LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 2/8 ts. 7-9
  • Go Tlhaola Modimo o o Osi wa Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhaola Modimo o o Osi wa Boammaaruri
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Leina Le le Mo Tlhaolang
  • A ke Jehofa Kana ke Yahweh?
  • A Tota go a Tshwenya?
  • Dinonofo Tsa Modimo wa Boammaaruri
  • Modimo wa Boammaaruri o Senotswe
  • Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Leina la Modimo—Bokao le go Bitswa ga Lone
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • Jehofa ke Mang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ke Eng Fa re Tshwanetse go Dirisa Leina la Modimo Le fa Re sa Tlhomamisega Gore le Bidiwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 2/8 ts. 7-9

Go Tlhaola Modimo o o Osi wa Boammaaruri

MO E ka nnang lobaka lotlhe lo batho ba nnileng teng ka lone, ba nnile le medimo e le mentsi. E nnile mentsi jaana mo e leng gore go thata go bua ka tlhamalalo palo ya medimo le medimo ya sesadi e e obamelwang mo lefatsheng lotlhe—mme fela e ka nna dimilione.

E re ka jaanong re bone gore go na le Modimo, jaanong potso ke gore, Ke ofe wa medimo yotlhe e e obamelwang mo lefatsheng lotlhe, gone jaanong le mo nakong e e fetileng, yo e leng Modimo wa boammaaruri? Go boletswe ka phepafalo mo Baebeleng mo go Johane 17:3 gore go na le Modimo a le mongwe fela wa boammaaruri yo o ka tlhaolwang e le ene fela wa boammaaruri: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.”

Leina Le le Mo Tlhaolang

Go a utlwala gore modimo ope fela yo o nang le dinonofo tsa motho o tla tlhoka go nna le leina le le tla mo farologanyang le medimo e mengwe e e nang le maina a yone. Go molemo fa e le leina le le tlhophilweng ke modimo yoo ka boene, e seng leina le le itlhametsweng ke baobamedi ba gagwe.

Le fa go ntse jalo, go tsoga bothata mo ntlheng eno. Le fa gone madumedi a mantsi a a itsegeng a neile medimo ya bone maina, Bajuda le dikereke tse dikgolo tsa Labokeresete ba reteletswe ke go tlhaola modimo yo ba mo obamelang ka leina la gagwe. Go na le moo, ba ne ba tlhopha go dirisa direto tse di jaaka Morena, Modimo, Mothatayotlhe le Rara.

Mokwadi e bong David Clines, fa a kwala mo kgatisong ya Theology, o ne a bolela se se latelang: “Golo gongwe gareng ga lekgolo la botlhano le la bobedi la dingwaga B.C., Modimo o ne a tlhagelwa ke kotsi e e maswe thata: o ne a latlhegelwa ke leina la gagwe. Totatota Bajuda ba ne ba tlogela go tlhola ba dirisa leina la Modimo e bong Yahweh mme ba simolola go bua ka Yahweh ba dirisa maemedi a a farologaneng: Modimo, Morena, Leina, Moitshepi, Yo o Leng Teng, le e leng Lefelo. Le e leng le mo go neng go kwadilwe Yahweh mo temaneng ya Baebele, babadi ba ne ba bitsa leina leno ba re Adonai. Fa tempele e wa kgabagare, le e leng makgetlo a le mmalwa a sedumedi a leina leno le neng le dirisiwa mo go one a ne a khutla, mme go ne ga ba ga lebalwa le tsela e leina leno le bidiwang ka yone.” Le fa go ntse jalo, ga go na ope yo o ka bolelang ka tlhomamo gore Bajuda ba mmatota ba ne ba tlogela leng go bitsa leina la Modimo le go le emisetsa ka mafoko a Sehebera a Modimo le Morena Molaodi yo Mogolo.

Ka jalo he, go a bonala gore kgato ya ntlha ya botlhokwa ya go senka go tlhaola “Modimo o o osi wa boammaaruri” e tla nna go mo itse ka leina. Ga go thata go le batla, ka gonne leina la Modimo Mothatayotlhe, Mmopi, le boletswe ka phepafalo le ka tsela e e utlwalang mo go Pesalema 83:18: “Gore batho ba itse gore wena, yo e leng wena fela yo leina la gagwe e leng JEHOFA, ke wena mogodimodimo godimo ga lefatshe lotlhe.”—King James Version.

A ke Jehofa Kana ke Yahweh?

Le fa gone leina Jehofa le tlhaga mo go King James Version le mo dithanolong tse dingwe tsa Baebele, ba bangwe ba rata go dirisa leina Yahweh go na le Jehofa. Ke leina lefe le le siameng?

Mekwalo ya bogologolo ya seatla ya Baebele e ne e kwadilwe ka Sehebera. Mo Dikwalong Tsa Sehebera, leina la Modimo le tlhaga mo e ka nnang ka makgetlo a le 7 000 mme le peletiwa ka ditumammogo di le nnè—YHWH kana JHVH. Ditumammogo tseno tse nnè gantsi di bidiwa Thaterakeramatone kana Thaterakeramo, e e tserweng mo maineng a mabedi a Segerika a a bolelang “ditlhaka tse nnè.” Jaanong go tsoga potso ya gore le bidiwa jang ka tsela e e tshwanetseng ka gonne mokwalo wa bogologolo wa Sehebera e ne e le ditumammogo, o se na ditumanosi tse di kaelang mmadi. Ka jalo gore a go bidiwa ga Thaterakeramatone e nna Yahweh kana Jehofa go ikaegile ka gore mmadi o tsentse ditumanosi dife mo ditumammogong tse nnè tseno. Gompieno bakanoki ba le bantsi ba Sehebera ba tlhopha go dirisa Yahweh ba re ke mokgwa o o siameng wa go le bitsa.

Le fa go ntse jalo, fa re latela dilo ka tlhomamo, go siame fa re dirisa Jehofa. Ka tsela efe? Go bidiwa ga Jehofa go ntse go dirisiwa mo Setswaneng ka makgolokgolo a dingwaga. Ba ba ganang go dirisa mokgwa ono wa go le bitsa ba tshwanetse ba gana gape le go amogela go bidiwa ga Jeremia le e leng Jesu. Jeremia e tla tlhoka go fetolwa go nna Yir·meyahʹ kana Yir·meyaʹhu, e leng kafa le neng le bidiwa ka teng kwa tshimologong ka Sehebera, mme Jesu e tla nna Ye·shuʹaʽ (Sehebera) kana I·e·sousʹ (Segerika). Ka gone, bontsi jwa baithuti ba Baebele, go akaretsa le Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore, go latela dilo ka tlhomamo, go siame fa go dirisiwa le le setseng le itsege thata mo Setswaneng e leng “Jehofa” le tsela e e tshwanang ya go le bitsa mo dipuong tse dingwe.

A Tota go a Tshwenya?

Bangwe ba ka nna ba bolela gore ga go tshwenye go le kalo gore a o bitsa Modimo Mothatayotlhe ka leina la gagwe kana nnyaa, e bile bone ga ba na bothata le go bua ka Modimo kana go mmitsa fela Rara kana go re fela Modimo. Le fa go ntse jalo, mafoko ano ka bobedi jwa one ke direto, ga se maina e bile ga a mo tlhalose ka sepe kana go mo tlhaola. Mo dinakong tsa Baebele, lefoko le le neng le dirisiwa go bolela Modimo (ʼElo·himʹ, ka Sehebera) le ne le dirisiwa go tlhalosa modimo mongwe le mongwe fela—le e leng modimo wa Bafilisitia ba baheitane yo o neng a bidiwa Dagone. (Baatlhodi 16:23, 24) Ka jalo fa Mohebera a ne a ka bolelela Mofilisitia gore ene, Mohebera, o rapela “Modimo,” go ne go se kitla go tlhomolola Modimo wa boammaaruri yo a mo obamelang.

The Imperial Bible-Dictionary ya 1874 e akgetse jaana ka tsela e e kgatlhang: “Gotlhe mo [Jehofa] e tlhagang teng ke leinatota le le supang Modimo yo o nang le dinonofo tsa motho e bile e le ene fela; fa Elohim yone e tsaya sebopego sa leina gotlhe, le gantsi le supang yo Mogolo Thata, mme tota le sa bolele seo e bile go sa bolele gore ka metlha le bolela seo. . . . Nako le nako Mohebera a ka re Modimo wa me . . . ; mme ga a ka ke a re Jehofa wa me ka gonne fa a re Modimo wa me, o a bo a raya Jehofa. O bua ka Modimo wa Iseraele, mme e seng ka Jehofa wa Iseraele ka gonne ga go na Jehofa yo mongwe gape. O bua ka Modimo yo o tshelang mme e seng ka Jehofa yo o tshelang ka gonne ga a ka ke a akanya ka Jehofa e le sengwe se sele fa e se yo o tshelang.”

Dinonofo Tsa Modimo wa Boammaaruri

Gone mme go itse leina la motho fela ga go reye gore re setse re mo itse ka botlalo. Bontsi jwa rona re itse maina a borradipolotiki ba ba itsegeng. Re ka nna ra bo re itse maina a banna le basadi ba ba itsegeng thata ba kwa dinageng tse dingwe. Mme go itse fela maina a bone—le e leng go a bitsa sentle—ka bogone fela ga go reye gore re itse batho bano ka namana kana gore re itse gore ke batho ba mofuta ofe. Ka mo go tshwanang, go itse Modimo o o osi wa boammaaruri, re tlhoka go itse le go rata dinonofo tsa gagwe.

Le fa gone e le boammaaruri gore batho ga ba ka ke ba kgona go bona Modimo wa boammaaruri, o re diretse molemo wa go re kwalela dintlha tse dintsi kaga botho jwa gagwe mo Baebeleng. (Ekesodo 33:20; Johane 1:18) Baporofeti bangwe ba Bahebera ba ne ba neelwa diponatshegelo tse di tlhotlheleditsweng tsa mafelo a selegodimo a Modimo Mothatayotlhe. Se ba se tlhalosang ga se bontshe fela seriti se segolo le tlotlomalo e e gakgamatsang le maatla mme gape le tshisibalo, thulaganyo, bontle le monate.—Ekesodo 24:9-11; Isaia 6:1; Esekiele 1:26-28; Daniele 7:9; Tshenolo 4:1-3.

Jehofa Modimo o ne a tlhalosetsa Moshe dingwe tsa dinonofo tsa gagwe tse di kgatlhang le tse di ikuelang, jaaka go boletswe mo go Ekesodo 34:6, 7: “Jehofa, Jehofa, Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri; O bolokelang ba makgolokgolo boutlwelo botlhoko, o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo, le boleo.” A ga o dumele gore go itse ka dinonofo tseno tsa Modimo go re atametsa gaufi le ene e bile go re dira gore re batle go itse mo go oketsegileng ka ene jaaka motho?

Le fa gone go se na motho ope yo o tla kgonang go bona Jehofa Modimo mo kgalalelong ya gagwe e kgolo thata, go boletswe gore fa Jesu Keresete a ntse a le motho mo lefatsheng, o ne a bontsha mofuta wa motho o Jehofa Modimo, Rraagwe wa selegodimo a leng one. Nako nngwe Jesu o ne a bolela jaana: “Morwa ga a ka ke a dira selo lefa e le se le sengwe ka bogagagwe, fa e se fela se a bonang Rara a se dira. Gonne dilo lefa e le dife tse Ene yoo a di dirang, dilo tseno Morwa le ene o di dira ka mokgwa o o tshwanang.”—Johane 5:19.

Ka jalo go tswa mo ntlheng eno re kgona go bona gore bopelonomi, kutlwelobotlhoko, bori le lorato tsa ga Jesu mmogo le go rata ga gagwe tshiamo thata le go ila ga gagwe boikepo, tsotlhe tseno ke dinonofo tse Jesu a neng a di bona mo go Rraagwe, e bong Jehofa Modimo, fa Jesu a ne a na le ene kwa mafelong a legodimo pele ga a nna motho mo lefatsheng. Ka jalo, fa re kgona go tlhaloganya ka botlalo bokao jwa leina la ga Jehofa, eleruri re tla bo re na le mabaka otlhe a go rata le go baka leina leo le le boitshepo, re le godise re bo re le tlotlomatse mmogo le go le ikanya.

Go itse Modimo o o osi wa boammaaruri ka tsela eno eleruri ke selo se se se nang go khutla, jaaka go bontshitswe ka phepafalo mo temaneng eno ya Johane 17:3: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.” Ee, go tswelela o anya kitso ka ga Modimo o o osi wa boammaaruri Jehofa le Morwawe, Jesu Keresete ke thulaganyo e e tshwanetseng go tswelela e sa kgaotse.

Modimo wa Boammaaruri o Senotswe

Ka jalo, Modimo wa boammaaruri o kgona go farologanngwa motlhofo le medimo e mentsi ya maaka. Ke Mmopi mothatayotlhe wa lobopo, go akaretsa le polanete ya Lefatshe le batho ba ba mo go yone. O na le leina le le sa tshwaneng le la ga ope—Jehofa, kana Yahweh. Ga se karolo ya modimo wa masaitseweng wa dikarolo di le tharo mo go a le mongwe, kana Tharonngwe. Ke Modimo yo o lorato mme o eleletsa batho ba a ba bopileng dilo tse di molemo fela. Mme gape ke Modimo wa tshiamo mme ga a kitla a letlelela ba ba tsweletseng ba senya lefatshe le go tlhotlheletsa ntwa le thubakanyo go tswelela ka bosakhutleng.

Jehofa o senotse maikaelelo a gagwe, e seng fela go fedisa boikepo le pogo mo lefatsheng mme gape le go le dira paradaise e batho ba ba dipelo di ikanyegang ba tla nnang mo go yone ka bosakhutleng ka boitumelo. (Pesalema 37:10, 11, 29, 34) Jaanong Modimo Mothatayotlhe o tlhomile Morwawe, e bong Jesu, jaaka Kgosi ya selegodimo ya Bogosi jwa Modimo mme e bile go ise go ye kae Jesu o tla tlisa lefatshe leo le lesha la tshiamo mme a busetse lefatshe la rona mo maemong a Paradaise.—Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10.

Re solofela gore jaanong o setse o kgona go arabela potso ya gore, A ruri Modimo o teng? e bile o kgona go tlhaola Modimo wa boammaaruri.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Jesu Keresete o ne a bolela gore Jehofa ke ene Modimo o o osi wa boammaaruri

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela