LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 1/8 ts. 16-17
  • Moya o o Boitshepo wa Modimo ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moya o o Boitshepo wa Modimo ke Eng?
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maatla a a Dirang
  • Ditiro Tse di Farologaneng Tsa Moya o o Boitshepo
  • Modimo o re Neela Maatla a Gagwe
  • Moya o o Boitshepo Ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Kaelwa ke Moya wa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A Moya o o Boitshepo ke Motho?
    Tsogang!—2006
  • Go Kaelwa ke Moya wa Modimo mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga le Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 1/8 ts. 16-17

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Moya o o Boitshepo wa Modimo ke Eng?

“Jaanong e rile batho botlhe ba kolobediwa, jesu le ene a kolobediwa mme, ya re a ntse a rapela, legodimo la bulwa mme moya o o boitshepo o le mo popegong ya mmele o o tshwanang le wa lephoi wa fologela mo go ene, mme lentswe la tswa kwa legodimong la re: ‘o morwaake, moratwa; ke go amogetse.’”—Luke 3:21, 22.

FA A ne a buisana le setlhopha sa batlhalefi kwa Gerika wa bogologolo, moaposetoloi Paulo o ne a re Modimo ke “Morena wa legodimo le lefatshe.” Paulo o ne a bolela gore ke ene Modimo yono yo o “neng [a] dira lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone” e bile a “naya batho botlhe botshelo le mohemo le dilo tsotlhe.” (Ditiro 17:24-28) Modimo o dira sotlhe seno jang? Ka moya o o boitshepo wa gagwe, kana maatla a a dirang.

Gape Baebele e tlhalosa gore Modimo o na le ‘bogolo jwa nonofo, e bile o nonofile mo thateng.’ (Isaia 40:26) Ee, Modimo o bopile lobopo lotlhe, lo lo senolang bogolo jwa nonofo le maatla a gagwe.

Maatla a a Dirang

Go tla bo go se boammaaruri go bolela gore moya o o boitshepo ke maatla a Modimo. Ka gonne maatla a ka tswa a sa dirisiwe, kana a ntse fela a sa dire, mo mothong kana mo sengweng, jaaka maatla a a leng mo betiring e e fetlhetsweng maatla mme e sa dirisiwe. Le fa go ntse jalo, Dikwalo di bua ka moya wa Modimo e le o o tsamayang, fela jaaka maatla a motlakase a a tsamayang mo betiring fa e dirisiwa. (Genesise 1:2) Ka gone, moya o o boitshepo wa Modimo ke nonofo ya gagwe e e dirisiwang, maatla a gagwe a a dirang.

Ka dinako tse dingwe Baebele e bua ka moya o o boitshepo e re o dira tiro nngwe kana e re o kwa lefelong lengwe le le farologaneng le la Modimo. (Mathaio 28:19, 20; Luke 3:21, 22; Ditiro 8:39; 13:4; 15:28, 29) Batho bangwe ba ba badileng ditemana tseo ba akanya gore moya o o boitshepo ke selo sengwe se se farologaneng le Modimo. Ke ka ntlha yang fa go buiwa jalo mo Dikwalong? A moya o o boitshepo ke selo sengwe se se farologaneng gotlhelele le Modimo?

Modimo Mothatayotlhe o tshela mo seemong se se farologaneng gotlhelele le sa dibopiwa tsa gagwe tsa nama. Ke moya, ga re ka ke ra mmona. (Johane 4:24) Baebele e bolela gore Jehofa Modimo o nna kwa magodimong le gore o kgona go bona batho a le gone koo. (Pesalema 33:13, 14) Seno se a utlwala. Mmopi o tshwanetse a bo a le mogolo go feta dibopiwa tse a dirang le tsone. O a di itse, o a di busa, o a di bopa, e bile o a di laola.—Genesise 1:1.

Modimo a le mo lefelong le a nnang mo go lone le le sa bonaleng, o kgona go dira gore dilo di diragale nako nngwe le nngwe le gongwe le gongwe. Ka gone, ga go tlhokege gore a bo a le kwa maatla a gagwe a a dirang a leng gone. O ka kgona go romela moya wa gagwe go ya go dira tiro nngwe. (Pesalema 104:30) Seno se ka tlhaloganngwa botoka ke batho ba mo metlheng ya segompieno ba ba dirisang didirisiwa tsa mo gae tsa motlakase ka remote control. Gompieno re lemoga kafa maatla a a sa bonaleng a a jaaka motlakase kana makhubu a infrared a dirang ka teng. Ka mo go tshwanang, ka maatla a a boitshepo a gagwe a a sa bonaleng, kana moya, Modimo a ka dira se a ikaelelang go se dira, kwantle ga gore a tswe mo lefelong le lengwe a ye kwa go le lengwe.—Isaia 55:11.

Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele kgopolo eno e ka tswa e ne e le thata go tlhaloganngwa. Go tlhalosa moya o o boitshepo e le maatla mangwe a a kwa thoko kwantle ga pelaelo go ile ga thusa babadi go tlhaloganya tsela e Modimo a neng a dirisa maatla a gagwe ka yone go sa tlhokege gore a bo a le mo lefelong le maatla ano a dirang mo go lone. Fa Baebele e bua ka moya o o boitshepo e re o dirile seno kana sele, tota e raya gore Modimo ka boene o dirisitse maatla a gagwe kana o neetse batho kana dilo maatla a gagwe gore di diragatse thato ya gagwe.

Ditiro Tse di Farologaneng Tsa Moya o o Boitshepo

Jehofa o dirisitse moya o o boitshepo go bopa dilo tsotlhe tse di tshelang le tse di sa tsheleng. (Pesalema 33:6) Gape Modimo o ile a o dirisa go senya kokomana ya batho e e neng e le thubakanyo e bile e sa ikotlhae ka morwalela. (Genesise 6:1-22) E ne e le maatla ano a a dirang a Modimo a neng a a dirisa go fetisetsa botshelo jo bo tlhwatlhwakgolo jwa Morwawe mo sebopelong sa lekgarebane la Mojuda e bong Marea.—Luke 1:35.

Ka dinako tse dingwe, moya ono o ne wa neela batho maatla a go bua boammaaruri ka tshosologo le ka bopelokgale fa pele ga baba ba bone, gantsi matshelo a bone a le mo kotsing. (Mika 3:8) Mme go na le ditiragalo di le dintsi mo Baebeleng, segolobogolo tse di malebana le boporofeti, fa banna le basadi ba ne ba neelwa temogo kana go tlhaloganya dilo ka tsela e e kgethegileng ba thusiwa ke maatla ano. E re ka go se motho ope yo o ka bolelelang pele se se tla diragalang mo isagweng ka go nepa, seno ke go dira ka tsela e e tlhomologileng ga moya.—2 Petere 1:20, 21.

Gape moya o ka neela batho maatla a go dira dikgakgamatso. Ka sekai, ka maatla ano, Jesu o ne a kgona go laola maatla a tlholego, a fodisa malwetse, tota le go tsosa baswi. (Luke 4:18-21; 8:22-26, 49-56; 9:11) Moya o ne o dirisiwa thata go rulaganya le go naya Bakeresete ba bogologolo maatla gore ba direle e le basupi ba Modimo mo lefatsheng lotlhe.—Ditiro 1:8; 2:1-47; Baroma 15:18, 19; 1 Bakorintha 12:4-11.

Modimo o re Neela Maatla a Gagwe

A go ka kgonega gore batlhanka ba Modimo ba batho ba ge mo motsweding ono o o sa lekanyediwang wa maatla? Ee! Modimo o neela batho ba gagwe selekanyo se se rileng sa moya o o boitshepo go ba thusa go tlhaloganya le go dira thato ya gagwe. Moya wa gagwe o o neela ba ba o kopang ka pelo yotlhe le ka thapelo, ba ba nang le boikutlo jo bo siameng jwa pelo, le ba ba dirang tumalanong le dilo tse a di tlhokang. (1 Bakorintha 2:10-16) Moya oo o ka neela batho ba ba sa itekanelang “maatla a a fetang a a tlwaelegileng,” o ba thusa go direla Modimo ka boikanyegi go sa kgathalesege dikgoreletsi. Ruri he, batho botlhe ba ba boifang Modimo ba eletsa go amogela moya wa Modimo le go nna le one.—2 Bakorintha 4:7; Luke 11:13; Ditiro 15:8; Baefeso 4:30.

Go ise go ye kae Modimo o tla dirisa bogolo jwa nonofo ya gagwe go fedisa tshiamololo le pogo mo lefatsheng leno le le boikepo, ka go dira jalo a itshepisa leina la gagwe le legolo le le le boitshepo. Moya o o boitshepo o tla dira se sentle mo lefatsheng lotlhe, mme maungo a one a tla bonwa ke botlhe, gore ba galaletse Mosimolodi wa one.—Bagalatia 5:22, 23; Tshenolo 21:3, 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela