Tlhopho ya me Gareng ga Borre ba Babedi
“Ga o tlhole o le morwaake! Tswa mo ntlong eno gone jaanong mme o se tlhole o boa go fitlha o tlogela bodumedi joo!”
KE NE ka tswa fela ka diaparo tse ke neng ke di apere. Go ne go thunya dibomo mo motseng mo bosigong joo mme ke ne ke sa itse gore ke ye kae. Go ne ga tsaya dingwaga di feta di le thataro pele ga ke boela gae.
Ke eng se se neng se ka galefisa rre jaana mo a neng a ka koba morwawe? E re ke tlhalose sentle kafa go simologileng ka teng.
Go Golela mo Lefatsheng le le Tletseng Letlhoo
Batsadi ba me ba nna kwa Beirut kwa Lebanon, naga e e kileng ya bo e itsege ka go ngoka bajanala thata. Le fa go ntse jalo, go tloga ka 1975 go ya go 1990, toropokgolo ya teng e ne e le boremelelo jwa ntwa. Ke belegwe ka 1969, leitibolo mo lelapeng la Ba-Armenia la bana ba bararo. Ka jalo, ke gakologelwa dinako tsa fa ke le mosha go santse go le kagiso.
Batsadi ba me ba ne ba tsena Kereke ya Postola ya Armenia le fa go ntse jalo, Mmè o ne a re isa kerekeng gabedi fela ka ngwaga—ka Ista le ka Keresemose. Ka jalo, kwa gae ba ne ba sa tsene kereke thata. Le fa go ntse jalo, ba ne ba nkisa kwa sekolong se segolo sa kereke ya Evangelical, koo ke neng ka ithuta dithuto tsa bodumedi teng. Ka nako eo, ke ne ke sa kgatlhegele bodumedi le e seng.
Selo se sengwe se bontsi jwa Ba-Armenia ba neng ba ithuta sone mo bongwaneng e ne e le go tlhoa Ba-Turkey. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, Ba-Turkey ba ne ba bolaya dikete di le makgolo tsa Ba-Armenia e bile ba ne ba tsere karolo e kgolo ya naga ya Armenia. Ka 1920 karolo e e kafa botlhaba e e neng e setse e ne ya nna repaboliki ya Soviet Union. Ka ke ne ke le mosha, ke ne ke ikemiseditse go lwela go bona go diragadiwa tshiamiso.
Go Fetola Mogopolo
Le fa go ntse jalo, ka bo1980 fa ke ne ke le mo bogareng jwa dingwaga tsa me tsa bolesome, dilo tse malome a neng a di mpoleletse di ne tsa simolola go fetola mogopolo wa me. O ne a bolela gore Modimo Mothatayotlhe o tla tloga a siamisa go tlhoka tshiamo gotlhe mo go leng teng. O ne a tlhalosa gore ka Bogosi jo Jesu Keresete a rutileng balatedi ba gagwe go bo rapelela, le e leng batho ba ba bolailweng mo dipolaong tsa kgailo ba tla tsosediwa go tshela mo lefatsheng.—Mathaio 6:9, 10; Ditiro 24:15; Tshenolo 21:3, 4.
Ke ne ke itumetse thata. E re ka ke ne ke batla go utlwa mo go oketsegileng, ke ne ka tswelela go mmotsa dipotso. Seno se ne sa felela ka gore a ntshwarele thuto ya Baebele, e e neng e tshwarelwa kwa legaeng la Mosupi yo mongwe.
Fa ke ntse ke ithuta ka Rre wa me wa selegodimo e bong Jehofa mme ke simolola go mo rata thata, ke ne ka simolola go boifa gore letsatsi lengwe ke tla tshwanelwa ke go lebana le tshwetso e e thata—ya go tlhopha gareng ga lelapa la gaetsho le Jehofa Modimo.—Pesalema 83:18.
Tlhopho e e Thata mo Mosheng wa Dingwaga di le 17
Kgabagare Mmè o ne a utlwela gore ke inaakantse le Basupi ba ga Jehofa. O ne a galefile thata mme a ntaela gore ke emise thuto ya me ya Baebele. Fa a lemoga gore ke ne ke tlhoafetse ka se ke neng ke se dumela, o ne a tshosetsa ka gore o tla bolelela Rre. Ka nako eo, ke ne ke se na sepe ka gonne ke ne ke akanya gore ke tla kgona go rarabolola boemo joo le go ikemela mo go Rre. Le fa go ntse jalo, ke ne ke fositse.
Rre o ne a galefa thata fa a sena go itse gore ke ne ke kopanela le Basupi ba ga Jehofa. O ne a tshosetsa ka gore o tla nkoba mo gae fa ke sa tlogele go ithuta Baebele. Ke ne ka mmolelela gore ga nkitla ke tlogela ka gonne se ke neng ke se ithuta e ne e le boammaaruri. Fa a fetsa go nkgaruma, go goakaka le go ntlhapatsa, o ne a simolola go lela jaaka ngwana. O ne a nkopa ka boikobo gore ke tlogele go kopanela le Basupi.
Ke ne ke tlhakatlhakane maikutlo, ke sa itse gore ke eme le rre ofe mo go ba babedi—Jehofa kgotsa ene. Ke ne ke itse gore ba ne ba nthata boobabedi e bile ke ne ke batla go ba kgotsofatsa ba le babedi; le fa go ntse jalo, go ne go bonala go sa kgonege. Ke ne ke lebane le kgatelelo e e neng e mphekeetsa. Ke ne ka bolelela Rre gore ke tla dira se a se batlang, ke ipolelela fela gore nka nna ka tswelela ka dithuto tsa me le go nna Mosupi fa ke godile. Ka nako eo, ke ne ke na le dingwaga di le 17 fela.
Mo malatsing a a neng a latela morago ga moo, ke ne ka tlhajwa ke ditlhong ka se ke se dirileng. Ke ne ka ikutlwa gore Jehofa ga a itumela le gore ga ke a ikanya mafoko a ga mopesalema Dafide, yo o ileng a re: “Gonne rre le mme ba ntatlhile, mme Jehofa o tlaa ntshola.” (Pesalema 27:10) Le fa go ntse jalo, ke ne ke santse ke le kwa sekolong se segolo e bile batsadi ba me ba ne ba duelela thuto ya me.
Go Tsaya Kgato e e Nitameng
Go ne ga feta dingwaga di le pedi ke sa etele malome kana go kopana le Basupi ka go bo ke ne ke itse gore batsadi ba me ba ne ba mpeile leitlho. Letsatsi lengwe ka 1989, fa ke na le dingwaga di le 20, ke ne ka kopana le Mosupi mongwe yo ke neng ke mo itse. O ne a nkopa ka bopelonomi gore ke mo etele. E re ka a sa ka a umaka sepe kaga go ithuta Baebele, kgabagare ke ne ka ya go mmona.
Fa nako e ntse e ya, ke ne ka simolola go ithuta Baebele le go nna teng kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi. Ke ne ka ithutela kwa tirong, koo go neng go se na ope yo o neng a ka ntshwenya. Ka ntlha ya seo, ke ne ka simolola go itse botho jo bo lorato jwa ga Jehofa botoka le go tlhaloganya sentle botlhokwa jwa go nna le botsala jo bogolo le ene le go bo ngomaela mo tlase ga maemo ape fela. Ka August wa one ngwaga oo, ke ne ka bo ka simolola go bolelela ba bangwe se ke neng ke se ithutile.
Go tla go fitlha ka nako eo, ba ne ba ise ba itse sepe kwa gae. Le fa go ntse jalo, malatsi a le mmalwa moragonyana, re ne re thulana gape le rre, le fa go ntse jalo, mo lekgetlhong leno ke ne ke ititeile sehuba. O ne a leka go botsa jaana a ritibetse: “A ke boammaaruri, morwaake, gore o santse o kopanela le Basupi ba ga Jehofa?” Matlho a gagwe a ne a tletse dikeledi fa a ntse a emetse karabo. Mmè le kgaitsadiake ba ne ba lela.
Ke ne ka tlhalosa gore ke sa tswa go simolola go kopanela le Basupi go tloga bosheng fela jaana le gore ke ikemiseditse go nna mongwe wa bone. Ka yone nako eo, dilo di ne tsa fetoga ka bonako. Rre o ne a goa mafoko a a mo tshimologong ya setlhogo seno. Morago ga moo a mphamola mme a nkgoeletsa a mpolelela gore ga a kitla a ntlogela ke tswa mo ntlong ke santse ke tshela. Ke ne ka kgona go itshomola mme ya re fa ke siana ke fologa ka ditepise ka utlwa morwarre a leka go ritibatsa Rre. Ke ne ka rapela Jehofa jaana: “Go tloga jaanong go ya pele o Rre. Ke tlhophile wena, ka jalo tsweetswee ntlhokomele.”
Go Ipusolosetsa
Malatsi a le mmalwa moragonyana, Rre o ne a ya kwa ga malome, a akanya gore o tla mphitlhela koo. O ne a mo tlhasela a bo a batla le go mmolaya, le fa go ntse jalo, bangwe ba Basupi ba ba neng ba mo etetse ba ne ba ba kgaoganya. Rre o ne a tsamaya, a tshosetsa ka gore o tla boa. O ne a boa moraganyana, a patilwe ke masole a a neng a tlhometse ka ditlhobolo. Ba ne ba tsaya Basupi le malome, yo o neng a lwala thata, go ba isa kwa ntlokgolo ya bone ya sesole.
Morago ga moo, go ne ga simololwa letsholo la go senka Basupi ba bangwe mo lefelong leo. Ntlo ya mongwe wa bone le yone e ne ya tlhaselwa. Ba ne ba dira mokoa wa dibuka go akaretsa le Dibaebele mo seterateng mme ba di ja ka molelo. Le fa go ntse jalo, ga go a ka ga felela foo. Basupi ba le barataro ba ne ba tshwarwa le batho ba bangwe ba ba neng ba ithuta le bone. Botlhe ba ne ba tsenngwa mo ntlwaneng nngwe, ba botsolotswa mme ba itewa. Bangwe ba ne ba fisiwa ka disekerete. Dikgang tse di kaga ditiragalo tseno di ne tsa anama ka bonako mo motseng. Masole a ne a mpatla gotlhe. Rre o ne a ba kopile gore ba mpatle mme ba ntire gore ke fetole mogopolo go sa kgathalesege gore ba dirisa mekgwa efe.
Malatsi a le mmalwa moragonyana, masole a ne a itatlhela kwa Holong ya Bogosi, koo nngwe ya diphuthego e neng e tshwere pokano teng. Ba ne ba dira gore phuthego yotlhe—banna, basadi le bana—ba tswe mo holong. Ba ne ba gapa Dibaebele tsa bone mme ba ba kgokgoeletsa kwa ntlokgolo ya masole, koo ba neng ba fitlha ba botsolodiwa teng.
Go Tshabela Kwa Greece
Mo nakong eo yotlhe ke ne ke tlhokometswe ke lelapa lengwe la Basupi le le neng le nna kgakala le tlhakatlhakano eno. Kgwedi morago ga moo, ke ne ka tswa mo nageng ya rona go ya kwa Greece. Fa ke fitlha koo, ke ne ka neela botshelo jwa me mo go Jehofa Modimo mme ka kolobediwa e le sesupo sa boineelo jwa me.
Kwa Greece ke ne ke tlhokometswe ka lorato ke bakaulengwe ba semoya ba ba neng ba akaretsa ditšhaba di le mmalwa—go akaretsa le Ba-Turkey. Ke ne ka itemogela boammaaruri jwa mafoko ano a ga Jesu: “Ga go ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa barwarraagwe kgotsa barwadiarraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa rraagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo yo o se nang go bona go menagane ga lekgolo jaanong mo lobakeng lono lwa nako, matlo le barwarraagwe le barwadiarraagwe le bommaagwe le bana le masimo, di na le dipogiso, mme mo tsamaisong e e tlang ya dilo, botshelo jo bo sa khutleng.”—Mareko 10:29, 30.
Mo dingwageng di le tharo tse di neng tsa latela, ke ne ka nna kwa Greece. Le fa ke ne ka kwalela Rre ka makgetlho a le mmalwa, ga a ka a nkaraba. Moragonyana ke ne ka bolelelwa gore gangwe le gape fa ditsala tsa gagwe di etetse kwa gae mme di mmotsa kaga me, o ne a tle a re: “Ga ke na morwa yo o bidiwang ka leina leo.”
Go Kopana Morago ga Dingwaga di le Thataro
Ke ne ka boa go ya go nna gape kwa Beirut ka 1992, morago ga gore ntwa e khutle. Ke ne ka bolelela tsala ya me gore a itsise Rre fa ke eletsa go boela gae. O ne a araba ka gore ke tla amogelwa—fa fela ke tlogetse bodumedi jwa me. Ka jalo, ke ne ka nna mo foleteng e e hirisiwang ka dingwaga di le tharo tse di neng tsa latela. Mme ka November 1995 ka tshoganetso fela, Rre o ne a ya kwa ke berekang teng mme a kopa go mpona. Ke ne ke seyo ka nako eo, ka jalo, o ne a tlogela molaetsa wa gore o batla gore ke boele gae. Kwa tshimologong go ne go le thata gore ke dumele. Ka jalo, ke ne ka ya go mmona, ke okaoka fela thata. E ne e le go kopana mo go amang maikutlo tota. O ne a bolela gore ga a tlhole a tshwenngwa ke go bo ke le Mosupi mme o batla gore ke boele gae!
Gompieno ke mogolwane wa Mokeresete le modiredi wa nako e e tletseng mo phuthegong e e buang Se-Armenia. Gantsi ke kopana le batho ba ba tshwanang le rre, ba ba ganetsang ba malapa a bone ka go bo ba batla go direla Jehofa. Ke ne ka lemoga gore Rre o ne a dumela gore o dira selo se se siameng ka go ganetsa kobamelo ya me. Baebele e siamisetsa Bakeresete boemo jo bo ntseng jalo ka go bolela gore ba solofele go ganediwa ke ba lelapa.—Mathaio 10:34-37; 2 Timotheo 3:12.
Ke solofela gore letsatsi lengwe Rre le botlhe mo lelapeng ba tla nna le tsholofelo ya Baebele e e tshwanang le ya me ya lefatshe le le tlang le le botoka. Mo go lone ga go kitla go tlhola go nna le dintwa kana dipolao tsa kgailo mme batho ga ba kitla ba tlhola ba kobiwa mo dinageng tsa bone kgotsa ba bogisiwa ka ntlha ya tshiamo. (2 Petere 3:13) Mme ka nako eo, batho ga ba ne ba tshwanelwa ke go dira tlhopho gareng ga dilo tse pedi tse ba di ratang thata.—E neetswe.
Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.