LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 7/8 ts. 24-27
  • Go Senka Dikarabo Kwa Godimo, E Seng fa Tlase

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Senka Dikarabo Kwa Godimo, E Seng fa Tlase
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dijini Tsa Phologolo Kana Tse di Bogole?
  • Lebaka La go Bo re Sa Batle go Swa
  • Re Diretswe go Tshela ka Bosakhutleng
  • Lefatshe le Lesha le le Theilweng mo Loratong
  • A Loso Tota ke Bokhutlo?
    Tsogang!—2007
  • A Ruri go a Kgonega go Tshela ka Bosakhutleng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Batho ba Bopetswe go Ithutela Ruri
    Tsogang!—2004
  • Jehofa ke Modimo yo o Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 7/8 ts. 24-27

Go Senka Dikarabo Kwa Godimo, E Seng fa Tlase

THUTOTLHAGELELO e ruta gore go nnile le diphetogo tse dintsintsi tse kgabagare di neng tsa re dira gore re nne kwa godimonyana ga diphologolo. Mo letlhakoreng le lengwe, Baebele e bolela gore re simologile re itekanetse, re le mo setshwanong sa Modimo, mme moragonyana ga moo bosaitekanelang bo ne jwa simologa mme dilo tsa nnela maswe pele.

Batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa, ke bone ba itsentseng mo maraareng ano fa ba ne ba senka go itaola mme ba ikgobatsa digakolodi ka go tlola molao wa Modimo ka boomo. Go ntse jaaka e kete ba ne ba kgabaganya ka koloi ka boomo mo maparegong a pabalasego a molao wa Modimo mme ya thabuela mo re leng teng gompieno, ba tshwenngwa ke bolwetse, go tsofala le loso, re sa bue sepe ka go tlhaola batho ka lotso, go ilana ga madumedi le dintwa tse di setlhogo.—Genesise 2:17; 3:6, 7.

Dijini Tsa Phologolo Kana Tse di Bogole?

Ke boammaaruri gore Baebele ga e tlhalose ka mafoko a saense gore go ne ga diragalang ka mebele ya ga Adame le Efa fa ba se na go leofa. Baebele ga se buka ya saense, fela jaaka buka ya ditaelo ya mong wa koloi e se buka ya enjeniri ya dikoloi. Mme le fa go ntse jalo, fela jaaka buka ya ditaelo ya mongwe wa koloi, Baebele e nepa dilo; ga se tlhamane.

Fa Adame le Efa ba ne ba thulana le maparego a tshireletso a molao wa Modimo, popego ya bone e ne ya senyega. Morago ga moo, ba ne ba simolola ba kgokologela ka iketlo mo losong. Ka ntlha ya go ba gotsa, bana ba bone, batho botlhe, ba ne ba tsalwa ba sa itekanela. Ka jalo, le bone ba a swa.—Jobe 14:4; Pesalema 51:5; Baroma 5:12.

Ka maswabi, dilo tse re di goditseng mo go bone di akaretsa go sekamela mo boleong, mo go bonalang ka bopelotshetlha le boitsholo jo bo sa siamang. Ke boammaaruri gore tlhakanelodikobo e siame fa e dirwa ka tsela e e tshwanetseng. Modimo o ne a laela banyalani ba ntlha jaana: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe.” (Genesise 1:28) Mme ka e le Mmopi yo o lorato, o ne a dira gore taelo eo ya gagwe e diragadiwe ka tsela e e itumedisang monna le mosadi. (Diane 5:18) Le fa go ntse jalo, go sa itekanela ga batho go ba dirisa tlhakanelodikobo ka tsela e e sa siamang. Totatota, go sa itekanela go amile karolo nngwe le nngwe ya matshelo a rona, go akaretsa le kafa tlhaloganyo ya rona le mmele di dirang ka teng, jaaka rotlhe re lemoga.

Le fa go ntse jalo, go sa itekanela ga go a fedisa boikutlo jwa rona jwa boitsholo. Fa re batla, re ka kgona go kakatlela “leotwana la go kgweetsa” mme ra tila mamena a botshelo ka go lwa le tshekamelo ya go fapogela mo boleong. Ke boammaaruri gore ga go na motho ope yo o sa itekanelang yo o ka lwang le boleo ka katlego mme Modimo ka boutlwelobotlhoko jwa gagwe o tsaya seno tsia.—Pesalema 103:14; Baroma 7:21-23.

Lebaka La go Bo re Sa Batle go Swa

Baebele e re naya lesedinyana la selo se sengwe gape se thutotlhagelelo e sa kgoneng go re tlhalosetsa sone ka tsela e e kgotsofatsang: tsela e e tlwaelegileng e motho a sa kgoneng go tlwaela loso ka yone, le mororo go lebega loso e le selo sa tlholego le se se ka se kang sa tilwa.

Jaaka Baebele e senola, loso lo ne lwa bakwa ke boleo ka go tlola molao wa Modimo. Fa batsadi ba rona ba ntlha ba ka bo ba ile ba tswelela ba le kutlo, ba ka bo ba ile ba tshela ka bosakhutleng le bana ba bone. Tota e bile, Modimo o dirile tlhaloganyo ya motho gore e nne le keletso ya go tshela ka bosakhutleng. Moreri 3:11 e bolela jaana, go ya ka New International Version: “Gape o tsentse bosakhutleng mo dipelong tsa batho.” Ka jalo, go atlholelwa ga bone loso, go tsosa tobekano ya maikutlo mo teng ga batho, ntwa e e sa feleng.

Ka ntlha ya go leka go lepalepana le tobekano eno ya maikutlo le go leka go kgotsofatsa keletso eno ya tlholego ya go batla go tshelela ruri, batho ba ile ba tlhama mefuta yotlhe ya ditumelo, go tloga ka thuto ya gore moya ga o swe go ya go tumelo ya gore fa batho ba swa ba tsalwa e le ditshedi tse disha. Baitsesaense le bone ba sekaseka masaitseweng a gore ke eng fa re tsofala ka gonne le bone ba batla go fedisa loso kana bobotlana go le diegisa. Baithuti ba thutotlhagelelo ba ba ganang gore Modimo o teng ba kgaphela thoko keletso ya go tshelela ruri ba re ke mathaithai kana tsietso ya thutotlhagelelo, ka gonne e thulana le kgopolo ya bone ya gore batho ke diphologolo tsa maemo a a kwa godimonyana. Mo letlhakoreng le lengwe, polelo ya Baebele ya gore loso ke mmaba e dumalana le keletso ya rona ya tlholego ya go batla go tshela.—1 Bakorinthe 15:26.

Gone mme, a mebele ya rona e bontsha matshwao ape a gore re ne re diretswe go tshela ka bosakhutleng? Karabo ke ee! Boboko jwa motho fela bo re neela bosupi jo bontsi jwa gore re ne re diretswe go tshela lobaka lo loleele go feta kafa re tshelang ka teng.

Re Diretswe go Tshela ka Bosakhutleng

Boboko bo na le boima jwa dikilogerama di le 1,4 mme bo na le dinyurone di le dimilione di le dikete di le 10 go ya go dimilione di le dikete di le 100, mme go bolelwa gore ga go na dipe tsa tsone tse di tshwanang. Nyurone nngwe le nngwe e ka kgona go tlhaeletsana le dinyurone tse dingwe di ka nna 200 000, e leng se se dirang disekete kana ditselana tse dintsi tse di farologaneng mo bobokong. Mo godimo ga moo, Scientific American e bolela gore “nyurone nngwe le nngwe ke khomputara e e raraaneng” ka boyone.

Boboko bo dikaganyeditswe ke dikhemikale tse dintsintsi, tse di tlhotlheletsang tsela e dinyurone di tsibogang ka yone. Mme boboko bo raraane thata go feta khomputara e e maatla go di gaisa tsotlhe. Tony Buzan le Terence Dixon ba ne ba kwala jaana: “Mo tlhogong nngwe le nngwe go na le motšhine o o nang le maatla a a boitshegang, serwe se se raraaneng, se se manontlhotlho tota se maatla a sone go bonalang a sa felele fa re ntse re se ithuta.” Fa ba nopola Porofesa Pyotr Anokhin, ba ne ba oketsa jaana: “Ga go na motho ope gone jaanong yo o ka kgonang go dirisa boboko jotlhe jwa gagwe. Ke gone ka moo re sa amogeleng kakanyo epe fela ya gore go na le dilo tse boboko jwa motho bo sa di kgoneng. Ga bo na selekanyo.”

Boammaaruri jono jo bo gakgamatsang bo thulana thata le megopolo ya thutotlhagelelo. Ke ka ntlha yang fa thutotlhagelelo e ile ya “bopa” batho ba ba nnang mo dikgageng kana le e leng batho ba gompieno ba ba rutegileng thata ba na le serwe se se nang le bokgoni jwa go tswelela se dira ka dimilione tsa dingwaga kana le e leng dimilione di le sekete? Ruri kgang ya go tshela ka bosakhutleng ke yone fela e e utlwalang! Le fa go ntse jalo, go tweng ka mmele wa rona?

Buka ya Repair and Renewal—Journey Through the Mind and Body e bolela jaana: “Tsela e marapo, dithishu le dirwe tse di gobetseng di iphodisang ka yone, e gakgamatsa tota. Mme fa re ipha nako go akanya ka gone, re tla lemoga gore go tlhoga sesha ga letlalo, moriri le dinala—le dikarolo tse dingwe tsa mmele—go gakgamatsa tota: Go tsaya diura di le 24 ka letsatsi, dibeke tse di latelanang, tota re ka re go re ntšhafatsa ka makgetlho a le mantsintsi fela fa re santse re tshela.”

Ka nako ya Modimo e e tshwanetseng, ga a kitla a palelwa ke go dira gore tiragalo eno e e gakgamatsang ya go intšhafatsa ga mmele wa rona e tswelele ka bosakhutleng. Mme ka nako eo “loso ruri lo tla nyelediwa.” (1 Bakorinthe 15:26) Le fa go ntse jalo, gore re itumele ka mmatota, ga re tlhoke fela botshelo jo bo sa khutleng. Re tlhoka kagiso—kagiso le Modimo le bankarona. Kagiso e e ntseng jalo e tla nna teng fela fa batho ba ratana ka mmatota.

Lefatshe le Lesha le le Theilweng mo Loratong

Johane wa Ntlha 4:8 ya re: “Modimo ke lorato.” Lorato lo maatla tota—segolobogolo lorato lwa ga Jehofa Modimo—ke lone lebaka la konokono la go bo re ka nna le tsholofelo ya gore re tla tshela ka bosakhutleng. Johane 3:16 ya re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”

Botshelo jo bo sa khutleng! A bo e le tsholofelo e e molemo jang ne! Mme e re ka re goditse boleo, ga re a tshwanela go tshela. Baebele e bolela gore: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” (Baroma 6:23) Le fa go ntse jalo, lorato lo ne lwa tlhotlheletsa Morwa Modimo e bong Jesu Keresete go re a re swele. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana ka Jesu: “Yoo o ne a neela moya wa gagwe mo boemong jwa rona.” (1 Johane 3:16) Ee, o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go nna “thekololo gore a bone ba le bantsi” e le gore maleo a rona ba re dumelang mo go ene a ke a phimolwe mme re bone botshelo jo bo sa khutleng. (Mathaio 20:28) Baebele e tlhalosa jaana: “Modimo o ne wa romela Morwaone yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore re bone botshelo ka ene.”—1 Johane 4:9.

Re ka tsibogela jang lorato lo Modimo le Morwaone ba lo re bontshitseng? Baebele e tswelela ka gore: “Baratwa, fa e le gore Modimo o ne wa re rata jaana, he rona ka borona re patelesega go ratana.” (1 Johane 4:11) Re tshwanetse ra ithuta go rata batho ba bangwe, ka go bo nonofo eno e tlile go nna motheo wa konokono wa lefatshe le lesha la Modimo. Gompieno bontsi jwa batho bo setse bo lemogile botlhokwa jwa lorato, fela jaaka bo gatelelwa ke Jehofa Modimo mo Lefokong la gagwe e bong Baebele.

