LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 9/8 ts. 6-8
  • Fa Tsholofelo le Lorato di Nyelela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Tsholofelo le Lorato di Nyelela
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A ke Nonofo e e Bolokang Botshelo?
  • Go ka Felela ka Gore ba Itlhoboge
  • Go Ipolaya—sebetso Sa Basha
    Tsogang!—1998
  • Bothata Jwa Lefatshe ka Bophara
    Tsogang!—2001
  • Lebaka La go Bo Batho ba Itlhoboga mo Botshelong
    Tsogang!—2001
  • Go Ipolaya—Leroborobo Le le Sa Iponatsheng
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 9/8 ts. 6-8

Fa Tsholofelo le Lorato di Nyelela

MOSETSANA mongwe wa dingwaga di le 17 wa kwa Canada o ne a kwala mabaka a go bo a ne a batla go swa. Gareng ga a mangwe, o ne a bolela ano: ‘Go jewa ke bodutu le go boifela isagwe ya me; go ikutlwa ke le yo o kwa tlase thata fa ke na le badirimmogo le nna; ntwa ya nuklea; go senyega ga ozone layer; ga ke montle le e seng, ka jalo ga ke na go nna le monna e bile ke tla felela ke sa nyalwa; ga ke bone gore go na le sengwe se se botlhokwa se motho a ka se tshelelang, ka jalo ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go leta go fitlha dilo tseno di ntiragalela; go swa ga me go tla imolola batho ba bangwe; ga go na motho yo o tla tlholang a nkutlwisa botlhoko gape.’

A ano e ka tswa e le mangwe a mabaka a a dirang gore basha ba ipolaye? Kwa Canada, “kwantle ga dikotsi tsa dikoloi, go ipolaya e setse jaanong e le lone lebaka le legolo la go bo ba le bantsi jaana ba bone ba swa.”—The Globe and Mail.

Porofesa Riaz Hassan wa Yunibesithi ya Flinders kwa Australia Borwa o boletse jaana mo pampiring ya gagwe ya “Matshelo a a Khutshwafaditsweng: Dilo Tse di Bakang go Ipolaya ga Basha”: “Go na le mabaka a le mmalwa a loago mo kgannyeng eno e bile go bonala a dirile gore basha ba bantsi jaana ba bo ba ipolaya. Mabaka ano ke, selekanyo se se kwa godimo sa go tlhoka tiro ga basha; diphetogo mo lelapeng la batho ba Australia; go dirisa diokobatsi thata le go sa di dirise sentle; go gola ga thubakanyo mo basheng; boitekanelo jwa tlhaloganyo; le pharologanyo e e ntseng e gola gareng ga ‘kgololesego e go akanngwang gore ba tshwanetse go nna le yone’ le kgololesego e tota ba nang le yone.” Pampiri eno e boletse gape gore fa go ne go dirwa dipatlisiso di le mmalwa go fitlhetswe gore ba le bantsi ba itlhobogile ka isagwe mme dipatlisiso tseno di bontsha gore “basha ba bantsi ba leba isagwe ya bone le ya lefatshe ka poifo le ka tlhobaelo. Ba bona lefatshe le le sentsweng ke ntwa ya nuklea le le le kgakgabaditsweng ke kgotlelo le go senngwa ga tikologo, ba bona setšhaba se se gateletsweng se mo go sone boranyane bo sa tlholeng bo laolega mme go tlhoka tiro go iphile maatla.”

Go ya ka patlisiso nngwe e e neng ya dirwa ya Gallup mo basheng ba dingwaga di le 16 go ya go 24, mabaka a mangwe a a dirang gore ba ipolaye ke go bo bahumi ba nna ba humela pele mme bahumanegi ba nna ba humanegela pele, go oketsega ga malapa a batsadi ba ba se nang balekane, go dirisiwa ga ditlhobolo mo go ntseng go oketsega, go sotlwa ga bana le “go se tshepe isagwe” ka kakaretso.

Newsweek e bega gore kwa United States, “go nna teng ga ditlhobolo e ka tswa e le lone lebaka le legolo thata [la go ipolaya ga basha]. Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa go bapisiwa basha ba ba ipolaileng mme ba ne ba se na malwetse ape a tlhaloganyo le bana ba ba sa ipolayang e fitlhetse go na le selo se le sengwe fela se se ba farologanyang: tlhobolo e e tlhatlhetsweng mo ntlong. Ka jalo kgopolo ya gore ditlhobolo ga di bolaye batho ke puo fela.” Mme magae a le dimilione a na le ditlhobolo tse di tlhatlhetsweng!

Poifo le go nna le batho ba ba sa kgathaleng go ka dira gore basha ba ba ikutlwang ba sa sireletsega ba batle go ipolaya. Akanya ka seno: Bokebekwa jo bo dirwang mo basheng ba dingwaga di le 12 go ya go di le 19 bo feta jo bo dirwang mo baaging ka kakaretso gabedi. Makasine wa Maclean’s o begile gore dipatlisiso di fitlheletse gore “basadi ba ba botlana ba dingwaga tsa go tloga ka di le 14 go ya go di le 24 ba tlhaselwa thata. Gantsi basadi ba tlhaselwa le go bolawa ke batho ba ba reng ba a ba rata.” Go felele ka eng? Dilo tseno le tse dingwe tse ba di boifang “di dira gore basetsana bano ba se ka ba tlhola ba itshepa le gore ba se ka ba ikutlwa ba babalesegile.” Mo patlisisong nngwe, mo e ka nnang nngwetharong ya basetsana ba ba falotseng go betelelwa ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba akanya go ipolaya.

Pego nngwe ya kwa New Zealand e bontsha ntlha e nngwe gape ka go ipolaya ga basha, e bolela jaana: “Mokgwa o o leng teng gone jaanong wa lefatshe wa go rata dilo tse di bonalang, o o dirang gore go atlega ga motho go lekanngwe ka khumo ya gagwe, bontle le maatla o dira gore basha ba le bantsi ba ikutlwe ba se na mosola ope e bile ba itlhokomolositswe ke batho ba bangwe.” Mo godimo ga moo, The Futurist e bolela jaana: “[Basha] ba na le keletso e e maatla ya go batla go ikgotsofatsa kwa ntle ga go dia nako, ba batla sengwe le sengwe e bile ba se batla ka bonako. Dithulaganyo tse ba di ratang thata tsa thelebishene ke dikgangtswelelopele tse di remeletseng mo boitshwarong jo bo maswe. Ba batla gore lefatshe la bone le nne le batho ba bantle fela jalo, ba ba apereng dilo tsa feshene, ba ba nang le madi a mantsi le maemo a a kwa godimo mme ba sa tlhoke go dira ka thata.” Go nna le ditebelelo tse dintsintsi tseno tse di sa kgonegeng, tse di ka se keng tsa diragala go bonala go dira gore ba tlalelwe mme go ka felela ka gore ba ipolaye.

A ke Nonofo e e Bolokang Botshelo?

Shakespeare o kwadile jaana: “Lorato lo gomotsa fela jaaka phatsimo ya letsatsi morago ga pula.” Baebele e bolela jaana: “Lorato ga lo ke lo fela.” (1 Bakorintha 13:8) Mo nonofong eo go na le selo se se tla rarabololang bothata jwa basha ba ba lekang go ipolaya—go eletsa go ratiwa le go buisiwa. The American Medical Association Encyclopedia of Medicine e bolela jaana: “Batho ba ba lekang go ipolaya gantsi ba ikutlwa ba jewa ke bodutu thata, mme ka dinako tse dingwe se ba se tlhokang fela gore ba se ka ba dira tiro eno ya go itlhoboga ke fa ba ka kgona go bua le motho mongwe yo o tla ba reetsang yo o kutlwelobotlhoko, yo o tlhaloganyang.”

Gantsi basha ba tlhoka go ikutlwa ba ratiwa e bile ba tlhokwa. Go kgotsofatsa tlhoko eno go nna go ketefalela pele letsatsi le letsatsi mo lefatsheng leno le le tlhokang lorato le le le senyang—lefatshe le mo go lone ba se nang sepe se se kalokalo go se bua kana ba ka se kang ba bua sepe gotlhelele. Go tlhokomologiwa ke batsadi ka ntlha ya go thubega ga lelapa le tlhalo e ka nna lebaka le le dirang gore basha ba batle go ipolaya. Mme go itlhokomolosiwa gono go ka bonala ka ditsela tse di farologaneng.

Akanya ka boemo jwa batsadi ba ba se keng ba nna le bana ba bone mo gae. Mama le Papa ba ka tswa ba tshwaregile thata mo ditirong tsa bone kana ba tshwaregile thata mo boitlosobodutung jo bo kgaphelang bana kwa thoko. Le fa ba sa lemoge, seno se bolelela bana ba bone sentle gore ba ba latlhile. Mokwadi wa dikgang yo o itsegeng e bile e le mmatlisisi e bong Hugh Mackay o bolela gore “batsadi ba ikakanyetsa ba le bosi fela. Ba ipaya kwa pele e le gore ba boloke matshelo a bone. . . . Fa re bua puo phaa, bana ba dule mo fesheneng. . . . Botshelo bo boima mme bo dira gore batho ba tshwarege fela ka mabaka a bone.”

Mme mo ditsong tse dingwe banna ba ba iponang ba ka nna ba bo ba sa rate go bonwa e le batlhokomedi ba bana. Mokwadi wa dikgang e bong Kate Legge o go tlhalosa sentle jaana: “Banna ba ba ratang tirelosetšhaba gantsi ba ka tlhopha tiro ya go falotsa matshelo a batho kana ya ditimamolelo go feta ya go fepa batho . . . Ba ka tlhopha tiro ya go nna mogale yo o nonofileng yo o itirelang a le mongwe fela a lwantshana le dilo tse di kwa ntle ba tlogela ditiro tse di tla ba tlhokang gore ba nne ba itlhakatlhakanya le batho.” Mme e bile nngwe ya ditiro tse di tlhokang gore o nne o tlhakatlhakane le batho gompieno ke go nna motsadi. Go sa dire seabe sa gago sentle jaaka motsadi go tshwana le go itlhokomolosa ngwana. Ka ntlha ya moo, morwao kana morwadio a ka nna le pono e e sa siamang ka ene mme a se ka a kgona go dirisana le ba bangwe sentle. The Education Digest e bolela jaana: “Fa bana ba se na pono e ntle ka bone ka bobone, ga ba na ba kgona go itirela ditshwetso tse di tla ba solegelang molemo ka bobone.”

Go ka Felela ka Gore ba Itlhoboge

Babatlisisi ba dumela gore go itlhoboga ke lone lebaka le legolo le le dirang gore batho ba ipolaye. Gail Mason yo o leng mokwadi kaga go ipolaya ga basha kwa Australia, o lemogile jaana: “Go itlhoboga go tsewa go tsamaisana thata le go akanya kaga go ipolaya go feta go tshwenyega thata mo maikutlong. Ka dinako dingwe go itlhoboga go tlhalosiwa e le letshwao le lengwe la go tshwenyega thata mo maikutlong. . . . Gantsi motho wa teng o nna fela le boikutlo jwa go tlalelwa le go tlhobaela ka isagwe ya batho ba basha, mme segolobogolo ka isagwe ya bone ya tsa itsholelo: mme ga se gantsi ba ikutlwang ba itlhobogile ka maemo a lefatshe lotlhe.”

Dikao tse di seng dintle tsa go sa ikanyege ga baeteledipele ba lefatshe ga di kgothaletse basha go tokafatsa mekgwa le maitsholo a bone. Mme ba nne le boikutlo jwa gore, “Ke itshwenyetsang?” Harper’s Magazine e bolela ka tsela e basha ba kgonang ka teng go lemoga motho fa a itimokanya, e re: “Basha, ka ba kgona go dupelela boitimokanyi ka bonako, ke ditswerere mo go baleng—mme e seng go bala dibuka. Se ba kgonang go se bala sentle jalo ke matshwao a batho a a mo lefatsheng le ba tla tshwanelwang ke go itshedisa mo go lone.” Matshwao ao a supa eng? Mokwadi e bong Stephanie Dowrick o lemogile jaana: “Ga re ise re ke re nne le tshedimosetso e ntsintsi jaana e e malebana le tsela e re tshwanetseng go tshela ka yone. Re humile go feta le fa e le leng pele e bile re rutegile go feta le fa e le leng pele, le fa go ntse jalo gongwe le gongwe fela batho ba tlaletswe.” Mme ke ba sekae fela ba ba tlhomang sekao se sentle mo go ba ba leng kwa maemong a a kwa godimo mo dipolotiking le mo bodumeding. Dowrick o botsa dipotso di le mmalwa tse di tshwanetseng: “Re ka bona jang botlhale, pholo le e leng bokao fa re boga dilo tse di se nang bokao? Re ka tlhagolela jang lorato mo tikologong e e tletseng bopelotshetlha, e e se nang maitseo e bile e le bogagaru?”

O tla bona dikarabo tsa dipotso tseno mo setlhogong sa rona se se latelang mme di ka nna tsa go gakgamatsa.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Basha ba bantsi ba leba isagwe ya bone le ya lefatshe ka poifo le ka tlhobaelo”

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

“Ka dinako tse dingwe se ba se tlhokang fela gore ba se ka ba dira tiro eno ya go itlhoboga ke fa ba ka kgona go bua le motho mongwe yo o tla ba reetsang yo o kutlwelobotlhoko, yo o tlhaloganyang”

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Matshwao Mangwe mo Mothong yo o Batlang go Ipolaya

• Mathata a go robala, go se nang keletso ya dijo

• Go itlhaola mo bathong le go nna o ikgogontse mo go bone, go dira dikotsi tse dintsi

• Gotshaba mogae

• Diphetogo tse di sa tlwaelegang mo tseleng e mo-tho a lebegang ka yone

• Go dirisa diokobatsi kana le bojalwa ka tsela e e fe-teletseng

• Go fuduega maikutlo le go galefa thata

• Go bua ka go swa; melaetsa e e kwadilweng e e bo-ntshang gore motho o batla go ipolaya; go torowa ditshwantsho tse di bontshangthubakanyo, segolo-bogolo e e dirwang mo go wena ka bowena

• Go ipona molato

• Go ikutlwa o itlhobogile, o tlhobaela, o tshwenyegi-le thata mo maikutlong, o lela nako le nako

• Go naya batho dilo tsa gago

• Go sa kgone go tlhoma mogopolo ka lobaka lo lo-leele

• Go sa kgatlhegele dilo tse di itumedisang

• Go itshwaya diphoso

• Boitsholojo bo botlhaswajwa tlhakanelodikobo

• Go tshogana fela o sa dire sentle kwa sekolong, go sa tsene sekolo sentle

• Go nna leloko la lekoko lengwe le le belaetsang kanasegopa

• Go itumela thata morago fela ga go tshwenyega maikutlo

Di tserwe mo go Teens in Crisis (American Association of School Administrators) le Depression and Suicide in Children and Adolescents, by Philip G. Patros and Tonia K. Shamoo

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Lorato le kutlwelobotlhoko di ka thusa mosha gore a anaanele botshelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela