Kopano e e Tlhomologileng e e Malebana le go Ara Kwantle ga Madi Kwa Moscow
KOPANO nngwe ya boditšhabatšhaba ya tsa kalafi e e neng e tshwaretswe kwa Moscow, Russia, ka October 6, 1998 e ne ya bidiwa Kopano ya go Dirisa Mekgwa e Mengwe mo Karong mo Boemong Jwa go Tshela Madi. Go ne go na le dingaka tse di fetang 800 kwa Setheong sa Dikaro sa kwa Vishnevskij di tlile simphosiamong, se se neng se tshwerwe tumalanong le Sixth All-Russian Congress of Anaesthesiologists and Intensive Care Specialists.
Moporofesa Andrey Ivanovich Vorobiev, yo a eteletseng pele dingaka tse di dirang ka madi le ditogwa tsa madi kwa Sekolong sa Russia sa Saense ya Kalafi, kwa Moscow, o ne a amogela dingaka mo go se a neng a re ke “simphosiamo seno se boikaelelo jwa sone e leng go bona mekgwa e mengwe ya kalafi mo boemong jwa go tshela madi.”
Fa Vorobiev a ne a tlhalosa lebaka la go bo kopano eno e ne e le botlhokwa, o ne a balolola “masetlapelo a a botlhoko thata a go tshela batho madi.” O ne a bolela gore go tshela batho madi go bakile gore bontsi jwa bana ba ba nang le malwetse a go dutla madi thata, mo dinageng tse di tshwanang le United States, Japane, le Jeremane ba tlhaselwe ke AIDS. Morago ga moo, fa a sena go ntsha dipalopalo tse di bontshang kafa malwetse a sebete a anamisiwang ke go tshela madi ka teng, o ne a bolela jaana a hutsafetse: “Dipalo tseno di a gakgamatsa. Mo e ka nnang balwetse botlhe ba ba nang le malwetse a go dutla madi thata ba tshwerwe ke bolwetse jwa sebete.”
Vorobiev o ne a bolela gore pono ya dingaka e ne e le gore fa motho a “latlhegelwa ke litara e le nngwe ya madi, he o tshwanetse a tshelwa litara e le nngwe ya madi.” Mme “seo ke phoso!” o ne a rialo. Fa a ne a konela puo ya gagwe e e simololang, o ne a bolela jaana: “Re ne re tshegetsa kgang ya gore batho ba tshelwe madi, mme jaanong re tla ema mmogo go tlosa kgopolo eno ya bogologolo.”
Bontsi jwa bomankge ba tsa kalafi ba ba neng ba latela mo thulaganyong eno e ne e le ba kwa Russia, mme gape go ne go na le dibui tse di tswang kwa Fora, Sweden, Belgium, le United States. Mo godimo ga go tlhalosa dikgatelopele tse di dirilweng tsa go kgona go emisetsa madi a a latlhegileng ka mekgwa e mengwe ya kalafi, dingaka tseno di ne tsa tlhalosa ka dikotsi tsa tshelo ya madi, go akaretsa le kotsi ya gore mmele o palelwe gotlhelele ke go lwantsha malwetse.
Go Tlotlwa ka Yone mo Thelebisheneng
Thelebishene ya setšhaba ya Russia, e e kgonang go fitlhelela batho ba feta dimilione di le 235, e ne ya bega ka tsela e e molemo se se neng sa direga mo kopanong eno. Modulasetulo, e bong Elena Malysheva, o ne a tlhalosa jaana: ‘Dingaka tse di itsegeng thata le tse di tumileng gotlhe tse di arang, tse di idibatsang, le tse di dirang ka madi le ditogwa tsa madi, di kopane mo Moscow go tla go araba potso e le nngwe: A go a kgonega go ara kwantle ga go tshela madi?’
Elena o ne a bolelela babogedi ba thelebishene ka malwetse a a ka nnang a tshelanwa ka madi a bo a tlhalosa jaana: “Ke ka ntlha ya moo dingaka di batlang mokgwa o mongwe wa kalafi. Mme o ne wa bonwa. O ne o bidiwa mokgwa wa go ara kwantle ga madi. Motho mongwe le mongwe yo o tlileng go ariwa a ka buisana le ngaka ya gagwe ka mekgwa ya go ara kwantle ga madi.”
E ne ya re fa Andrey Vorobiev a tlhagelela mo thelebisheneng, o ne a bolela jaana: ‘Madi a re a newang ke batho ba ba abang madi a na le diporoteine tse mmele o sa di tlwaelang mme di ka dira gore mmele o tsiboge ka tsela e e sa lebelelwang le e e maswe thata. Mo godimo ga moo, go sa kgathalesege gore re leka go le kana kang, motho yo o re abelang madi a ka kgona go tshwaetsa molwetse ka megare mengwe e a nang le yone mme e le e re sa kgoneng go e bona.’ Ka jalo o ne a konela jaana: ‘Re tshwanetse go fokotsa go tshela balwetse madi a re a abetsweng.’
Motho yo mongwe yo o neng a tlhagelela mo thulaganyong eno e ne e le Jean-François Baron, yo o eteletseng pele lephata la tsa kidibatso le karolo ya balwetse ba ba newang tlhokomelo e e kgethegileng kwa Bookelong jwa Broussais, kwa Paris, kwa Fora. O ne a tlhalosa jaana: “Mo setheong sa rona re kgonne go bona dieledi dingwe tse di kgethegileng tse di kgonang go tsamaisa okosejene. Dieledi tseno tsotlhe di na le dikarolo tse di tsamaisang okosejene tse di fitlhelwang mo mading mme ga di na disele tse dikhibidu tsa madi [tse di kgonang go fetisa bolwetse]. Mo isagweng e e gaufi,” o ne a bonela pele jalo, “go tla bo go dirisiwa dieledi tseno ka metlha fa go alafiwa balwetse.”
Seno se ne sa dira gore modulasetulo wa thulaganyo eno a bolele ka moporofesa mongwe wa Mo-Russia e bong Felix F. Beloyartsev, yo o neng a dira seeledi sengwe se se kgonang go tsamaisa okosejene gore se dirisiwe mo boemong jwa madi dingwaga di ka nna 20 tse di fetileng. O ne a bolela gore ka nako eo, ba tsa kalafi ga ba a ka ba amogela selo seno se Beloyartsev a se fitlheletseng le gore “o ne a ba a ipolaya ka ntlha ya pogiso e e sa feleng e e bakilweng ke selo seno se a se fitlheletseng.”
Go Tlotlwa ka Yone mo Makwalopakeng a Tsa Kalafi
Lekwalodikgang la kalafi la Meditsinskaya Gazeta le lone le ne la bega ka kopano eno. Le ne la bolela jaana: “Tshwetso e e botlhokwa mo Simphosiamong seno e ka tlhalosiwa ka mafoko ano: Go botlhokwa go dirisa mekgwa e mengwe ya kalafi e e sa akaretseng go tshela madi mo maemong otlhe fa seno se kgonega, mme tshwetso ya go dirisa madi e nne fela fa go sena go sekasekwa ka kelotlhoko kotsi e molwetse mongwe le mongwe a leng mo go yone le gone e nne fela fa maemo a gagwe a sa jese di welang.”
Lekwalodikgang leno le ne la bolela gape gore dingaka dingwe ga di batle go utlwa balwetse fa ba gana go tshelwa madi. Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ga ba amogele go tshelwa madi ka ntlha ya taelo e e mo Baebeleng ya gore ‘ba ikehe mo mading.’ (Ditiro 15:28, 29) Le fa go ntse jalo, malebana le kgang eno Michel de Guillenchmidt, moporofesa wa molao go tswa kwa Fora, o ne a nopolwa a bua jaana:
‘Re tshwanetse go leboga Basupi ba ga Jehofa ka gonne ka go tsosa kgang eno, ga baa re tlhokomedisa ditshwanelo tsa bone fela mme gape ba thusitse botlhe ba tsa kalafi go lemoga dikotsi tsa go tshela batho madi. Mme seno se kgothaletsa baitsesaense gore ba batle mekgwa e mengwe e e raraaneng ya go ara kwantle ga madi.’
Sengwe sa ditlhogo tse di mo Meditsinskaya Gazeta se ne sa simolola ka gore: “Go ile ga bolelwa gore tshelo ya madi e tshwana le lenyalo: Ga go na yo o itseng gore e tla felela jang.” Morago ga moo, fa le sena go tlhalosa gore ‘madi a motho a tshwana le methalo ya monwana wa motho—ga go na batho ba babedi ba ba nang le methalo ya menwana e e tshwanang kgo,’ lekwalodikgang leno le ne la botsa jaana: “A go a kgonega gompieno go tlhomamisetsa molwetse ka botlalo gore ga a kitla a tsenwa ke ditwatsi ka ntlha ya go tshelwa madi?” Le ne la araba jaana: ‘Le eleng mo dinageng tse di dirileng go tlala seatla mo go tsa kalafi, ga go na mokgwa o o dirang sentle wa go thibela ditwatsi mo mading.’
Setlhogo seno se ne sa konela jaana: ‘Ka jalo, fa motho a leba go ya ka holo eno e e neng e tletse batho le tsela e go neng go bonala sentle ka yone gore batlakopanong ba kgatlhegela mathata a a neng a tlotliwa moo, dingaka di simolola go fetola megopolo.’
Go Thusa
Ka kwa ntle ga holo e go neng go tshwaretswe kopano eno mo go yone, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhomile mokhukhunyana, moo ba neng ba naya dingaka sephuthelwana se se nang le ditlhogo tse di tswang mo makwalopakeng a kalafi tse di neng di bua ka mekgwa e mengwe e e ka dirisiwang go alafa balwetse ba ba latlhegetsweng ke madi. Dingaka di le makgolokgolo di ne tsa amogela diphuthelwana tseno ka boitumelo.
Go phepafetse gore bomankge ba ba botlhale ba tsa kalafi ba gatetse pele mo go fokotseng go dirisa madi mo kalafing.
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba naya dingaka di le makgolokgolo ditlhogo tse di kaga patlisiso ya bosheng ka madi