “tsena mo botlhokong jo bo ngomolang pelo,” mme o ne a ngomogile pelo thata mo e leng gore “mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a madi a wela fa fatshe.”a (Luke 22:44) Bano e ne e le batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo. Ka jalo, fa o ngomogile pelo, ga go na lebaka la go konela ka gore Modimo o go latlhile.

Ithute sengwe mo go tlalelweng ga gago. Paulo o ne a kwala a bolela gore o ne a tshwanelwa ke go itshokela “mutlwa mo nameng,” se ka phepafalo e neng e le mathata a boitekanelo a a neng a mo dira gore a tlalelwe thata. (2 Bakorinthe 12:7) Le fa go ntse jalo, dingwaga di le tlhano moragonyana, o ne a kgona go bolela jaana: “Mo go sengwe le sengwe le mo maemong otlhe ke ithutile sephiri sa kafa go kgora go ntseng ka gone mmogo le kafa go tshwarwa ke tlala go ntseng ka gone, kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone mmogo le kafa go nna mo letlhokong go ntseng ka gone. Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:12, 13) Paulo o ne a sa itumelele “mutlwa o o mo nameng,” le fa go ntse jalo, ka go o itshokela, o ne a ithuta kafa a ka ikaegang thata ka Modimo ka teng gore a bone nonofo.—Pesalema 55:22.

Nna Motho wa Semoya

Bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba utlwang go tlhoka ga bone ga semoya.” (Mathaio 5:3) Go bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone go botlhokwa. Gantsi re kopana le mafoko a a siameng a a kgothatsang a re a tlhokang a a ka re nonotshang letsatsi lotlhe fa re dira dipatlisiso tse di tseneletseng mo Dikwalong. (Diane 2:1-6) Mopesalema o kwadile jaana: “Mo bontsing jwa megopolo ya me e e mo teng ga me, dikgomotso tsa gago [Modimo] di tle di jese mowa wa me monate.”—Pesalema 94:19.

Rapela ka metlha. Paulo o ne a kwala jaana: “A ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Ee, “kagiso ya Modimo” e tla fenya maikutlo a rona a a tshwenyegileng le go a nitamisa, le e leng le fa go tlhokega “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”—2 Bakorinthe 4:7.

Nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete. Phuthego ya Bokeresete e ema motho nokeng thata, ka go bo ba ba mo go yone ba kgothalediwa go ‘akanyetsana go tlhotlheletsa loratong le ditirong tse di molemomogolo, . . . ba kgothatsana.’ Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba Bahebere ba lekgolo la ntlha la dingwaga sentle gore ba se ‘lese go phuthega mmogo ga bone.’—Bahebere 10:24, 25.

Tsholofelo e e Tlhomameng

Gone ke boammaaruri gore go fokotsa go ngomoga pelo gantsi ke selo se se fetang fela go latela mokgwa o o rileng o o bonolo. Gantsi, go tlhokega gore go fetolwe mokgwa wa konokono wa go akanya. Ka sekai, motho a ka nna a tlhoka go ithuta ditsela tse disha tsa go tsibogela maemo a gagwe e le gore a se mo gatelele maikutlo. Mo maemong mangwe, fa go ngomoga pelo go direga kgapetsakgapetsa kana go le go golo thata, go ka tlhokega gore motho a senke thuso ya kalafi e e tshwanelang.

Gone mme, ga go na ope gompieno yo o tshelang a sa ngomoge pelo ka tsela e e kotsi. Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo o tla tloga a tlhoma mogopolo wa gagwe mo bathong mme a fedise maemo a a ba bakelang go ngomoga pelo mo go kotsi jaana. Mo go Tshenolo 21:4 re bala gore Modimo o tla “phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” Morago ga moo, batho ba ba ikanyegang ba tla nna ka polokesego. Moporofeti Mika o ne a bolelelapele jaana: “Mongwe le mongwe wa bone o tlaa dula fa tlase ga mofine wa gagwe, le fa tlase ga mofeige wa gagwe; ope ga a ketla a ba boifisa; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o se buile.”—Mika 4:4.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go begwa gore batho bangwe ba ile ba tshologa mofufutso o o tlhakaneng le madi ka ntlha ya go tshwenyega thata mo tlhaloganyong. Ka sekai, fa motho a tshwerwe ke hematidrosis, mofufutso wa gagwe o tswa o kopane le madi kana dikarolo tsa one golo gongwe kana dieledi tsa mo mmeleng di tlhakane le madi. Le fa go ntse jalo, ga go ka ke ga bolelwa ka tlhamalalo gore ke eng se se diragetseng mo kgannyeng ya ga Jesu.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

Go Ngomoga Pelo le Karo

Dingaka dingwe di ela tlhoko selekanyo sa go ngomoga pelo ga balwetse ba tsone pele ga di ba isa mo kamoreng ya karo. Ka sekai, Dr. Camran Nezhat yo e leng ngaka e e arang o bolela jaana:

“Fa mongwe yo o tshwanetseng go ariwa a mpolelela gore o tshogile e bile ga a batle go tswelela ka karo, ke tlogela go mo ara.“ Ka ntlha yang? Nezhato tlhalosajaana: “Ngaka nngwe le nngwe ya moari e a itse gore batho ba ba tshogileng thata karo ya bone ga e atlege. Ba tswa madi a mantsi, ba tshwaetsega thata e bile ba nna le mathata a mantsi. Ba tsaya nako e telele pele ga ba fola. Go botoka thata fa ba ritibetse.“

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Go nonofa semoyeng go ka go thusa go nna o ritibetse

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Go tlhokomela boitekanelo jwa gago go fokotsa go ngomoga pelo

Ikhutse

Ja dijo tse di siameng

Ikatise

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela