Kgopolo E e Mo Baebeleng
A Badiredi ba Bakeresete ba Patelesega go Ikitsa go Nyala?
TOTATOTA, go ikitsa go nyala, ke go nna o sa nyala. Le fa go ntse jalo, go ya ka The New Encyclopædia Britannica, lereo leno “gantsi le dirisiwa mo mothong yo o ikitsang go nyala ka ntlha ya boemo jwa gagwe e le modiredimogolo wa bodumedi, moitlami kana molatedi wa bodumedi.” Lereo “go ikitsa go nyala” le kaya “ba ba sa nyalang ka ntlha ya maikano a bodumedi kana go ikitsa kgotsa go dumela gore go botoka gore motho a nne a sa nyala ka ntlha ya boemo jwa gagwe mo bodumeding kana ka ntlha ya tsela e a tlhoafetseng ka yone mo bodumeding.”
Mo nakong e e fetileng, madumedi mangwe a magolo a ne a tsaya go ikitsa go nyala e le selo se se batlegang mo badireding ba one. Le fa go ntse jalo, go ikitsa go nyala go ne ga tseelwa kwa godimo thata mo Bokatoliking go feta mo madumeding otlhe a Labokeresete. Gompieno, go tsogile kgang e kgolo kaga go ikitsa go nyala ga Bakatoliki. The Wilson Quarterly e ne ya bolela gore “dipatlisiso tse dintsi tse di dirilweng mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga di bontshitse gore go ikitsa go nyala gono mo go patelediwang, e leng selo se se batliwang mo baruting ba Katoliki fa e sale go tloga mo lekgolong la bo12 la dingwaga, ke one motswedi wa mathata a kereke mo go ngokeng baruti ba bangwe le go boloka ba ba leng teng.” Go ya ka moithutaloago e bong Richard A. Schoenherr “mabaka a a utlwalang a hisitori le a diphetogo mo setšhabeng a kgatlhanong le gore banna ba ba sa nyalang e nne bone fela ba ba nnang baruti ba Katoliki.” Baebele ya reng ka kgang eno ya go ikitsa go nyala?
Go Nyala Kana go Nna o sa Nyala?
Mo hisitoring yotlhe, bontsintsi jwa banna le basadi ba ba ineetseng mo madumeding a mantsi a a farologaneng, ba itlhophetse go ikitsa nyalo. Ka ntlha yang? Mo mabakeng a mantsi ke ka ntlha ya gore ba ne ba dumela gore dilo tsa nama, dithoto e ne e le “modi wa boikepo.” Seno se ne sa dira gore go nne le filosofi ya gore motho a ka nna boitshepo semoyeng fela ka go ikitsa ditiro tsotlhe tsa tlhakanelodikobo. Le fa go ntse jalo, Baebele ga e bolele jalo. Mo Baebeleng lenyalo le tsewa e le mpho e e phepa, e e boitshepo e e tswang go Modimo. Pego ya Genesise e e kaga popo e bontsha lenyalo le le “molemo” mo matlhong a Modimo mme go phepafetse gore ga se selo se se kgoreletsang motho go nna le botsalano jo bo phepa jwa semoya le Modimo.—Genesise 1:26-28, 31; 2:18, 22-24; bona le Diane 5:15-19.
Moaposetoloi Petere le batlhanka ba bangwe ba Modimo ba ba neng ba okametse phuthego ya ntlha ya Bokeresete ba ne ba nyetse. (Mathaio 8:14; Ditiro 18:2; 21:8, 9; 1 Bakorinthe 9:5) Dikaelo tse moaposetoloi Paulo a neng a di neela Timotheo malebana le go tlhomiwa ga balebedi ba phuthego kana “bobishopo,” di bontsha seno ka phepafalo. O ne a kwala jaana: “Bishopo ga a tshwanela go kgalwa ka sepe, e nne monna wa mosadi a le mongwe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona; 1 Timotheo 3:2, Revised Standard Version, Kgatiso ya Katoliki) Ela tlhoko gore ga e bontshe ka gope gore “bishopo” ga a tshwanela go nyala. Paulo o ne a bontsha fela gore “bishopo” ga a tshwanela go nyala lefufa; fa a nyetse, o tshwanetse a nna le mosadi a le mongwe fela. Tota e bile, Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature, e e kwadilweng ke McClintock le Strong e konela ka gore: “Ga go na temana epe mo [Tesetamenteng e Ntšha] e go ka bolelwang fa e iletsa baruti go nyala go ya ka thulaganyo ya Efangele.”
Le fa gone Baebele e tseela lenyalo kwa godimo, ga e kgatlhanong le gore motho a nne a sa nyala fa a go itlhophetse. Baebele e bolela fa e le tsela e e ka nnang molemo mo bathong bangwe. (1 Bakorinthe 7:7, 8) Jesu Keresete o ne a bolela gore banna le basadi bangwe ba ne ba itlhophela go nna ba sa nyala. (Mathaio 19:12) Ka ntlha yang? E seng ka go bo go na le sengwe se se sa siamang ka lenyalo se se ka ba kgoreletsang go gatela pele mo semoyeng. Ba tlhopha tsela eno ka go bo ba batla go tlhoma megopolo ya bone mo go direng go rata ga Modimo mo nakong eno e ba e tsayang e le e e potlakileng.
Se se Dirileng Gore go Patelediwe go Ikitsa go Nyala
Le fa go ntse jalo, dilo di ne tsa fetoga mo makgolong a dingwaga a a neng a latela morago ga Keresete. David Rice, Mo-Dominic yo o neng a tlogela boruti go ya go nyala o tlhalosa gore mo makgolong a ntlha a mararo a Motlha wa Rona, “go ne go na le baruti ba ba neng ba nyetse le ba ba neng ba sa nyala.” Mme batho ba ba neng ba ipolela e le Bakeresete ba ne ba tlhotlhelediwa ke se mokwadi mongwe wa bodumedi a se tlhalosang e le “go tswakanya dikgopolo tsa Segerika le tsa Baebele” go go dirileng gore ba nne le pono e e sokameng ka tlhakanelodikobo le lenyalo.
Gone mme, bangwe ba ne ba sa nyale e le fela gore “ba nne le kgololesego e e feletseng ya go ineela [gotlhelele] mo tirong ya bogosi jwa Modimo.” Le fa go ntse jalo, ba bangwe bone ba ne ba rotloeditswe thata ke difilosofi tsa boheitene tse ba neng ba di amogetse. The New Encyclopædia Britannica ya re: “Tumelo ya gore tlhakanelodikobo e ne e kgotlela e bile e kgoreletsa motho go nna boitshepo e simologile [mo kerekeng ya ba ba neng ba ipolela e le Bakeresete] e le yone e e neng e tlhotlheletsa batho thata gore ba ikitse nyalo.”
Rice o bolela gore mo lekgolong la bonè la dingwaga, kereke “e ne e kganela moruti yo o nyetseng go tlhakanela dikobo mo bosigong jwa pele ga go ketekwa Selalelo.” Fa kereke e ne e dira gore go ketekwe Selalelo letsatsi le letsatsi, go ne ga raya gore baruti ba tshwanetse go ikitsa tlhakanelodikobo gotlhelele. Fa nako e ntse e ya, baruti ba ne ba thibelwa go nyala gotlhelele. Ka jalo, go ne ga patelediwa gore mongwe le mongwe yo o tla nnang moruti wa kereke a ikitse nyalo.
Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa ka sone selo seno. O ne a kwala jaana: “Moya o buile ka tlhamalalo gore mo metlheng ya morago bangwe ba tla tlhanogela tumelo mme ba tlhophe go reetsa meya e e timetsang le dithuto tse di tswang mo badimoneng . . . Ba tla iletsa batho go nyala.”—1 Timotheo 4:1, 3, Jerusalem Bible.
Jesu Keresete o boletse jaana: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Mathaio 11:19) Boeleele jwa go fapoga mo melaometheong ya Modimo bo supilwe ke ditiro kana ditlamorago tsa jone. Mokwadi e bong David Rice o ne a botsolotsa baruti ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe kaga kgang ya go patelediwa go ikitsa go nyala. Bangwe ba a buileng le bone ba ne ba bolela jaana: “O nna o le moruti mme o thuse batho ka fa o ka kgonang ka teng, mme gape ka botlhale o ntse o ikutswa le basadi ba ba ineetseng mo kerekeng ba ba go kgatlhegelang le ba ba ratang go tlhakanela dikobo le wena.”
Fa Rice a nopola Mathaio 7:20 a re: “Jesu o rile, ‘Lo tla ba lemoga ka maungo a bone.’” Go tswa foo o ile a bua jaana ka masetlapelo a a bakiwang ke go patelediwa go ikitsa go nyala gono: “Maungo a go patelediwa go ikitsa go nyala ke diketekete tsa banna ba ba tshelang ka boitimokanyo, diketekete tsa basadi ba ba senyeditsweng botshelo, diketekete tsa bana ba ba itatotsweng ke borraabone ba baruti, re sa bue sepe ka go tshwenyega mo maikutlong ga baruti bano.”
Lenyalo le le tlotlegang ke tshegofatso e e tswang go Modimo. Go patelediwa go ikitsa go nyala go baka mathata semoyeng. Mo letlhakoreng le lengwe go itlhophela go nna o sa nyala, le fa gone e se selo sa botlhokwa gore motho a nne boitshepo kana a bolokwe, go itshupile go na le matswela a a molemo e bile e le tsela ya botshelo e e kgotsofatsang semoyeng mo bathong ba bangwe.—Mathaio 19:12.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]
Life