Buka ya Love and Its Place in Nature e umakile gore kwantle ga lorato “bana ba a swa.” Le fa go ntse jalo, go tlhoka lorato jalo ga go khutle fa motho a gola. Motho mongwe yo o itseng thutomotho o boletse gore lorato “ke sone selo sa botlhokwa se motho a se tlhokang fela jaaka letsatsi e le sone selo sa botlhokwa se re se tlhokang mo lobopong . . . Ngwana yo o iseng a ke a bontshiwe lorato o farologane thata ka popego ya dikhemikale, popego ya mmele le kafa a akanyang ka teng le ngwana yo o neng a ratiwa. Ngwana yo o iseng a ke a ratiwe o gola le ka tsela e e farologaneng le ya yo o neng a ratiwa.”

A o ka akanya gore botshelo bo tla nna jang fa rotlhe mo lefatsheng re ka ratana ka mmatota? Ee ruri, ga go kitla go tlhola go nna le ope yo o tlhoyang yo mongwe fela ka ntlha ya go bo e le wa setšhaba se sele, morafe kana mmala o sele! Mo pusong ya Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo e bong Jesu Keresete, lefatshe le tla bo le tletse ka kagiso le lorato e le go diragatsa pesalema eno e e tlhotlheleditsweng ya Baebele:

“Naya kgosi dikatlholo tsa gago Modimo . . . O tlaa atlhola bahumanegi ba batho, bana ba batlhoki o tlaa ba boloka, mme mopatiki o tlaa mo phatlakanya. . . . Mo metlheng ya gagwe basiami ba tlaa thama; go tlaa nna letlotlo la kagiso, go tle go tsamaye kgwedi e tlhokafalele ruri. O bile o tlaa nna le puso go tswa lewatleng go ya lewatleng, le go tswa Nokeng go ya dikhutlong tsa lefatshe. Gonne o tlaa golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi. O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka.”—Pesalema 72:1, 4, 7, 8, 12, 13.

Baikepi ga ba kitla ba letlelelwa go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo, jaaka go solofeditswe mo pesalemeng e nngwe ya Baebele: “Gonne badirabosula ba tlaa kgaolwa; mme ba ba lebeletseng mo go Jehofa ba tlaa rua lefatshe. Gonne e tlaa re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gone. Ee, o tlaa sekaseka felo ga gagwe ka tlhoafalo, mme ene o tlaa ba a seyo. Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:9-11.

Ka nako eo, ditlhaloganyo le mebele ya batho botlhe ba ba nang le kutlo, go akaretsa le ba ba tla bong ba tsositswe kwa mabitleng ka tsogo ya baswi, e tla fodisiwa. Kgabagare, mongwe le mongwe yo o tla bong a tshela o tla nna mo setshwanong sa Modimo a itekanetse. Kwa bokhutlong, ntwa ya go leka go dira se se siameng e tla bo e fedile. Go sa dumalane mo go leng teng gareng ga keletso ya rona ya go tshelela ruri le loso lo gompieno lo gaketseng go tla bo go fedile! Ee, Modimo wa rona yo o lorato o re solofetsa jaana ka tlhomamo: “Loso lo tla bo lo seyo.”—Tshenolo 21:4; Ditiro 24:15.

Ka jalo, le ka motlha o se ka wa ineela mo ntweng eno ya go dira se se siameng. Reetsa tlhagiso eno ya Modimo: “Tlhabana tlhabano e e molemomogolo ya tumelo, tshwara botshelo jo bo sa khutleng ka thata.” Botshelo joo mo lefatsheng le lesha la Modimo ke jone jo Baebele e bo bitsang “botshelo jwa mmatota.”—1 Timotheo 6:12, 19.

E kete o ka lemoga boammaaruri jono jo bo tlhalositsweng mo Baebeleng: “Jehofa ke Modimo. Ke ene yo o re dirileng mme re ba gagwe.” Go itse boammaaruri joo ke kgato ya botlhokwa mo go tshwanelegeleng botshelo mo lefatsheng le lesha la ga Jehofa la lorato le tshiamo.—Pesalema 100:3; 2 Petere 3:13.

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

Botshelo jwa mo lefatsheng le lesha la Modimo ke jone jo Baebele e reng ke “botshelo jwa mmatota.”—1 Timotheo 6:19

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Batho ba kgabagantse maparego a molao wa Modimo mme matswela a gone e nna a botlhoko

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Batho ba tla itumelela lefatshe le lesha la kagiso mo pusong ya Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela