LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 2/8 ts. 4-6
  • Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng?
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo O na Le Boikaelelo
  • Go Diragadiwa ga Boikaelelo jo bo Molemo
  • Bogosi Jwa Modimo Jwa Dingwaga Tse di Sekete
  • Ikanye Gore Jehofa O Tla Diragatsa Boikaelelo jwa Gagwecry
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Nako ya Gore Modimo a Letlelele Pogo e Tloga e Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Bogosi Jwa Modimo—Puso e Ntšha ya Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Pogo Yotlhe e Tloga e Fela!
    Pogo Yotlhe e Tloga e Fela!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 2/8 ts. 4-6

Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng?

BATHO ba le bantsi ba ba belaelang gore go na le Modimo yo o maatla otlhe, yo o lorato ba botsa jaana: Fa e le gore Modimo o teng, ke ka ntlha yang fa a letleletse pogo le boikepo tse di kanakana mo hisitoring yotlhe? Ke ka ntlha yang fa a letlelela maemo a a hutsafatsang jaana a a re dikologileng gompieno? Ke ka ntlha yang fa a sa dire sengwe go fedisa ntwa, bokebekwa, tshiamololo, khumanego le mahutsana a mangwe a a ntseng a oketsega ka lobelo lo logolo jaana kwa dinageng di le dintsi mo lefatsheng?

Bangwe ba bolela gore Modimo o bopile lobopo, a tlhoma batho mo polaneteng ya Lefatshe mme a ba tlogela gore ba itirele dilo ka tsela ya bone. Go ya ka kgopolo eno, Modimo ga a ka ke a bonwa molato ka matshwenyego le bohutsana tse batho ba itsentseng mo go tsone ka ntlha ya bopelotshetlha jwa bone le go sa dirise dilo sentle ga bone.

Le fa go ntse jalo, ba bangwe ga ba dumalane le kgopolo eno. Ka sekai, porofesa wa fisikisi e bong Conyers Herring, yo o bolelang fa a dumela mo Modimong, o bolela jaana: “Ga ke dumalane le kgopolo ya Modimo yo o sa leng a tlhoma thulaganyo e dilo di tshwanetseng go itiragalela ka yone go tloga bogologolo mme e re morago ga moo a nna jaaka mmogedi fa batho ba ntse ba kgaratlha go itharabololela marangrang ano. Lebaka le lengwe le le dirang gore ke se ka ka dumalana le seno ke gore maitemogelo a me mo go tsa saense ga a nneele lebaka lepe la go dumela gore go na le ‘thulaganyo nngwe e e rileng’ ya lobopo e go ka buiwang kgabagare ga twe ke yoneyone. Dikgopolo tsa rona tsa saense . . . di tla nna di ntse di kgona go ntlafadiwa, mme fela ke tlhomamisegile gore di tla nna di ntse di sa itekanela. Ke akanya gore go botoka go nna le tumelo mo maatleng a a tshelang a a dirang gore ka metlha go nne go ntse go kgonega go ntlafatsa.”

Modimo O na Le Boikaelelo

Boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong e ne e le gore polanete eno ya Lefatshe e nnwe ke batho ba ba siameng, ba ba itekanetseng. Moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “Gonne go bua jaana Jehofa yo o tlhodileng magodimo; ke ene Modimo; o o bopileng lefatshe wa le dira; o ne wa le tlhomamisa, o ne o se ka wa le tlholela lefela, wa le bopela go [agiwa, NW].”—Isaia 45:18.

Go na le gore Modimo a tlatse lefatshe ka gore a bope mongwe le mongwe wa batho ka tlhamalalo, o ne a batla go tlatsa lefatshe ka go dirisa mokgwa wa tsalo wa batho. Fa Adame le Efa ba ne ba tsuologela Modimo, seno ga se a ka sa senya maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong, mme gone se ne sa dira gore go nne le diphetogo dingwe mo dilong dingwe e le gore maikaelelo a gagwe ka batho le lefatshe a ka diragadiwa.

Mo dingwageng tsa ntlha di le 6 000 tsa nako eno, Modimo o letleletse batho gore ba itirele ka bobone ba sa kaelwe ke ene ka tlhamalalo. Ke sone se batsadi ba rona ba ntlha ba se itlhophetseng ka go rata ga bone. (Genesise 3:17-19; Duteronome 32:4, 5) Lebaka la go bo Modimo a letleletse batho go dira dilo ba sa kaelwe ke ene mme ka go dira jalo a ba letla gore ba busiwe ke batho go na le go busiwa ke Modimo le ne le tla bontsha gore motho o retelelwa ke go laola dikgato tsa gagwe le gore ga a kgone go busa batho ba bangwe ka katlego.

Gone mme, Jehofa o ne a ntse a itsile go sa le gale gore go ne go tla felela jalo. O ne a tlhotlheletsa mokwadi wa Baebele gore a kwale seno. Ka sekai, moporofeti Jeremia o ne a kwala jaana: “Jehofa, ke a itse fa tsela ya motho e se mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.

Monna yo o botlhale Solomone o ne a akgela ka matswela a a hutsafatsang a a nnang teng fa batho ba leka go busa batho ba bangwe, jaaka ba ne ba ntse ba dira mo makgolong a a fetileng a dingwaga. “Gotlhe mo ke go bonye, mme ka tlhoma pelo ya me mo tirong nngwe le nngwe e e dirwang tlase ga letsatsi; go na le motlha o motho o nang le thata mo go yo mongwe ka one go ikutlwisa botlhoko.”—Moreri 8:9.

Le fa go ntse jalo, go na le gore Modimo Mothatayotlhe a ‘nne fela jaaka mmogedi fa batho ba ntse ba kgaratlha go itharabololela marangrang ano,’ o na le lebaka le le molemo la gore a letlelele nako ya dingwaga tseno tse di dikete a sa tsenye letsogo ka tlhamalalo mo matshelong a batho ba le bantsi.

Go Diragadiwa ga Boikaelelo jo bo Molemo

Dingwaga tse 6 000 tse di fetileng tsa hisitori ya motho di ka bonala di le telele thata fa di bapisiwa le nakonyana e re e tshelang ya dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 100. Mme go ya ka thulaganyo ya Modimo le kafa a lebang go tsamaya ga nako ka teng, dingwaga tse di dikete tseno di tshwana le malatsi a le marataro—ga di dire le beke! Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa jaana: “Lo se ka lwa tlhoka go lemoga ntlha e nngwe fela eno, baratwa, gore letsatsi le le lengwe mo go Jehofa le ntse jaaka dingwaga di le sekete le dingwaga di le sekete jaaka letsatsi le le lengwe.”—2 Petere 3:8.

Go tswa foo Petere o ganetsa tatofatso e e newang Modimo ya gore o a itlhokomolosa kana o busetsa dilo kwa morago, ka go oketsa jaana: “Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikotlhaong.”—2 Petere 3:9.

Ka jalo, fa dingwaga tse di tlhomilweng di fela, Mmopi o tla fedisa go se tshwarwe sentle ga polanete ya rona e ntle. O tla bo a letleletse nako e e lekaneng ya gore motho a supe gore o palelwa ke go busa kana go fedisa ntwa, bokebekwa, lehuma, bolwetse le dilo tse dingwe tse di bogisang. Seno se tla bo se tlhomamisa se Modimo a neng a se bolelela batho kwa tshimologong—gore ba tshwanetse go latela kaelo ya Modimo gore ba atlege.—Genesise 2:15-17.

Go ya ka tiragatso ya boperofeti jwa Baebele, jaanong re tshela mo karolong ya bofelo ya ‘malatsi a bofelo’ a tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. (2 Timotheo 3:1-5, 13; Mathaio 24:3-14) Go letlelela ga Modimo batho ba ipusa ba sa kaelwe ke ene, mmogo le go letlelela ga gagwe boikepo le pogo di tloga di khutla. (Daniele 2:44) Go ise go ye kae re tla bo re le mo sepitleng se segolo thata se lefatshe leno le iseng le se bone, se se tla felelang ka ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ ya Aramagedona. (Tshenolo 16:14, 16) Ntwa eno e e kaelwang ke Modimo ga e kitla e senya tiro e ntle eno ya Modimo e bong lefatshe, mme e tla “senyaka ba ba senyakang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.

Bogosi Jwa Modimo Jwa Dingwaga Tse di Sekete

Go tla nna le dimilione tsa bafalodi mo lefatsheng fa Aramagedona e se na go feta. (Tshenolo 7:9-14) Polelelopele e e mo go Diane 2:21, 22 e tla bo e diragaditswe: “Gonne bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla khumolwa mo go lone.”

Boikaelelo jwa Modimo ke gore go nne le nako e e kgethegileng ya dingwaga di le sekete morago ga ntwa ya tshiamo ya Aramagedona. (Tshenolo 20:1-3) Seno se tla bopa Puso ya Mileniamo ya Morwa Modimo, Keresete Jesu e le Kgosi ya Modimo ya Bogosi jwa selegodimo. (Mathaio 6:10) Mo nakong eno ya puso e e itumedisang ya Bogosi mo lefatsheng, go tla tsosiwa dimilionemilione tsa batho ba ba robetseng mo losong gore ba kopane le dimilionemilione tsa bafalodi ba Aramagedona. (Ditiro 24:15) Botlhe ba tla busediwa kwa go itekaneleng mme ka nako eo—kwa bofelong jwa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete—lefatshe le tla tladiwa ka banna le basadi ba ba itekanetseng, botlhe e le ditlogolwana tsa ga Adame le Efa. Boikaelelo jwa Modimo bo tla bo bo diragaditswe ka tsela e e itumedisang le e e atlegileng.

Ee, boikaelelo jwa Modimo ke go “‘phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.’ Mme Yo o ntseng mo setulong sa bogosi a re: ‘Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.’” (Tshenolo 21:4, 5) Kwantle ga pelaelo, boikaelelo joo bo tla diragadiwa mo bogautshwaneng.—Isaia 14:24, 27.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Mo lefatsheng le lesha la Modimo, batho ba tla tshela ka boitumelo ka bosakhutleng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela