Fa Tsholofelo le Lorato di Boa
BATSADI, barutabana le batho ba bangwe ba ba dirisanang le basha ba itse gore go le bone go le basha go le motho ope o sele ga go na ope wa bone yo o ka fetolang lefatshe. Go na le dilo tse di tlhotlheletsang tse di tshwanang le makhubu a magolo thata a lewatle a go se nang ope yo o ka a emisang. Le fa go ntse jalo, go na le go le gontsi go re ka go dirang go thusa basha gore ba itumele, ba itekanele le go tshela sentle le batho.
E re ka go thibela bolwetse go le botoka go na le go bo alafa, batsadi ba tshwanetse go akanya ka kelotlhoko kafa botshelo jwa bone le dilo tse di tlang pele mo matshelong a bone di ka amang ka teng mekgwa le maitsholo a bana ba bone. Go dira gore go nne le moya wa lorato le wa tlhokomelo mo legaeng go dira gore ba ikutlwe ba babalesegile mme go ba thibela gore ba se ka ba leka go ipolaya. Sengwe sa dilo tse basha ba di tlhokang fela thata ke go nna le mongwe yo o tla ba reetsang. Fa batsadi ba sa ba reetse, gongwe batho bangwe ba ba sa siamang ba tla ba reetsa.
Seno se rayang mo batsading gompieno? Iphe nako le bana ba gago fa ba go tlhoka—fa ba santse ba le babotlana. Seno ga se motlhofo mo malapeng a le mantsi. Ba kgaratlha go bona se ba ka itshedisang ka sone, mo go dirang gore batsadi ka bobedi ba tshwanelwe ke go ya go bereka. Ba ba neng ba iketleeditse e bile ba kgona go itima dilo dingwe e le gore ba ka nna le nako e ntsinyana le bana ba bone gantsi ba ile ba duelwa ka go bona barwa le barwadi ba bone ba atlega mo botshelong. Le fa go ntse jalo, jaaka go umakilwe pelenyana, ka dinako dingwe tota le fa batsadi ba ka leka ka natla, bana ba bone ba sa ntse ba ka nna le mathata a a masisi.
Ditsala le Batho ba Bangwe ba ba Godileng ba ka Thusa
Dintwa, petelelo le go sotlwa ga basha di tlhoka gore bagolo ba ruri ba ba kgathalelang ba tsenye marapo dinameng fa ba baakanya se se setseng se senyegile. Basha ba ba utlwisitsweng botlhoko thata ke dilo tseno tse di sa siamang ba ka nna ba se ka ba arabela sentle le e leng fa motho a leka go ba thusa. Go ka nna ga go tlhoka gore o dirise nako e ntsi le matsapa. E le ruri ga go botlhale e bile ga se go bontsha lorato fa o ba nyatsa kana o ba itlhokomolosa. A re ka leka ka natla go bontsha bopelonomi jo bo tlhokegang le lorato gore re kgone go thusa ba ba mo kotsing?
E seng batsadi fela, mme le ditsala le bana ba bangwe ba legae ba tlhoka go nna ba ntshitse matlho dinameng gore ba kgone go bona fa go na le bokoa bongwe le e leng go sa iketlang gongwe mo maikutlong a basha bano. (Bona lebokose la “Go Tlhokega Thuso Ya ba Ba Tshwanelegang,” mo tsebeng ya 8.) Fa go na le matshwao mangwe, nna bonako go reetsa. Fa go kgonega, leka go dira gore basha ba ba tshwenyegileng bano ba itlhalose ka go ba botsa dipotso ka bopelonomi gore o ba bontshe gore o tsala ya bone ya mmatota. Ditsala tse di ikanyegang le ba losika ba ka kgona go thusa batsadi go rarabolola maemo mangwe a a thata; le fa go ntse jalo, ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba tsaya seabe sa batsadi. Go le gantsi fa basha ba leka go ipolaya e a bo e le fa ba ikuela gore ba sekegelwe tsebe—ba sekegelwe tsebe ke batsadi ba bone.
Nngwe ya dimpho tse di molemolemo tse motho a ka di neelang basha ke go ba naya tsholofelo e e tlhomameng ya gore ba ka itumelela isagwe, go ba naya selo se se tla ba tlhotlheletsang go batla go tshela. Basha ba le bantsi ba ile ba lemoga gore se Baebele e se solofetsang ka tsamaiso e e botoka ya lefatshe e e tla tlogang e tla se boammaaruri.
Ba Namolwa Ba ne Ba Tloga ba Ipolaya
Kwa Japane, mosadi mongwe yo mmotlana yo o neng a leka gantsi go ipolaya o ne a bolela jaana: “Ke eleditse gantsi jang go dira jalo. Fa ke ne ke sa ntse ke le monnye ke ne ka sotlwa ka tlhakanelodikobo ke motho mongwe yo ke neng ke mo tshepa. . . . Mo nakong e e fetileng ke ne ka kwala makwalonyana a mantsi jaana ke bolela gore ‘Ke batla go swa’ mo ke sa tlholeng ke itse gore a makae ka palo. Fa e sa le ka nako eo ke ne ka nna Mosupi wa ga Jehofa, mme gone jaanong ke moreri wa nako e e tletseng, mme ke sa ntse ke na le go ikutlwa jalo nako le nako. . . . Le fa go ntse jalo, Jehofa o ntetlile gore ke nne ke ntse ke tshela e bile e kete o ntse a mpolelela jaana ka lentswe le le kwa tlase, ‘Nna o tshele.’”
Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 15 wa kwa Russia o tlhalositse jaana: “Fa ke na le dingwaga di le robedi, ke ne ka simolola go ikutlwa e kete ga go na motho yo o ntlhokang. Batsadi ba me ba ne ba se na nako ya go bua le nna mme ke ne ka leka go itharabololela mathata a me. Ke ne ka nna ke hutsafetse. Ka metlha ke ne ke nna ke lole le ba losika. Mme ka simolola go akanya ka go ipolaya. A bo ke ne ka itumela jang ne go kopana le Basupi ba ga Jehofa!”
Cathy, yo jaanong a simololang dingwaga tsa bo30 wa kwa Australia o ne a bua mafoko a a kgothatsang ano, go bontsha gore go tlalelwa e le ruri go ka fetoga tsholofelo: “Ka metlha ke ne ke lora kaga mekgwa e e farologaneng ya go fedisa botshelo jwa me mme kgabagare ka leka go ipolaya. Ke ne ke batla go tswa mo lefatsheng leno le le tletseng dilo tse di utlwisang botlhoko, tšhakgalo le le le se nang sepe se se botlhokwa go se tshelela. Go tshwenyega thata mo maikutlong go ne ga nketefaletsa go tswa mo ‘bobing’ jo ke neng ke ikutlwa ke le mo go jone. Ka jalo, go ipolaya go ne go lebega e le tharabololo ka nako eo.
“E rile fa ke simolola ke utlwa ka lefatshe le le tla nnang paradaise, leo botlhe ba tla tshelang ka kagiso le boitumelo mo go lone, ke ne ka utlwa ke le eletsa fela thata. Mme le ne le bonala e kete ke toro fela e e ka se diregeng. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya ke ne ka simolola go tlhaloganya tsela e Jehofa a lebang botshelo ka yone le go bona kafa rotlhe re leng botlhokwa ka teng mo matlhong a gagwe. Ke ne ka simolola go bona gore go na le tsholofelo ka isagwe. Kgabagare, ka bona tsela ya go tswa mo ‘bobing’ joo. Le fa go ntse jalo, go tswa mo go jone go ne go le thata. Ka dinako dingwe ke ne ke tlhaselwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong mme ke ikutlwe ke tlhakane tlhogo. Le fa go ntse jalo, go tsepa mogopolo wa me mo go Jehofa Modimo go ne ga nthusa go nna gaufi thata le ene le go ikutlwa ke babalesegile. Ke leboga Jehofa ka sotlhe se a se ntiretseng.”
Fa go Sa Tlhole Go na Le Dintsho Tsa Basha
Ka go ithuta Baebele, mosha a ka lemoga gore go na le sengwe se se botoka se a ka se tshelelang—se moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo a se bitsang “botshelo jwa mmatota.” O ne a gakolola lekawana Timotheo jaana: “Naya ba ba humileng . . . ditaelo tsa gore . . . ba aege tsholofelo ya bone, e seng mo dikhumong tse di se nang tlhomamo, fa e se mo Modimong, o o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re ijese monate; ba lwele go dira molemo, go huma ditiro tse di molemomogolo, . . . ba ipolokela ka pabalesego motheo o o molemomogolo wa isagwe, e le gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.”—1 Timotheo 6:17-19.
Totatota kgakololo ya ga Paulo e raya gore re tshwanetse ra tshwarega ka batho ba bangwe, re ba thuse go nna le tsholofelo e e nitameng ka isagwe. “Botshelo jwa mmatota” ke jo Jehofa a bo solofeditseng mo lefatsheng la gagwe le lesha la “magodimo a masha le lefatshe le lesha.”—2 Petere 3:13.
Basha ba le bantsi ba ba neng ba le mo kotsing ba ile ba lemoga gore go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le go sa itshware sentle ke tsela fela e telele le e e motsopodia e e isang losong, mme go ipolaya go go fitlhisa ka bonako. Ba ile ba lemoga gore lefatshe leno le dintwa tsa lone, letlhoo, go se itshole sentle, le ditsela tsa lone tse di sa bontsheng lorato, di tla tloga di feta. Ba ithutile gore tsamaiso ya lefatshe leno ga e kitla e tlhola e baakanngwa. Ba dumela ka pelo yotlhe gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsholofelo ya mmatota, ka gonne bo tla tlisa lefatshe le lesha moo, e seng basha fela mme le batho botlhe ba ba kutlo ba se kitlang ba tlhola ba swa—nnyaa, e bile ga ba kitla ba tlhola ba batla go swa.—Tshenolo 21:1-4.
[Lebokoso mo go tsebe 8]
Go Tlhokega Thuso Ya ba Ba Tshwanelegang
The American Medical Association Encyclopedia of Medicine e bolela gore “mo e ka nnang diperesente tse di fetang 90 tsa batho ba ba ipolayang ke ka ntlha ya ma-Iwetse a tlhaloganyo.“ E bolela malwetse a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong (mo e ka nnang dipe-resente di le 15), go latlhegelwa ke tlhaloganyo (mo e ka nnang diperesente di le 10), go ineela mo bojalweng (mo e ka nnang diperesente di le 7), mathata a go sa kgone go dirisana sentle le batho (mo e ka nnang diperesente di le 5) le mefuta mengwe ya go gatelega thata mo maikutlong (diperesente tse di kwa tlase ga di le 5). E gakolola jaana: “Maiteko otlhe a go ipolaya a tshwanetse a tshwarwa ka tsela e e masisi. Diperesente di le 20 go ya go di le 30 tsa batho ba ba lekang go ipolaya ba boa ba leka go ipolaya gape pele ga ngwaga o fela.“ Dr. Jan Fawcett o kwala jaana: “Diperesente tse di fetang 50 tsa batho ba ba ipolayang [kwa United States] ke batho ba ba iseng ba ke ba kopane le ngaka epe fela ya malwetse a tlhaloganyo.“ Motswedi o mongwe o bolela jaana: “Karolo e e botlhokwa thata ya kalafi ke gore motho a bone ngaka ya malwetse a tlhaloganyo ka bonako jo bo kgonegang gore e mo thuse go rarabolola bolwetse jo bogolo jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.“