Ngwana yo o Bidiwang Khumanego
MO MOTSANENG mongwe wa Afrika, monna mongwe yo leina la gagwe e leng Okot le mosadi wa gagwe Matina, ba ne ba itumelela go tsholwa ga ngwana wa bone wa leitibolo, wa mosetsana. Ba losika le ditsala ba ne ba tla mo motseng ono ba tshotse dimpho go supa fa ba na le tsholofelo ya gore ngwana yono o tla nna le botshelo jo boleele le jo bo itumedisang.
Banyalani bano ba ne ba le dikobo di magetleng. Ba ne ba na le setshanyana se ba lemang mo go sone, mme ntlonyana ya bone, e Matina a neng a tsholela ngwana mo go yone, e ne e le tlaboruso ya mmu e e ruletsweng ka bojang. Ba ne ba ititeile sehuba gore ba tla dira ka natla gore ngwana yono wa bone a tshele botshelo jo bo botoka go na le jwa bone. Go ikgopotsa maikaelelo ano a bone, ba ne ba bitsa morwadiabone ba re ke Acan, mo go rayang “Ke Humanegile.”
Isagwe ya ga Acan e tla nna jang? Fa botshelo jwa gagwe bo ka nna jaaka jwa bontsi jwa batho ba naga ya gagabo, ga a ne a itse go bala le go kwala. Fa a setse a godile, fa a ka bona mmereko, a ka nna a amogela madinyana a a ka tshwarang R925 fela ka ngwaga. Mme mo nageng ya gagabo, batho ba tshela go fitlha ba le dingwaga di le 42 fela.
Ga se Acan fela yo o lebaneng le mahumapelo ano. Mo dimilioneng di le dikete tse 6 tsa batho ba ba mo lefatsheng, ba le dimilione di le 1300 mo go bone, ba amogela madi a a kwa tlase ga R1800 ka ngwaga. Palogare ya madi a batho ba a duelwang ka ngwaga kwa dinageng tse di humileng ke R105182. Letsatsi le letsatsi batho ba bangwe ba le 67 000 ba a humanega, mo e ka nnang dimilione di le 25 ka ngwaga. Bontsi jwa bone ba nna mo dinageng tse di santseng di tlhabologa—mo Afrika, Asia le Latin America. Tota le kwa dinageng tse di humileng go na le palonyana ya batho ba ba humanegileng. Mme mo bathong ba le 10 ba ba humanegileng ba le 7 mo go bone ke basadi.
Bontsi jwa batho ga ba kgone go tila khumanego e e feteletseng. E ba tima dilo tsa konokono tse ba di tlhokang—dijo, diaparo le bonno. E ka ba tima kgololesego, seriti, thuto le botsogo jo bo molemo. World Health Organization ya re: “Khumanego e ama motho mo dikgatong tsotlhe tsa botshelo jwa gagwe, go tloga fa a imiwa go fitlha a ya lebitleng. E tsamaisana le malwetse a a bolayang le a a botlhoko go gaisa otlhe go leretse motho yo o humanegileng matlhotlhapelo.”
Mme gone, a tsela ya go tshela ya dinaga tse di tlhabologang ga e tokafale? Ee, go ntse jalo mo go tse dingwe. Mo go tse dingwe tse dintsi, ga go a nna jalo. Makasine wa Choices o o buang ka go tlhabologa ga batho o tlhalosa fa kgopolo e e leng gone ya gore “maemo a bahumanegi a a tokafala” e le ‘tlhamane e e kotsi.’ Go na le moo, ya re: “Totatota re tshela mo lefatsheng le le katoganeng thata ka tsa itsholelo, itsholelo ya dinaga le ya ba ba nnang mo go tsone.”
A batho ba tla aga ba aparetswe ke khumanego ka bosakhutleng? Mo ditlhogong tse pedi tse di latelang, Tsogang! e sekaseka bothata jono jo bo raraaneng e bo e bontsha gore tharabololo e tla nna eng.