Go Latlhegelwa ke Leoto Kana Letsogo—A go ka go Diragalela?
Benjamin o ne a ntse a iphokisa phefo ka fa ntle, a itumelela tlhabo e ntle ya letsatsi la dikgakologo le le neng le tlhabetse toropo ya Sarajevo, fa a tla gata bomo e e epetsweng fa fatshe. E ne ya phampholola leoto la gagwe la molema. Benjamin o gakologelwa jaana: “Ke ne ka leka go ema. Ke ne ke sa kgone.” Benjamin ke mongwe wa batho ba le 20 000 ba ba bolawang kana ba golafadiwang ngwaga le ngwaga ke dibomo tse di epelwang fa fatshe.
ANGOLA e tletse ka dibomo tse di epelwang fa fatshe tse di ka nnang dimilione di le 15—tse di fetang e le nngwe go ka bolaya monna, mosadi le ngwana mongwe le mongwe mo nageng eo. Gone jaanong Angola e na le batho ba le 70 000 ba ba latlhegetsweng ke maoto. Cambodia e e nang le dibomo tse di epelwang fa fatshe tse di ka nnang dimilione di le robedi go ya go di le lesome, e na le diperesente tse di kwa godimo thata mo lefatsheng tsa batho ba ba latlhegetsweng ke maoto—go lekanyediwa gore ke motho a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 236. Go begilwe fa Bosnia le Herzegovina di na le dibomo tse di fetang dimilione di le tharo—di le 59 mo sekwerekilomitareng sengwe le sengwe.
Mme ga se kwa dinageng tse di gautlhantsweng ke ntwa fela mo batho ba latlhegelwang ke maoto. Ka sekai, go na le batho ba ba ka nnang 400 000 ba ba latlhegetsweng ke maoto kwa United States. Gareng ga bagolo ba le bantsi mo palong eo, go latlhegelwa ke leoto ke ka ntlha ya bolwetse jo bo sa foleng jo bo bidiwang fela “bolwetse jwa ditshika tse di bonalang ka fa ntle [peripheral vascular disease],” kana PVD. Leno ke lefoko le le dirisiwang thata le le tlhalosang malwetse a le mmalwa. Taber’s Cyclopedic Medical Dictionary e tlhalosa gore PVD ga se lefoko le le tshwanetseng go tlhalosa “malwetse a ditshika le a ditshikana tsa maoto tse di ka fa ntle tsa mmele, [segolo]bogolo malwetse a a amanang le go se elele sentle ga madi go ya kana go tswa mo ditokololong tseno tse di ka fa ntle tsa mmele.” Bolwetse jwa sukiri ke jone jo thatathata bo bakang PVD. Go ya ka The World Health Report 1998, “go bonala batho ba ba godileng ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri ba tlile go oketsega go feta gabedi mo lefatsheng lotlhe go tloga go ba le dimilione di le 143 ka 1997 go ya go ba le dimilione di le 300 ka 2025.”
Kwa United States, go gobala—mo go akaretsang go gobatswa ke dikotsi tsa dikoloi, metšhini, didirisiwa tsa motlakase le ditlhobolo—ke selo sa bobedi se se bakang go latlhegelwa ke leoto, mo go dirang diperesente di le 20 go ya go di le 30 tsa batho botlhe ba ba kgaolwang maoto. Dilo tse dingwe tse di bakang go latlhegelwa ke leoto di akaretsa ditlhagala (mo e ka nnang diperesente di le 6) le go tsalwa o golafetse (mo e ka nnang diperesente di le 4).
Re ka re kgang fela ya go latlhegelwa ke leoto ga e jese monate. A go na le tsela epe ya go fokotsa matshosetsi ano? Mme fa o setse o latlhegetswe ke leoto, o ka dira jang gore o itumelele botshelo? Ditlhogo tse di latelang di tlotla ka dipotso tseno le tse dingwe.